Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka September 8
Pina 204
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tsa dimakasine tsa bosheng tse batho ba tshimo ya lona ba di kgatlhegetseng thata. Ba kope go bua gore ba dirisitse dipotso le ditemana dife go simolola motlotlo. Bontsha kafa makasine mongwe le mongwe o ka tsamaisiwang ka teng.
15 mets: Thusa Baithuti ba Baebele go Nna Barutisi. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2007 ditsebe 29-30, dirapa 14-20. Akaretsa pontsho e khutshwane e e bontshang mmoledi a tlhalosetsa moithuti wa Baebele ka puo ya phatlalatsa le thuto ya Tora ya Tebelo, mme morago ga foo a bo a mo laletsa go nna gone kwa dipokanong.
20 mets: Go Lepalepana le go Tlhaolwa ga Batho ka Morafe mo Tshimong ya Rona. Puo e e neelwang ke mogolwane, e e theilweng mo tshedimosetsong e e gatisitsweng e e tlhalosang kafa tlhaolele e ka amang bodiredi jwa rona ka gone. Tlhalosa kafa tlhaolele e e ntseng jalo e ka fenngwang ka teng. Ka dinako dingwe, boitsholo jwa rona fa re le kwa bodireding jwa tshimo le fa re tsweletse ka ditiro dingwe mo botshelong bo ka dira gore batho ba se ka ba re tlhaola mme ba amogele boammaaruri sentle. Ka jalo go botlhokwa gore re tlhokomele tsela e re buang ka yone le tsela e re itshwarang ka yone ka dinako tsotlhe. (1 Pet. 2:12; 3:1, 2) Anela maitemogelo a le mmalwa a a diragetseng mo lefelong la lona kgotsa a a gatisitsweng a a bontshang kafa go tlhaolwa ga batho ka merafe go ka fenngwang ka gone.
Pina 127
Beke e e Simololang ka September 15
Pina 94
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: Re Dirile Jang Ngogola? Puo le motlotlo ka molebedi wa tirelo kgotsa mogolwane yo mongwe yo o tshwanelegang. Sekaseka pego ya ngwaga o o fetileng wa tirelo, mme o bue thata ka dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng mo bodireding. Ba akgole ka tsela e e tshwanetseng. Rulaganya e sa le pele gore mmoledi kgotsa ba babedi ba anele ka maitemogelo a ba nnileng le one. Umaka karolo e le nngwe kgotsa tse pedi tse di tlhokang go elwa tlhoko mo ngwageng o mosha wa tirelo mme o tlhatlhobe dikakantsho tse di molemo tse ba ka di dirisang.
15 mets: Nka Femela Jang Tumelo Ya me Ya go Bopiwa ga Dilo? Puo e e theilweng mo tshedimosetsong e e gatisitsweng. Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba femetseng tumelo ya bone ya gore dilo di bopilwe fa ba le kwa sekolong, kwa tirong kgotsa gongwe le gongwe. Go ka rulaganngwa kakgelo e le nngwe kgotsa tse pedi e sa le pele.
Pina 51
Beke e e Simololang ka September 22
Pina 104
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Tlotla ka lekwalo le le tswang kwa lekaleng le le tlhagang mo tsebeng ya ntlha.
20 mets: O Tla Bona Tuelo ya Ditiro Tsa Gago. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 2005 go tswa mo tsebe 28 serapa 5 go ya kwa bofelong jwa tsebe 29. Akaretsa le potsolotso e khutshwane ya mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba tlhagafetseng malebana le kafa Jehofa a neng a ba tlamela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka mo nameng kgotsa mo maikutlong ka teng.
15 mets: Ipaakanyetse go aba dimakasine tsa Tora ya Tebelo ya October 1 le Tsogang! ya October. Sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa dimakasine tseno, mme o bo o botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata. O ka botsa dipotso dife le go bala ditemana dife go tsenyeletsa ditlhogo tseno? Bontsha kafa o ka dirisang dikakantsho tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ka teng. Dira gore mongwe wa bagolwane a dire pontsho e khutshwane e a e baakanyeditseng e e theilweng mo setlhogong se se ka tshwanelang tshimo ya lona.
Pina 190
Beke e e Simololang ka September 29
Pina 45
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Tlotla ka dithulaganyo tsa tshimo ya lona e e sa abiwang tsa October. Eno ke kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa September. Rulaganya go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba babedi ba anele ka maitemogelo a bone a ba nnileng le one fa ba rera e seng ka tlwaelo ka nako ya boikhutso, kwa tirong kgotsa mo maemong ape fela.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Letsholo le le Kgethegileng la go Tsamaisa Pampitshana October 20–November 16!”a Fa dipampitshana di le teng, abela mongwe le mongwe wa bareetsi khopi e le nngwe. Fa o tlhatlhoba serapa 2 tlhalosa diteng tsa pampitshana eno ka bokhutshwane. Fa o tlhatlhoba serapa 4 bontsha kafa pampitshana eno e ka tsamaisiwang ka teng. Fa o tlhatlhoba serapa 5, dira pontsho e mo go yone o bontshang mmoledi a dirisa pampitshana go simolola thuto ya Baebele fa a dira loeto lwa go boela.
Pina 9
Beke e e Simololang ka October 6
Pina 15
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Motlotlo le bareetsi. Akaretsa dikakgelo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2005 ditsebe 20-22, dirapa 10-16.
20 mets: “Ruta ba Bangwe go Rata Jehofa.”b Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.
Pina 132
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.