Thulaganyo ya Beke ya February 14
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 14
Pina 72 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cf kgao. 17 ¶16-20,lebokoso le le mo ts. 181 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Nehemia 9-11 (10 mets.)
No. 1: Nehemia 11:1-14 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Mathaio 1:23 e Supa Gore fa Jesu A ne A le Mo Lefatsheng E ne E le Modimo?—rs ts. 201 ¶3–ts 202 ¶1 (5 mets.)
No. 3: Ditsela Tse Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo bo Bontshiwang ka Tsone—1 Pet. 4:10 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
12 mets: Kafa o ka Tlotlang le Batho Ba o Sa ba Itseng ka Gone. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 62-64. Ka bokhutshwane botsolotsa mmoledi yo o itsegeng ka bokgoni jwa gagwe jwa go simolola motlotlo fa a rera a se mo bodireding kgotsa fa a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo.
18 mets: “Paka ya Segopotso—Tshono ya go Oketsa Tirelo!” Dipotso le dikarabo ka molebedi wa tirelo. Fa lo sena go tlotla ka setlhogo seno, tlhalosa dithulaganyo tsa phuthego tsa dipokano le tirelo ya tshimo ka dikgwedi tsa March, April le May. Akantsha dithulaganyo tse di tla thusang batho ba maemo a a farologaneng go fitlhelela diura di le 50 ka kgwedi mo bodireding. Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ba ileng ba nna babulatsela ba ba thusang ngogola ka paka ya Segopotso le fa ba ne ba tshwaregile thata kgotsa ba na le mathata a botsogo.
Pina 8 le Thapelo