Boela Kwa Bathong Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego go se Kae
1 Bontsi jwa rona re mo boammaaruring gompieno ka gonne mongwe a ile a lemoga tsela e e molemo e re neng re tsibogela molaetsa wa Bogosi ka yone mme a boela—gongwe ka makgetlo a le mmalwa—go tlhagolela kgatlhego. Le rona re tshwanetse go boela ka bonako kwa bathong botlhe ba ba bontshang kgatlhego go se kae. Tota, thomo ya rona ya go ‘dira barutwa’ e akaretsa gore re dire maeto a go boela.—Math. 28:19, 20.
2 Lemoga fa Motho a Kgatlhega: Tota le fa motho a sa batle dibuka tsa rona, tebego ya sefatlhego sa gagwe, lentswe la gagwe kgotsa mafoko a a a dirisang a ka bontsha gore o kgatlhegela molaetsa wa Bogosi go se kae. Ka ntlha ya seo, re ka boela gape kwa go ene. Mokaulengwe mongwe o ne a etela monna mongwe ka dibeke tse di latelanang di le tlhano a sa kgone go mo tlogelela buka epe. Mo loetong lwa borataro, monna yono o ne a amogela dibuka, mme kgabagare go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene.
3 Fa o lemoga gore motho o a kgatlhega, boela kwa go ene ka bonako, gongwe morago ga malatsi a le mmalwa. O se ka wa naya “yo o boikepo” sebaka sa go tsubula se se jetsweng mo pelong ya motho yoo. (Math. 13:19) Tlhomamisa gore o boela kwa mothong fa o mo solofeditse gore o tla boela ka nako e e rileng.—Math. 5:37.
4 Mo Tirong ya Mmila: A o leka go etela batho ba ba kgatlhegang ba o kopaneng le bone mo tirong ya mmila kgotsa fa o ne o rera o se mo bodireding? Fa lo fetsa go tlotla, o ka nna wa re: “Ke itumeletse motlotlo wa rona. Nka ikgolaganya le wena kae gore re tsweletse pele motlotlo wa rona?” Fa go tshwanela, baboledi bangwe ba ka nna ba tlhopha go neela motho yo o kgatlhegang nomoro ya bone ya mogala kgotsa ba mo kopa go ba neela nomoro ya gagwe ya mogala. Fa batho ba go bona mo lefelong le le lengwe ka metlha, ba ka nna ba se ka ba okaoka go go naya dinomoro tsa bone tsa mogala kgotsa aterese ya bone. Tota le fa ba sa batle go go bolelela kwa ba nnang gone, o ka nna wa leka go tsweletsa kgatlhego mo nakong e e latelang fa o kopana le bone mo mmileng.
5 Re a itumela fa re bona dimela tse re di noseditseng di gola. Ka tsela e e tshwanang, re ka kgona go itumela thata fa re dira maeto a go boela le go thusa batho go gatela pele semoyeng. (1 Bakor. 3:6) Ipeele mokgele wa go boela kwa bathong botlhe ba ba bontshang kgatlhego go se kae.