Ba rera kwa mmarakeng kwa Sierra Leone
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TSOGANG!
Potso: Goreng maemo a lefatshe a nnela maswe go ya pele?
Temana: Jer 10:23
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono o tlhalosa mabaka a go bo batho ba le bantsi ba dumela gore go tla nna le bokamoso jo bo itumedisang.
TSOGANG!
Potso: A Modimo o na le leina?
Temana: Pes 83:18
Fa o mo naya kgatiso: Setlhogo seno se tlhalosa gore leina la Modimo le kaya eng le gore ke eng fa re tshwanetse go le dirisa. [Bula setlhogo se se reng “Baebele ya Reng—Leina la Modimo.”]
RUTA BOAMMAARURI
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.