LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 January ts. 8
  • O ka Agisanya Jang Pele le Mokaulengwe wa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Agisanya Jang Pele le Mokaulengwe wa Gago?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se O ka Se Dirang fa o Kgopisa ba Bangwe
    Tsogang!—1996
  • O ka Rarabolola Jang Dikgotlhang ka Lorato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • O Rarabolola Jang Dikgotlhang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • O se Ka wa Kgopisa “ba Bannye Bano”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 January ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Agisanya Jang Pele le Mokaulengwe wa Gago?

Monna a tlogela phologolo fa sebesong a bo a ya go agisanya le mokaulengwe wa gagwe

A re re o nna kwa Galalea ka nako ya ga Jesu. O ile kwa Jerusalema go ya go keteka Moletlo wa Diobo. Motse wa Jerusalema o phophoma ka batho ba le bone ba tswang kgakala go tla go keteka moletlo ono. O mo tseleng go ya go ntshetsa Jehofa setlhabelo. O tsaya podi e o tlileng go e ntsha setlhabelo o bo o ralala motse o o phophomang ka batho o leba kwa tempeleng. Fa o fitlha kwa tempeleng, go tletse batho ba le bone ba tlileng go ntshetsa Jehofa ditlhabelo. Jaanong ke nako ya gore o neye baperesiti podi gore ba e ntshe setlhabelo. Ka yone nako eo, o gopola gore o kgopisitse mokaulengwe wa gago yo le ene a tlileng mo moletlong ono. Jesu o re bolelela se re tshwanetseng go se dira. (Bala Mathaio 5:24.) Wena le mokaulengwe yo o mo kgopisitseng lo ka dirang go latela taelo ya ga Jesu ya gore lo agisane pele? Re tlile go tlhalosa boemo jo re ka lebanang le jone mme tshwaya karabo e e siameng.

O TSHWANETSE . . .

  • go bua le mokaulengwe wa gago fa o akanya gore se o se dirileng se mo kgopisitse

  • go leka go mmontsha gore o kgopisega ka bonako kgotsa gore le ene go na le sengwe se se phoso se a se dirileng

  • go mo reetsa ka kelotlhoko fa a tlhalosa maikutlo a gagwe le fa o ka tswa o sa mo tlhaloganye, go tswa foo, kopa maitshwarelo go bo o mo utlwisitse botlhoko, kgotsa mmolelele gore e ne e se maikaelelo a gago go mo utlwisa botlhoko

YO O KGOPISEGILENG O TSHWANETSE . . .

  • go bolelela ba bangwe mo phuthegong ka se o se mo dirileng

  • go go kgala ka se o se dirileng, a bue sengwe le sengwe se se diragetseng le go go dira gore o ipone molato

  • go lemoga boikokobetso jwa gago le gore go go tsere bopelokgale go tla kwa go ene go mo kopa gore a go itshwarele

Le fa re sa tlhole re ntsha ditlhabelo tsa diphologolo, Jesu o ne a re ruta eng malebana le go dira kagiso le ba bangwe le tsela e go dira jalo go amang kobamelo ya rona ka yone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela