Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
JUNE 3-9
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAGALATIA 4-6
“Re ka Ithuta Eng mo ‘Tiragalong ya Tshwantshetso’?”
(Bagalatia 4:24, 25) Dilo tseno di eme e le tiragalo ya tshwantshetso; gonne basadi bano ba kaya dikgolagano tse pedi, e nngwe go tswa Thabeng ya Sinai, e e tsalelang bana botlhanka, e e leng Hagare. 25 Jaanong Hagare yono o kaya Sinai, thaba e e kwa Arabia, mme o tshwana le Jerusalema gompieno, gonne o mo botlhankeng le bana ba gagwe.
it-1-E 1018 ¶2
Hagare
Go ya ka moaposetoloi Paulo, mo tiragalong ya tshwantshetso, Hagare o ne a emela setšhaba sa Iseraele ka nako e ba neng ba latela Molao wa kgolagano. Kgolagano eno e ne ya dirwa kwa Thabeng ya Sinai, mme ke yone e e ileng ya dira gore Baiseraele e nne bana ba ba tsaletsweng mo botlhankeng. Baiseraele ba ne ba se ka ba ikobela kgolagano eno ka gonne ba ne ba na le boleo. Go ya ka kgolagano eno, Baiseraele ba ne ba sa gololwa mo boleong mme e ne e le baleofi ba ba tshwanelwang ke loso, ke ka moo gotweng e ne e le batlhanka. (Joh 8:34; Bar 8:1-3) Mo motlheng wa ga Paulo, Hagare le bana ba gagwe ba emela Baiseraele ba ba neng ba le mo botlhankeng kwa Jerusalema. Mosadi wa Modimo wa tshwantshetso o emela “Jerusalema o o kwa godimo” mme bana ba gagwe ke Bakeresete ba ba tloditsweng. Jerusalema ono o o kwa godimo, ga a ise a ko a nne mo botlhankeng fela jaaka Sara mme le bana ba gagwe ba golotswe mo boleong ka gonne Jesu a ntshitse botshelo jwa gagwe setlhabelo. Mme fela jaaka Ishemaele a ne a bogisa Isake, bana ba Jerusalema o o mo botlhankeng ba ne ba bogisa bana ba “Jerusalema o o kwa godimo.” Gape fela jaaka Hagare le morwawe ba ile ba lelekwa, Jehofa le ene o ile a latlha setšhaba sa Iseraele.—Bag 4:21-31; bona le Joh 8:31-40.
(Bagalatia 4:26, 27) Mme Jerusalema o o kwa godimo o gololesegile, mme ke mmaarona. 27 Gonne go kwadilwe ga twe: “Itumele, wena mosadi yo o moopa yo o sa belegeng; ponyega o bo o goele kwa godimo, wena mosadi yo o se nang ditlhabi tsa pelegi; gonne bana ba mosadi yo o kgakgabetseng ba bantsi ka palo go feta ba yo o nang le monna.”
Nna le Tumelo E e Sa Reketleng mo Bogosing
11 Le fa kgolagano ya ga Aborahame e ne ya diragadiwa ka tsela ya mmatota mo ditlogolwaneng tsa ga Aborahame fa di ne di newa boswa jwa Lefatshe le le Solofeditsweng, Dikwalo di bontsha gore dintlha tsa kgolagano eo di diragadiwa le ka tsela ya semoya. (Bagal. 4:22-25) Mo tiragatsong eno e kgolwane, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa gore a tlhalose, karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame ke Keresete mme karolo ya bobedi ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000. (Bagal. 3:16, 29; Tshen. 5:9, 10; 14:1, 4) Mosadi yo o tsholang losika ke “Jerusalema o o kwa godimo”—karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo, e leng dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya. (Bagal. 4:26, 31) Fela jaaka kgolagano ya ga Aborahame e solofeditse, losika lwa mosadi lo ne lo tla leretse batho masego.
(Bagalatia 4:28-31) Jaanong rona, bakaulengwe, re bana ba tsholofetso fela jaaka go ne go ntse jalo ka Isake. 29 Mme fela jaaka ka nako eo yo o tsetsweng kafa mokgweng wa nama a ne a simolola go bogisa yo o tsetsweng kafa mokgweng wa moya, go ntse jalo le jaanong. 30 Le fa go ntse jalo, Lokwalo lwa reng? “Koba lelata leno le morwalone, gonne morwa lelata leno ga a kitla a nna moruaboswa ka gope le morwa mosadi yo o gololesegileng.” 31 Ka jalo bakaulengwe, re bana, e seng ba lelata, mme ba mosadi yo o gololesegileng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bagalatia 4:6) Jaanong ka gonne lo le bana, Modimo o rometse moya wa Morwaone mo dipelong tsa rona mme o goa o re: “Aba, Rara!”
A o Ne o Itse?
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bitsa Jehofa “Aba, Rra” fa a ne a mo rapela?
Lefoko la Searamaika ʼab·baʼʹ le ka kaya “rra” kgotsa “Wena Rara.” Mo lekgetlong lengwe le lengwe mo go a le mararo a lefoko leno le tlhagang mo Dikwalong ka lone, le dirisiwa fa go rapelwa mme le lebisitswe kwa go Rre yo o kwa legodimong e bong Jehofa. Lefoko leno le kayang?
The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana: “Fa go ne go tlotliwa mo motlheng wa ga Jesu, lefoko leno ʼabbāʼ le ne le dirisiwa go bontsha botsalano jo bogolo e bile le dirisiwa ke bana go bontsha gore ba tlotla borraabone.” E ne e le tsela e e rategang e motho a neng a bua le rraagwe ka yone e bile e le mafoko a ntlha a ngwana a neng a ithuta go a bua. Jesu o ne a dirisa lefoko leno segolobogolo fa a ne a rapela Rraagwe ka tlhoafalo. Kwa tshimong ya Gethesemane, diura di se kae fela pele Jesu a swa, o ne a bitsa Jehofa ka mafoko a a reng “Aba, Rra” fa a rapela.—Mareko 14:36.
Saetlopedia e go builweng ka yone fa godimo e tswelela ka go re: “E re ka go ne go sa tlwaelega go dirisa leina ʼAbbāʼ mo dibukeng tsa Bajuda tsa mo motlheng wa Bagerika le Baroma fa go buiwa ka Modimo, go ne go lebega e le go tlhoka tlotlo go bua le Modimo ka tsela eno e e neng e tlwaelegile.” Le fa go ntse jalo, “go dirisa ga ga Jesu lefoko leno fa a rapela ke sesupo sa gore o ne a na le kamano e e gaufi thata le Modimo.” Go tlhaga ga lefoko leno “Aba” mo ditemaneng tse dingwe tse pedi—tse ka bobedi jwa tsone di kwadilweng ke moaposetoloi Paulo—go bontsha gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba le dirisa fa ba rapela.—Baroma 8:15; Bagalatia 4:6.
(Bagalatia 6:17) Go tloga jaanong a go se ka ga nna le yo o ntshwenyang, gonne mo mmeleng wa me ke na le matshwao a pabolo a motlhanka wa ga Jesu.
A o Ne o Itse?
Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka eng fa a ne a re o na le “matshwao a pabolo a motlhanka wa ga Jesu” mo mmeleng wa gagwe?—Bagalatia 6:17.
▪ Batho ba ba neng ba reeditse Paulo mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ka tlhaloganya mafoko a gagwe ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, mo metlheng ya bogologolo, go ne go dirisiwa tshipi e e fisang go tshwaya magolegwa a ntwa, batho ba ba neng ba thukhutha ditempele le batshabi ba e neng e le makgoba. Fa letshwao leo le dirilwe mo mothong le ne le dira gore a nyatsege.
Le fa go ntse jalo, matshwao a pabolo a ne a sa tsewe e le selo se se nyatsegang ka dinako tsotlhe. Ditšhaba di le dintsi tsa bogologolo di ne di a dirisetsa go bontsha gore motho ke wa lotso lofe kgotsa ke wa bodumedi bofe. Ka sekai, go ya ka Theological Dictionary of the New Testament, Basiria ba ne ba ineela mo medimong e e bidiwang Hadad le Atargatis ka go ipabola matshwao mo lelokololong la seatla kgotsa mo thamong . . . Motho yo o obamelang Dionysus o ne a babolwa letshwao la lekakaba la setlhatshana sa ivy.”
Batho ba le bantsi ba ba akgelang ka Baebele gompieno ba tsaya gore Paulo o ne a bua ka mabadi a a neng a na le one ka ntlha ya go sotliwa fa a ne a dira tiro ya gagwe ya borongwa ya Bokeresete. (2 Bakorintha 11:23-27) Le fa go ntse jalo, gongwe Paulo o ne a kaya gore tsela ya gagwe ya botshelo—e seng matshwao ape a mmatota—e ne e mo tlhaola e le Mokeresete.
Mmalo wa Baebele
(Bagalatia 4:1-20) Jaanong ka re fa fela moruaboswa a le losea ga a farologane ka gope le motlhanka, le fa e le morena wa dilo tsotlhe, 2 mme o kafa tlase ga banna ba ba nang le taolo le kafa tlase ga balebedi go fitlha ka letsatsi le rraagwe a le tlhomileng go sa le pele. 3 Ka tsela e e tshwanang le rona, fa re ne re le masea, re ne ra tswelela re dirilwe batlhanka ke dilo tsa tshimologo tse e leng tsa lefatshe. 4 Mme e rile tekanyetso e e feletseng ya nako e goroga, Modimo a romela Morwawe, yo o neng a tswa mo mosading le yo o neng a nna tlase ga molao, 5 gore a golole ka theko ba ba leng tlase ga molao, gore le rona, re tle re amogelwe jaaka bana. 6 Jaanong ka gonne lo le bana, Modimo o rometse moya wa Morwaone mo dipelong tsa rona mme o goa o re: “Aba, Rara!” 7 Jalo he, ga o tlhole o le motlhanka mme o morwa; mme fa o le morwa, gape o moruaboswa ka Modimo. 8 Le fa go ntse jalo, fa lo ne lo sa itse Modimo, ke yone nako e lo neng lo le batlhanka mo go ba ka tlholego e seng medimo. 9 Mme e re ka jaanong lo simolotse go itse Modimo, kgotsa go na le moo e re ka jaanong lo simolotse go itsiwe ke Modimo, go tla jang gore lo bo lo boela gape kwa dilong tse di bokoa le tsa lehumanyana tsa tshimologo lo bile lo batla go nna batlhanka ba tsone gape? 10 Lo boloka malatsi le dikgwedi le dipaka le dingwaga ka kelotlhoko e kgolo. 11 Ke a lo boifela, gore ka tsela nngwe ke dirile ka natla ke direla lefela mabapi le lona. 12 Bakaulengwe, ke a lo kopa, Nnang jaaka ke ntse, ka gonne le nna ke kile ka bo ke ntse jaaka lo ntse. Ga lo a ntirela phoso epe. 13 Mme lo a itse gore e ne e le ka pobolo ya nama ya me ke neng ka lo bolelela dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha. 14 Mme se e neng e le teko mo go lona mo nameng ya me, ga lo a ka lwa se tshwara ka lenyatso kgotsa lwa se kgwela mathe ka go feroga sebete; mme lo ne lwa nkamogela jaaka moengele wa Modimo, jaaka Keresete Jesu. 15 Jaanong bo kae boitumelo jole jo lo neng lo na le jone? Gonne ke a lo supela gore, fa go ka bo go ne go kgonegile, lo ka bo lo ne lwa gonya matlho a lona mme lwa a nnaya. 16 Mme jaanong, a ke fetogile mmaba wa lona ka gonne ke lo bolelela boammaaruri? 17 Ba lo batla ka tlhoafalo, e seng ka tsela e e molemo, mme ba batla go lo kgaoganya le nna, gore lo tle lo batle bone ka tlhoafalo. 18 Le fa go ntse jalo, go molemo gore lo batliwe ka tlhoafalo ka ntlha ya se se molemo ka dinako tsotlhe, mme e seng fela fa ke na le lona, 19 bana ba me ba bannye, ba gape ke leng mo ditlhabing tsa pelegi ka bone go fitlha Keresete a bopiwa mo go lona. 20 Mme ke ne ke ka eletsa go bo ke na le lona gone fela jaanong ke bo ke bue ka tsela e sele, ka gonne ke akabetse ka ntlha ya lona.
JUNE 10-16
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAEFESO 1-3
“Tsela e Jehofa a Rulaganyang Dilo ka Yone”
(Baefeso 1:8, 9) O ne a dira gore seno se re ntsifalele ka botlhale jotlhe le tlhaloganyo e e molemo, 9 e leng gore o ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela
it-2-E 837 ¶4
Sephiri se se Boitshepo
Bogosi Jwa ga Mesia. Makwalo a ga Paulo a tlhalosa ka botlalo gore sephiri se se boitshepo sa ga Keresete ke eng. Mo go Baefeso 1:9-11, o tlhalosa gore Modimo o ne a itsise “sephiri se se boitshepo” sa thato ya gagwe. O ne a re: “Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng. Ee, mo go ene, yo gape re neng ra abelwa go nna baruaboswa re le seoposengwe le ene, e leng gore re ne ra tlhomamisiwa e sale pele go ya ka boikaelelo jwa yo o dirang dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone.” Bogosi Jwa Modimo jo Mesia a tla busang mo go jone, ke karolo ya ‘sephiri seno se se boitshepo.’ “Dilo tse di kwa magodimong” tse Paulo a buang ka tsone ke ba ba tla busang le Keresete mo Bogosing joo. Mme “dilo tse di mo lefatsheng” ke ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi joo. Jesu o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore Bogosi ke karolo ya sephiri se se boitshepo fa a ne a re: “Lona lo neetswe sephiri se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo.”—Mar 4:11.
(Baefeso 1:10) go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng. Ee, mo go ene,
Jehofa o Kokoanya Lelapa la Gagwe
3 Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.” (Dute. 6:4) Ditiro tsa ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe di a tsamaisana. Ka jalo, “fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela,” Modimo o tla dira gore “tsamaiso” ya gagwe e dire ka botlalo—ke go re thulaganyo ya go kopanya dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale. (Bala Baefeso 1:8-10.) Tsamaiso eno e tla diragatsa boikaelelo jwa yone ka dikgato tse pedi. Kgato ya ntlha e tla baakanyetsa phuthego ya batlodiwa botshelo kwa legodimong ba laolwa ke Tlhogo ya bone ya semoya e bong Jesu Keresete. Kgato eno e simolotse ka Pentekosete 33 C.E. fa Jehofa a ne a simolola go kokoanya ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong. (Dit. 2:1-4) E re ka batlodiwa ba boletswe ba siametse botshelo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, ba amogela gore ba tsewa e le “bana ba Modimo.”—Bar. 3:23, 24; 5:1; 8:15-17.
4 Kgato ya bobedi e baakanyetsa batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng la Paradaise ba laolwa ke Bogosi jwa ga Keresete jwa Bomesia. “Boidiidi jo bogolo” ke karolo ya ntlha ya setlhopha seno. (Tshen. 7:9, 13-17; 21:1-5) Ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete, dibilione tsa batho ba ba tsositsweng ba tla tshela mmogo le boidiidi jo bogolo. (Tshen. 20:12, 13) Akanya fela kafa tsogo e tla re nayang ditshono tse dintsi ka gone go bontsha kutlwano! Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, “dilo tse di mo lefatsheng” di tla lebana le teko ya makgaolakgang. Ba ba tla ikanyegang ba tla tsewa e le “bana ba Modimo” ba mo lefatsheng.—Bar. 8:21; Tshen. 20:7, 8.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Baefeso 3:13) Ka gone ke lo kopa gore lo se ka lwa lesa ka ntlha ya dipitlagano tseno tsa me mo boemong jwa lona, gonne tseno di kaya kgalalelo mo go lona.
Se Letle Sepe se go Thibela go Bona Kgalalelo
15 Go dira thato ya ga Jehofa ka tlhoafalo go thusa ba bangwe gore ba bone kgalalelo. Paulo o ne a kwalela phuthego ya Efeso jaana: “Ke lo kopa gore lo se ka lwa lesa ka ntlha ya dipitlagano tseno tsa me mo boemong jwa lona, gonne tseno di kaya kgalalelo mo go lona.” (Baef. 3:13) Dipitlagano tsa ga Paulo di ne di “kaya kgalalelo” ka tsela efe mo Baefesong? Boikemisetso jwa ga Paulo jwa go tswelela a ba direla go sa kgathalesege diteko tse a neng a lebana le tsone, bo ne jwa bontsha Baefeso gore tshiamelo e ba neng ba na le yone ya go nna Bakeresete e ne e le botlhokwa thata e bile e na le boleng jo bo kwa godimo. Fa Paulo a ka bo a ile a ineela fa a lekwa, a seno se ne se ka se bontshe Baefeso gore kamano e ba neng ba na le yone le Jehofa, bodiredi jwa bone le tsholofelo ya bone e ne e se botlhokwa? Boitshoko jwa ga Paulo bo ne bo tlotlomatsa Bokeresete le go bontsha gore o ikeetleeditse go nna morutwa go sa kgathalesege gore o lebana le eng.
(Baefeso 3:19) le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso, gore lo tle lo tladiwe ka botlalo jotlhe jo Modimo a bo nayang.
“Go Itse Lorato Lwa ga Keresete”
21 Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “go itse” le kaya go “itse selo ka tsela ya mmatota go ya ka se se go diragaletseng.” Fa re bontsha lorato ka tsela e Jesu a neng a le bontsha ka yone—re intshetsa batho ba bangwe setlhabelo ka bopelotshweu, re ba utlwela botlhoko ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang, re ba itshwarela go tswa pelong—he re tla kgona go tlhaloganya sentle tsela e a neng a ikutlwa ka yone. Ka tsela eo, re tla kgona “go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso,” go ya ka se se re diragaletseng. Mme a re se lebale gore fa re ntse re leka ka natla go tshwana le Keresete, re tla atamalana thata le Modimo wa rona yo o lorato Jehofa, ene yo Jesu a neng a mo etsa ka botlalo.
Mmalo wa Baebele
(Baefeso 1:1-14) Paulo, moaposetoloi wa ga Keresete Jesu ka thato ya Modimo, ke kwalela baitshepi ba ba mo Efeso le ba ba ikanyegang ba ba seoposengwe le Keresete Jesu: 2 E kete lo ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso go tswa kwa Modimong Rraarona le Morena Jesu Keresete. 3 A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne o re segofaditse ka tshegofatso nngwe le nngwe ya semoya mo mafelong a selegodimo seoposengweng le Keresete, 4 fela jaaka a ne a re tlhopha re le seoposengwe le ene pele ga lefatshe le thaiwa, gore re tle re nne boitshepo e bile re se na molato fa pele ga gagwe mo loratong. 5 Gonne o ne a re tlhomamisa e sale pele gore re amogelwe jaaka bana ba gagwe ka Jesu Keresete, kafa boipelong jo bo molemo jwa thato ya gagwe, 6 pakong ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe jo bo galalelang jo a neng a bo re naya ka bopelonomi ka moratiwa wa gagwe. 7 Ka ene, re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. 8 O ne a dira gore seno se re ntsifalele ka botlhale jotlhe le tlhaloganyo e e molemo, 9 e leng gore o ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela 10 go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng. Ee, mo go ene, 11 yo gape re neng ra abelwa go nna baruaboswa re le seoposengwe le ene, e leng gore re ne ra tlhomamisiwa e sale pele go ya ka boikaelelo jwa yo o dirang dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone, 12 gore re tle re direle pako ya kgalalelo ya gagwe, rona ba re nnileng ba ntlha go solofela mo go Keresete. 13 Mme le lona lo ne lwa solofela mo go ene fa lo sena go utlwa lefoko la boammaaruri, e leng dikgang tse di molemo kaga poloko ya lona. Gape ka ene, fa lo sena go dumela, lo ne lwa tshwaiwa ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng, 14 o e leng sesupo sa go sa le gale sa boswa jwa rona, ka boikaelelo jwa go golola thuo [ya Modimo] ka thekololo, pakong ya gagwe e e galalelang.
JUNE 17-23
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAEFESO 4-6
“Aparang Diaparo Tse di Feletseng Tsa Tlhabano Tse di Tswang Kwa Modimong”
(Baefeso 6:11-13) Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo; 12 ka gonne re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo. 13 Ka lebaka leno, aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong, gore lo tle lo kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa lo sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, lo eme lo nitame.
Basha ‘Emang lo Nitame Kgatlhanong le Diabolo’
MOAPOSETOLOI Paulo o ile a tshwantsha Bakeresete le masole. Mme gone, ga re lwe le batho, go na le moo, re lwa le Satane le madimona a gagwe. Satane le madimona ke batlhabani ba ba nonofileng ba ba nang le maitemogelo a le mantsi. Go ka nna ga lebega e kete ga re kitla re fenya ntwa eno. Basha ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing. Ba ka kgona jang go fenya meya eno e e boikepo le e e maatla? Ba ka kgona go fenya e bile tota ba setse ba fenya! Ke eng fa re rialo? Ka gonne ba “bona maatla mo Moreneng.” Le fa go ntse jalo, ga ba a ikaega ka maatla a Modimo fela, gape ba apere diaparo tsa tlhabano. Fela jaaka masole a a thapisitsweng sentle, ba apere “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.”—Bala Baefeso 6:10-12.
(Baefeso 6:14, 15) Jalo, emang lo nitame, lotheka lwa lona lo gatlhilwe ka boammaaruri, mme lo apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, 15 le dinao tsa lona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.
Basha ‘Emang lo Nitame Kgatlhanong le Diabolo’
4 Ka tsela e e tshwanang, boammaaruri jo re bo ithutang mo Lefokong la Modimo bo re sireletsa mo dithutong tsa maaka. (Joh. 8:31, 32; 1 Joh. 4:1) Fa re rata boammaaruri jwa Baebele, go tla nna motlhofo gore re tshele ka melao e e siameng ya Modimo kgotsa gore re apare “seiphemelo sa sehuba.” (Pes. 111:7, 8; 1 Joh. 5:3) Mo godimo ga moo, fa re tlhaloganya boammaaruri, re ka kgona go bo femela fa re kopana le baganetsi.—1 Pet. 3:15.
7 Ruri setshwantsho seno se tlhalosa sentle tsela e melao e e siameng ya ga Jehofa e ka sireletsang pelo ya rona ya tshwantshetso ka gone! (Dia. 4:23) Fela jaaka lesole le ka se tlogele seiphemelo sa sehuba sa tshipi, le bo le tsaya sa metale e e sa nonofang, le rona re ka se tlogele melao ya ga Jehofa re bo re tshela ka melao e re ipeetseng yone. E re ka re sa itekanela, ga re ka ke ra kgona go dira ditshwetso tse di molemo re sa kaelwe ke Jehofa. (Dia. 3:5, 6) Go na le moo, re tshwanetse go tlhomamisa gore seiphemelo sa tshipi se Jehofa a re fileng sone se dutse sentle e bile se sireleditse pelo ya rona.
10 Ditlhako tsa masole a kwa Roma di ne di ba thusa fa ba le kwa ntweng, mme ditlhako tsa tshwantshetso tse Bakeresete ba di rwalang, di ba thusa go rera molaetsa wa kagiso. (Isa. 52:7; Bar. 10:15) Le fa go ntse jalo, go tlhokega bopelokgale gore motho a rere fa tshono e tlhaga. Lekau la dingwaga tse 20 e bong Bo, la re: “Ke ne ke tshaba go rerela baithutimmogo le nna. Ke akanya gore ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Ga ke itse gore tota goreng ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Gone jaanong ke itumelela go ba rerela.”
(Baefeso 6:16, 17) Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone. 17 Gape, amogelang tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo,
Basha ‘Emang lo Nitame Kgatlhanong le Diabolo’
13 Marumo mangwe a Satane a ka go konopang ka one ke maaka ka Jehofa. Satane o batla gore o dumele gore Jehofa ga a go kgathalele le gore ga a go rate. Ida wa dingwaga di le 19 o lwantsha maikutlo a go ipona e se motho wa sepe. A re: “Gantsi ke ne ke tsaya gore Jehofa ga a atamalana le nna le gore ga a batle go nna Tsala ya me.” Ke eng se se mo thusang go itshokela kgwetlho eno? A re: “Dipokano di nonotsha tumelo ya me fela thata. Ke ne ke sa akgele kwa dipokanong ka gonne ke akanya gore ga go na ope yo o batlang go utlwa dikakgelo tsa me. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke baakanyetsa dipokano ke bo ke leka go akgela makgetlo a le mabedi kgotsa a le mararo. Ga go motlhofo mme fa ke sena go akgela ke ikutlwa botoka. Bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba nkgothatsa tota. Nako le nako ke tswa kwa dipokanong ke tlhomamisegile gore Jehofa o a nthata.”
16 Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole, “tsholofelo ya poloko” e sireletsa megopolo le dikakanyo tsa rona. (1 Bathes. 5:8; Dia. 3:21) Tsholofelo e re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo ditsholofetsong tsa Modimo le gore mathata a rona a se ka a re kgoba marapo. (Pes. 27:1, 14; Dit. 24:15) Le fa go ntse jalo, fa re batla gore tlhoro ya rona ya phemelo e re sireletse, re tshwanetse go e rwala mo tlhogong e seng go e tshwara ka seatla.
20 Paulo o tshwantsha Lefoko la Modimo le tšhaka. Mme gone, re tshwanetse go ithuta go e dirisa sentle gore re femele se re se dumelang kgotsa gore re fetole tsela e re akanyang ka yone. (2 Bakor. 10:4, 5; 2 Tim. 2:15) O ka tokafatsa jang tsela e o dirisang Lefoko la Modimo ka yone? Sebastian wa dingwaga di le 21, a re: “Ke kwala temana e le nngwe go tswa mo mmalong wa Baebele. Ke dira lenaane la ditemana tse ke di ratang. Seno se nthusa gore ke tlhaloganye tsela e Jehofa a akanyang ka yone botoka.” Daniel yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Fa ke bala Baebele, ke tlhopha ditemana tse ke akanyang gore di tla thusa batho ba ke kopanang le bone mo bodireding. Ke lemogile gore batho ba kgatlhegela molaetsa wa rona fa ba bona gore re rata Baebele le gore re leka ka natla go ba thusa.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Baefeso 4:30) Gape, lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, o ka one lo tshwaetsweng letsatsi la go gololwa ka thekololo.
it-1-E 1128 ¶3
Boitshepo
Moya o o Boitshepo. Jehofa ke ene a laolang moya wa gagwe o o boitshepo e bile o diragatsa maikaelelo a gagwe ka one. Jehofa o dirisa moya ono go dira dilo tse di siameng. Ke ka moo o bidiwang “moya o o boitshepo.” (Pes 51:11; Luk 11:13; Bar 1:4; Bae 1:13) Moya ono o thusa motho go dira dilo tse di siameng kgotsa tse di dumalanang le thato ya ga Jehofa. Fa motho a dira dilo tse di sa siamang, o gana moya o o boitshepo kgotsa o a o “hutsafatsa.” (Bae 4:30) Moya o o boitshepo o tswa kwa Modimong ka gonne o na le dinonofo tse di molemo. Ka jalo, moya ono o kgona go ‘hutsafala’ fa motho a dira dilo tse di sa siamang ka gonne Modimo le ene o a hutsafala. Fa motho a dira dilo tseno, o “tima molelo wa moya.” (1Bath 5:19) Mme fa a tswelela a dira dilo tseno tse di sa siamang, o a bo a “utlwisa moya wa [Modimo] o o boitshepo botlhoko” mme seno se ka dira gore Modimo a fetoge mmaba wa gagwe. (Isa 63:10) Motho yo o hutsafatsang moya o o boitshepo a ka feleletsa a o tlhapaditse. Jesu Keresete o ne a re motho yo ntseng jalo ga a kitla a itshwarelwa mo motlheng wa gompieno tota le mo nakong e e tlang.—Mat 12:31, 32; Mar 3:28-30.
(Baefeso 5:5) Gonne lo itse seno, ka lo se lemoga ka bolona, gore ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa kgotsa motho yo o pelotshetlha—mo go rayang go nna moobamedi wa medingwana—yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.
it-1-E 1006 ¶2
Bopelotshetlha
Bo Bonala ka Ditiro. Bopelotshetlha bo bonala fa motho a na le keletso e e sa siamang. Jakobe o ne a re fa keletso e e sa siamang e se na go emera kgotsa go gola, e tshola boleo. (Jak 1:14, 15) Ka jalo, motho yo o pelotshetlha o bonwa ka ditiro tsa gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore motho yo o pelotshetlha ke moobamedi wa medingwana. (Bae 5:5) Motho yo o ntseng jalo o dira gore keletso eo e nne modingwana wa gagwe ka gonne o tsaya keletso eno e le botlhokwa thata go feta go obamela Mmopi.—Bar 1:24, 25.
Mmalo wa Baebele
(Baefeso 4:17-32) Seno, ka jalo, ke se bua e bile ke naya bosupi ka sone mo Moreneng, gore lo se ka lwa tlhola lo tswelela lo tsamaya fela jaaka ditšhaba le tsone di tsamaya mo go tlhokeng mosola ga megopolo ya tsone, 18 fa ba ntse ba le mo lefifing mo mogopolong, e bile ba kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo, ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka ntlha ya go kgwaralala ga dipelo tsa bone. 19 Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru. 20 Mme lona ga lo a ithuta Keresete a ntse jalo, 21 fa e le gore, eleruri, lo ne lwa mo utlwa e bile lo ne lwa rutwa ka ene, fela jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu, 22 gore lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang; 23 mme gore lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, 24 le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi. 25 Ka gone, e re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe. 26 Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, 27 le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka. 28 A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang. 29 A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang. 30 Gape, lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, o ka one lo tshwaetsweng letsatsi la go gololwa ka thekololo. 31 A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. 32 Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.
JUNE 24-30
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAFILIPI 1-4
“Lo se Ka Lwa Tlhobaela ka Sepe”
(Bafilipi 4:6) Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo;
‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’
10 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhobaela ka sepe le gore re nne le “kagiso ya Modimo”? Se Paulo a se kwaletseng Bafilipi se bontsha gore re ka thusiwa ke go rapela. Ka jalo, fa re tlhobaela, re tshwanetse go rapela. (Bala 1 Petere 5:6, 7.) Rapela Jehofa o tlhomamisegile gore o a go kgathalela. Fa o rapela, mo lebogele dilo tse di molemo tse a go diretseng tsone. Fa re nna re gopotse gore Jehofa o kgona “go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong,” seno se tla dira gore re mo ikanye le go feta.—Baef. 3:20.
(Bafilipi 4:7) mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.
‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’
7 Ga go pelaelo gore fa Bakeresete ba kwa Filipi ba bala lekwalo la ga Paulo, ba ne ba gakologelwa se se ileng sa mo diragalela le kafa Jehofa a ileng a dira dilo tse ba neng ba sa di lebelela. Ke eng se Paulo a neng a ba ruta sone? O ne a ba ruta gore ba se ka ba tshwenyega, go na le moo ba rapele mme ba tla nna le kagiso ya Modimo. Ela tlhoko gore Paulo o ne a re, ‘kagiso ya Modimo e gaisa kakanyo yotlhe.’ Seno se kaya eng? Baranodi bangwe ba ranola polelwana eno jaana: “e gaisa dilo tsotlhe tse re di eletsang” kgotsa “e gaisa dithulaganyo tsotlhe tsa batho.” Tota Paulo o ne a re “kagiso ya Modimo” e molemo go gaisa sepe fela se re ka se akanyang. Ka jalo, le fa gone re ka tswa re sa itse gore re ka rarabolola mathata a rona jang, Jehofa ene o a itse e bile o kgona go dira dilo tse re sa di lebelelang.—Bala 2 Petere 2:9.
‘Kagiso ya Modimo e Gaisa Kakanyo Yotlhe’
16 Go direga eng fa re nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe”? Baebele ya re kagiso ya Modimo ‘e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo ka Keresete Jesu.’ (Bafil. 4:7) Lefoko la Segerika la go “disa,” le ne le dirisiwa fa go buiwa ka masole. Le ne le kaya setlhopha sa masole a a neng a abetswe go disa metse mo metlheng ya bogologolo. Motse wa Filipi le one o ne o disiwa. Baagi ba Filipi ba ne ba robala boroko, ka gonne ba itse gore motse o ne o disitswe ke masole. Ka tsela e e tshwanang, fa re na le “kagiso ya Modimo,” ga re kitla re tlhobaela. Re a itse gore Jehofa o a re kgathalela e bile o batla gore re atlege. (1 Pet. 5:10) Go itse seno go re thusa gore re se ka ra fekeediwa ke go tlhobaela kgotsa go kgobega marapo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bafilipi 2:17) Le fa go ntse jalo, le eleng fa ke tshololelwa jaaka tshupelo ya senō mo setlhabelong se tumelo e lo gogetseng kwa go sone le mo go direleng botlhe, ke itumetse e bile ke ipela le lona lotlhe.
Bakeresete ba Itumelela go Direla
10 Paulo o ile a umaka tirelo e nngwe fa a ne a kwala jaana: “Le eleng fa ke tshololelwa jaaka tshupelo ya senō mo setlhabelong se tumelo e lo gogetseng kwa go sone le mo go direleng botlhe, ke itumetse e bile ke ipela le lona lotlhe.” (Bafilipi 2:17, NW) Tiro ya bonatla e Paulo a neng a e direla Bafilipi e ne e le tirelo e a neng a e dira ka lorato le ka tlhagafalo. Le gompieno go dirwa tirelo e e ntseng jalo segolobogolo ke Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba direlang e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” yo o abang dijo ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) Mo godimo ga moo, fa ba le setlhopha, ke “boperesiti jo bo boitshepo,” jo bo abetsweng tiro ya gore bo “ise ditlhabelo tsa semoya tshupelo tse di amogelesegang mo Modimong ka Jesu Keresete” le gore bo “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:5, 9) Jaaka Paulo, ba itumelela ditshiamelo tseo fa ba ntse ba ‘itshololela’ mo go direng maikarabelo a bone ka botlalo. Mme ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba ba ema nokeng mo tirong ya go bolelela batho kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. (Johane 10:16; Mathaio 24:14) A tirelo e molemolemo le e e itumedisang ruri!—Pesalema 107:21, 22.
A re Ipeleng Mmogo!
Fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi lekwalo la gagwe, go ka direga gore e ne e le mogolegwa kwa Roma a tshwaretswe tiro ya gagwe ya go rera. (Bafil. 1:7; 4:22) Le fa go ntse jalo, go golegwa ga gagwe ga go a ka ga fokotsa tlhagafalo e a neng a na le yone ka bodiredi. Go na le moo, o ne a ipelela go direla Jehofa ka botlalo kafa a neng a ka kgona ka gone le gore a ‘tshololelwe jaaka tshupelo ya seno.’ (Bafil. 2:17) Boikutlo jo Paulo a neng a na le jone bo bontsha gore boipelo ga bo a ikaega ka maemo a motho a leng mo go one. Le fa a ne a golegilwe, o ne a re: “Gape ke tla nna ke ipela.”—Bafil. 1:18.
Paulo o ne a tlhomile phuthego ya kwa Filipi, mme o ne a rata bakaulengwe ba koo thata. O ne a itse gore go ba bolelela ka boipelo jo a neng a bo bone ka go direla Jehofa, go ne go tla ba kgothatsa le bone. Ka jalo, o ne a kwala jaana: “Jaanong ke eletsa gore lo itse, bakaulengwe, gore dilo tse di ntiragaletseng di diragetse ka tsela e e dirang gore dikgang tse di molemo di tswelele pele, mme e seng ka tsela e nngwe e sele, mo e leng gore dikgole tsa me di itsilwe phatlalatsa seoposengweng le Keresete mo gare ga Badisa botlhe ba Mmusimogolo le ba bangwe botlhe.” (Bafil. 1:12, 13) Fa Paulo a ne a ba bolelela maitemogelo ano a gagwe a a kgothatsang, e ne e le tsela ya gore a ipele a bo a itumele le bakaulengwe ba gagwe. Bafilipi le bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipela le Paulo. Le fa go ntse jalo, gore ba kgone go dira jalo ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba kgobega marapo ka ntlha ya se Paulo a neng a lebane le sone. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. (Bafil. 1:14; 3:17) Mo godimo ga moo, Bafilipi ba ne ba ka tswelela ba umaka Paulo mo dithapelong tsa bone le go mo naya thuso epe fela le kemonokeng e ba neng ba ka kgona go mo naya yone.—Bafil. 1:19; 4:14-16.
(Bafilipi 3:11) go bona fa ka tsela nngwe ke ka fitlhelela tsogo ya pele ya baswi.
‘Tsogo ya Ntlha’—Gone Jaanong e Tsweletse!
5 Morago ga moo, maloko a a tloditsweng a “Iseraele wa Modimo” a tshwanetse go kopana le Morena Jesu Keresete ba le mo kgalalelong kwa legodimong, gore ba nne “le Morena ka metlha” teng. (Bagalatia 6:16; 1 Bathesalonika 4:17) Tiragalo eo e bidiwa gore ke “tsogo ya pele” kgotsa ‘tsogo ya ntlha.’ (Bafilipi 3:10, 11; Tshenolo 20:6) Fa tsogo eo e setse e weditswe, nako e tla bo e fitlhile ya gore dimilione tsa batho di tsosediwe mo lefatsheng ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. Ka gone, re kgatlhegela thata ‘tsogo eno ya ntlha,’ e ka ne tsholofelo ya rona e le ya kwa legodimong kana ya mo lefatsheng. Tsogo eno ke tsogo ya mofuta mang? E direga leng?
Mmalo wa Baebele
(Bafilipi 4:10-23) Ruri ke ipela thata mo Moreneng go bo jaanong la bofelo lo tsosolositse go akanya ga lona ka nna, se tota lo neng lo akanya ka sone, mme lo ne lwa tlhoka sebaka. 11 E seng gore ke bua ka ga gore ke a tlhoka, gonne ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. 12 Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone. 13 Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla. 14 Le fa go ntse jalo, lo ne lwa dira sentle lo kopanela le nna mo pitlaganong ya me. 15 Tota e bile, lona Bafilipi, gape lo a itse gore kwa tshimologong ya go bolela dikgang tse di molemo, e rile ke tloga kwa Makedonia, ga go na phuthego epe e e neng ya kopanela le nna mo kgannyeng ya go aba le go amogela, fa e se lona lo le losi; 16 ka gonne, le eleng kwa Thesalonika, lo ne lwa romela sengwe se ke se tlhokang kwa go nna gangwe mmogo le ka lekgetlo la bobedi. 17 E seng gore ke batla mpho ka tlhoafalo, fa e se gore ke batla ka tlhoafalo maungo a a tlisang tuelo e e oketsegileng mo pegong ya lona. 18 Le fa go ntse jalo, ke na le dilo tsotlhe ka botlalo e bile ke na le letlotlo. Ke tladitswe, e re ka jaanong ke amogetse mo go Epaforodito dilo tse di tswang kwa go lona, lonko lo lo nkgang monate, setlhabelo se se amogelesegang, se se itumedisang Modimo thata. 19 Modimo wa me le ene o tla lo naya ka botlalo sotlhe se lo se tlhokang a ba a lo neye dikhumo tsa gagwe mo kgalalelong ka Keresete Jesu. 20 Jaanong kgalalelo e nne mo Modimong wa rona le Rara ka bosaengkae le go ya go ile. Amen. 21 Ntumedisetsang moitshepi mongwe le mongwe yo o seoposengwe le Keresete Jesu. Bakaulengwe ba ba nang le nna ba a lo dumedisa. 22 Baitshepi botlhe, mme segolobogolo ba ntlo ya ga Kaesara, ba a lo dumedisa. 23 Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo nne le moya o lo o bontshang.