LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/07 ts. 1
  • Ipeele Mokgele wa go Tshwara Thuto ya Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ipeele Mokgele wa go Tshwara Thuto ya Baebele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Kgona go Fitlhelela Mekgele ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Lebaka La go Bo o Tshwanetse wa Batla go Tshwara Thuto ya Bibela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Simolola Dithuto Tsa Bibela Tsa Legae
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 12/07 ts. 1

Ipeele Mokgele wa go Tshwara Thuto ya Baebele

1 “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Ruri mafoko ao a Jesu Keresete a neng a a bua a tshwanela maemo a badiredi ba Bakeresete ba lebaneng le one gompieno.

2 Go sa ntse go na le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang go rutiwa ditsela tsa ga Jehofa. Bosupi jwa seno bo bonala ka dipalo tsa barutwa ba basha ba ba kolobediwang ngwaga le ngwaga. Ke eng se o ka se dirang fa e le gore ruri o batla go tshwara thuto ya Baebele?

3 Ipeele Mokgele: Sa ntlha, ipeele mokgele wa go simolola thuto ya Baebele le go e tshwara ka metlha. Nna o akantse ka mokgele oo fa o nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. E re ka kabelo ya rona ya Bokeresete e akaretsa go rera le go ruta, rotlhe re tshwanetse go senka ditsela tsa go oketsa seabe sa rona mo tirong ya go ruta batho Baebele.—Math. 24:14; 28:19, 20.

4 Dilo Tse Dingwe Tse o Tshwanetseng go di Gopola: Baboledi ba Bogosi ba tshwanetse go rapela go tswa pelong. Ka dinako tse dingwe re kopana le batho ba ba ileng ba rapelela go tlhaloganya Baebele. A bo e le tshiamelo e e molemo jang go dirisiwa ke Jehofa go senka batho ba ba ntseng jalo le go ba ruta!—Hag. 2:7; Dit. 10:1, 2.

5 Kgaitsadi mongwe o ne a rapelela go nna le thuto ya Baebele mme go tswa foo a baya dipampitshana tsa A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? mo di neng di ka bonwa teng kwa tirong. Fa mosadi mongwe a ne a tsaya nngwe ya tsone, a e bala yotlhe a bo a simolola go tlatsa setlankana se se mo go yone, kgaitsadi yono o ne a bua le ene mme a kgona go simolola thuto ya Baebele.

6 Baboledi ba bangwe ba ba nang le matswela mo go simololeng dithuto tsa Baebele le go di tshwara ba ka go thusa go fitlhelela mokgele wa gago wa go tshwara thuto ya Baebele. Rapela Modimo gore a go thuse go nna le thuto mme o dirise ka botlalo thuso e o e newang go fitlhelela mokgele wa gago. Gongwe go ise go ye kae o tla ipelela go tshwara thuto ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela