LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 10-11
  • 3 | Tlosa Letlhoo mo Pelong ya Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 3 | Tlosa Letlhoo mo Pelong ya Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se Rutang:
  • Se e Se Kayang:
  • Se o Ka se Dirang:
  • Setefane—O ne “A Amogelwa ke Modimo e Bile Modimo a mo Naya Maatla”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Setefane o Kgobotlediwa ka Maje
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Letlhoo le ka Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 10-11
Monna a ipona a dumedisana le monna wa lotso lo longwe. Meriti ya bone e bontsha botshelo jo ba neng ba bo tshela pele jwa go tlhoana.

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

3 | Tlosa Letlhoo Mo Pelong Ya Gago

Se Baebele e se Rutang:

“Letlang Modimo gore a fetole tsela e lo akanyang ka yone, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—BAROMA 12:2.

Se e Se Kayang:

Dilo tse re di akanyang di botlhokwa mo Modimong. (Jeremia 17:10) Re tshwanetse go tila go bua kgotsa go dira dilo tse di tla utlwisang ba bangwe botlhoko. Letlhoo le simolola mo pelong kgotsa ka dilo tse re di akanyang. Jaanong re tlhoka go tlogela go akanya ka dilo tse di tla dirang gore re tlhoe ba bangwe. Fa re dira jalo re tla kgona go fetola ‘tsela e re akanyang ka yone’ re bo re tlogela go tlhoa ba bangwe.

Se o Ka se Dirang:

Akanya ka kelotlhoko ka tsela e o ikutlwang ka yone ka batho ba lotso lo longwe kgotsa ka batho ba ba tswang kwa nageng e nngwe. Ipotse jaana: ‘Ke ikutlwa jang ka bone? A ke ikutlwa jalo ka gonne ke itse dilo dingwe ka bone? Kgotsa a ke ba tlhaola fela?’ O se ka wa lebelela kgotsa wa bala dilo tse di buang ka letlhoo le go tlhasela ba bangwe mo Internet.

Lefoko la Modimo le ka re thusa go ntsha letlhoo mo dipelong tsa rona

Boammaaruri ke gore ga go motlhofo gore re itemoge fa re na le letlhoo. Mme Lefoko la Modimo le kgona gore re thusa “go senola dilo tse re di akanyang le tse re di eletsang mo pelong.” (Bahebera 4:12) Ka jalo, nna o bala Baebele ka kelotlhoko. Bapisa se Baebele e se buang le se wena o se akanyang o bo o leka ka natla go ithuta go akanya ka tsela e e itumedisang Modimo. Lefoko la Modimo le ka re thusa go ntsha letlhoo le le “nweleletseng kwa teng thata” mo dipelong tsa rona.—2 Bakorintha 10:4, 5.

Maitemogelo—STEPHEN

O Fetotse Tsela e a Neng a Akanya ka Yone

Stephen.

Stephen le ba bangwe ba kwa gabone ba ne ba tlhoilwe ke batho ba basweu. Ka jalo, o ne a tsenela mokgatlho mongwe wa dipolotiki o o neng o lwela ditshwanelo tsa batho. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a simolola go tlhasela batho ba a ba tlhoileng. A re: “Nna le ditsala tsa me re ne re a tle re lebe difilimi tse di neng di bontsha kafa makgoba a Baafrika a neng a sotliwa ka gone mo United States. Seno se ne sa re galefisa thata mme ra simolola go itaya basha ba basweu ba ba neng ba e lebile le rona. Go tswa foo, re ne ra ya kwa metseng ya basweu go batla batho ba bangwe ba re ka ba itayang.”

Stephen o ne a fetola tsela e a neng akanya ka yone fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “E re ka ke ne ke tlhoile batho ba merafe e mengwe, ke ne ka bona dilo dingwe tse di gakgamatsang ka Basupi. Ka sekai, fa Mosupi wa mosweu a ne a tsaya loeto, o ne a tlogela bana ba gagwe le lelapa la bantsho. Gape lelapa lengwe la basweu le ne la tsaya mosha mongwe yo montsho yo o neng a se na legae gore le nne le ene.” Stephen o ne a itemogela gore Basupi ba a ratana gape o ne a lemoga gore ba diragatsa mafoko a ga Jesu a gore barutwa ba gagwe ba tla bonwa ka lorato lo ba nang le lone.—Johane 13:35.

Ke eng se se mo thusitseng go tlogela go tlhoa ba bangwe le go ba tlhasela? O ne a thusiwa ke lokwalo lwa Baroma 12:2. A re: “Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone. Eno e ne e le tsela e e molemo e ke tshwanetseng go tshela ka yone, e seng fela go agisana le ba bangwe.” Stephen o na le dingwaga di feta 40 a tshela ka kagiso a sa tlhoa ope.

Bala mo go oketsegileng ka maitemogelo a ga Stephen mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2015, tsebe 10-11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela