LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 8-9
  • 2 | O se Ka wa Ipusolosetsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2 | O se Ka wa Ipusolosetsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se Rutang:
  • Se e Se Kayang:
  • Se o Ka se Dirang:
  • Fa o Kgopisitswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ne Ke le Bogale e Bile Ke le Ra Ntwa Dumela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • A go Ipusolosetsa go Phoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 8-9
Banna ba babedi ba ba galefileng ba ntse mo setlhareng mme mongwe le mongwe wa bone o šaga kala e a dutseng mo go yone.

LETLHOO LE KA FEDISIWA JANG?

2 | O Se Ka Wa Ipusolosetsa

Se Baebele e se Rutang:

“Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go agisana le batho botlhe. . . . Lo se ka lwa ipusolosetsa, . . . ka gonne go kwadilwe jaana: ‘“Ke tla busolosa; ke tla duela,” go bua Jehofa.’”—BAROMA 12:17-19.

Se e Se Kayang:

Nnete ke gore fa re sa tshwarwe sentle re a galefa mme gone Modimo ga a batle gore re ipusolosetse. Go na le moo, o re kopa gore re nne pelotelele ka gonne go ise go ye kae o tla fedisa bosula jotlhe.—Pesalema 37:7, 10.

Se o Ka se Dirang:

Fa batho ba ipusolosetsa, ga ba fedise letlhoo mme ba dira gore le gakale. Ka jalo fa mongwe a sa go tshware sentle kgotsa a go utlwisa botlhoko, o se ka wa ipusolosetsa. Fa mongwe a go utlwisa botlhoko leka go wela makgwafo o bo o bua le ene sentle. Ka dinako tse dingwe, go ka nna botoka go lebala se se diragatseng. (Diane 19:11) Mme gone ka dinako tse dingwe o ka tlhoka go bega se se go diragaletseng. Ka sekai, o ka nna wa tshwanelwa ke go begela mapodise kgotsa balaodi bangwe ba puso fa e le gore o tlhasetswe ke mongwe.

Go ipusolosetsa ga go thuse

O tshwanetse go dira eng fa e le gore ga lo kgone go rarabolola bothata joo? Kgotsa o ka dira eng fa e le gore o setse o lekile go rarabolola bothata ka tsela e e tla dirang gore go nne le kagiso mme ga o a atlega? O se ka wa ipusolosetsa. Go dira jalo go tla kgotletsa molelo. Fa o tlhopha go se ipusolosetse, o tla dira gore letlhoo le se ka la gakala. Ikanye tsela e Modimo a rarabololang mathata ka yone. “Mo ikanye, mme o tla go thusa.”—Pesalema 37:3-5.

Maitemogelo—ADRIÁN

O ne A Tlogela go Ipusolosetsa

Adrián.

Fa Adrián a sa ntse a le mosha, o ne a rata go lwa le batho e bile a rata go ipusolosetsa. A re: “Gantsi ke ne ke thuntshana le ba bangwe mme mo makgetlong a le mmalwa ke ile ka tlogelwa mo seterateng ke tletse madi e bile ke le gaufi le go swa.”

Adrián o ne a simolola go ithuta Baebele fa a na le dingwaga di le 16. A re: “Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola botho jwa me.” O ne a tlhoka go tlogela go tlhoa ba bangwe le go ba tlhasela. O ne a thusiwa thata ke lokwalo lwa Baroma 12:17-19 lo lo buang ka go se ipusolosetse. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore Jehofa o tla dirolola tshiamololo ka tsela le ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Ka iketlo ke ne ka tlogela go rata ntwa.”

Bosigo bongwe, Adrián o ne a tlhaselwa ke segongwana se se neng se tlhola se lwa le se a kileng a bo a le mo go sone. Moeteledipele wa segongwana seo o ne a re: “Itwele monna!” Adrián a re: “Le fa ke ne ke eletsa go ipusolosetsa, ke ne ka kgona go tshaba.” Mme go na le gore a ipusolosetse, o ne a rapela Jehofa a bo a sia.

Adrián a re: “Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka kopana le moeteledipele wa segongwana seo a tsamaya a le nosi. Ke ne ka tlalelana ke batla go ipusolosetsa mme mo lekgetlong leo gape, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse go laola bogale jwa me. Ke ne ke gamaregile tota fa a tla mo go nna mme a nthaya a re: ‘Intshwarele ka se se diragetseng maabane bosigo. Boammaaruri ke gore, le nna ke batla go tshwana le wena. Ke batla go ithuta Baebele.’ Ruri ke ne ke itumeletse go bo ke kgonne go laola bogale jwa me! Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene.”

Bala mo go oketsegileng ka maitemogelo a ga Adrián mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa No. 5 2016, tsebe 14-15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela