LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr17 October ts. 1-9
  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
  • Ditlhogwana
  • OCTOBER 2-8
  • OCTOBER 9-15
  • OCTOBER 16-22
  • OCTOBER 23-29
  • OCTOBER 30–NOVEMBER 5
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi (2017)
mwbr17 October ts. 1-9

Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi

OCTOBER 2-8

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DANIELE 7-9

“Boporofeti Jwa ga Daniele bo Ile Jwa Bua ka go Tla ga ga Mesia”

(Daniele 9:24) “Go na le dibeke di le masome a supa tse di laoletsweng batho ba gago le motse wa gago o o boitshepo, gore go khutlisiwe tlolo, le go fedisa boleo, le go direla tlolo tetlanyo, le go tlisa tshiamo ka bosakhutleng, le go baya ponatshegelo le moporofeti letshwao, le go tlotsa Boitshepo jwa Maitshepo.

it-2-E 902 ¶2

Dibeke di le Masome a Supa

Go fedisa tlolo le boleo. Loso lwa ga Jesu, go tsosiwa ga gagwe mo baswing le go ya ga gagwe kwa legodimong go ile ga ‘khutlisa tlolo, ga fedisa boleo le go direla ditlolo tsa rona tetlanyo.’ (Dan 9:24) Kgolaganyo ya Molao e ile ya senola Bajuda gore e ne e le baleofi ba ba ileng ba tlola kgolaganyo e Modimo a neng a e dirile le bone. Mme fa Molao o Modimo a neng a o neile Moshe o ne o senola maleo a batho, Modimo o ne a dirisa Mesia go ba utlwela botlhoko le go ba amogela. (Bar 5:20) Modimo o ne a dirisa setlhabelo sa ga Mesia go phimola ditlolo le maleo a batho ba ba neng ba ikwatlhaya e bile ga a ka a ba otlhaela diphoso tsa bone.

(Daniele 9:25) Mme o itse o bo o nne le temogo gore go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi. O tla boa mme a agiwe sesha, a na le patlelo le mosele, mme e le mo metlheng e e thata.

it-2-E 900 ¶7

Dibeke di le Masome a Supa

Mesia o Tlhaga Morago ga ‘Dibeke di le Masome a Marataro le Borongwe.’ “Dibeke di le masome a marataro le bobedi” (Dan 9:25), ke karolo ya dibeke di le 70 mme di ne di tla tswelela go ela kwa bokhutlong jwa “dibeke di le supa.” Ka jalo, go simolola ka nako e “lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga” Jerusalema sesha go fitlha “Mesia, Moeteledipele” a goroga, e ne e tla nna dibeke di le 7 le dibeke di le 62 kgotsa dibeke di le 69 fa di kopanngwa mmogo e leng dingwaga di le 483. Seo se raya gore ke go tloga ka 455 B.C.E. go fitlha ka 29 C.E. Jaaka go tlhalositswe fa godimo, ka letlhabula la ngwaga wa 29 C.E., Jesu o ne a kolobediwa, a tlodiwa ka moya o o boitshepo le go simolola bodiredi ya gagwe e le “Mesia, Moeteledipele.”—Luk 3:1, 2, 21, 22.

(Daniele 9:26, 27a) “Mme morago ga dibeke di le masome a marataro le bobedi Mesia o tla kgaolwa, a se na sepe sa gagwe. “Mme batho ba moeteledipele yo o tlang ba tla senya motse le lefelo le le boitshepo. Mme bokhutlo jwa teng bo tla nna ka morwalela. Mme go fitlha kwa bokhutlong go tla nna le ntwa; go sweditswe ka gore go nne le kgakgabalo. 27 “Mme a boloke kgolagano e le maatla mo go ba le bantsi beke e le nngwe; mme mo sephatlong sa beke o tla dira gore setlhabelo le tshupelo ya mpho di khutle.

it-2-E 901 ¶2

Dibeke di le Masome a Supa

O “kgaolwa” go ela mo bogareng jwa beke. Gabriele o ne a raya Daniele a re: “Morago ga dibeke di le masome a marataro le bobedi Mesia o tla kgaolwa.” (Dan 9:26) Keresete o ne a kgaolwa fa a ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso, a ntsha botshelo jwa gawge e le thekololo gore a golole batho ba le bantsi. Seo se ile sa direga morago ga dibeke di le 69 kgotsa morago ga dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro. (Isa 53:8) Go na le bosupi jo bo bontshang gore Jesu o ne a fetsa malatsi a ntlha a “beke” eo mo bodireding. Nako nngwe ka 32 C.E., Jesu o ne a bua ka setshwantsho sa mofeige (bapisa Mat 17:15-20; 21:18, 19, 43) se go neng go fetile “dingwaga di le tharo” se sa ungwe, mme go bonala ka nako eo a ne a bua ka setšhaba sa Bajuda. Motho yo o neng a bereka mo tshimong eo o ne a raya mong wa tshimo a re: “Mong wa me, se lese le ngwaga ono, go fitlha ke epa go se dikologa ke bo ke tshela motshotelo; mme fa se ungwa maungo mo isagweng, go tla bo go siame e bile go le molemo; mme fa se sa ungwe, ruri o tla se rema.” (Luk 13:6-9) Fano Jesu a ka tswa a ne a bua ka nako ya fa a ne a rerela setšhaba sa Bajuda ba ba neng ba sa mo reetse, mme o ne a dira jalo dingwaga di ka nna tharo e bile o ne a tsamaela ngwaga wa bonê a ntse a ba rerela.

it-2-E 901 ¶5

Dibeke di le Masome a Supa

‘Sephatlo sa beke’ e ne e tla nna dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro tsa “beke” eo e e neng e emela dingwaga. E re ka “beke” ya bo70 e ile ya simologa ka 29 C.E. fa Jesu a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo, halofo ya beke eo (kgotsa dingwaga tse tharo le halofo) di ne tsa fitlha ka dikgakologo tsa ngwaga wa 33 C.E., kgotsa ka Tlolaganyo (Nisane 14) ya ngwaga oo. Go ya ka khalendara ya Gregory, go bonala e ne e le ka letsatsi la April 1, 33 C.E. (Bona SEJO SA MORENA SA MAITSEBOA [Nako e Se Tlhomilweng ka Yone].) Moaposetoloi Paulo a re Jesu ‘o ne a tlile go dira thato ya Modimo’ e leng go “tlosa se e leng sa ntlha [ditlhabelo tse di neng di dirwa go ya ka Molao] gore a tle a tlhome se e leng sa bobedi.” O ne a dira jalo ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo.—Bah 10:1-10.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Daniele 9:24) “Go na le dibeke di le masome a supa tse di laoletsweng batho ba gago le motse wa gago o o boitshepo, gore go khutlisiwe tlolo, le go fedisa boleo, le go direla tlolo tetlanyo, le go tlisa tshiamo ka bosakhutleng, le go baya ponatshegelo le moporofeti letshwao, le go tlotsa Boitshepo jwa Maitshepo.

w01 5/15 27

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Boitshepo jwa Maitshepo” bo ile jwa tlodiwa leng jaaka go boleletswe pele mo go Daniele 9:24?

Daniele 9:24-27 ke boporofeti jo bo malebana le go tlhaga ga “Mesia Moeteledipele”—Keresete. Ka jalo, go tlodiwa ga “Boitshepo jwa Maitshepo,” go go boleletsweng pele, ga go reye go tlodiwa ga phaposi ya Boitshepo jwa Maitshepo ya tempele kwa Jerusalema. Go na le moo, polelwana “Boitshepo jwa Maitshepo” fano e kaya lefelo la Modimo le le boitshepo la kwa legodimong—Boitshepo jwa Maitshepo a selegodimo—mo tempeleng e kgolo ya semoya ya ga Jehofa.—Bahebera 8:1-5; 9:2-10, 23.

Tempele ya Modimo ya semoya e ile ya simolola go dira leng? Akanya ka se se ileng sa diragala fa Jesu a ne a itlhagisa gore a kolobediwe ka 29 C.E. Go tloga ka nako eo ya botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a diragatsa mafoko a Pesalema 40:6-8. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore Jesu o ne a rapela Modimo jaana: “O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele.” (Bahebera 10:5) Jesu o ne a itse gore Modimo “o ne a sa batle” gore ditlhabelo tsa diphologolo di tswelele di ntshiwa kwa tempeleng ya Jerusalema. Go na le moo, Jehofa o ne a baakanyeditse Jesu mmele o o itekanetseng wa motho gore a o ntshe go nna setlhabelo. Fa Jesu a ne a tlhalosa keletso ya gagwe e e tswang pelong, o ne a tswelela jaana: “Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me) go dira thato ya gago, wena Modimo.” (Bahebera 10:7) Mme Jehofa o ne a arabela jang? Efangele ya ga Mathaio e bolela jaana: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’”—Mathaio 3:16, 17.

Go amogela ga ga Jehofa Modimo mmele wa ga Jesu o a o ntshitseng go nna setlhabelo go ne go raya gore jaanong go ne go na le sebeso se segolwane go feta sebeso sa mmatota se se neng se le mo tempeleng ya Jerusalema. E ne e le sebeso sa “thato” ya Modimo kana thulaganyo ya go amogela botshelo jwa ga Jesu jwa motho go nna setlhabelo. (Bahebera 10:10) Go tlodiwa ga ga Jesu ka moya o o boitshepo go ne go raya gore jaanong Modimo o dirisa thulaganyo ya gagwe yotlhe ya tempele ya semoya. Ka jalo, ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa, boago jwa Modimo jwa selegodimo bo ne jwa tlodiwa, kana jwa tlhophiwa go nna “Boitshepo jwa Maitshepo” mo thulaganyong e kgolo ya tempele ya semoya.

(Daniele 9:27) “Mme a boloke kgolagano e le maatla mo go ba le bantsi beke e le nngwe; mme mo sephatlong sa beke o tla dira gore setlhabelo le tshupelo ya mpho di khutle. “Mme mo lefukeng la dilo tse di ferosang sebete go tla bo go na le yo o bakang kgakgabalo; mme go fitlha phediso e tla, selo se go dirilweng tshwetso ka sone se tla tshologela le mo go o o kgakgabetseng.”

w07 9/1 20 ¶4

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele

9:27—Ke kgolagano efe e e neng ya ‘bolokwa e le maatla mo go ba le bantsi’ go fitlha kwa bokhutlong jwa beke ya bo70 ya dingwaga, kgotsa 36 C.E.? Kgolagano ya Molao e ne ya tlosiwa ka 33 C.E. fa Jesu a ne a bapolwa. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a dira gore kgolagano ya ga Aborahame e tswelele e dira mo go Iseraele wa senama go fitlha ka 36 C.E., o ne a oketsa nako ya go amogela Bajuda ka lebaka le le kgethegileng la go bo e le ditlogolwana tsa ga Aborahame. Kgolagano ya ga Aborahame e sa ntse e dira malebana le “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 3:7-9, 14-18, 29; 6:16.

Mmalo wa Baebele

(Daniele 7:1-10) Mo ngwageng wa ntlha wa ga Beleshasare kgosi ya Babelona, Daniele a bona toro le diponatshegelo tsa tlhogo ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe. Ka nako eo a kwala toro ka boyone. A bolela pego e e feletseng ya dikgang tseno. 2 Daniele a bua a re: “Mme ka bona mo diponatshegelong tsa me bosigo, mme bona! diphefo tse nnè tsa magodimo di ne di fudua lewatle le legolo. 3 Mme dibatana tse nnè tse dikgolo di ne tsa tswa mo lewatleng, sengwe le sengwe se farologane le se sengwe. 4 “Sa ntlha se ne se tshwana le tau, mme se ne se na le diphuka tsa ntsu. Ke ne ka nna ka leba go fitlha diphuka tsa sone di khumolwa, mme sa tsholediwa mo lefatsheng sa dirwa gore se eme ka dinao tse pedi fela jaaka motho, mme sa newa pelo ya motho. 5 “Mme bona! sebatana se sengwe, sa bobedi, sone se tshwana le bera. Mme se ne se tsholeditswe mo letlhakoreng le le lengwe, mme go ne go na le dikgopo di le tharo mo molomong wa sone fa gare ga meno a sone; mme ba se raya ba re: ‘Nanoga, ja nama e ntsi.’ 6 “Morago ga moo ka nna ka leba, mme bona! sebatana se sengwe, se se tshwanang le lengau, mme se ne se na le diphuka di le nnè tsa sebopiwa se se fofang mo mokwatleng. Mme sebatana seo se ne se na le ditlhogo di le nnè, mme ruri sa newa bobusi. 7 “Morago ga moo ka nna ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bona! sebatana sa bonè, se boifisa e bile se boitshega mme se nonofile ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme se ne se na le meno a tshipi, a magolo. Se ne se kometsa e bile se thubaganya, mme mo go setseng se ne se go gataka ka dinao. Mme e ne e le selo se se farologaneng le dibatana tse dingwe tsotlhe tse di neng di nnile teng pele ga sone, mme se ne se na le dinaka di le lesome. 8 Ke ne ka nna ka leba dinaka, mme bona! lonaka lo longwe, lo lonnye, lwa tlhoga mo gare ga tsone, mme go ne go na le dinaka tse tharo mo go tsa ntlha tse di neng tsa khumolwa fa pele ga lone. Mme bona! go ne go na le matlho a tshwana le matlho a motho mo lonakeng lo, mme go ne go na le molomo o o buang dilo tse dikgolo. 9 “Ke ne ka nna ka leba go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi mme Mogologolo wa Malatsi a nna. Diaparo tsa gagwe di ne di le ditshweu fela jaaka kapoko, mme moriri wa tlhogo ya gagwe o ne o tshwana le boboa jo bo phepa. Setulo sa gagwe sa bogosi e ne e le dikgabo tsa molelo; mme maotwana a sone e le molelo o o tukang. 10 Go ne go na le molatswana wa molelo o elela o tswa fa pele ga gagwe. Go ne go na le dikete di le sekete tse di neng di mo direla, le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe. Tsheko ya tsena, mme go ne go na le dibuka tse di neng tsa bulwa.

OCTOBER 9-15

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DANIELE 10-12

“Jehofa O ne A Porofeta Ka se Se Tla Diragalelang Dikgosi Tsa Lefatshe”

(Daniele 11:2) Mme jaanong ke tla go bolelela se e leng boammaaruri: “Bona! Go sa ntse go tla nna le dikgosi tse tharo tse di emelang Peresia, mme ya bonè e tla kgobokanya dikhumo tse dikgolo go feta tsa tse dingwe tsotlhe. Mme morago fela ga gore e nonofe mo dikhumong tsa yone, e tla kurusa sengwe le sengwe kgatlhanong le bogosi jwa Gerika.

dp 212-213 ¶5-6

Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi

5 Dikgosi tsa ntlha tse tharo e ne e le Kurose yo Mogolo, Cambyses II, le Dario I. E re ka Bardiya (kana gongwe moitshemi yo o neng a bidiwa Gaumata) a ne a busa dikgwedi di le supa fela, boporofeti jono ga bo a ka jwa akaretsa puso ya gagwe. Ka 490 B.C.E., kgosi ya boraro, e bong Dario I, o ne a leka go tlhasela Gerika lekgetlho la bobedi. Le fa go ntse jalo, Baperesia ba ne ba fenngwa kwa Marathon mme ba tshabela kwa Asia Minor. Le mororo Dario a ne a ipaakanyetsa sentle go ya go tlhasela Gerika gape, o ne a se ka a kgona go ya go e tlhasela gonne o ne a swa dingwaga di le nnè moragonyana. E ne ya tlogelelwa morwawe e bile e le motlhatlhami wa gagwe, kgosi ya “bone,” e bong Serese I. O ne a le Kgosi Ahasueruse yo o nyetseng Esethere.—Esethere 1:1; 2:15-17.

6 Eleruri Serese I o ne a “tlhotlheletsa botlhe go gana bogosi jwa Gerika,” ke gore, setlhopha sotlhe sa dinaga tse di ipusang tsa Gerika. Buka ya The Medes and Persians—Conquerors and Diplomats e bolela jaana: “E re ka Serese a ne a tlhotlhelediwa ke badiredi ba kgotla ya gagwe ya segosi ba ba neng ba gwalaletse go nna le maemo, o ne a tlhasela a dirisa masole a mo lefatsheng le a mo lewatleng.” Rahisitori wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., e bong Herodotus, o kwala gore “ga go ise go ke go dirwe letsholo lepe le le lekanang le leno.” Pego ya gagwe e bolela gore masole a mo lewatleng “fa a feletse e ne e le banna ba le 517 610. Palo ya masole a a tsamayang ka dinao e ne e le 1 700 000; ya ba ba pagameng dipitse e le 80 000; e e tshwanetseng go okediwa ka Baarabia ba ba neng ba pagame dikamela, le Balibia ba ba neng ba lwa ba pagame dikara tsa ntwa, ba ke tsayang gore ba ne ba le 20 000. Ka jalo palo ya masole otlhe a mo lefatsheng le a mo lewatleng fa e kopantswe e ne e fitlha go banna ba le 2 317 610.”

(Daniele 11:3) “Mme go tla ema kgosi e e thata e bo e busa ka taolo e kgolo thata le go dira kafa thatong ya yone.

dp 213 ¶8

Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi

8 “Kgosi nngwe e e nonofileng e tlaa ema, e e tlaa laolang ka puso e kgolo, e ba e dira ka fa e ratang ka gone,” moengele o ne a rialo. (Daniele 11:3) Alexander wa dingwaga di le 20 o ne a “ema” e le kgosi ya Makedonia ka 336 B.C.E. O ne a nna ‘kgosi e e nonofileng’—Alexander yo Mogolo. A dirisa leano la ga rraagwe, e bong Philip II, o ne a gapa diporofensi tsa Peresia kwa Botlhabagare. E ne ya re fa banna ba gagwe ba ba 47 000 ba kgabaganya dinoka tsa Euferatese le Tigris, ba falatsa masole a le 250 000 a ga Dario III kwa Gaugamela. Morago ga moo, Dario a tswa a tshaba mme a bolawa, mme seo sa khutlisa losika lwa babusi ba Peresia. Gerika jaanong e ne ya nna mmuso wa lefatshe, mme Alexander ‘o ne a laola ka puso e kgolo, a ba a dira ka fa a ratang ka gone.’

