LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/00 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • Lebokoso La Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Boikarabelo Jwa Go Godisa Ngwana—Bodumedi le Molao
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 5/00 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Batlhokomedi ba ka thusa batsadi jang gore bana ba bone ba itshware ka tsela e e tshwanetseng kwa dipokanong?

Ka tlholego fela bana ba matlhagatlhaga, e bile ga ba a tlwaela go nna fa fatshe nako e telele. Morago ga dipokano, bana ba na le matlhagatlhaga a a ka ba dirang gore ba taboge le go lelekisa bana ba bangwe mo Holong ya Bogosi kana kwa mafelong a mangwe a go kopanelwang mo go one, fa go emisiwang dikoloi gone, kana fa go tsamaiwang gone. Le fa go le jalo, seane seno se boammaaruri fa se re: ‘Ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa motsadi wa gagwe ditlhong.’—Dia. 29:15.

Ka maswabi, bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba ile ba gobala thata ka gonne bana ba ile ba ba thula le go ba digela fa fatshe. Seno se ka baka mathata a a sa tlhokegeng le go bakela batsadi le phuthego ditshenyegelo tse di sa tlhokegeng. Bana ga ba a tshwanela go tlogelwa ba taboga le go tshameka mo Holong ya Bogosi kana kwa ntle, e leng selo se se tla ba sireletsang mmogo le batho ba bangwe.

Batsadi ba na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go thapisa bana ba bone gore ba tlotle mafelo a rona a kobamelo. (Mor. 5:1a) Batlhokomedi ba abetswe go ela tlhoko gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle” le gore go na le ‘thulaganyo e e molemo’ kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. (1 Bakor. 14:40; Bakol. 2:5) Ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng pele thulaganyo e simolola, fa e ntse e tsweletse le morago ga yone, mo teng le kwa ntle. Fa ngwana a taboga kana a ya kwa le kwa, motlhokomedi a ka emisa ngwana yoo, mme a ka mo tlhalosetsa lebaka la go bo go dira jalo go sa amogelwe. Motsadi wa ngwana le ene o tshwanetse go bolelelwa sentle ka bothata jono le gore o tshwanetse go tlhokomela ngwana. Motsadi o tshwanetse go dira fela jalo.

Go a utlwala gore ka dinako dingwe masea le bana ba bannye ba ka nna ba lela kana ba itaya tsebe mo dipokanong. Fa batlhokomedi ba goroga mo e ka nnang metsotso e le 20 pele thulaganyo e simolola, ba ka bolokela batsadi ba ba ka ratang go nna kwa morago le bana ba bone ba bannye ditulo mo holong. Rona ba bangwe re tshwanetse go dirisana le bone ka go ba tlogelela ditulo tseo.

Fa ngwana a itaya tsebe, motsadi o tshwanetse go dira sengwe. Fa motsadi a sa dire jalo mme ngwana a itaya batho tsebe thata, motlhokomedi o tshwanetse go kopa motsadi ka maitseo gore a a ka se rate go tswa le ngwana mo holong. Fa re laletsa batho ba basha ba ba nang le bana kwa dipokanong, re tshwanetse go nna le bone mme re ba thuse ka bana fa ba lela kana ba itaya tsebe ka ditsela tse dingwe.

Re a itumela fa re bona bana ba dingwaga tsotlhe kwa Holong ya Bogosi le go bona boitshwaro jwa bone jo bontle mo ntlong ya Modimo. (1 Tim. 3:15) Fa ba tlotla thulaganyo ya ga Jehofa ya kobamelo, ba dira gore a tlotlwe e bile ba tla anaanelwa ke batho botlhe mo phuthegong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela