LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/11 ts. 1
  • Dipeo di Tshwanetse go Nosediwa Gore di Gole

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipeo di Tshwanetse go Nosediwa Gore di Gole
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Kwala Tshedimosetso Ka ba Ba Kgatlhegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thaya Motheo wa Loeto Lwa go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Boela Kwa Bathong ba ba Kgatlhegang—Leng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 11/11 ts. 1

Dipeo di Tshwanetse go Nosediwa Gore di Gole

1. Ke eng se se tshwanetseng go nosediwa gore se gole?

1 Dipeo tse di jadilweng mo tshingwaneng di tshwanetse go nosediwa gore di gole. Go ntse jalo le ka dipeo tsa boammaaruri tse di jadilweng mo dipelong tsa batho ba ba mo tshimong ya rona. (1 Bakor. 3:6) Fa e le gore re batla gore dipeo tseno tsa tshwantshetso di gole sentle, re tshwanetse go dira maeto a go boela le go di nosetsa re dirisa Lefoko la Modimo.

2. Re ka thusa jang mong wa ntlo go kgatlhegela se re tla tlotlang ka sone mo loetong lo lo latelang?

2 Botsa Potso: Fa o baakanyetsa puisano ya gago, ke eng gape o sa baakanyetse le potso e e tsosang kgatlhego e o tla e arabang fa o dira loeto lwa go boela? Botsa potso eo fa o konela motlotlo wa gago mo loetong lwa ntlha mme o dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boela. Ba le bantsi ba fitlhela go thusa go tlhopha sengwe go tswa mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? se se tla ba thusang go bontsha mong wa ntlo kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng.

3. Ke tshedimosetso efe e o ka e kwalang fa fatshe ka se se diragetseng mo loetong lwa ntlha?

3 Kwala fa Fatshe: Ka bonako fela fa o sena go kgaogana le motho yo o buileng le ene mo lekgetlhong la ntlha, iphe nako ya go kwala sengwe le sengwe se lo buileng ka sone. Kwala leina la motho yoo le aterese ya gagwe. Gape go molemo go kwala letlha le nako e o buileng le ene ka yone, se lo neng lo bua ka sone le kgatiso e o mo e tsamaiseditseng fa e le gore o dirile jalo. A o ile a bolela gore o mo bodumeding jo bo rileng? A o na le lelapa? A o ile a umaka dilo tse a di kgatlhegelang le tse di mo tshwenyang? Tshedimosetso e e ntseng jalo e tla go thusa go baakanyetsa se o tla tlotlang le ene ka sone mo loetong lo lo latelang. Gape kwala gore lo dumalane ka gore o tla boa leng le gore o tla araba potso efe.

4. Mo kgannyeng ya go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego, ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele?

4 Nna Pelotelele: Satane a ka se tlogele maiteko a gagwe a go “tsaya lefoko” le le jadilweng mo pelong ya motho. (Mar. 4:14, 15) Ka jalo, o se ka wa itlhoboga fa go le thata gore o fitlhele motho yo o neng a bontsha kgatlhego gape kwa gae. A o ka kgona go mo kwalela lekwalo kgotsa wa mo tlogelela lekwalonyana ka fa tlase ga kgoro? Mmulatsela mongwe o ne a simolola thuto fa kgorong le mosadi mongwe mme o ne a sa tlhole a kgona go mo fitlhela kwa gae, ka jalo, o ne a mo kwalela lekwalo. Kgabagare fa kgaitsadi a mo fitlhela kwa gae, mosadi yoo o ne a tlhalosa kafa a ileng a amega thata ka teng ka go bo kgaitsadi yono a ile a mo kgatlhegela jalo. Fa re ntse re nosetsa dipeo tsa boammaaruri, re ka nna le boitumelo jwa go di bona di tlhoga, di gola mme di “ntsha maungo go menagane ga masome a mararo le ga masome a marataro le ga lekgolo.”—Mar. 4:20.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela