Thulaganyo ya Beke ya November 4
BEKE E E SIMOLOLANG KA NOVEMBER 4
Pina 116 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jl Thuto 3-4 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Tito 1-3–Filemone 1-25(10 mets.)
No. 1: Tito 2:1-15 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A go Nna mo Bodumeding jo bo Rulagantsweng go Botlhokwa?—rs ts. 76 ¶2–ts. 77 ¶2 (5 mets.)
No. 3: Ke ka Ntlha Yang Fa re Sa Tshwanela go “Tlhokomela Dipolelo Tsa Maaka”?—1 Tim. 1:3, 4; 2 Tim. 4:3, 4 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka November. Motlotlo o o theilweng mo dipotsong tse di latelang: Fa maemo a letla, ke eng fa re tshwanetse go tsamaisa dimakasine ka mafelobeke re ntse re tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38? Maemo a a siametseng go dira seno e tla bo e le afe? Fa re sena go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi re ka reng go buelela dimakasine? Rulaganya gore go dirwe pontsho ya kafa makasine mongwe le mongwe o ka tsamaisiwang ka teng mmogo le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Lefoko la Modimo le Naya Maatla. (Baheb. 4:12) Motlotlo o o theilweng mo go Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 57, serapa 1, go ya go tsebe 59, serapa 3. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
Pina 114 le Thapelo