LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 6-7
  • 1 | Se Tlhaole ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1 | Se Tlhaole ba Bangwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se Rutang:
  • Se e Se Kayang:
  • Se o Ka se Dirang:
  • Tito—“Modirimmogo go Direla Melemong ya Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 56—Tito
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • 3 | Tlosa Letlhoo mo Pelong ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 6-7
Monna yo montsho a tshwere senepe sa monna yo mosweu a tshega, le monna yo mosweu a tshwere senepe sa monna yo montsho a tshega mme kwa morago ke dinepe tsa batho ba ba galefileng.

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

1 | Se Tlhaole Ba Bangwe

Se Baebele e se Rutang:

“Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”—DITIRO 10:34, 35.

Se e Se Kayang:

Jehofaa Modimo ga a re atlhole ka gore re mmala mang, re ba lotso lofe kgotsa gore re tswa kwa nageng efe. Go na le moo, o tlhoma mogopolo mo go se re se akanyang le se re se eletsang. Gape Baebele e a re “motho o bona se se bonwang ke matlho fela, mme Jehofa ene o bona se se mo pelong.”—1 Samuele 16:7.

Se o Ka se Dirang:

Le fa re sa kgone go bona se se mo dipelong tsa batho, re ka leka go etsa Modimo ka go sa tlhaole ba bangwe. Ithute motho mme o se ka wa lebelela gore o tswa mo lotsong lofe. Fa o lemoga gore o tlhaola ba bangwe, gongwe e le batho ba lotso lo lo rileng kgotsa ba ba tswang kwa nageng e e rileng, kopa Modimo gore a go thuse gore o se ka wa ikutlwa jalo. (Pesalema 139:23, 24) Fa o kopa Jehofa ka pelo yotlhe gore a go fe maatla a gore o se ka wa tlhaola ba bangwe, o tla go reetsa e bile o tla go thusa.—1 Petere 3:12.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.

“Ke ne ke ise ke tsamaye ke dule ka kagiso le motho yo mosweu . . . mme jaanong ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba ba ratanang ba mo lefatsheng lotlhe.”—TITUS

Maitemogelo—TITUS

O ne A Tlogela go Tlhoa ba Bangwe

Titus.

Monna mongwe yo o bidiwang Titus, o ne a galefisitswe ke melao e e neng e tlhaola batho mme o ne a ikopanya le banna bangwe ba ba ikutlwang jaaka ene e bile ba rata ntwa. A re: “Re ne re ya kwa toropong re bo re tsena mo mafelong a batho ba bantsho ba neng ba sa letlelelwa go tsena mo go one, a a jaaka dihotele le dibara e le gore re tsose ntwa.” Titus o ne a na le letlhoo le lentsi, a re: “Fa ke ne ke ngangisana le mongwe, e ka tswa e le monna kgotsa mosadi, ka metlha e ne e le nna yo o simololang ntwa.”

Titus o ne a fetoga fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go bala Baebele go ile ga fetola tsela e a neng a akanya ka yone. O ne a amilwe ke tsholofetso ya gore mo lefatsheng le lesha “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”—Tshenolo 21:3, 4.

Titus o ne a palelwa ke go tlogela go tlhoa ba bangwe, a re: “Go ne go le boima tota gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone le e ke neng ke akanya ka yone.” O ne a thusiwa ke se a neng a se ithuta mo go Ditiro 10:34, 35, temana e e tlhalosang gore Modimo ga a na tlhaolele.

Go ile ga felela jang? Titus a re: “Ke ne ka tlhatswega pelo gore bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ke jwa boammaaruri fa ke bona kafa ba ratanang ka gone go sa kgathalesege lotso kgotsa mmala wa bone. Tota le pele ke kolobediwa gore ke nne Mosupi, monna mongwe wa mosweu yo e nneng e le leloko la phuthego o ne a ntaletsa go ya go ja kwa legaeng la gagwe. E ne e kete ke a lora. Ke ne ke ise ke tsamaye ke dule ka kagiso le motho yo mosweu le fa e le go ja kwa legaeng la gagwe, mme jaanong ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba ba ratanang ba mo lefatsheng lotlhe.”

O ka bala mo go oketsegileng ka maitemogelo a ga Titus mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2009, tsebe 28-29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela