‘Neela Bosupi ka Botlalo’—Mo Meagong e e Sireleditsweng le mo Difoleteng
1. Go ‘neela bosupi ka botlalo ka dikgang tse di molemo’ go akaretsa eng?
1 Jaaka moaposetoloi Paulo, re eletsa ‘go neela bosupi ka botlalo ka dikgang tse di molemo.’ (Dit. 20:24) Ka jalo, re leka go fitlhelela batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng mo tshimong ya rona ka molaetsa wa Bogosi. Seno se akaretsa batho ba bantsi ba ba nnang mo mafelong a a sireleditsweng, mo difoleteng le mo mafelong a a nang le diheke tse di lotletsweng. Ka dinako tse dingwe, e ka nna kgwetlho go fitlhelela batho ba ba nnang mo mafelong a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, e re ka mafelo a a sireleditsweng le difolete di na le batho ba bantsi, seno se re neela ditshono di le dintsi tsa go anamisa dikgang tse di molemo.
2. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega go nna kelotlhoko le go dira ditshwetso tse di siameng fa re neela bosupi mo meagong e e sireleditsweng le mo difoleteng?
2 E re ka go na le bokebekwa le thubakanyo, difolete tse dintsi di a lotlelwa mme di na le balebeledi ba ba disang kgotsa di na le dikhamera tse di kgonang go bontsha batho ba ba tsenang. (2 Tim. 3:1, 2) Balaodi ba mafelo ano ba ka tswa ba tlhomile molao wa gore batho ba ba sa lalediwang ba se ka ba letlelelwa go tsena. Mookamedi kgotsa manejara a ka nna a re kopa gore re tswe mo lefelong leo, segolobogolo fa mongwe wa bahiri a ngongorega. Ka jalo, go botlhokwa go nna kelotlhoko le go dira ditshwetso tse di siameng.
3. Ke nako efe e go leng botoka go bereka mo difoleteng ka yone mme ka ntlha yang?
3 Dinako Tse re ka Berekang ka Tsone: Fela jaaka mo mefuteng e mengwe ya tshimo e re e berekang, go botoka go rera ka dinako tse go ka diregang gore beng ba matlo ba teng. Re ka nna ra tsosa dipelaelo fa re goroga ka nako ya fa bontsi jwa bahiri ba seyo. Baboledi ba le bantsi ba ile ba kgona go fitlhela batho mo maitseboeng le ka Bomatlhatso le Bosontaga thapama. Go bereka phakela thata mo meagong eno le mo difoleteng, segolobogolo ka mafelobeke, go ka dira gore bahiri ba ngongorege mo balaoding.
4, 5. Re ka kgona go tsena jang mo meagong mengwe e e sireleditsweng kgotsa mo difoleteng tse diheke tsa teng di lotletsweng?
4 Go Kgona go Tsena mo Mafelong Ano: Baboledi ga ba a tshwanela go ikgolaganya le mookamedi kgotsa ope fela wa badiri ba mafelo ano pele ga go berekiwa tshimo eo. Fa e le gore moago o o lotletsweng o na le intercom kafa ntle, re ka e dirisa go bona mongwe yo o tla re letlelelang go tsena gore re bue le ene. Go ikaegile ka gore meago e e sireleditsweng le difolete tseno di ntse jang, go ka nna ga direga gore re kgone go tsamaya ka ntlo le ntlo mo moagong oo fa re sena go bua le motho yo o re letleletseng go tsena. Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a mangwe, go tla bo go le botlhale gore re tswe mo moagong oo mme re bo re dirisa intercom go bua le moagi yo mongwe. Re tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng fa re swetsa gore re tla buisana le baagi ba le bakae ka tsela eno mo lekgetlhong le le lengwe.
5 Bahiri bangwe ba ka nna ba batla gore o ba bolelele ka intercom gore o tletse eng. Fa e le gore go ntse jalo, tlhalosa ka tsela e e botsalano gore o mang. Dirisa leina la mong wa ntlo fa e le gore le bontshitswe mo lenaaneng la maina. Ka bokhutshwane, tlhalosa se o tlileng ka sone. Bangwe ba ile ba atlega ka go bala matseno mangwe ka tlhamalalo go tswa mo bukeng ya Go Fetolana.
6. Re tshwanetse go dira eng fa re bereka mo meagong e go nang le molebedi wa kgoro kgotsa molebeledi mo go yone?
6 Fa e le gore go na le molebedi wa kgoro kgotsa molebeledi yo o sa batleng go re letlelela go bereka mo lefelong leo, re ka nna ra leka go mo neela bosupi. Balebedi ba dikgoro le balebeledi ba bantsi ba rata go bala dikgatiso tsa rona. Re ka nna ra bo ra simolola thuto ya Baebele le bone mme re bo re tshwara thuto mo phashiting. Fa molebedi wa kgoro a re letla go etela mohiri yo o rileng yo o ileng a bontsha kgatlhego, gantsi go tla bo go le molemo gore re se ka ra ya go kokota kwa mabating a mangwe mo moagong oo.
7. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa malebana le dibeke tsa rona tsa tshimo?
7 Tsela e re Lebegang ka Yone Le e Re Itshwarang ka Yone: Go tshwara dibeke tse dikgolo tse di tletseng dibuka go ka dira gore batho ba re lemoge ka bonako. Ka jalo, re ka nna ra akanyetsa go dirisa beke e e seng kgolo thata kgotsa re se ka ra e dirisa gotlhelele. Baboledi bangwe ba tsenya dikgatiso tse ba tla di tsamaisang mo bekeng e nnye mme ba bo ba tshwara Baebele ya bone ka letsogo kgotsa ba e tsenya mo pateng.
8. Setlhopha se tshwanetse go rulaganngwa jang fa se rera mo difoleteng?
8 Go molemo gore re se ka ra kokoana ka ditlhopha tse dikgolo, segolobogolo mo diphashiting kgotsa mo mafelong a go paka dikoloi ka gonne seno se tla dira gore batho ba re lemoge go sa tlhokege. Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re rera mo difoleteng tse di leng mo mafelong a go nang le bokebekwa thata mo go one. (Dia. 22:3) Ka sekai, baboledi ba le banè kgotsa ba le barataro ba ka nna ba bereka mo boalong bo le bongwe ba le gaufi ka mo go lekaneng go ka utlwa se se diregang ka ba bangwe, gongwe ba refosana go ya go kokota mo mabating fa bangwe ba ntse ba letile.
9. Re ka bontsha jang maitseo mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?
9 Fa lo tsena mo foleteng, phimolang ditlhako tsa lona mme lo bo lo tswala lebati fa lo sena go tsena. Fa re bontsha maitseo jalo, re dira gore bahiri ba se ka ba nna le mabaka a go ngongorega. Fa lo setse lo tsene, e yang kwa lifiting mme lo ye kwa lo batlang go ya gone kgotsa lo ye kwa boalong jo bo berekiwang go na le gore lo nne lo senya nako mo botsenong. Seno se tla dira gore batho ba ba lo lebileng ba se ka ba lo belaela.
10. Re ka tila jang go dira modumo mo diphashiting go sa tlhokege?
10 Mo difoleteng di le dintsi, modumo o tsamaya le diphashiti. Ka jalo, fa o bua, o se ka wa dira modumo mme o bue ka tsela e mong wa ntlo a tla kgonang go go utlwa sentle ka yone. Fa lo bua le baboledi ba bangwe, buelang kwa tlase, mme buang ka tsela e e ritibetseng, ka lentswe le le siameng gore lo se ka lwa tsosa dipelaelo. Gore bahiri ba se ka ba tshwenngwa go sa tlhokege, baboledi bangwe ba refosana go tswa mo ntlheng e nngwe ya phashiti go ya go e nngwe go fitlha ba wetsa boalo jo ba bo berekang, go na le gore ba kokote mo mabating ka go latelana mo phashiting. Mo godimo ga moo, go kokotela kwa godimo mo mabating go ka tshosa batho ba ba mo teng.
11. Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang fa re kokota mo lebating le go nang le lesoba le mong wa ntlo a lebang batho ba ba kokotang mo go lone?
11 Fa e le gore lebati le na le lesoba le mong wa ntlo a lebang batho ba ba kokotang ka lone, ema ka tsela e e leng gore ope fela yo o batlang go go bona a bone wena le motho yo o tsamayang le ene. Leba ka tlhamalalo mo lesobeng leo mme fa o akanya gore mongwe o go lebile, dumedisa ka botsalano mme o bo o simolola puisano ya gago. Fa motho yoo a botsa gore ‘O mang?’ go ka nna molemo gore o mmolelele leina la gago le la motho yo o tsamayang le ene. Seno se ka nna sa dira gore mong wa ntlo a ikutlwe a gololesegile go bula lebati. Le fa a sa bule, o ka nna wa tswelela ka puisano ya gago.
12. Re ka tila jang mathata fa re tlogela dikgatiso kwa magaeng a go se nang ope gone?
12 Kwa Magaeng A go Se Nang Ope Gone: Baokamedi ba ngongorega gangwe le gape ka gore ba tshwanelwa ke go sela dikgatiso tse ba di fitlhelang mo diphashiting. Go motlhofo gore dikgatiso tse di tlogetsweng kafa ntle ga lebati di we mme di bo di tlatsa leswe. Ka jalo, dikgatiso dipe fela tse re di tlogelang mo magaeng a go se nang ope gone di tshwanetse go bewa ka tsela ya gore di se ka tsa bonwa ke batho ba ba fetang.
