LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 239-241
  • Buka ya Bibela ya bo 56—Tito

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 56—Tito
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO TITO
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Tito—“Modirimmogo go Direla Melemong ya Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Nnang Lo Itekanetse mo Tumelong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dira Thuto E E Itekanetseng Tsela ya Gago ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Reetsa Segakolodi sa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 239-241

Buka ya Bibela ya bo 56—Tito

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Makedonia (?)

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 61–64 C.E.

1. (a) Tito o ne a neetswe boikarabelo bofe? (b) Diphuthego tsa Kereta di ne di tlholegile mo tikologong efe, mme Bakeresete ba Kereta ba ne ba tshwanetse go dira eng?

“KE NNA Paulo, motlhanka oa Modimo, le moaposetoloi oa ga Yesu Keresete . . . Ke kwalèla Tito, ñwanake rure kaha tumeloñ e re e tlhakanetseñ.” (Tito 1:1, 4) Lokwalo lo Paulo a neng a lo kwalela modiri ka ene le tsala ya gagwe ya nako e telele Tito, yoo a neng a ile a mo tlogela mo setlhaketlhakeng sa Kereta go ya go rulaganya diphuthego ka tsela e e botoka, lo simolola jalo. Tito o ne a na le namane e tona ya tiro eo a neng a tshwanetse go e dira. Kwa setlhaketlhakeng seno, seo go bolelwang fa e ne e le bonno jwa bogologolo jwa “rara wa medimo le batho,” ke gone kwa go neng go tswa puo e e reng “isa Mokereta kwa Kereta,” se se rayang “go tlhalefela leferefere.”a Batho ba teng ba ne ba tumile ka go sa bue boammaaruri, mo e leng gore Paulo o bile a bo a tsopola moperofeti mongwe wa bone yo o neng a re: “Bakereta ke baaki ka galè ka galè, ba sehōlōhōlō se se mashwè, ke diyabele tse di bobodu hèla.” (1:12) Gape go ile ga tlhalosiwa Bakereta ba motlha wa ga Paulo jaana: “Batho bao ba ne ba sa tlhomama, ba se peloephepa, ba rata go omana; ba ne ba le bogagapa fela thata, ba le diaka, ba le maaka, ebile ba le matagwa, ka tsela e e sa tlwaelegang; mme go lebega fa boitsholo jo bo maswe jwa Bajuda ba ba neng ba agile gareng ga bone bo ne bo gaisa jwa batho ba naga eo.”b Diphuthego tsa Kereta di ne di ile tsa tlhongwa mo go one maemo ao; mme ka gone go ne go tlhokega fela thata gore badumedi ba ‘ikgaoganye le boikepo le dithato tsa lefatshe, ba bo ba tshele ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo,’ jaaka Paulo a ne a ba kgothatsa.—2:12.

2, 3. (a) Tito o ne a na le tirisano efe le Paulo? (b) Paulo o ka nna a tswa a ile a kwalela Tito a le kae, mme ka boikaelelo bofe?

2 Buka ya Tito ka boyone e bua go sekae fela kaga tirisano ya ga Paulo le Tito. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso e ntsi e ka selwa mo go umakiweng ga ga Tito mo dikwalong tse dingwe tsa ga Paulo. Tito, yo o neng a le Mogerika, o ne a pata Paulo gantsi mme o ne a tsamaya le ene kwa Jerusalema mo e ka nnang gangwe fela. (Bagal. 2:1-5) Paulo o bua ka ene a re ke “moñkana oa me le [modihedi] ka nna.” Tito ke ene yo Paulo a neng a mo romela kwa Korintha morago ga a sena go kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go Bakorintha a le mo Efeso. Fa Tito a ne a santse a le mo Korintha, o ne a thusa mo kolekeng e e neng e direlwa bakaulengwe ba kwa Jerusalema, mme morago ga moo o ne a boela kwa morago go ya ka taolo ya ga Paulo go ya go feleletsa koleke eo. Tito o ne a rongwa go isa lokwalo lwa bobedi go Bakorintha lo lo neng lo tswa kwa go Paulo fa a ne a boa kwa loetong lwa gagwe lwa kwa Korintha koo a neng a kopana le Paulo gone mo Makedonia.—2 Bakor. 8:16-24; 2:13; 7:5-7.

3 Morago ga Paulo a sena go gololwa mo bogolegweng jwa gagwe jwa ntlha mo Roma, o ne a kopana le Timotheo le Tito gape mo dingwageng tsa bofelo tsa bodihedi jwa gagwe. Go lebega seno se ne se akaretsa tirelo ya gagwe kwa Kereta, Gerika, le Makedonia. Kwa bokhutlong, go bolelwa fa Paulo a ya kwa Nikopolisa, kwa bokonebophirima jwa Gerika, koo go lebegang a ne a tshwarelwa gone a bo a isiwa kwa Roma koo a neng a latlhelwa mo kgolegelong la bofelo gone a bo a bolawa. Paulo o ne a tlogela Tito kwa Kereta fa a ne a etetse lantlha koo ‘gore a tle a rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore a tle a tlhome bagolwane mo motseng mongwe le mongwe,’ tumalanong le ditaelo tse a neng a di neetse Tito. Go lebega lokwalo lwa ga Paulo lo ne lwa kwalwa ka bokhutshwane fela morago ga a sena go tlogela Tito kwa Kereta, gongwe a lo kwalela kwa Makedonia. (Tito 1:5; 3:12; 1 Tim. 1:3; 2 Tim. 4:13, 20) Go lebega boikaelelo jwa lone bo ne bo tshwana le jwa Timotheo wa Ntlha, eleng, go kgothatsa badiri mmogo le Paulo le gore a nne le kemonokeng e e nonofileng mo ditirong tsa gagwe.

4. Lokwalo lwa Tito lo tshwanetse lwa bo lo ne lwa kwalwa leng, mme go na le bosupi bofe jwa gore lo boammaaruri?

4 Paulo o ka nna a bo a ile a kwala lokwalo lono nako nngwe gareng ga go golegwa ga gagwe ga ntlha le ga bobedi a le kwa Roma, kana mo e ka nnang go simologa ka 61 go ya go 64 C.E. Bosupi jo bo nonofileng jwa gore lokwalo lwa ga Tito lo boammaaruri bo tshwana le jwa dikwalo tse di kwadilweng ka nako e le nngwe fela le lone tseo di neng di kwalelwa Timotheo, dibuka tsa Bibela tse tharo tse gantsi di bidiwang “dikwalo tsa bodisa” tsa ga Paulo. Tsela e di kwadilweng ka yone e a tshwana. Irenaeus le Origen ka bobedi ba tsopola mo go Tito, mme bakwadi ba bantsi ba bangwe ba bogologolo le bone ba supela gore buka eno ke karolo ya Dikwalo. E fitlhelwa mo Mekwalong ya Sinaitic le Alexandrine. Mo go John Rylands Library go na le kabetlana ya papirase, P32, eo e leng letlhare la codex ya mo e ka nnang ka lekgolo la boraro la dingwaga C.E. leo le nang le Tito 1:11-15 le 2:3-8.c Ga go na pelaelo ya gore buka eno ke karolo e e boammaaruri ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.

SEO SE LENG MO GO TITO

5. (a) Paulo o gatelela ditshwanelego dife tsa balebedi, mme ke ka ntlhayang fa seno se tlhokega? (b) Ke ka ntlhayang fa Tito a tshwanetse go kgalemela ka masisi, mme ga tweng ka batho ba ba leswafetseng?

5 Balebedi ba tshwanetse go kgothatsa ka thuto e e tshedileng (1:1-16). Morago ga a sena go dumedisa ka lorato, Paulo o kwala ditshwanelego tsa balebedi. Go gatelelwa gore molebedi o tshwanetse go nna motho “eo o senañ molato,” a le morati wa tshiamo, a siame, a ikanyega, e le monna yo o “[ngaparetseng] lehoko ye le ikanyègañ ye le leñ kaha thutoñ, gore a tlè a nonohè go laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.” Seno ke selo sa botlhokwa e re ka go na le “batsietsi” bao ba bileng ba faposa matlo otlhe e le gore ba tle ba bapale sengwe ka go sa ikanyege. Jalo Tito o tshwanetse gore a “kgalemèlè thata ka ntlha ea gōna mouō, gore ba tlè ba itekanèlè mo tumeloñ, Ba sa tlhokomele mainane a Seyuda.” Batho ba ba leswafetseng ba ka nna ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone tsa go tlhoka kutlo.—1:6-10, 13, 14.

6. Ke kgakololo efe e e newang malebana le boitsholo jwa Bokeresete?

6 Go tshela ka mogopolo o o lekalekaneng, ka tshiamo, le ka poifomodimo (2:1–3:15). Bannabagolo le basadibagolo ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi le ba ba tlotlegang. Basadi ba meroba ba tshwanetse go rata banna ba bone le bana ba bone le go ikobela banna ba bone “gore lehoko ya Modimo le se tlhapadiwe.” Makawana a tshwanetse go nna sekao sa batho ba ba dirang ditiro tse di molemo le ba ba buang ka tsela e e molemo. Batlhanka ba ba laolwang ba tshwanetse go supa “boikañō yotlhe yo bo molemō.” Go bontshitswe bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang, jo bo isang polokong, jo bo kgothaletsang gore batho ba nne le mogopolo o o lekalekaneng, ba nne tshiamo, ba bo ba nne le poifomodimo mo go bao Modimo o ba ntlafaditseng ka Keresete Jesu go nna “batho ba ba tla nnañ boshwa yoa gagwè, ba ba tlhōahaletseñ ditihō tse di molemō.”—2:5, 10, 14.

7. Paulo o gatelela eng malebana le boikobo, poloko, le ditiro tse di molemo?

7 Paulo o gatelela gore go tlhokega gore batho ba nne boikobo ba bo ba nne kutlo mo babusing le gore ba nne “boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.” Paulo le Bakeresetekaene ba kile ba bo ba le bosula fela jaaka batho ba bangwe. Ba ile ba bolokwa ka moya o o boitshepo ebile ba fetogile baruaboswa ba tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng, eseng ka baka la ditiro tse e leng tsa bone, mme eleng ka baka la bopelonomi jwa Modimo, lorato, le kutlwelobotlhoko. Jalo ba ba dumelang mo Modimong ba tshwanetse ba “tlhōahalèlè go nna ba diha ditihō tse di molemō.” Ba tshwanetse go gana dipotso tsa boeleele le go ganetsana ka Molao, mme fa e le ka monna yo o dirang lekoko lengwe, ba tshwanetse go mo gana morago ga ba sena go mo laya lantlha le labobedi. Paulo o kopa Tito gore a tle kwa go ene kwa Nikopolisa mme, morago ga a sena go ntsha ditaelo tse dingwe tsa borongwa, o gatelela gape gore go tlhokega gore batho ba dire ditiro tse di molemo, e le gore ba tle ba seka ba tlhoka loungo.—3:2, 7, 8.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

8. Ke eng se se ‘molemo, ebile se na le mosola’ mo go rona gompieno mo lokwalong lwa ga Paulo go Tito, mme ka ntlhayang?

8 Bakeresete ba Bakereta ba ne ba tshela gareng ga batho ba ba maaka, ba ba bodileng, le ba ba pelotshetlha. A ba ne ba tshwanetse go ya le mogoro fela? A kana ba ne ba tshwanetse go tsaya dikgato tse di tlhomameng gore ba ikgaoganye le bone gotlhelele le gore ba tle ba direle jaaka batho ba ba itshepiseditsweng Jehofa Modimo? Fa a ne a itsise ka Tito gore Bakereta ba tshwanetse ba “tlhoahalèlè go nna ba diha ditihō tse di molemō,” Paulo o ne a re: “Dilō tse, di molemō, me di na le thushō mo bathuñ.” Le gompieno go ‘molemo ebile go na le mosola,’ mo lefatsheng leno le le nwetseng mo seretseng sa ditiro tse e seng tsa boammaaruri le tsa go sa ikanyege, gore ba e leng Bakeresete tota ba “ithutè go nna ba diha ditihō tse di molemō,” ba nna le maungo mo tirelong ya Modimo. (3:8, 14) Go kgala boitsholo jo bo maswe jotlhe ga ga Paulo le boikepo tseo di neng di tshosetsa diphuthego tsa Kereta ke tlhagiso mo go rona mo nakong eno eo ‘bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo bo re rutang gore re kgaogane le boikepo le dikeletso tsa selefatshe le go tshela ka mogopolo o o lekalekaneng le ka tshiamo le ka poifomodimo mo tsamaisong eno ya dilo.’ Gape Bakeresete ba tshwanetse go ‘iketleeletsa tiro nngwe le nngwe e e molemo’ fa ba bontsha kutlo go babusi, ba bolokile segakolodi se se molemo.—2:11, 12; 3:1.

9. Botlhokwa jwa go ruta bo gatelelwa jang, segolobogolo jaaka boikarabelo jwa molebedi?

9 Tito 1:5-9 e oketsa se se kwadilweng mo go 1 Timotheo 3:2-7 fa e bontsha gore ke eng se moya o o boitshepo o se batlang mo balebeding. Seno se gatelela gore molebedi o tshwanetse go ‘ngaparela lefoko le le ikanyegang’ le go nna morutisi mo phuthegong. Abo seno se tlhokega jang ne mo go direng gore batho botlhe ba gole! Ebile tota, tlhokafalo eno ya go ruta sentle e gatelelwa makgetlo a le mmalwa mo lokwalong lo lo yang kwa go Tito. Paulo o laya Tito gore a “[nne a] buè dilō tse di chwanetseñ thutō e e itekanetseñ.” Basadibagolo ba tshwanetse go nna “ba ba rutañ batho se se molemō,” gape batlhanka ba tshwanetse go ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa bone, ebong Modimo, mo dilong tsotlhe.’ (Tito 1:9; 2:1, 3, 10) Fa Paulo a gatelela gore Tito jaaka molebedi o tshwanetse go nitama le go tlhoka poifo fa a ruta, a re: “Bua dilō tse, u bo u laeè ka cōna, u bo u kgalemèlè ka taolō eotlhe.” Mme fa e le ka ba ba tlhokang kutlo, a re: “U ba kgalemèlè thata ka ntlha ea gōna mouō, gore ba tlè ba itekanèlè mo tumeloñ.” Ka gone, lokwalo lwa ga Paulo go Tito le “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō” ka mo go kgethegileng.—Tito 2:15; 1:13; 2 Tim. 3:16.

10. Lokwalo lwa ga Tito lo re kgothaletsa eng, mme le re tlhotlheletsa go nna le tsholofelo efe e e itumedisang?

10 Lokwalo lwa Tito lo re tlhotlheletsa gore re anaanele bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo ebile lo re kgothaletsa gore re kgaogane le boikepo jwa lefatshe “re nntse re lebeletse cholohèlō ea letlhōgōnōlō, le pōnatshègō ea kgalalèlō ea Modimo o mogolo oa rona, le Moreboloki Yesu Keresete.” Ka go dira jalo, bao ba kailweng fa ba le tshiamo ka Keresete Jesu ba ka nna “barua boshwa kaha choloheloñ ea botshelō yo bo sa khutleñ” mo Bogosing jwa Modimo.—Tito 2:13; 3:7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, kgatisosesha ya 1981, Bol. II, tsebe 564; The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge, 1958, Bol. III, tsebe 306.

b Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, kgatisosesha ya 1981, Bol. X, tsebe 442.

c The Text of the New Testament, ka Kurt le Barbara Aland, e e ranotsweng ke E. F. Rhodes, 1987, tsebe 98.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela