Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Kwala Tshedimosetso Ka ba Ba Kgatlhegang
“Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.” (1 Tim. 4:16) Kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Timotheo e bontsha gore go sa kgathalesege gore a re basha mo phuthegong kgotsa re na le maitemogelo, re tshwanetse go lwela go gatela pele. Go re thusa go dira jalo, go tla nna le motseletsele o mosha wa ditlhogo wa setlhogo se se reng, “Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Setlhogo sengwe le sengwe se tla tlotla ka bokgoni bongwe jwa botlhokwa se bo se naya dikakantsho tsa kafa re ka nnang le jone ka gone. Mo kgweding eo, botlhe ba kgothalediwa go leka go dirisa bokgoni joo. Fa kgwedi e fela, go tla nna le puo mo Pokanong ya Tirelo e e tla re nayang tshono ya go akgela gore re solegetswe molemo jang ke go dirisa bokgoni joo. Mo kgweding eno re kgothalediwa go kwala tshedimosetso ya batho ba ba kgatlhegang.
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: E le gore re diragatse thomo ya rona, re tshwanetse go dira se se fetang go rera fela. Re tshwanetse go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego le go ba ruta, re nosetsa peo ya boammaaruri e re e jadileng. (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 3:6-9) Seno se akaretsa go boela kwa mothong yoo, go tlotla ka dilo tse di mo amang le go tsweletsa motlotlo wa nako e e fetileng. Ka jalo, fa re kopana le mongwe yo o kgatlhegang, go botlhokwa gore re kwale tshedimosetso ka ga gagwe.
Leka go Dira Seno mo Kgweding Eno:
Fa o kwala tshedimosetso, bolelela ba o berekang le bone gore o kwala eng.