(Daniele 11:4) Mme fa e setse e eme, bogosi jwa yone bo tla robaganngwa bo kgaoganyediwa diphefo tse nnè tsa magodimo, mme e seng setlogolwana sa yone gape e seng go ya ka taolo ya yone e e neng e busa ka yone; le fa e le bangwe ba bano, ka gonne bogosi jwa yone bo tla kumolelwa ba bangwe go na le bano.

dp 214 ¶11

Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi

11 Morago ga loso lwa ga Alexander, bogosi jwa gagwe bo ne jwa “kgaoganyediwa kwa diphefong tsoo nne.” Bajenerale ba gagwe ba bantsi ba ne ba lwa ka bobone ba lwela go busa dinaga dingwe. Mojenerale Antigonus I yo o moitlho, o ne a leka go nna molaodi wa puso yotlhe e kgolo ya ga Alexander. Mme o ne a bolawa kwa ntweng kwa Ipsus kwa Feregia. Ka ngwaga wa 301 B.C.E., ba le banè ba bajenerale ba ga Alexander ba ne ba busa naga e kgolo e molaodi wa bone a neng a e gapile. Cassander o ne a busa Makedonia le Gerika. Lysimachus o ne a busa Asia Minor le Thrace. Seleucus I Nicator o ne a tshwere Mesopotamia le Siria. Mme Ptolemy Lagus o ne a busa Egepeto le Palesetina. Fela jaaka lefoko la boporofeti le buile, mmusomogolo wa ga Alexander o ne wa kgaoganngwa go nna magosi a le manè a Gerika.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Daniele 12:3) “Mme ba ba nang le temogo ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo; mme ba ba tlisang bontsi kwa tshiamong, jaaka dinaledi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae.

w13 7/15 13 ¶16, ntlha e e kwa tlase

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

Daniele 12:3 e tlhalosa gore “ba ba nang le temogo [Bakeresete ba ba tloditsweng] ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo.” Fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba dira seno ka go nna le seabe mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, Mathaio 13:43 e tlhalosa nako e ka yone ba tla bong ba phatsima thata mo Bogosing jwa legodimo. Mo nakong e e fetileng, re ne re akanya gore ditemana tseno tsoopedi di bua ka tiragalo e le nngwe—tiro ya go rera.

(Daniele 12:13) “Mme fa e le wena, tsamaela kwa bokhutlong; mme o tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.”

dp 315 ¶18

Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata

18 Buka ya Daniele e konela ka nngwe ya ditsholofetso tse dintle thata tse Modimo o kileng wa di solofetsa batho. Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Daniele jaana: “O tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.” Moengele o ne a raya go reng? Ebu, e re ka ‘go ikhutsa’ go a sa tswang go bua ka gone e ne e le loso, tsholofetso ya gore Daniele o ne a tla “ema” moragonyana e ne e ka bolela selo se le sengwe fela—go tsoga mo baswing! Tota e bile, bakanoki bangwe ba gatelela gore Daniele kgaolo 12 ke yone lefelo la ntlha mo Dikwalong Tsa Sehebera le go buiwang ka tlhamalalo ka tsogo ya baswi mo go lone. (Daniele 12:2) Le fa go ntse jalo, ga ba bue boammaaruri mo ntlheng eno. Daniele o ne a itse tsholofelo ya tsogo sentle.

Mmalo wa Baebele

(Daniele 11:28-39) “Mme o tla boela morago kwa lefatsheng la gagabo ka selekanyo se segolo sa dithoto, mme pelo ya gagwe e tla nna kgatlhanong le kgolagano e e boitshepo. Mme o tla dira ka tsela e e nang le matswela a ba a boela kwa lefatsheng la gagabo. 29 “O tla boela morago ka nako e e tlhomilweng, mme o tla tsogologela borwa; mme kwa bofelong ga go kitla go tshwana le kwa tshimologong. 30 Mme dikepe tsa Kitime di tla mo tsogologela, mme o tla kotlomana pelo. “Mme o tla boela morago a tlise katlholo kgatlhanong le kgolagano e e boitshepo le go dira ka tsela e e nang le matswela; o tla tshwanelwa ke go boela morago mme o tla akanyetsa ba ba tlogelang kgolagano e e boitshepo. 31 Mme go tla nna le mabogo a a tla emang a tswa mo go ene; mme a tla itshepolola lefelo le le boitshepo, kago ya phemelo, a ba a tlosa setlhabelo sa ka metlha. “Mme ruri ba tla baya selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo. 32 “Mme ba ba direlang kgolagano ka boikepo, o tla ba gogela kwa botlhanoging ka mafoko a a borethe. Mme fa e le batho ba ba itseng Modimo wa bone, ba tla fenya ba bo ba dira ka tsela e e nang le matswela. 33 Fa e le ba ba nang le temogo ba ba mo bathong, ba tla naya ba le bantsi tlhaloganyo. Mme ba tla dirwa gore ba kgotšwe ka tšhaka le ka kgabo ya molelo, ka go tshwarwa le ka go gapiwa, malatsi a le mmalwa. 34 Mme fa ba dirwa gore ba kgotšwe, ba tla thusiwa ka thuso e nnye; mme ba le bantsi ba tla ikgolaganya le bone ka mafoko a a borethe. 35 Mme bangwe ba bao ba nang le temogo ba tla dirwa gore ba kgotšwe, gore ka ntlha ya bone go tle go dirwe tiro ya go itshekisa le go ntlafatsa le go sweufatsa, go fitlha ka motlha wa bokhutlo; gonne e sa ntse e beetswe motlha o o tlhomilweng. 36 “Mme kgosi e tla dira kafa thatong ya yone, e tla itlotlomatsa le go ikgodisetsa modimo mongwe le mongwe; mme e tla bua dilo tse di gakgamatsang kgatlhanong le Modimo wa medimo. Mme e tla atlega go fitlha fa katlholo e tla bo e fedile; gonne selo se go dirilweng tshwetso ka sone se tshwanetse go dirwa. 37 Mme ga a kitla a akanya ka Modimo wa borraagwe; e bile ga a kitla a akanya ka keletso ya basadi le fa e le modimo ope fela o mongwe, mme o tla ikgodisetsa mongwe le mongwe. 38 Mme a le mo maemong a gagwe, o tla galaletsa modimo wa dikago tsa phemelo; mme o tla galaletsa modimo o borraagwe ba neng ba sa o itse ka gouta le ka selefera le ka leje le le tlhokegang le ka dilo tse di eletsegang. 39 Mme o tla dira ka tsela e e nang le matswela kgatlhanong le dikago tse di thata tse di sireletsegileng thata, mmogo le modimo o sele. Ope fela yo a mo tsereng tsia o tla mo totisa ka kgalalelo, mme tota o tla ba dira gore ba buse gareng ga ba le bantsi; mme o tla kgaoganya lefatshe ka tlhwatlhwa.

OCTOBER 16-22

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | HOSEA 1-7

“A o Bontsha Lorato lo lo Ikanyegang Jaaka Jehofa?”

(Hosea 6:4, 5) “Ke tla go dirang, wena Eferaime? Ke tla go dirang, wena Juda, fa bopelonomi jwa lorato jwa lona bo tshwana le maru a moso le jaaka monyo o o nyelelang phakela? 5 Ke gone ka moo ke tla ba remang ka baporofeti; ke tla ba bolaya ka mafoko a molomo wa me. Mme dikatlholo tse di tla go welang di tla nna jaaka lesedi le le tswang.

w10 8/15 25 ¶18

A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago

18 Re tshwanetse go bontsha lorato lo lo ikanyegang ka metlha fa re dirisana le batho ba re obamelang Jehofa mmogo le bone. Tota le fa re le mo maemong a a thata, molao wa bopelonomi jwa lorato ga o a tshwanela go tloga mo lolemeng lwa rona. Jehofa ga a ka a itumela fa bopelonomi jwa lorato jwa Baiseraele bo ne bo nna jaaka “monyo o o nyelelang phakela.” (Hos. 6:4,6) Mme gone o a itumela fa re bontsha bopelonomi jwa lorato ka metlha. Akanya kafa a segofatsang batho ba ba lekang ka natla go bontsha bopelonomi jwa lorato ka gone.

(Hosea 6:6) Gonne ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo; le ke kitso ya Modimo go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse.

w07 9/15 16 ¶8

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea

6:6. Go nna le mokgwa wa go dira boleo go bontsha go se nne le bopelonomi jwa lorato mo Modimong. Le fa motho a ka tlhoafala go le kanakang mo dilong tsa semoya a ntse a tsweletse a dira boleo, seo se ka se dire gore a nne le bopelonomi jwa lorato.

w07 6/15 27 ¶7

Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo

7 Mo ntlheng eno, gopola gore mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a bolelela batho ba gagwe ba bogologolo gore go utlwa go ne go le botlhokwa go feta le tsone ditlhabelo tsa diphologolo tota. (Diane 21:3, 27; Hosea 6:6; Mathaio 12:7) Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo ntswa Jehofa e ne e le ene a laetseng batho ba gagwe gore ba ntshe ditlhabelo tseo? Maitlhomo a motho yo o ntshang setlhabelo ke afe? A o dira jalo go ipedisa Modimo? A kgotsa o latela fela moetlo mongwe? Fa moobamedi ruri a eletsa go ipedisa Modimo, o tla ela tlhoko gore a utlwe melao yotlhe ya Modimo. Modimo ga a tlhoke ditlhabelo tsa diphologolo, mme go mo utlwa ke sengwe sa botlhokwa se re ka se mo nayang.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Hosea 1:7) Mme ntlo ya Juda yone ke tla e utlwela botlhoko, mme ke tla ba boloka ka Jehofa Modimo wa bone; le fa go ntse jalo ga nkitla ke ba boloka ka bora kgotsa ka tšhaka kgotsa ka ntwa, ka dipitse kgotsa ka bapalami ba dipitse.”

w07 9/15 14 ¶7

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea

1:7—Ntlo ya Juda e ne ya bontshiwa kutlwelobotlhoko leng ya ba ya bolokwa? Seno se diragetse ka 732 B.C.E., mo metlheng ya ga Kgosi Hesekia. Ka nako eo, Jehofa o ne a fedisa matshosetsi a Asiria mo Jerusalema ka go dira gore moengele a bolaye masole a baba a le 185 000 ka bosigo bo le bongwe fela. (2 Dikgosi 19:34, 35) Jehofa o ne a golola Juda a dirisa moengele, e seng “ka bora kgotsa ka tšhaka kgotsa ka ntwa, ka dipitse kgotsa ka bapalami ba dipitse.

(Hosea 2:18) Ruri ke tla ba direla kgolagano mo motlheng oo malebana le sebatana sa naga le sebopiwa se se fofang sa magodimo le segagabi sa fa fatshe, mme ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng, mme ke tla dira gore ba robale ba bolokesegile.

w05 11/15 20 ¶16

Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo

16 Modimo o ne a diragatsa le tsholofetso eno: “Ke tla ba direla kgolagano mo motlheng oo malebana le sebatana sa naga le sebopiwa se se fofang sa magodimo le segagabi sa fa fatshe, mme ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng, mme ke tla dira gore ba robale ba bolokesegile.” (Hosea 2:18) Masalela a Bajuda a a neng a boela kwa nageng ya one a ne a tshela ka polokesego, a sa boife diphologolo dipe. Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa le ka 1919 C.E., fa masalela a Iseraele wa semoya a ne a gololwa mo botshwarong jwa “Babelona o Mogolo,” bodumedi jotlhe jwa maaka. Gone jaanong ba tshelela mo polokesegong mme ba itumelela go tshela mo paradaiseng ya semoya le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Bakeresete bano ba boammaaruri ga ba na mekgwa ya sephologolo.—Tshenolo 14:8; Isaia 11:6-9; Bagalatia 6:16.

g05 9/8 12 ¶2

Fa Lefatshe Lotlhe le Tla Bo le Na le Tirisanommogo

Tota e bile, dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di tla nna le tsela e ntšha e di utlwanang ka yone, ka gonne Modimo o tla ruta batho ba gagwe ba ba ikanyegang kafa ba ka tlhokomelang ka teng naga e ba nnang mo go yone. Tota e bile o tla ‘dira kgolagano,’ jaaka fa go ka tualo, le dibatana tsotlhe, a dira gore di tshele ka kagiso le gore di ikobele batho.—Hosea 2:18; Genesise 1:26-28; Isaia 11:6-8.

Mmalo wa Baebele

(Hosea 7:1-16) “Ka nako e ke neng ke tla tlisa phodiso kwa go Iseraele ka yone, tlolo ya ga Eferaime le yone tota e a bipololwa, le dilo tse di bosula tsa Samarea; gonne ba dirile go bua maaka mokgwa, le legodu le a tsena; setlhopha sa dithukuthi se betsega se le kwa ntle. 2 Mme ga ba ipolelele mo dipelong tsa bone gore ke tla gakologelwa bosula jotlhe jwa bone. Jaanong ditiro tsa bone di ba dikologile. Di fa pele ga sefatlhego sa me. 3 Ba dira gore kgosi e ipele ka bosula jwa bone, mme ba dira gore dikgosana di ipele ka tsietso ya bone. 4 Botlhe ke baakafadi, jaaka leubelo le le gotsiwang ke mmesi wa senkgwe, yo o tlogelang go kgotletsa fa a sena go duba tlhama go fitlha e bela. 5 Mo letsatsing la kgosi ya rona, dikgosana di ne tsa itlhokofatsa—go na le tšararego ka ntlha ya beine. O tsentse seatla sa gagwe le basotli. 6 Gonne go ntse jaaka e kete ba atameditse pelo ya bone gaufi le leubelo; le tuka mo teng ga bone. Mmesi wa bone wa senkgwe o robetse bosigo jotlhe; mo mosong leubelo le tuka jaaka molelo o o tutumang. 7 Ba nna mogote, botlhe fela, jaaka leubelo, mme ba laila baatlhodi ba bone. Dikgosi tsa bone di ole tsotlhe; ga go na ope gareng ga bone yo o tlhaeletsang kwa go nna. 8 “Fa e le Eferaime ene, o itlhakanya le ditšhaba. Eferaime ka boene o fetogile kuku e kgolokwe e e sa pitikololwang. 9 Batswakwa ba feditse maatla a gagwe, mme ga a ise a itse. Gape, meriri e e pududu mo go ene e fetogile go nna mesweu, mme ga a ise a itse. 10 Mme boikgogomoso jwa Iseraele bo itshupile mo sefatlhegong sa gagwe, mme ga ba a boela kwa go Jehofa Modimo wa bone, le fa e le go mmatla ka ntlha ya seno sotlhe. 11 Mme Eferaime o itshupa a tshwana le leeba le le seeleele le le pelo e e seng botlhale. Ba ne ba bitsa Egepeto; ba ya Asiria. 12 “Le fa ba ka tsaya tsela efe, ke tla tsharolola letloa la me mo godimo ga bone. Ke tla ba folosa jaaka dibopiwa tse di fofang tsa magodimo. Ke tla ba otlhaya tumalanong le pego ya phuthego ya bone. 13 A bo go latlhega bone, gonne ba tshabile mo go nna! Ba thopilwe, ka gonne ba ntiretse tlolo! Mme ke ne ka ba golola, mme bone ba buile maaka kaga me. 14 Ga ba a ka ba ikuela kwa go nna ka dipelo tsa bone gore ke ba thuse, le fa gone ba ne ba ntse ba bokolela mo malaong a bone. Ba ne ba nna ba tsamayatsamaya ba sa dire sepe ka ntlha ya dijo tsa bone tsa ditlhaka le beine e e monate; ba ne ba nna ba ntsogologela. 15 Fa e le nna, ke ne ka ba otlhaya; ke ne ka nonotsha mabogo a bone, le fa go ntse jalo ba nna ba ntse ba ntogela leano le le bosula. 16 Mme ba boa, ba sa boele sepe se se kwa godimo; ba ne ba nna jaaka bora jo bo bofologileng. Dikgosana tsa bone di tla wa ka tšhaka ka ntlha ya katlholo ya loleme lwa bone. Seno e tla nna go sotliwa ga bone mo lefatsheng la Egepeto.”

OCTOBER 23-29

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | HOSEA 8-14

“Direla Jehofa ka Pelo ya Gago Yotlhe”

(Hosea 14:2) Itseeleng mafoko mme lo boele mo go Jehofa. Lona lotlhe, mo reyeng lo re, ‘E kete o ka itshwarela tlolo; mme o amogele se se molemo, mme le rona re tla go isetsa dipowana tsa dipounama tsa rona.

w07 4/1 20 ¶1

Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo

Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore pako ya rona e ka lebiwa e le ditlhabelo tse di ntshediwang Jehofa. Moporofeti Hosea o ne a dirisa polelwana “dipowana tsa dipounama tsa rona” a bontsha gore Modimo o tsaya go mmaka ka dipounama tsa rona e le nngwe ya ditlhabelo tse di molemolemo. (Hosea 14:2) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera jaana: ‘Isetsang Modimo setlhabelo ka ene sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba nna ba tshwaregile thata ba rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba batho ba ditšhaba tsotlhe. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa pako motshegare le bosigo lefatshe lotlhe.—Tshenolo 7:15.

(Hosea 14:4) “Ke tla fodisa go sa ikanyegeng ga bone. Ke tla ba rata ka go rata ga me, ka gonne bogale jwa me bo boile kwa go ene.

w11 2/15 16 ¶15

Go Amogelwa ke Modimo go Isa Botshelong Jo bo Sa Khutleng

15 Poo e ne e le phologolo ya tlhwatlhwa e e kwa godimo go di gaisa tsotlhe e Moiseraele a neng a ka e ntshetsa Jehofa. Ka jalo, polelwana “dipowana tsa dipounama tsa rona” e ne e raya mafoko a a tswang pelong a a akanyeditsweng sentle a a neng a buiwa go baka Modimo wa boammaaruri. Jehofa o ne a ikutlwa jang ka ba ba neng ba ntsha ditlhabelo tse di ntseng jalo? O ne a re: “Ke tla ba rata ka go rata ga me.” (Hos. 14:4) Jehofa o ne a itshwarela ba ba neng ba mo ntshetsa ditlhabelo tse di ntseng jalo tsa pako, a ba amogela mme e nna tsala ya bone.

(Hosea 14:9) Ke mang yo o botlhale, gore a tle a tlhaloganye dilo tseno? Yo o bonokopela, gore a tle a di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone; mme batlodi ke bone ba tla kgotšwang mo go tsone.

jd 87 ¶11

Direla Jehofa Go ya Ka Melao ya Gagwe ya Maemo a a Kwa Godimo

11 Gape Hosea 14:9 e re bontsha melemo ya go latela tsela e e siameng. Re solegelwa molemo thata fa re tshela ka melao ya Modimo. E re ka e le ene Mmopi, o itse kafa re bopegileng ka teng. Se a lebeletseng gore re se dire, se tla re solegela molemo. Re ka tshwantsha kamano ya rona le Modimo le koloi le motlhami wa yone. Modiri wa koloi o itse kafa e dirilweng ka teng le kafa e momagantsweng ka teng. O a itse gore koloi eno e tshwanetse go tshelwa oli e ntšha gangwe le gape. Go ne go ka direga eng fa o ne o ka itlhokomolosa seo, gongwe o re koloi ga e na bothata? Enjene e ne e tla senyega e bo e swa ka bonako go feta jaaka fa e ka bo e tlhokometswe. Go ntse jalo le ka batho. Mmopi wa rona o re neile ditaelo. Fa re di latela re solegelwa molemo. (Isaia 48:17, 18) Fa re lemoga gore tota re solegelwa molemo, re nna le mabaka a a oketsegileng a go tshela ka melao ya gagwe.—Pesalema 112:1.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Hosea 10:12) Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato. Itlhagoleleng lefatshe le le siametseng go lengwa, fa go na le nako ya go batla Jehofa go fitlha a tla mme a lo ruta ka tshiamo.

w05 11/15 28 ¶7

“Ditsela Tsa ga Jehofa di Thokgame”

7 Fa re direla Jehofa ka tsela e e siameng le e e seng ya boitimokanyo, o tla re bontsha bopelonomi jwa lorato kana lorato lo lo ikanyegang. Baiseraele ba ba boikepo ba ne ba laelwa jaana: “Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato. Itlhagoleleng lefatshe le le siametseng go lengwa, fa go na le nako ya go batla Jehofa go fitlha a tla mme a lo ruta ka tshiamo.”—Hosea 10:12.

(Hosea 11:1) “Fa Iseraele e ne e le mosimanyana, ke ne ka mo rata, mme ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.

w11 8/15 10 ¶10

Ba Ne Ba Leta Mesia

10 Fela jaaka Baiseraele, Mesia o ne a tla ntshiwa kwa Egepeto. (Hos. 11:1) Pele ga Herode a ntsha taelo ya gore bana ba bolawe, moengele o ne a laela gore Josefa, Maria le Jesu ba ye kwa Egepeto. Ba ne ba nna koo “go fitlha Herode aa swa, gore go diragadiwe se se neng sa buiwa ke Jehofa ka moporofeti wa gagwe [Hosea], a re: ‘Ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.’” (Math. 2:13-15) Ke boammaaruri gore Jesu ka boene o ne a ka se ka a laola ditiragalo tse di boleletsweng pele tse di malebana le go tsholwa ga gagwe le botshelo jwa gagwe fa a ne a le monnye.

Mmalo wa Baebele

(Hosea 8:1-14) “Mo molomong wa gago—baya lonaka! Go na le yo o tlang jaaka ntsu kgatlhanong le ntlo ya ga Jehofa, ka lebaka la gore ba tlodile kgolagano ya me, le molao wa me ba o tlodile. 2 Ba nna ba ntse ba lelela kwa go nna ba re, ‘Oo Modimo wa me, rona, Iseraele, re go itsile.’ 3 “Iseraele o latlhile molemo. A yo e leng mmaba a mo latelele. 4 Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka ntlha ya me. Ba tlhomile dikgosana, mme ga ke a ka ka itse ka gone. Ba itiretse medingwana ka selefera ya bone le gouta ya bone, mo go neng ga felela ka gore ba kgaolwe. 5 Namane ya gago e latlhilwe, wena Samarea. Bogale jwa me bo ba tuketse. Ba tla nna ba palelwa ke go tlhoka molato ka lobaka lo lo kae? 6 Gonne go ne go na le seno go tswa kwa Iseraele. Se dirilwe ke modiri fela yo o setswerere, mme ga se Modimo; gonne namane ya Samarea e tla nna diphatsa fela. 7 “Gonne ba nna ba jala phefo, mme ba tla roba phefo ya matsubutsubu. Ga go na sepe se se nang le dijo tsa ditlhaka tse di emeng. Ga go na letlhogela lepe le le tlhagisang bupi. Fa go ka direga gore lengwe le bo tlhagise, batswakwa ba tla bo kometsa. 8 “Iseraele o tshwanetse go komediwa. Jaanong ba tshwanetse go nna gareng ga merafe, jaaka sejana se se sa kgatlhiseng. 9 Gonne ba tlhatlogetse kwa Asiria, jaaka pitse ya naga e e itlhaotseng. Fa e le Eferaime ene, ba thapile baratiwa. 10 Gape, le fa gone ba nna ba ba thapa mo merafeng, jaanong ke tla ba phutha mmogo; mme ba tla nna mo ditlhabing tse di botlhoko thata ka lobakanyana ka ntlha ya mokgweleo wa kgosi le dikgosana. 11 “Gonne Eferaime o ntsifaditse dibeso e le gore a tle a leofe. Jaanong o na le dibeso gore a tle a leofe. 12 Ke ne ka mo kwalela dilo di le dintsi tsa molao wa me; ba ne ba kaiwa fela jaaka selo se se sa tlwaelegang. 13 Ba ne ba nna ba ntsha nama setlhabelo e le ditlhabelo tsa me tsa mpho, mme ba nna ba ja se Jehofa a neng a sa se ipelele. Jaanong o tla gakologelwa tlolo ya bone a ba a dira gore ba ikarabelele maleo a bone. Ba ne ba boela kwa Egepeto. 14 Mme Iseraele a simolola go lebala Modiri wa gagwe mme a aga ditempele; fa e le Juda ene, o ne a ntsifatsa metse e e sireletsegileng. Ruri ke tla romela molelo kwa metseng ya gagwe mme o tla laila ditora tsa bonno tsa motse mongwe le mongwe.”

OCTOBER 30–NOVEMBER 5

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOELE 1-3

“Bomorwaalona le Bomorwadialona ba Tla Porofeta”

(Joele 2:28, 29) “Mme morago ga moo go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo. 29 Mme mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng.

w02 8/1 15 ¶4-5

Go Tlhotlhelediwa ke “Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo”

4 Kwantle ga go senya nako, barutwa ba ba neng ba le kwa Jerusalema fa ba sena go amogela moya o o boitshepo, ba ne ba se ka ba senya nako go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, ba simolola ka boidiidi jo bo neng bo phuthegile mo mosong oo. Thero ya bone e ne ya diragatsa boporofeti jo bo botlhokwa jo Joele morwa Pethuele a neng a bo kwadile makgolo a le robedi a dingwaga pele ga moo, a re: “go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo. Mme mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng. . . . pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla.”—Joele 1:1; 2:28, 29, 31; Ditiro 2:17, 18, 20.

5 A seno se ne se raya gore Modimo o ne a tlile go tlhoma kokomana ya baporofeti ba banna le ba basadi ka tsela e a neng a tlhoma Dafide, Joele le Debora a bo a ba dirisa go bolelela pele isagwe? Nnyaa. ‘Barwa le barwadi, batlhanka le malata’ ba e leng Bakeresete ba tla porofeta ka tsela ya gore, moya wa ga Jehofa o tla ba tlhotlheletsa go bolela “dilo tse dikgolo” tse Jehofa a di dirileng le tse a sa ntseng a tla di dira. Ka jalo ba ne ba tla nna babueledi ba Mogodimodimo. Mme gone boidiidi bo ne jwa tsibogela seo jang?—Bahebera 1:1, 2.

jd 167 ¶4

“Bolelang Seno mo Ditšhabeng”

4 Leba kgang eno ka tsela e nngwe. Jehofa Modimo o ne a bolelela moporofeti Joele ka nako e ka yone batho ba mefuta yotlhe ba neng ba tla porofeta, jaaka go ka tualo: “Morago ga moo go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo.” (Joele 2:28-32) Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a dirisa temana eno a bua ka nako ya fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo bathong ba ba neng ba kokoane mo phaposing e e kwa godimo mo Jerusalema mme morago ga moo ba bo ba rera “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 1:12-14; 2:1-4, 11, 14-21) Jaanong akanya ka motlha wa rona. Boporofeti jwa ga Joele bo ntse bo diragadiwa ka tsela e kgolwane fa e sa le kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya—banna le basadi, bagolo le basha—ba ne ba simolola go “porofeta,” ke gore, go bolela “dilo tse dikgolo tsa Modimo,” go akaretsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi, jo jaanong bo tlhomilweng kwa magodimong.

(Joele 2:30-32) “Mme ke tla dira dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le dithogomosi tsa mosi. 31 Letsatsi ka bolone le tla fetolwa lefifi, le ngwedi madi, pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla. 32 Mme go tla diragala gore mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola; gonne kwa Thabeng ya Siona le kwa Jerusalema go tla nna le ba ba falotseng, fela jaaka Jehofa a boletse, le mo bafaloding, ba Jehofa a ba bitsang.”

w07 10/1 13 ¶2

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

2:32—Go kaya eng go ‘bitsa leina la ga Jehofa’? Go bitsa leina la Modimo go raya go itse leina leo, go le tlotla thata, go ikaega ka mong wa lone mmogo le go mo ikanya.—Baroma 10:13, 14.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Joele 2:12, 13) “Jaanong gape,” go bua Jehofa, “boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe, le ka go itima dijo le ka go lela le ka go hutsafala. 13 Mme lo gagoganye dipelo tsa lona, e seng diaparo tsa lona; mme lo boele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle le kutlwelobotlhoko, o bonya go galefa e bile o tletse bopelonomi jwa lorato, mme ruri o tla ikwatlhaya ka ntlha ya masetlapelo.

w07 10/1 13 ¶5

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

2:12, 13. Boikwatlhao jwa mmatota bo tshwanetse go tswa pelong. Bo akaretsa go ‘gagoganya dipelo tsa rona’ tsa kafa teng e seng go ‘gagoganya diaparo’ tsa rona tsa kafa ntle.

(Joele 3:14) Boidiidi, boidiidi bo mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo, gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo.

w07 10/1 13 ¶3

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose

3:14—‘Lebala le le kwa tlase la katlholo’ ke eng? Ke lefelo la tshwantshetso la go diragatsa katlholo ya Modimo. Mo metlheng ya Kgosi ya Juda, Jehoshafate, yo leina la gagwe le kayang “Jehofa ke Moatlhodi,” Modimo o ne a golola Juda mo ditšhabeng tse di neng di ba dikologile ka go tlhakatlhakanya masole a tsone. Ke gone ka moo gape lefelo leo le bidiwang ‘lebala le le kwa tlase la Jehoshafate.’ (Joele 3:2, 12) Mo motlheng wa rona le emela lefelo la tshwantshetso le ditšhaba di tla thubaganngwang kwa go lone jaaka morara mo segatisetsong sa beine.—Tshenolo 19:15.

Mmalo wa Baebele

(Joel 2:28–3:8) “Mme morago ga moo go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo. 29 Mme mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng. 30 “Mme ke tla dira dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le dithogomosi tsa mosi. 31 Letsatsi ka bolone le tla fetolwa lefifi, le ngwedi madi, pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla. 32 Mme go tla diragala gore mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola; gonne kwa Thabeng ya Siona le kwa Jerusalema go tla nna le ba ba falotseng, fela jaaka Jehofa a boletse, le mo bafaloding, ba Jehofa a ba bitsang.”

3 “Gonne bonang! mo malatsing ao le mo nakong eo, fa ke tla bo ke busa batshwarwa ba Juda le ba Jerusalema, 2 gape ke tla phutha ditšhaba tsotlhe mmogo ke bo ke di folosetsa kwa lebaleng le le kwa tlase la Jehoshafate; mme ke tla tsena le bone mo katlholong gone koo ka ntlha ya batho ba me le boswa jwa me e leng Iseraele, yo ba mo gasamisitseng mo ditšhabeng; mme ba ikgaoganyetsa lefatshe la me. 3 Ba ne ba nna ba latlhela batho ba me bola; ba ananya ngwana wa mosimane ka seaka, mme ngwana wa mosetsana ba mo rekise ka beine, gore ba nwe. 4 “Mme gape, lo dirang ka nna, lona Ture le Sidona le lona dikgaolo tsotlhe tsa Filisitia? A ke tsela e lo ntshwarang ka yone e le go ntuela? Mme fa lo ntshwara ka tsela e e ntseng jalo, ke tla lefetsa tsela e lo ntshwarang ka yone mo godimo ga ditlhogo tsa lona ka bofefo le ka bonako. 5 Ka gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me, e bile lo tlisitse dilo tsa me tse di molemo tse di eletsegang mo teng ga ditempele tsa lona; 6 mme bomorwa Juda le bomorwa Jerusalema lo ba rekiseditse barwa ba Bagerika, ka boikaelelo jwa go ba tlosetsa kgakala le karolo ya bone ya naga; 7 bonang, ke a ba kurusa gore ba tswe mo lefelong le lo ba rekisitseng mo go lone, mme ke tla lefetsa tsela e lo ntshwarang ka yone mo godimo ga ditlhogo tsa lona. 8 Mme ke tla rekisetsa bomorwaalona le bomorwadialona mo seatleng sa bomorwa Juda, mme ba tla ba rekisetsa banna ba Sheba, e leng setšhaba se se kwa kgakala; gonne Jehofa ka nosi o go buile.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela