BOTSHELO JWA BOKERESETE
Melemo ya go Rera Lefatshe ka Bophara re Dirisa Dikolotsana Tsa go Rera
Ditiro kgaolo 5 e tlhalosa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rera thata kwa tempeleng ka gonne ba ne ba kgona go rerela batho ba le bantsi teng. (Dit 5:19-21, 42) Gompieno go nnile le melemo e mentsi ya go rerela batho ka dikolotsana mo mafelong a go nang le batho ba bantsi teng.
LEBELELA BIDIO YA MELEMO YA GO RERA LEFATSHE KA BOPHARA RE DIRISA DIKOLOTSANA TSA GO RERA, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Thulaganyo ya go rera ka dikolotsana e simolotse leng e bile e simolotse jang?
Melemo ya go rera re dirisa dikolotsana, go na le ditafole ke efe?
Maitemogelo a ga Mi Jung You a re ruta eng?
Maitemogelo a ga Jacob Salomé a re bontsha melemo efe ya go rera re dirisa dikolotsana?
Maitemogelo a ga Annies le monna wa gagwe a re ruta eng ka go rera re dirisa dikolotsana?