Se Letle Sepe go go Kgoreletsa—Fenya Boikutlo Jwa go Inyatsa
1. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ikgogona go tshwara thuto ya Baebele?
1 A ga o tshware thuto ya Baebele ka gonne o belaela gore ga o ka ke wa kgona go tshwara thuto e e nang le matswela? Ka dinako tse dingwe batlhanka ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, ba ba jaaka Moshe le Jeremia, ba ne ba ikutlwa ba sa tshwanelegele go dira dikabelo tsa bone. (Ekes. 3:10, 11; 4:10; Jer. 1:4-6) Ka jalo, go tlwaelegile go ikutlwa ka tsela eo. Boikutlo joo bo ka fenngwa jang?
2. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgotsofalela fela go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo re bo re sa dire tiro ya go tshwara dithuto tsa Baebele re re e tla dirwa ke ba bangwe?
2 Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa ga a nke a re kopa go dira sengwe se re ka se se kgoneng. (Pes. 103:14) Ka jalo taelo e re e filweng ya gore re ‘dire barutwa, re ba rute,’ ke sengwe se re ka se kgonang. (Math. 28:19, 20) Eo ga se tshiamelo e Jehofa a e fileng fela bangwe ba rona ba ba nang le maitemogelo a mantsi kgotsa ba ba nang le bokgoni jo bontsi. (1 Bakor. 1:26, 27) Ka jalo, ga re a tshwanela go kgotsofalela go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo fela re bo re sa dire tiro ya go tshwara dithuto tsa Baebele re re e tla dirwa ke ba bangwe.
3. Jehofa o dirile jang gore re tshwanelege go dira tiro ya go tshwara dithuto tsa Baebele?
3 Jehofa o Dira Gore re Tshwanelege: Jehofa ke ene a dirang gore re tshwanelege go dira barutwa. (2 Bakor. 3:5) O dirisa phuthego ya gagwe go re ruta boammaaruri jwa Baebele jo tota le batho ba ba rutegileng thata mo lefatsheng ba sa bo itseng. (1 Bakor. 2:7, 8) O bolokile pego ya mekgwa ya go ruta e Morutisi yo Mogolo, Jesu, a neng a e dirisa gore re e etse e bile o tswelela a re thapisa ka phuthego ya gagwe. Mo godimo ga moo, Jehofa ga a re tlogela fela gore re ipatlele dilo tse re tla di dirisang fa re ruta Baebele. O re neile didirisiwa tse di jaaka buka ya Baebele e Ruta Eng? e e rutang boammaaruri ka tsela e e utlwalang le e e tlhaloganyesegang motlhofo. Go tshwara thuto ya Baebele go ka se nne thata jaaka re akanya.
4. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa?
4 Moshe le Jeremia ba ne ba kgona go diragatsa dikabelo tsa bone ka thuso ya ga Jehofa. (Ekes. 4:11, 12; Jer. 1:7, 8) Le rona re ka kopa Jehofa gore a re thuse. Mo godimo ga moo, fa re tshwara thuto ya Baebele, re ruta mongwe boammaaruri ka ga Jehofa, e leng se se itumedisang Modimo. (1 Joh. 3:22) Ka jalo, itirele mokgele wa go nna le seabe mo tirong ya go tshwara dithuto tsa Baebele e leng karolo ya bodiredi e e itumedisang le e e nang le maduo.