O ka Kgona go Nna Morutisi!
1. Ke tshiamelo efe e e kgethegileng e mmoledi mongwe le mongwe a nang le yone?
1 Nngwe ya dilo tse di itumedisang thata mo bodireding ke go ruta mongwe boammaaruri. Go bona a tsibogela molaetsa wa Bogosi mme o bo o mo thusa gore a atamalane le Molaodimogolo wa lobopo ke maitemogelo a a itumedisang tota. (Jak. 4:8) E tshwanetse go nna mokgele wa mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi go ruta mongwe yo o nyoretsweng boammaaruri mme o bo o mmona a dira diphetogo tse dikgolo mo bothong jwa gagwe, kafa a lebang dilo ka teng, le mo boitsholong jwa gagwe.—Math. 28:19, 20.
2. Ke ka ntlha yang fa go ka direga gore bangwe ba etsaetsege go tshwara dithuto tsa Baebele, mme ke eng se se tla ba thusang go fenya bothata jono?
2 Ikaege ka Jehofa: Mo dinakong tse di fetileng, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba sa akanye gore ba ne ba ka kgona go dira tiro e Jehofa a neng a ba laetse go e dira. Go ikaega ka Jehofa Modimo go ne ga dira gore Moshe, Jeremia, Amose le batho ba bangwe ba ba tlwaelegileng ba kgone go fenya dipelaelo tse ba neng ba na le tsone le go se itshepe ga bone mme ba dire tiro e e botlhokwa. (Ekes. 4:10-12; Jer. 1:6, 7; Amose 7:14, 15) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a “nna pelokgale.” Jang? O ne a tlhalosa gore e ne e le “ka Modimo wa rona.” (1 Bathes. 2:2) Ee, rotlhe re ka ikanya Jehofa gore a re neye thuso, botlhale le nonofo e re e tlhokang go tshwara dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele.—Isa. 41:10; 1 Bakor. 1:26, 27; 1 Pet. 4:11.
3, 4. Ke thapiso efe e re nnang le yone e e ka re thusang go ruta Lefoko la Modimo?
3 Amogela Thapiso: Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo e bong Jehofa Modimo o re thapisa ka go dirisa thulaganyo ya ka metlha ya semoya ya go ithuta gore re tle re tshwanelege ka botlalo go nna barutisi. (Isa. 54:13; 2 Tim. 3:16, 17) Amogela thapiso eno ka go dira sotlhe se o ka se kgonang fa o nna le tshono ya go oketsa tsela e o tlhaloganyang Dikwalo ka yone le go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta boammaaruri jwa Baebele. Le fa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo e le tsone segolobogolo di re thusang mo go seno, dipokano tsotlhe tsa phuthego di re thapisa gore re rute go tswa mo Lefokong la Modimo.
4 Leka go ithuta ditsela tse di motlhofo tsa go ruta, tota le dithuto tse di kwa teng tsa boammaaruri. Buka ya Sekolo sa Bodiredi mo tsebeng ya 227 e tlhalosa jaana: “O tshwanetse wa bo o tlhaloganya setlhogo sa gago sentle gore o dire gore ba bangwe ba se tlhaloganye.” Go akgela kwa dipokanong go tla re thusa gore re gatelele dintlha tsa konokono mo megopolong ya rona gore re tle re di dirise mo nakong e e tlang. Ka jalo, baakanyetsa sentle mme tshepo ya gago ya go nna le bokgoni jwa go ruta e tla oketsega.
5. Ke thapiso efe e e oketsegileng e re nang le yone mo phuthegong e e ka re thusang go gatela pele go nna barutisi?
5 Go tloga fela kwa tshimologong, ga go na pelaelo gore badiredi ba Bakeresete ba ithutile mongwe go tswa go yo mongwe fa ba ntse ba bereka mmogo mo tirong ya bone ya go dira barutwa. (Luke 10:1) Fa go kgonega, tsamaya le baboledi ba ba nang le maitemogelo, go akaretsa babulatsela, bagolwane le balebedi ba ba etang mo tirong eno ya go ruta batho Baebele. Ela tlhoko kafa ba dirisang ditshwantsho tse di motlhofo ka teng le dilo tse dingwe tse re ka di dirisang go ruta tse mo dikgatisong tsa rona tsa go ithuta go tlhalosa boammaaruri jwa Dikwalo. Ba kope dikakantsho tsa kafa o ka nnang morutisi yo o botoka ka teng. (Dia. 1:5; 27:17) Anaanela thapiso eo jaaka e re e fiwang ke Modimo.—2 Bakor. 3:5.
6. Ke eng se se tlhokegang thata gore motho a nne morutisi wa Lefoko la Modimo?
6 Ikaege ka Jehofa mme o solegelwe molemo ke thapiso e a re e nayang. Rapelela kgang ya go dira botswelelopele. (Pes. 25:4, 5) Le wena o ka kgona go itumelela go thusa mongwe gore a tshwane le wena, a nne morutisi wa Lefoko la Modimo!