LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/15 ts. 29-31
  • Tito—“Modirimmogo go Direla Melemong ya Lona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tito—“Modirimmogo go Direla Melemong ya Lona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang ya go Rupisiwa
  • Go Romelwa Kwa Korintha
  • Kwa Setlhaketlhakeng sa Kereta
  • Buka ya Bibela ya bo 56—Tito
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • 1 | Se Tlhaole ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/15 ts. 29-31

Tito—“Modirimmogo go Direla Melemong ya Lona”

MATHATA a ne a tle a tlhage mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Mathata ano a ne a tlhoka go rarabololwa, mme go ne go tlhokega bopelokgale le kutlo. Monna yo o neng a atlega go rarabolola dikgwetlho tse dintsi tse di ntseng jalo e ne e le Tito. Jaaka mongwe yo o neng a dira mmogo le moaposetoloi Paulo mo tirong eno, o ne a dira matsapa go thusa batho ba bangwe go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa. Ka jalo, Paulo o ne a bolelela Bakeresete kwa Korintha gore Tito e ne e le ‘modirimmogo go direla melemong ya bone.’—2 Bakorintha 8:23.

Tito e ne e le mang? O ne a na le seabe sefe mo go rarabololeng mathata? Mme re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka boitsholo jwa gagwe?

Kgang ya go Rupisiwa

Tito e ne e le Mogerika yo o sa rupang. (Bagalatia 2:3)a E re ka Paulo a mmitsa “ngwana wa mmatota go ya ka tumelo e rotlhe re nang le yone,” go ka tswa e le gore Tito e ne e le mongwe wa bana ba semoya ba moaposetoloi mongwe. (Tito 1:4; bapisa 1 Timotheo 1:2.) Tito o ne a na le Paulo, Barenabase le ba bangwe go tswa kwa Antioka, Siria, fa ba ne ba ya kwa Jerusalema mo e ka nnang ka 49 C.E. go ya go buisana ka kgang ya go rupisiwa.—Ditiro 15:1, 2; Bagalatia 2:1.

Go akanngwa gore e re ka go ile ga tlotliwa ka kgang ya go sokologa ga Baditšhaba kwa Jerusalema, ba ne ba tsamaya le Tito gore ba supe gore Bajuda le batho ba e seng Bajuda ba ka amogelwa ke Modimo ba rupisitswe le fa ba sa rupisiwa. Maloko mangwe a phuthego ya Jerusalema a e neng e le Bafarasai pele ga ba amogela Bokeresete ba ne ba bolela gore basokologi ba Baditšhaba ba tshwanetse go rupisiwa le go boloka Molao, mme kgang eno e ne ya thibelwa. Go pateletsa Tito le Baditšhaba ba bangwe go rupa e ne e tla nna go gana gore poloko e ikaegile ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa le mo go dumeleng mo go Jesu Keresete go na le gore e nne mo ditirong tsa Molao. Gape e ne e tla bo e le go gana bosupi jwa gore Baditšhaba, kana batho ba merafe, ba amogetse moya o o boitshepo wa Modimo.—Ditiro 15:5-12.

Go Romelwa Kwa Korintha

Fa kgang ya go rupisiwa e ne e setse e rarabolotswe, Paulo le Barenabase ba ne ba newa taolo e e feletseng ya go ya go rerela ditšhaba. Ka nako e e tshwanang, ba ne ba leka gape go gopola batho ba ba humanegileng. (Bagalatia 2:9, 10) Ee gone, fa Tito a umakiwa gape mo dikwalong tse di tlhotlheleditsweng mo e ka nnang dingwaga di le thataro moragonyana, o kwa Korintha e le morongwa wa ga Paulo yo o rulaganyang meneelo ya baitshepi. Le fa go ntse jalo, fa Tito a ntse a dira tiro eno, o ne a lebana le boemo jo bongwe jo e neng e le bothata.

Lekwalo la ga Paulo go Bakorintha le supa gore o kile a ba kwalela pele gore ba “tlogele go tlhakana le bagokafadi.” O ne a tshwanela gore a ba bolelele gore ba ntshe mogokafadi mongwe yo o sa ikwatlhayeng mo gare ga bone. Ee, Paulo o ne a ba kwalela lekwalo le le nonofileng, a dira jalo ka “dikeledi tse dintsi.” (1 Bakorintha 5:9-13; 2 Bakorintha 2:4) Ka nako e e tshwanang, Tito o ne a romelwa kwa Korintha gore a ye go thusa ka meenelo e e neng e ntshediwa Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba tlhoka thuso. Gongwe gape o ne a romiwa gore a ye go bona gore Bakorintha ba arabela jang lekwalo la ga Paulo.—2 Bakorintha 8:1-6.

Bakorintha ba ne ba tla tshwara kgakololo ya ga Paulo jang? E re ka Paulo a ne a tlhoafaletse go itse, o ne a roma Tito go tswa kwa Efeso go kgabaganya Lewatle la Aegean go ya kwa Korintha, a mo naya ditaelo tsa gore a boe ka bonako ka mo go ka kgonegang. Fa a ne a ka wetsa thomo eno pele ga mesepele ya sekepe e khutla ka mariga (mo e ka nnang mo bogareng jwa November), Tito o ne a tla ya kwa Teroase ka sekepe kana a tsamaya ka tsela e telele go ralala naga a feta ka Hellespont. Gongwe Paulo o ne a fitlha kwa lefelong le ba neng ba tshwanetse go kopana mo go lone kwa Teroase pele ga nako e e beilweng, ka gonne dikhuduego tse di tsositsweng ke bathudi ba ditshipi di ne tsa dira gore a tloge kwa Efeso pele ga nako e a neng a akantse gore o tla tloga ka yone. Fa Paulo a ntse a letile ka tlhobaelo kwa Teroase, o ne a lemoga gore Tito a ka se ka a tla ka sekepe. Ka jalo, Paulo o ne a tsamaya mosepele a raletse naga a solofetse go kopana le ene mo tseleng. Fa Paulo a setse a fitlhile kwa Yuropa o ne a tla tsaya Tsela ya Egnation, mme kgabagare o ne a kopana le Tito kwa Makedonia. Paulo o ne a wela makgwafo a ba a itumela ka gonne dikgang tse di tswang kwa Korintha di ne di itumedisa. Phuthego e ne e amogetse kgakololo ya moaposetoloi.—2 Bakorintha 2:12, 13; 7:5-7.

Le fa Paulo a ne a tshwenyegile gore morongwa yono wa gagwe o ne a tla amogelwa jang, Modimo o ne a thusa Tito gore a diragatse thomo ya gagwe. Tito o ne a amogelwa ka “poifo le ka go roroma.” (2 Bakorintha 7:8-15) Fa re dirisa mafoko a motlhalosi W. D. Thomas: “Re ka tsaya gore [Tito] o ne a bua le Bakorintha ka botswerere kwantle ga go koafatsa nonofo ya kgakololo ya ga Paulo; a ba tlhomamisetsa gore fa Paulo a ne a bua ka tsela e a neng a bua ka yone, o ne a akantse fela ka boitekanelo jwa bone jwa semoya.” Mo tsamaong ya nako, Tito o ne a simolola go rata Bakeresete ba Korintha ka ntlha ya moya wa bone wa go nna kutlo le ka ntlha ya go dira diphetogo tse di tshwanelang. Boikutlo jwa bone jo bo molemo bo ne jwa mo kgothatsa.

Go tweng ka karolo e nngwe ya thomo ya ga Tito kwa Korintha—go rulaganya meneelo e e ntshediwang baitshepi kwa Judea? Tito o ne a dira sentle mo tirong eno, jaaka go ka bonwa mo tshedimosetsong e e mo go 2 Bakorintha. Lekwalo leo le ka tswa le kwadilwe kwa Makedonia ka dikgakologo tsa 55 C.E., ka bonako fa Tito le Paulo ba sena go kopana. Paulo o ne a kwala a tlhalosa gore Tito, yo o neng a simolola tiro ya go ntshiwa ga meneelo, o ne jaanong a romelwa morago le bathusi ba babedi ba go sa buiweng maina a bone gore ba ye go wetsa tiro eo. E re ka Tito a ne a amega thata ka Bakorintha, o ne a iketleeditse go boa. Fa Tito a ntse a boela kwa Korintha, gongwe o ne a tshwere lekwalo la bobedi le le tlhotlheleditsweng la ga Paulo le le yang kwa Bakorintheng.—2 Bakorintha 8:6, 17, 18, 22.

Tito e ne e se morulaganyi yo o molemo fela mme gape o ne a le pelonomi e le monna yo o ka newang ditiro tse di masisi mo maemong a a boima. O ne a le pelokgale, a nonofile sentle e bile a nitame. Go bonala fa Paulo a ne a tsaya gore Tito a ka kgona go rarabolola dikgwetlho tse di neng di tswelela di bakiwa ke ‘baaposetoloi ba ba molemomogolo thata’ ba kwa Korintha. (2 Bakorintha 11:5) Botho jono jwa ga Tito bo tlhomamisiwa fa a umakiwa gape mo Dikwalong, mo kabelong e nngwe e e thata.

Kwa Setlhaketlhakeng sa Kereta

Go ka direga gore ka nako nngwe fa gare ga 61 le 64 C.E., Paulo o ne a kwalela Tito, yo ka nako eo a neng a direla kwa setlhaketlhakeng sa Mediterranean sa Kereta. Paulo o ne a mo tlogetse teng gore a “baakanye dilo tse di neng di le bogole” le gore a “tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana.” Gantsi Bakereta ba ne ba itsege e le “baaki ka metlha, diphologolo tsa naga tse di utlwisang botlhoko, bajabobe ba ba sa direng sepe.” Ka jalo, kwa Kereta, Tito o ne a tla tshwanela gape gore a nne bopelokgale le go nitama. (Tito 1:5, 10-12) E ne e le tiro e e boima thata, ka gonne gongwe e ne e tla ama isagwe ya Bokeresete kwa setlhaketlhakeng seo. Ka tlhotlheletso, Paulo o ne a thusa Tito ka go tlhalosa gore a lebelele eng mo bathong ba ba ka nnang balebedi. Ditshwanelego tseo di sa ntse di akanyediwa fa go tlhomiwa bagolwane ba Bakeresete.

Dikwalo ga di supe gore Tito o ile a tloga leng kwa Kereta. O ne a nna teng ka lobaka lo lo lekaneng mo Paulo a neng a ka mo kopa gore a tlhokomele Senase le Apolose, ba ba neng ba tla fapogela mo setlhaketlhakeng seo fa ba ntse ba le mo loetong ka nako e e sa tlhalosiwang. Mme Tito o ne a se ka a nna mo setlhaketlhakeng seo lobaka lo loleele thata. Paulo o ne a ikaeletse go romela Aretemase kgotsa Tikiko koo, mme Tito ene o ne a tla kopana le moaposetoloi kwa Nikopolisa, go ka direga gore motse oo ke o gone jaanong o bidiwang ka leina leo o o kwa bokonebophirima jwa Greece.—Tito 3:12, 13.

Go ya ka pego ya Baebele ya bofelo e khutshwane e e buang ka Tito, re utlwa gore gongwe mo e ka nnang ka 65 C.E., Paulo o ne a mo romela kwa kabelong e nngwe gape. E ne ya mo isa kwa Dalamatia, lefelo le le leng kwa botlhaba jwa Lewatle la Adriatic le le leng kwa Croatia ya gompieno. (2 Timotheo 4:10) Ga re bolelelwe gore Tito o ne a tshwanetse go ya go dira eng koo, mme go akanngwa gore o ne a romilwe go ya go laola dikgang tsa phuthego le go nna le seabe mo tirong ya borongwa. Fa e le gore go ntse jalo, Tito o ne a dira tiro e e tshwanang le e a neng a e dira kwa Kereta.

A bo re leboga jang ne go nna le balebedi ba Bakeresete ba ba godileng mo semoyeng ba ba tshwanang le Tito! Go tlhaloganya ga bone Dikwalo sentle le go di dirisa ka bopelokgale, go thusa go sireletsa bomoya jwa phuthego. A re etseng tumelo ya bone mme re itshupe re le batho ba ba tshwanang le Tito ka go rotloetsa dilo tsa semoya mo badumedingkarona.—Bahebera 13:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bagalatia 2:3 e tlhalosa Tito e le Mogerika (Mo-Helʹlen). Seno se ka tswa se raya gore e ne e le wa lotso lwa Segerika. Le fa go ntse jalo, go bolelwa gore bakwadi bangwe ba Bagerika ba ne ba dirisa popego ya bontsi (Ba-Helʹle·ne) fa ba bua ka batho ba e seng Bagerika ba e leng Bagerika ka ntlha ya puo le setso. Go ka direga gore Tito e ne e le Mogerika ka tsela eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Tito e ne e le modirimmogo yo o pelokgale yo o neng a direla Bakeresete kwa Korintha le kwa mafelong a mangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela