LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka December 10
  • Beke e e Simololang ka December 17
  • Beke e e Simololang ka December 24
  • Beke e e Simololang ka December 31
  • Beke e e Simololang ka January 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 12/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka December 10

Pina 46

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya December 15 le Tsogang! ya December.

20 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2008. Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Tlotla ka dintlha tse di tlhokang go gatelelwa mo phuthegong ya lona go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2007. Tlhalosa tiro ya mogakolodi yo o thusang. Kgothaletsa botlhe go tlhoafalela go dira dikabelo tsa bone, go nna le seabe ka nako ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le go dirisa dikakantsho tse re di newang beke le beke go tswa mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

15 mets: “Gomotsa ba ba Dipelo di Phatlogileng.”a Tlotla ka bokhutshwane ka maitemogelo a le mangwe kgotsa a le mabedi a lefelo la lona.

Pina 34

Beke e e Simololang ka December 17

Pina 28

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Umaka Dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe go lebelela DVD ya Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News go ipaakanyetsa motlotlo wa puo ya Pokano ya Tirelo ya beke ya January 7.

15 mets: “Re Tshwanetse go Ipoloka re Tlhagafetse mo Bodireding.”b Botsolotsa mmoledi yo o itsegeng ka go tlhagafala mo bodireding. Dipotso tse o ka mmotsang tsone: O tsaya matsapa afe go ipoloka o tlhagafetse? Ke eng se se go thusitseng go nna o tlhagafetse?

20 mets: “Aba Dimakasine Tse di Supang ka ga Boammaaruri.”c Kopa bareetsi go akgela ka dintlha tse di mo tsebeng ya 4 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2006. Kgothaletsa bareetsi go bala Tora ya Tebelo ya January 1 le Tsogang! ya January. Ba kope gore ba tle le tsone mo dipokanong tsa beke e e tlang.

Pina 139

Beke e e Simololang ka December 24

Pina 212

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Umaka kgatiso e e tsamaisiwang ka January, mme o dire gore go nne le pontsho ka puisano e le nngwe e e tshwanelang.

15 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine Tsa Bosheng. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya January 1 le Tsogang! ya January. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata le gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go ntsha dikakantsho ba dirisa dingwe tsa ditlhogo tse ba ikaeletseng go di buelela. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? Go tswa foo o ka bala temana efe mo setlhogong seo? O ka amanya temana eo jang le setlhogo seo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa makasine mongwe le mongwe o ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi kgotsa puisano e e akantshitsweng ke bareetsi.

20 mets: “Ipeele Mokgele wa go Tshwara Thuto ya Baebele.”d Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba sa tswang go simolola thuto ya Baebele bosheng jaana. Ba simolotse thuto eo jang? E gatela pele jang?

Pina 21

Beke e e Simololang ka December 31

Pina 89

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa December.

15 mets: Tlhotlheletso e e Maatla ya Boineelo Jwa Bomodimo. Puo e e kgothatsang e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1990, tsebe 22-3.

20 mets: Tswelelang lo Tsamaya Jaaka Bana ba Lesedi. Puo le dipotsolotso. Re dule mo lefifing la lefatshe leno mme re letlile lesedi la ga Jehofa go re kaela. (Baef. 5:8, 9) Seno se tokafaditse botshelo jwa rona le go dira gore bo nne le bokao. (1 Tim. 4:8) Lesedi leno gape le re naya tsholofelo. (Bar. 15:4) Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ba ileng ba lebana le dikgoreletsi tse dikgolo ba bo ba di fenya e le gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa le go e boloka. Ke dikgwetlho dife tse ba neng ba lebana le tsone fa ba ne ba amogela boammaaruri? Ba ile ba kgona go di fenya jang? Gone jaanong botshelo jwa bone bo tokafetse jang? Ke eng se se ba thusang go nna ba nitame mo boammaaruring? Konela ka go kgothaletsa botlhe go tswelela ba gatela pele semoyeng le go bontsha go anaanela thata boammaaruri jo Jehofa a bo senotseng.—2 Pet. 1:5-8.

Pina 202

Beke e e Simololang ka January 7

Pina 159

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

25 mets: “Letsholo la go Rera le Legolo go Gaisa Otlhe a a Kileng a Nna Gone!”e Kopa bareetsi go akgela kafa ba losika, batho ba ba tlwaelaneng le bone, maeto a go boela le batho ba ba ithutang Baebele le bone ba ileng ba tsiboga ka tsela e e molemo ka gone fa ba bona bidio ya Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News.

Pina 99

Ntlha e e kwa tlase

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela