Baboledi ba laletsa batho go tla dipokanong kwa Cook Islands
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Potso: A go na le baengele?
Temana: Pes 103:20
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa se Baebele e se buang ka baengele le gore ba re ama jang gompieno.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: A o akanya gore saense e ganetsana le Baebele?
Temana: Isa 40:22
Boammaaruri: Baebele e opa kgomo lonaka fa e bua ka dilo tsa saense.
TALETSO YA DIPOKANO TSA PHUTHEGO (inv)
Fa o mo naya kgatiso: Nka rata go go laletsa go tla go reetsa puo e e theilweng mo Baebeleng. E tla bo e tshwaretswe kwa Holong ya rona ya Bogosi. [Mo neye taletso, mmontshe nako le lefelo o bo o mmolelela setlhogo sa puo eo.]
Potso: A o kile wa re etela kwa Holong ya Bogosi? [Fa seemo se letla, mmontshe bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi?]
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.