LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/10 ts. 2
  • Lebokoso La Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso La Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Reetsa Ditaelo Tse di Boitshepo ka Kelotlhoko
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Itshware ka Tsela e e Tshwanelang Mafoko a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 1/10 ts. 2

Lebokoso La Dipotso

◼ Mongwe le mongwe a ka thusa jang gore go nne le maemo a a siametseng gore re solegelwe molemo ke dipokano tsa phuthego? (Dute. 31:12)

Ka ntlha ya go nna le tlotlo e e boteng mo go Jehofa le dithulaganyo tsa dipokano tsa phuthego, rotlhe re rotloediwa go fitlha ka nako le gore re ipaakanyetse gore a re rute. Go a thusa go dula mo ditulong tse di kwa pele mo holong, gore re tlogelele ba ba nang le bana ba bannye le ba ka nako nngwe ba gorogang thari, ditulo tse di kwa morago. Pele dipokano di simolola, difouno tsa selula, di-pager le didirisiwa tse dingwe di tshwanetse go setiwa sentle gore di se ka tsa itaya bareetsi tsebe. Fa botlhe ba ba leng teng ba bontsha tlotlo fa dipokano di tsweletse, go ka se nne le dilo tse dintsi tse di itayang tsebe e bile di ka se nne dikgolo.—Mor. 5:1; Bafil. 2:4.

Fa batho ba ba sa tswang go kopanela ba tla dipokanong, mongwe yo o ba tlwaetseng mo phuthegong a ka ithaopa go nna le bone. Seno se ka thusa thata fa e le gore go na le bana ba bannye ba ba tshwanetseng go thapisiwa. Go nna teng ga lelapa leo mo dipokanong e ka nna selo se sesha. Fa go ntse jalo, ba ka nna ba itumelela go nnela kwa morago mo holong gore ba se ka ba itaya ba bangwe tsebe fa e le gore go tla tlhokega gore batsadi ba tswe go sekaenyana mo holong go ya go tlhokomela bana ba bannye. (Dia. 22:6, 15) Malapa a a nang le bana ba bannye ga a tshwanela go nna mo phaposing e e kwa thoko mo bana ba tla gololesegang go dira modumo. Gantsi go botoka gore motsadi a otlhaele bana kgotsa a ba tlhokomele ka dilo tse ba di tlhokang kwa ntle ga holo mme morago a bo a boela gape le bana mo holong.

Tiro ya batlhokomedi ke go tlhokomela gore go nne le maemo a a siameng mo ntlong ya kobamelo. Ba thusa malapa le batho ba ka dinako dingwe ba gorogang thari gore ba bone manno a a tshwanetseng. Ka botlhale batlhokomedi ba ela tlhoko gore ba thuse ba bangwe gore ba bone manno a a siameng, kwantle ga go kgoreletsa thulaganyo go sa tlhokege. Ba dira ditshwetso tse di siameng fa ba lebane le maemo a a itayang tsebe a a sa lebelelwang. Fa ngwana a itaya ba bangwe tsebe, batlhokomedi ba ka nna ba ithaopela go thusa.

Botlhe ba ba nnang gone kwa dipokanong go tla go obamela, ba ka dira gore go nne le maemo a a siameng a mo go one re ka kgonang go ithuta ka ga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe a lefatshe le lesha la kagiso le le siameng.—Baheb. 10:24, 25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela