Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana o ka tsamaisa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Ka September 1, 2008 go ne ga simololwa potologo e ntšha gore e tlhokomele tshimo ya puo ya diatla mmogo le diphuthego tsa Se-China le Sefora. Go dirilwe diphetogo tse di latelang malebana le se se tla diragalang mo potologong: Dikopano tsa potologo ka puo ya diatla di tla tshwarwa kwa Durban ka March 21, 22, 2009, le kwa Holong ya Dikopano ya kwa Midrand ka August 22, 23, 2009. Go rulagantswe gore go tshwarwe kopano ya potologo ya Se-China kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka August 29, 30, 2009. Go tla tshwarwa dikopano tsa potologo tsa Sefora kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka February 21, 22, 2009, le kwa Durban ka March 28, 29, 2009. Dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tsa puo ya diatla di tla tshwarwa kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka January 31, 2009, kwa George ka April 12, 2009, le kwa Durban ka July 11, 2009. Go tla tshwarwa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya Se-China kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka February 1, 2009. Dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tsa Sefora di tla tshwarwa kwa Holong ya Dikopano ya Bellville ka April 25, 2009, kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka June 7, 2009, le kwa Durban ka July 12, 2009.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go tlhatlhoba gore a palo ya dikgatiso tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tse phuthego e di romelelwang e lekane le gore go na le di se kae tse di salang. Fa phuthego ya lona e romelelwa tse dintsi thata lo tshwanetse go fokotsa otara ya lona ka go dirisa Foromo ya go Otara Dimakasine (M-202). Fa palo e lo e romelelwang e le nnye thata lo ka oketsa otara eo ka tsela e e tshwanang. Baboledi botlhe ba tshwanetse go newa khopi ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Batho ba ba nnang gone ka metlha mo Pokanong ya Tirelo mme ba gatela pele mo ba tla tlogang ba nna le seabe mo bodireding jwa tshimo le bone ba tshwanetse go newa dikhopi. Tlhomamisang gore lo boloka khopi e le nngwe gore e nne ya laeborari ya Holo ya Bogosi. Batho ba ba kgaotsweng ga ba tshwanela go newa khopi ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.—Bona Letlole la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1987.
◼ Ka dinako tse dingwe ofisi ya lekala e amogela diotara tsa dikgatiso tse di batliwang ka potlako. Tsweetswee lo se ka lwa romela diotara tse lo di batlang ka potlako ntle le fa e le gore lo romeletswe diotara tse di sa siamang. Dikgatiso tse di tlhokegang tse di tla tsamaisiwang kwa tshimong, tsa letsholo le le kgethegileng, tse di tla ithutiwang kwa dipokanong, di-DVD tse di tshwanetseng go lebelelwa le diforomo, ke dilo tse go dirwang kitsiso ka tsone go sa le gale. Fa lo rulaganya dilo sentle, bontsi jwa diotara tse di batlegang ka potlako di ka tilwa. Diotara tsa dikgatiso tse di dirwang ka metlha di tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi le kgwedi, le fa e le tsa dilwana di le mmalwa fela.
◼ Ka maswabi ga go na thulaganyo ya gore bakaulengwe ba tle go tseela diphuthego tsa bone diotara tsa dibuka mo Bethele. Phuthego nngwe le nngwe e na le letlha le diotara tsa yone di romelwang ka lone mme go latelwa thulaganyo eno fa diphuthego di romelelwa dibuka. Tiro e ntsi thata e re nang le yone e dira gore re se ka ra kgona go dira diotara tse di batlegang ka potlako. Le fa go ntse jalo, ga go molato fa bakaulengwe ba tlogela diforomo tsa Literature Request Form (S-14) fa ba etetse Bethele.
◼ Re rata go gakolola mokwaledi wa phuthego gore a tsibogele lekwalo la October 1, 2008 le le malebana le diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine tsa dikgwedi tsa tirelo e e kgethegileng tsa March, April, le May 2009.
◼ Tsweetswee dirisang diforomo tsa phuthego sentle. Go dirwa tiro e ntsi mme e bile go dirisiwa madi a mantsi go dira diforomo tseno. Go ka nna ga tlhokega gore bangwe ba gakololwe gore diforomo tsa phuthego ga di a tshwanelwa go dirisetswa go kwala dintlha. Diphuthego dingwe di dira gore go nne le dipampiri tse di ka dirisediwang go kwalela mo go tsone gore bakaulengwe ba se ka ba dirisa diforomo tseno go dira seo. Go ka tilwa tshenyo e e sa tlhokegeng fa bakaulengwe ba ka baakanya diphoso tse di sa reng sepe go na le gore ba latlhe foromo. Le fa go ntse jalo, nnang kelotlhoko gore tshedimosetso e e bolokiwang mo difaeleng tsa phuthego kgotsa e e romelwang kwa ofising ya lekala e kwadilwe sentle e bile e a bonala. Fa lo boloka diforomo, tlhomamisang gore ga go dipe tse di fitlhiwang ke diforomo tse dingwe tse di lekanang le tsone.
◼ Gantsi go dirwa dikitsiso tse di botlhokwa mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi malebana le dithulaganyo le dikopo tsa go otara dibuka. Batlhanka ba dibuka ba tshwanetse go bala dikitsiso tseno ka bonako fa ba sena go amogela dikhopi tsa bone tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi mme ba dire se ba se laelwang ka bonako.
◼ Re rata go gakolola baboledi gore go gatisa dibuka tsa Mokwalo wa Difofu go ja madi a mantsi thata, dibuka tse dikgolo di ja dikete tsa diranta. Ke tshiamelo ya rona go ntshetsa dibuka tseno moneelo. Fa mokwaledi wa phuthego a saena foromo ya Literature Request Form (S-14) o tshwanetse go tlhomamisa gore dibuka tseno di otarelwa baboledi kgotsa baithuti ba Baebele ba ba gatetseng pele. O tshwanetse go bontsha sentle mo foromong ya Literature Request Form gore o sekasekile kopo eno ka kelotlhoko mme o dumalana le yone. Ba ba amogelang peeletso ya Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! ka Mokwalo wa Difofu le bone ba tshwanetse go akanyetsa tlhwatlhwa ya tsone.
◼ Go ka se tlhole go kgonega go kopa Kingdom Melodies ka MP3 ka disiki e e tlwaelegileng kwa ofising ya lekala. Di ka bonwa fela mo atereseng eno ya Internet ya www.pr418.com. Le fa mokgatlho o duedisiwa nako nngwe le nngwe fa go tsewa sengwe mo Internet, mokgwa ono ga o je madi a mantsi go tshwana le go dira didisiki le go di romela.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? (kt)—Se-Afrikaans, Se-Chichewa, Se-China (Se se tlhofofaditsweng), Se-Cibemba, Seesemane, Seesemane (Mokwalo wa Difofu Grade 2), Sefora, Se-Herero, Se-Khoekhoegowab, Se-Kwangali, Se-Kwanyama, Sendebele, Se-Ndonga, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Seswati, Setsonga, Setswana, Se-Umbundu, Sevenda, Sexhosa, Sezulu
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:
Would You Like to Know the Truth? (dvkt)—Puo ya Diatla ya Amerika, Puo ya Diatla ya mo Afrika Borwa