Kafa o ka Dirisang Foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka Gone
O tshwanetse go tlatsa foromo eno fa o kopana le motho yo o kgatlhegang yo o sa nneng mo tshimong ya lona kgotsa yo o buang puo e sele. Le fa gone mo nakong e e fetileng re ne re e dirisa fa re kopana le batho ba ba buang puo e sele e ka tswa ba bontsha kgatlhego kgotsa nnyaa, gone jaanong re e dirisa fela fa motho a bontsha kgatlhego. Re ka dira se se farologaneng le seno fa fela re kopana le motho yo o bosusu. Fa re kopana le motho yo bosusu, go sa kgathalesege gore a o bontsha kgatlhego kgotsa nnyaa, re tshwanetse go tlatsa foromo ya S-43.
Re tshwanetse go dira eng ka foromo eno fa re sena go e tlatsa? Re tshwanetse go e naya mokwaledi wa phuthego. Fa a itse gore o tshwanetse go e romela kwa phuthegong efe, a ka nna a e romela fela kwa bagolwaneng ba phuthego eo gore ba dire dithulaganyo tsa gore motho yo o kgatlhegang a thusiwe. Fa a sa itse gore a e romele kwa phuthegong efe, o tla romela foromo eno kwa ofising ya lekala.
Fa motho yo o kgatlhegang a bua puo e sele mme a nna mo tshimong ya lona, o ka nna wa tswelela go mo etela go tsweletsa kgatlhego ya gagwe go fitlha a kopana le mmoledi yo o tswang kwa phuthegong ya puo e sele e e tshwanelang.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2009 tsebe 4.