LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/00 ts. 8
  • Tlhomamisa Gore o a Boela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhomamisa Gore o a Boela!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tlhomamisa Gore o Dire Loeto Lwa go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Thusa Batho ba ba Nang le “Tshekamelo e e Siameng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 4/00 ts. 8

Tlhomamisa Gore o a Boela!

1 “Re tlotlile monate jang ne! Ke tshwanetse ka gakologelwa go dira loeto lwa go boela.” A o kile wa bua mafoko ao mme kwa morago o bo o setse o lebetse gore motho yoo o nna kae? Fa go le jalo, o itse gore tsela e le yosi e o ka tlhomamisang ka yone gore o a boela ke fa o kwala.

2 Kwala Sengwe le Sengwe: Fa o sa ntse o gakologelwa se lo buileng ka sone le motho yo o kgatlhegang, iphe nako ya go kwala tshedimosetso yotlhe e e tshwanetseng malebana le loeto loo. Kwala leina la motho yono le tsela e o tla mo gakologelwang ka yone. Kwala aterese ya gagwe, mme o se ka wa e fopholetsa—tlhomamisa gore o kwala e e siameng. Kwala setlhogo se lo buileng ka sone, dikwalo dipe tse lo di badileng le kgatiso e o e tsamaisitseng.

3 Fa o tlogetse motho ka potso e e tla arabelwang mo loetong lo lo latelang, e kwale. A o lemogile sengwe ka motho yono, lelapa la gagabo, kana bodumedi jwa gagwe? Fa go le jalo, kwala seo. Go tswa foo fa o tla mo nakong e e latelang, fa o umaka dilo tse o di ithutileng ka ene go tla mmontsha gore o a mo kgatlhegela. Kwa bofelong, kwala letsatsi le nako e o dirileng loeto lwa ntlha ka lone le gore o rulagantse go boa leng. Fa o kwadile tshedimosetso e e tshwanetseng, e tla go gakolola sentle, mme o ka se lebale gore o solofeditse motho go boela kwa go ene.—1 Tim. 1:12.

4 Fa o feditse go kwala rekoto eno, e beye le dilo tse dingwe tse o di dirisang mo tirelong ya tshimo—beke ya dibuka, Baebele, buka ya Go Fetolana, le dibuka tse dingwe—gore e nne e le gaufi ka dinako tsotlhe. Go molemo go kwala matlo a a se nang batho mo direkotong tsa ntlo le ntlo tse di farologaneng le tse o di dirisetsang go kwala maeto a go boela. Legale, le fa gone o ka dira bojotlhe jwa gore o kwale tshedimosetso e e tshwanetseng ya maeto a go boela, selo sa botlhokwa ke go tlhomamisa gore o a boela!

5 Akanya ka Motho Yono: Fa o ipaakanyetsa go ya bodireding, sekaseka tshedimosetso e o e kwadileng ya maeto a go boela. Akanya thata ka motho mongwe le mongwe le gore ke mokgwa ofe o o molemo thata o o ka o dirisang fa o boela gape. Akanya ka fa o tlileng go dira gore motho a kgatlhegele go nna le thuto ya legae ya Baebele ka gone. Thulaganyo e e ntseng jalo e ka dira gore o nne le matswela thata o le modiredi wa dikgang tse di molemo mme ka gone, le wena o tla itumela thata.—Dia. 21:5a.

6 Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o kopana le motho yo o reetsang, o se ka wa akanya gore go tla nna motlhofo go gakologelwa loeto loo. Go na le moo, kwala, sekaseka tshedimosetso e o e kwadileng, o nne o akantse ka motho yoo, mme go tswa foo o tlhomamise gore o a boela!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela