Re Bolelela ba Bangwe Tsholofelo ya Rona ya Bogosi
1 Mo metlheng eno ya bofelo e e tletseng mathata, batho ba le bantsi ga ba na tsholofelo. (Baef. 2:12) Ba bangwe ka go tlhoka botlhale ba ile ba ikanya dikhumo, babusi ba batho, saense ya segompieno, jalo le jalo. A bo re itumela jang ne go bo re na le tsholofelo ya mmatota ka isagwe, tsholofelo e e leng “tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame”!—Baheb. 6:19.
2 Mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise. Baratiwa ba rona ba ba suleng ba tla tsosiwang mo baswing. (Dit. 24:15) Lehuma, tshiamololo, bolwetse, botsofe, le loso di tla bo di sa tlhole di le gone. (Pes. 9:18; Math. 12:20, 21; Tshen. 21:3, 4) Tseno ke dingwe tsa ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di tla tlogang di diragadiwa. Ke karolo efe ya tsholofelo eno ya rona e segolobogolo o e letetseng ka tlhoafalo?
3 Bolela Dikgang Tse di Molemo: Ga re a tshwanela go ipolokela tsholofelo ya Bogosi. Lorato lo re ratang Modimo le moagelani ka lone, lo re tlhotlheletsa go etsa Jesu ka “go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, . . . go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe.” (Luke 4:18) Moaposetoloi Paulo o ne a rera dikgang tse di molemo mo marekisetsong le gongwe le gongwe mo batho ba neng ba fitlhelwa gone. O ne a tshwaregile thata ka bodiredi. (Dit. 18:5) Go etsa sekao sa gagwe sa go tlhagafala mo bodireding go tla thibela “ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo” go koafatsa tsholofelo ya rona ya Bokeresete.—Mar. 4:19.
4 Tsholofelo ya rona ga e fele fa re kopana le batho ba ba re itlhokomolosang, ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona wa Bogosi, kgotsa ba ba re ganetsang. Re ‘ngangatlela go bolela phatlalatsa tsholofelo ya rona kwantle ga go reketla.’ (Baheb. 10:23) Ga re “tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo.” (Bar. 1:16) Bangwe ba ka tlhotlheletsega go reetsa fa ba bona tsela e re tlhatswegileng pelo ka yone le boitshoko jwa rona.
5 Le mororo re thusa batho go ela tlhoko go senyegela pele ga maemo a lefatshe a a diragatsang boporofeti jwa Baebele, ga re batho ba ba rerang fela ka dilo tse di bosula. Go na le moo, bodiredi jwa rona bo remeletse thata mo tsholofelong ya rona ya Bogosi—dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. E kete re ka rera dikgang tse di molemo ka go tlhatswega pelo le ka tlhagafalo ‘gore re nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.’—Baheb. 6:11.