Letsholo le le Kgethegileng la go Tsamaisa Pampitshana October 20–November 16!
1 Go simolola ka Mantaga, October 20 go tswelela dibeke di le nnè re tla nna le seabe mo letsholong la go tsamaisa pampitshana e e reng A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Go solofetswe gore letsholo leno le le kgethegileng le le tla nnang gone mo lefatsheng lotlhe le tla dira gore batho botlhe ba kgatlhegele go itse motswedi o le osi wa boammaaruri.—Joh. 17:17.
2 Pampitshana eno e araba ka bokhutshwane dipotso tse thataro tse di botlhokwa tse di reng: “A ruriruri Modimo o amega ka rona?” “A dintwa le pogo di tla tsamaya di fela?” “Go direga eng ka rona fa re swa?” “A go na le tsholofelo nngwe ka baswi?” “Nka rapela jang gore Modimo a utlwe dithapelo tsa me?” le “Nka bona jang boitumelo mo botshelong?” Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ga di ise di arabe dipotso tseno ka tsela e e kgotsofatsang. Tota le batho ba ba sa ipitseng Bakeresete ba tshwenyegile ka dikgang tseno mme ba ka tswa ba sa itse gore Baebele e na le dikarabo tse di utlwalang. Ka jalo, re solofela gore molaetsa ono o tla kgatlha batho ba bantsi.
3 Berekang Tshimo ya Lona Yotlhe: Lekang go bereka bontsi jwa tshimo ya lona ya ntlo le ntlo ka moo go ka kgonegang. Fa le na le tshimo e kgolo, bagolwane ba ka lo kgothaletsa gore lo tlogele khopi ya pampitshana kwa matlong a go se nang batho gone mo loetong lwa ntlha. Gakologelwa go naya baagelani ba gago, ba masika, ba o berekang le bone kgotsa ba o tsenang sekolo le bone le ba o buang le bone ka metlha, khopi ya pampitshana eno. Gongwe o ka rulaganya mabaka a gago gore o nne mmulatsela yo o thusang ka October kgotsa November. A o na le ngwana kgotsa moithuti yo o tswelelang pele mo semoyeng yo o ka ratang go nna le seabe mo letsholong leno e le mmoledi yo o sa kolobediwang? Fa go ntse jalo, itsise bagolwane.
4 Se o Ka se Buang: E le gore o fitlhelele batho ba bantsi ka molaetsa, go botlhokwa gore o dire puisano ya gago gore e nne khutshwane. Ka bokhutshwane botsa mong wa ntlo nngwe ya dipotso tse di leng kafa ntle mo pampitshaneng eno mme o bo o mmontsha karabo gone mo pampitshaneng. Seno se tla letla gore baboledi botlhe ba baakanyetse puisano ya bone gore e tshwanele tshimo ya bone. Fa mongwe a bontsha kgatlhego kwala leina la gagwe mme o bo o boela kwa go ene. Ka mafelobeke, o ka tsamaisa dipampitshana tseno mmogo le dimakasine tsa bosheng. Fa letsholo leno le fela ka November 16, re tla tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? Dipampitshana le fa e le dife tse di setseng di ka tsamaisiwa fela jaaka dipampitshana dingwe le dingwe tse di gone.
5 Simolola Thuto ya Baebele: Pampitshana eno e diretswe gore e re thuse go simolola dithuto tsa Baebele. Fa o dira maeto a go boela mo go mongwe yo o bontshitseng kgatlhego, o ka nna wa mmotsa gore ke boammaaruri bofe jwa Baebele jo bo mo gomoditseng? Mmontshe tsebe e e kwa morago e e bontshang thulaganyo e re nang le yone ya go ithuta Baebele mme o bo o mo naya khopi ya buka ya Baebele e Ruta Eng? Fa go kgonega, tlotla ka bokhutshwane ka serapa kgotsa di le pedi go tswa mo kgaolong e e nang le tshedimosetso e ntsi ka setlhogo se a se tlhophileng.
6 Jehofa o batla ba ba ka mo obamelang ka “moya le boammaaruri.” (Joh. 4:23) E kete rotlhe re ka nna le seabe mo letsholong leno le le kgethegileng la go thusa ba bangwe gore ba itse boammaaruri!