Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 29, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 3 go ya go December 29, 2008.
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke eng fa go le molemo go rotloetsa “ka lorato”? (Fil. 9) [be-TN ts. 266 dir. 1-3]
2. Re ka kgothatsa ba bangwe jang? [be-TN ts. 268 ser. 4–ts. 269ser. 2]
PUO NO. 1
3. Lekwalo la ga Paulo go Tito ‘le molemo e bile le [re] tswela mosola’ jang gompieno? (Tito 3:8) [si-TN ts. 241 ser. 8]
4. Ke ka ntlha yang fa lekwalo la ntlha la ga Petere le ne le le mo nakong? [si-TN ts. 251 ser. 1]
5. Ditshwantsho tse di mo go Tshenolo di tshwanetse go re ama jang? [si-TN ts. 263 ser. 1]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
6. Gongwe e ka tswa e le ka ntlha yang fa Paulo mo go Tito 2:3 a kopantse “e seng ba ba senyang batho maina” le “ba sa dirwa batlhanka ke beine e ntsi”? [w94-TN 6/15 ts. 20 ser. 12]
7. A lebaka la go bo Satane e le “yo o nang le dithata tsa go baka loso,” le kaya gore a ka bolaya mongwe le mongwe fela yo a batlang go mmolaya? (Baheb. 2:14) [w08-TN 10/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera”]
8. “Mogolaganyi wa motho” wa kgolagano e ntšha ke mang? (Baheb. 9:16) [w08-TN 10/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera”]
9. Go nna motho yo o ratang kagiso go kaya eng mme re ka ipotsa dipotso dife tse di amanang le gone? (Jak. 3:17) [w08-TN 3/15 ts. 24 ser. 18]
10. Ke eng se se kaiwang ke polelwana “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona”? (1 Joh. 3:20) [w05-TN 8/1 ts. 30 ser. 19]