13. Re tshwanetse go dira eng fa re kopana le mong wa ntlo yo o galefileng?
13 Beng ba Matlo ba ba Galefileng: Fa re bereka mo boalong jo bo rileng mo difoleteng mme re kopana le beng ba matlo ba ba galefileng ba ba ikaeletseng go bitsa mookamedi, go botoka gore re tsamaye mo boalong joo mme re boe ka nako e nngwe. Mo makgetlhong a mangwe, go ka nna botlhale go tswa mo moagong oo gotlhelele gore re tile dikgotlhang le mookamedi. Le fa mong wa ntlo a sa tlhalose ka tlhamalalo gore ga a batle go etelwa mo nakong e e tlang, go tla nna botoka go kwala nomoro ya folete eo go tlhalosa gore ga go tsenwe mme e bo e tsenngwa mo karateng ya tshimo. Jaaka dinomoro tse dingwe tsa matlo tse di supang gore ga go tsenwe mo go tsone, go tshwanetse ga ikgolaganngwa le beng ba diaterese tseno gangwe le gape go utlwa gore beng ba matlo ba ikutlwa jang.
14, 15. Re tshwanetse go dira eng fa moemedi mongwe wa folete a re kopa go tsamaya?
14 Fa o Kopiwa go Tsamaya: Fa e ka re lo ntse lo bereka mo moagong mongwe mookamedi, balebeledi, babereki kgotsa baemedi bape fela ba difolete ba bo ba lo kopa gore lo tsamaye, go botlhale gore lo dire jalo ka bonako. Fa go kgonega, re batla go tila dikgotlhang tse di ka dirang gore go tsewe dikgato tsa semolao kgatlhanong le rona kgotsa go bidiwe mapodise. Gantsi, ya bo e se gore badiredi ba difolete ba tlhoile Basupi ba ga Jehofa mme ke fela gore ba dira tiro ya bone.
15 Ka dinako dingwe, fa moemedi mongwe wa moago a go kopa gore o tsamaye, o ka nna wa mo tlhalosetsa ka bonolo le ka botlhale lebaka la go bo o tlile moo. (1 Pet. 3:15) Re tlotla boikarabelo jwa gagwe jwa go dira gore baagi ba nne ba itumetse le go boloka pabalesego mo moagong. Gongwe o tla lo letlelela go tswelela lo bereka mo moagong oo. Mme fa a sa lo letlelele, tsamayang kwantle ga go tsosa kgang. Fa maemo a letla, lo ka nna lwa kopa tetla ya gore lo tlogele dikgatiso gangwe le gape mo phashiting kgotsa mo phaposing ya botlhatswetso. (Bakol. 4:6) Molebedi wa tirelo o tshwanetse go itsisiwe fa go direga dilo tse di ntseng jalo.
16. Re tshwanetse go dira eng fa mathata a tswelele pele fa re leka go bereka mo moagong wa difolete?
16 Gongwe, morago ga nako e e rileng, baboledi ba ka leka go bereka ka tsela e e botlhale mo moagong oo. Le fa go ntse jalo, fa mathata a tswelela a nna teng, bagolwane ba tshwanetse go ikgolaganya le ofisi ya lekala go bona thuso go na le gore baboledi ba leke go rarabolola bothata ka bobone. Fa baboledi ba sa kgone go bereka mo difoleteng kgotsa mo meagong e e sireleditsweng, ba ka nna ba dira maiteko a go ikgolaganya le bahiri kgotsa beng ba matlo ka ditsela tse dingwe, tse di jaaka go ba neela bosupi ka founo kgotsa ka go ba kwalela makwalo. Baboledi bangwe ba dira tiro ya mmila fa pele ga moago wa difolete kgotsa gaufi le one mo mosong fa batho ba ya tirong le ka nako ya maitseboa fa batho ba boela magaeng.
17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rera mo meagong e e sireleditsweng, mo difoleteng le mo mafelong a a nang le diheke tse di lotletsweng?
17 Go ise go ye kae tsamaiso e e boikepo eno e tla tloga e fela. Mme ke ba ba bitsang leina la ga Jehofa fela ba ba tla bolokiwang. “Le fa go ntse jalo, ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene?” (Bar. 10:13, 14) Batho ba le bantsi ba ‘ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng’ ba nna mo meagong e e sireleditsweng, mo difoleteng le mo mafelong a a nang le diheke tse di lotletsweng. (Dit. 13:48) Ka go nna kelotlhoko le ka go dira ditshwetso tse di siameng, re ka kgona go ba fitlhelela ka dikgang tse di molemo.