LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka November 12
  • Beke e e Simololang ka November 19
  • Beke e e Simololang ka November 26
  • Beke e e Simololang ka December 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 11/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka November 12

Pina 59

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya November 15 le Tsogang! ya November. Mo go nngwe le nngwe ya dipontsho tseno go tsamaisiwe dimakatsine ka bobedi le mororo go buelelwa e le nngwe fela.

15 mets: “Selefera Ke ya Me, le Gouta Ke ya Me.” Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2007, tsebe 17-21.

20 mets: “Tsamayang Jaaka Batho ba ba Botlhale.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 192

Beke e e Simololang ka November 19

Pina 109

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Umaka kgatiso e e tsamaisiwang ka December mme o dire gore go nne le pontsho ka puisano e le nngwe.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “O se Ka wa Okaoka!”b Fa lo sekaseka serapa sa 5, akaretsa dikakgelo tsa ba ba ileng ba kgona go thusa batho bangwe ba ba ithutang le bone go tla mo boammaaruring. Go tshwara thuto ya Baebele e e gatelang pele go a kgotsofatsa e bile go a itumedisa ka ditsela dife? O ka rulaganya le a le mongwe kgotsa ba le babedi go sa le gale go baakanyetsa dikakgelo tseno.

Pina 96

Beke e e Simololang ka November 26

Pina 172

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa November. Akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang mme o bo o itsise phuthego ka matswela a yone. Fa nako e letla, botsolotsa bangwe ba ba nnileng le seabe mo tirong eno. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya December 1 le Tsogang! ya December.

15 mets: A o Ka Pitlologa mo Loratong? Puo ka mogolwane e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya January 1, 2007 ditsebe 9-11.

20 mets: Basha—Lo ka Baka Jehofa Jang? Motlotlo ka Tora ya Tebelo ya June 15, 2005, ditsebe 26-8, dirapa 15-19, go dirisiwa dipotso tsa thuto tse di mo makasineng. Fa lo sekaseka serapa sa 18, kopa basha go tlhalosa kafa ba ileng ba neela bosupi ka teng mo baithuting ba bangwe kgotsa mo barutising kwa sekolong.

Pina 5

Beke e e Simololang ka December 3

Pina 77

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Umaka dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Sekaseka Lebokoso la Dipotso.

15 mets: Sekolo se Baalogi ba Sone ba Solegelang Batho Molemo Lefatshe ka Bophara. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2006, ditsebe 10-13. Akaretsa le potsolotso e khutswane e mo go yone o botsolotsang bagolwane bape kgotsa batlhanka ba bodiredi mo phuthegong ba ba ileng ba ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Sekolo se ba thusitse jang go gatela pele mo tirong ya go rera, ya bodisa le ya go ruta? Kgothaletsa bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba akanyetse go ipeela mokgele wa go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi.

15 mets: “Re Bolelela ba Bangwe Tsholofelo ya Rona ya Bogosi.”c Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 173

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela