Thulaganyo ya Beke ya May 30
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 30
Pina 33 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 4 ¶5-12 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Dipesalema 26-33 (10 mets.)
No. 1: Pesalema 31:9-24 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Dikao Tsa Baebele Tsa Boikokobetso Jwa Mmatota (5 mets.)
No. 3: A Bajuda ba Tshwanetse go Dumela mo go Jesu Gore ba Bolokwe?—rs ts. 39 ¶2–3 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikitsiso. O dirisa dikai tsa dipuisano tse di mo tsebe 4, dira gore go dirwe pontsho ya kafa go ka simololwang thuto ka teng ka Matlhatso wa ntlha ka June. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe.
15 mets: Tsela ya go Dira Patlisiso. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 33-38. Dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya mmoledi a bua a le esi a dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso go bona karabo ya potso e mongwe a e boditseng mo bodireding.
10 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine ka June. Motlotlo. Dirisa motsotso kgotsa e le mebedi go sekaseka dingwe tsa diteng tsa dimakasine. Go tswa foo, tlhopha ditlhogo di le pedi kgotsa di le tharo mme o bo o kopa bareetsi go akantsha dipotso le ditemana tse di ka dirisiwang mo puisanong. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 113 le Thapelo