LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 12-13
  • 4 | Modimo A ka Re Thusa go Tlogela Letlhoo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 4 | Modimo A ka Re Thusa go Tlogela Letlhoo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se Rutang:
  • Se e Se Kayang:
  • Se o Ka se Dirang:
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Letlhoo le ka Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Goreng Batho ba Tlhoane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 12-13
Batho ba atamela Baebele e e ba phatsimelang. Meriti ya bone e bontsha botshelo jo pele ba neng ba bo tshela jwa go tlhoana.

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

4 | Modimo A Ka Go Thusa Go Tlogela Letlhoo

Se Baebele e se Rutang:

“Maungo a moya o o boitshepo ke lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo.”​—BAGALATIA 5:22, 23.

Se e Se Kayang:

Modimo a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa gore re se ka ra tlhola re tlhoa ba bangwe. Moya wa Modimo o o boitshepo ke one fela o o ka re thusang gore re fetoge. Ga re ka ke ra tlogela go tlhoa ba bangwe ka borona fela, Modimo ke ene yo o ka re thusang. Fa re ikaega ka Modimo re tla ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone. O ile a re: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Mme re tla kgona gore: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”​—Pesalema 121:2.

Se o Ka se Dirang:

“Jehofa o ne a dira gore ke se ka ka tlhola ke nna monna yo o dikgoka mme ke nne monna yo o ratang kagiso.”—WALDO

Rapela Jehofa o mo kope gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Mo kope gore a go thuse gore o nne le botho jo bontle. Ithute se Baebele e se buang ka botho jo bo tla go thusang gore o se ka wa tlhoa ba bangwe, gore o kgone go nna le lorato, kagiso, bopelotelele le boikgapo. Batla ditsela tsa gore o nne le botho joo. Fetsa nako le batho ba ba lekang go nna le botho joo. Fa o fetsa nako le bone, ba tla go “[tlhotlheletsa] go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo.”—Bahebera 10:24; ntlha e e kwa tlase

Maitemogelo—WALDO

O ne A Tlogela go Tlhoa ba Bangwe

Waldo.

Monna mongwe yo o bidiwang Waldo o godile ka tsela e e neng e dira gore a nne a galefile. A re: “Ka metlha ke ne ke lwa mo mebileng le batho ba ba rekisang diokobatsi . . . Mo lekgetlong lengwe, segongwana se se lwang le sa rona se ne sa hira monna mongwe gore a mpolaye mme le fa a ne a ntlhaba ke ne ka falola.”

Waldo o ne a sa itumela fa mosadi wa gagwe a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Ke ne ke tlhoile Basupi mme ke ne ke tlhola ke ba roga. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba ritibetse.”

Morago ga nako, Waldo le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. A re: “Go ne go se motlhofo go dirisa se ke se ithutang. Ke ne ke tlhomamisegile gore nka se kgone go laola bogale jwa me.” Mme go na le sengwe se a ileng a se ithuta mo Baebeleng se se ileng sa mo thusa.

Waldo a re: “Letsatsi lengwe, Alejandro, yo o neng a ithuta le nna, o ne a nkopa gore ke bale Bagalatia 5:22, 23. . . . Alejandro o ne a tlhalosa gore go leka go nna le dinonofo tseo ga go a ikaega ka maatla a me mme go ikaegile ka moya o o boitshepo wa Modimo. Boammaaruri joo bo ile jwa fetola tsela e ke lebang dilo ka yone!”

Waldo o ile a kgona go tlogela go tlhoa ba bangwe ka gonne a letlile Modimo gore a mo thuse. A re: “Ba losika le batho ba pele e neng e le ditsala tsa me ba gakgamadiwa ke go bona kafa ke fetogileng ka teng.” Gape a re: “Jehofa o ne a dira gore ke se ka ka tlhola ke nna monna yo o dikgoka mme ke nne monna yo o ratang kagiso.”

Bala mo go oketsegileng ka maitemogelo a ga Waldo mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2013, tsebe 12-13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela