Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
AUGUST 5-11
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 TIMOTHEO 1-4
“Modimo Ga a Re Naya Moya wa Bogatlapa”
(2 Timotheo 1:7) Gonne Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.
Basha—Dirang Gore Botswelelopele Jwa Lona bo Bonatshege
9 Moragonyana Paulo o ne a thusa Timotheo ka go mo gakolola jaana: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.” (2 Tim. 1:7) “Go itekanela sentle ga mogopolo” go akaretsa go kgona go akanya le go dira ditshwetso tse di siameng. Go akaretsa bokgoni jwa go lebana le maemo jaaka a ntse—e seng kafa o eletsang a ka bo a ntse ka teng. Basha bangwe ba ba sa golang sentle semoyeng ba bontsha moya wa bogatlapa mme ba leka go itlhokomolosa mathata ka go robala thata kana ka go lebelela thelebishene thata, go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go tshelela diphathi, kana boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Bakeresete ba gakololwa gore ba “gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme [ba] tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:12.
(2 Timotheo 1:8) Jalo o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi ka ga Morena wa rona, le fa e le ke nna legolegwa ka ntlha ya gagwe, mme wena nna le seabe mo go bogeng bosula ka ntlha ya dikgang tse di molemo go ya ka maatla a Modimo.
‘Lo Nne Pelokgale lo Nonofe!’
7 Paulo o ile a bua jaana fa a kwalela Timotheo: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla . . . Jalo o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi ka ga Morena wa rona.” (2 Timotheo 1:7, 8; Mareko 8:38) Fa re sena go bala mafoko ao, re ka ipotsa jaana: ‘A ke tlhabisiwa ditlhong ke dilo tse ke di dumelang kgotsa a ke pelokgale? A ke dira gore batho ba ke berekang le bone (kana ba ke tsenang sekolo le bone) ba itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa kgotsa a ke a ba lobela? A ke tlhabisiwa ditlhong ke go itshwara ka tsela e e farologaneng le ya batho ba bangwe kgotsa a ke itumelela gore kamano ya me le Jehofa e dira gore ke farologane le bone?’ Fa go na le mongwe yo o boifang go rera dikgang tse di molemo kana go dumela dilo tse bontsi bo sa di dumeleng, a a gakologelwe kgakololo eno e Jehofa a neng a e naya Joshua: “O nne pelokgale o bo o nonofe.” Le ka motlha re se lebale gore selo sa botlhokwa ga se tsela e badirikawena kana batho ba re tsenang sekolo le bone ba ikutlwang ka yone, go na le moo, selo sa botlhokwa ke tsela e Jehofa le Jesu Keresete ba ikutlwang ka yone.—Bagalatia 1:10.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(2 Timotheo 2:3, 4) Jaaka lesole le le molemo la ga Keresete Jesu wena nna le seabe mo go bogeng bosula. 4 Ga go na motho ope yo e reng e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng go nna lesole.
Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota
13 Timotheo o ne a na le tumelo e e nonofileng. Fa Paulo a sena go bitsa Timotheo a re ke “lesole le le molemo la ga Keresete Jesu,” o ne a mo raya a re: “Ga go na motho ope yo e reng e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng go nna lesole.” (2 Tim. 2:3, 4) Gompieno balatedi ba ga Jesu go akaretsa Bakeresete ba feta milione ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba dirisa kgakololo eno ya ga Paulo go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka gone. Ba leka go emelana le kgatelelo ya dipapatso le ya dilo tse di ba dikologileng mme ba nna ba gopotse molaomotheo ono: “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Dia. 22:7) Satane o batla gore re fetse nako ya rona yotlhe le maatla otlhe a rona re le makgoba a dilo tsa kgwebo. Ditshwetso dingwe tse re di dirang di ka dira gore re nne le dikoloto tse di sa feleng. Go duelela matlo a magolo, dithuto, dikoloi tse di turang le go dira manyalo a a magasigasi, go ka dira gore re nne le mathata a madi. Re bontsha botlhale jo bo mosola fa re tlhofofatsa matshelo a rona le go fokotsa dikoloto tsa rona mme seno se dira gore re gololesege go direla Modimo go na le go nna makgoba a lefatshe leno.—1 Tim. 6:10.
(2 Timotheo 2:23) Mo godimo ga moo, gana go amogela dipotso tsa boeleele le tsa botlhoka kitso, ka o itse gore di tsala dintwa.
Batho ba ga Jehofa ba ‘Bakela Tshiamololo’
10 Gompieno, ga se gantsi batho ba ga Jehofa ba lebanang le botlhanogi mo diphuthegong. Le fa go ntse jalo, fa re kopana le dithuto tse e seng tsa Dikwalo, go sa kgathalesege gore di tswa kae, re tshwanetse go tsaya kgato mme re di gane. Go tla bo go se botlhale go tsena mo dikganetsanong le batlhanogi, e ka tswa e le ka go bua le bone, ka go araba melaetsa ya bone mo Internet kgotsa ka mokgwa ope fela. Tota le fa boikaelelo jwa rona e le go thusa motho yoo, metlotlo e e ntseng jalo e tla bo e sa dumalane le kaelo ya Dikwalo e re sa tswang go tlotla ka yone. Go na le moo, e re ka re le batho ba ga Jehofa, re tshwanetse go gana botlhanogi gotlhelele.
Mmalo wa Baebele
(2 Timotheo 1:1-18) Paulo, moaposetoloi wa ga Keresete Jesu ka thato ya Modimo go ya ka tsholofetso ya botshelo jo bo seoposengwe le Keresete Jesu, 2 ke kwalela Timotheo, ngwana yo o rategang: E kete go ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, kutlwelobotlhoko, kagiso go tswa kwa Modimong Rara le Keresete Jesu Morena wa rona. 3 Ke leboga Modimo, yo ke mo direlang tirelo e e boitshepo jaaka borremogologolwane ba ne ba dira e bile e le ka segakolodi se se phepa, go bo le ka motlha ke se ke ke tlhoka go go gakologelwa mo mekokotlelong ya me, bosigo le motshegare 4 ke tlhologeletswe go go bona, ka ke gakologelwa dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tlale ka boipelo. 5 Gonne ke gakologelwa tumelo e e mo go wena e e se nang boitimokanyo bope, le e pele e neng ya nna mo go nkokoago Loise le mmago Yunise, mme e ke tshepang gore le mo go wena e gone. 6 Ka lone lebaka leno ke go gakolola gore o kgotletse jaaka molelo mpho ya Modimo e e mo go wena ka go go baya diatla ga me. 7 Gonne Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo. 8 Jalo o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi ka ga Morena wa rona, le fa e le ke nna legolegwa ka ntlha ya gagwe, mme wena nna le seabe mo go bogeng bosula ka ntlha ya dikgang tse di molemo go ya ka maatla a Modimo. 9 O ne a re boloka a ba a re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka ntlha ya ditiro tsa rona, mme ka ntlha ya boikaelelo jwa gagwe le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Seno re ne ra se newa ka ga Keresete Jesu pele ga dinako tse di nnetseng ruri, 10 mme jaanong se supilwe ka phepafalo ka go bonatshega ga Mmoloki wa rona, Keresete Jesu, yo o fedisitseng loso mme a phatsimisitse lesedi mo botshelong le mo go sa boleng ka dikgang tse di molemo, 11 tse ke neng ka tlhomiwa moreri le moaposetoloi le morutisi wa tsone. 12 Ka lone lebaka leno gape ke boga dilo tseno, mme ga ke tlhabiwe ke ditlhong. Gonne ke itse yo ke mo dumetseng, mme ke tshepa gore o kgona go disa se ke se mo neileng e le boikarabelo go fitlha ka letsatsi leo. 13 Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng a o neng wa a utlwa mo go nna ka tumelo le lorato tse di ka ga Keresete Jesu. 14 Boikarabelo jo bo molemo jono bo dise ka moya o o boitshepo o o mo go rona. 15 O a itse gore banna botlhe ba ba mo kgaolong ya Asia ba mphuraletse. Fegilo le Heremogenese ke ba palo eo. 16 E kete Morena a ka utlwe-la ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko, ka gonne o ne a ntlisetsa tapologo gantsi, mme o ne a se ka a tlhabisiwa ditlhong ke dikeetane tsa me. 17 Go na le moo, fa a ne a le mo Roma, o ne a mpatla ka tlhoafalo a ba a mpona. 18 E kete Morena a ka dira gore a bone kutlwelobotlhoko e e tswang kwa go Jehofa mo letsatsing leo. Mme ditiro tsotlhe tse a neng a di dira kwa Efeso o di itse sentle.
AUGUST 12-18
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | TITO 1–FILEMONE
“Go ‘Tlhoma Banna ba Bagolwane’”
(Tito 1:5-9) Ka lebaka leno ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana, jaaka ke ne ka go naya ditaelo; 6 fa go na le monna ope yo go se nang se a latofadiwang ka sone, monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang ba sa latofadiwe ka botlhapelwa le gone e se ba ba sa laolesegeng. 7 Gonne molebedi o tshwanetse go nna yo o se nang se a latofadiwang ka sone jaaka motho wa Modimo yo o dirang tiro ya bolebedi, e se yo o ratang gore go dirwe ka tsela ya gagwe fela, a sa shakgale bonolo, a se letagwa le le tsosang modumo, a se moitei, a se pelotshetlha go bona poelo ya go sa ikanyege, 8 mme a itse go tshola baeng, a le morati wa se se molemo, a itekanetse sentle mo mogopolong, a siame, a ikanyega, a ikgapile, 9 a tshwareletse ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang malebana le botswerere jwa gagwe jwa go ruta, gore a kgone go rotloetsa ka thuto e e itekanetseng mmogo le go kgalemela ba ba ganetsang.
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Le fa Dikwalo di sa tlhalose ntlha nngwe le nngwe malebana le gore batho ba ne ba tlhomiwa jang mo metlheng eo, re kgona go nna le lesedinyana la gore seo se ne se dirwa jang. Re bolelelwa gore fa Paulo le Barenabase ba ne ba boela gae go tswa loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa, “ba ne ba ba tlhomela banna ba bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe mme, ya re ba rapela e bile ba itima dijo, ba ba naya Jehofa yo jaanong ba neng ba le badumedi mo go ene.” (Dit. 14:23) Dingwaga moragonyana, Paulo o ne a kwalela Tito yo o neng a tsaya maeto le ene, a re: “Ka lebaka leno ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana, jaaka ke ne ka go naya ditaelo.” (Tito 1:5) Ka tsela e e tshwanang, Timotheo, yo o neng a tsaya maeto a mantsi le moaposetoloi Paulo, go lebega le ene a ne a newa maikarabelo a a tshwanang. (1 Tim. 5:22) Go bonala sentle gore balebedi ba ba etang ke bone ba neng ba tlhoma bakaulengwe bano, e seng baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema.
Go dumalana le tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se fetotse tsela e bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwang ka yone. Go simolola ka Lwetse 1, 2014, bakaulengwe ba tlhomiwa ka tsela e e latelang: Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o sekaseka ka kelotlhoko banna ba ba bueletsweng mo potologong ya gagwe. Fa a ntse a etela diphuthego, o tla leka ka bojotlhe go itse bakaulengwe bano ba ba bueletsweng, a dira le bone mo bodireding fa go kgonega. Fa molebedi wa potologo a sena go tlotla le setlhopha sa bagolwane ba phuthego ka banna ba ba bueletsweng, o na le maikarabelo a go tlhoma bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong tse di mo potologong ya gagwe. Ka tsela eno, thulaganyo eno e tsamaisana thata le ya lekgolo la ntlha la dingwaga.
Ke bomang ba ba nang le maikarabelo a a farologaneng mo thulaganyong eno? Jaaka tlwaelo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke ene a nang le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go fepa ba ntlo. (Math. 24:45-47) Seno se akaretsa gore a dire dipatlisiso mo Dikwalong a thusiwa ke moya o o boitshepo, gore a neye kaelo ya kafa melaometheo ya Baebele, e e malebana le tsela e phuthego e rulagantsweng ka yone, e ka dirisiwang ka teng. Gape motlhanka yo o boikanyego o tlhoma balebedi botlhe ba potologo le maloko a Komiti ya Lekala. Mme ofisi nngwe le nngwe ya lekala e thusa gore kaelo e e newang e diragadiwe. Setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane se na le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go sekaseka ka kelotlhoko ditshwanelego tsa Dikwalo tsa bakaulengwe ba ba ba buelelang gore ba tlhomiwe mo phuthegong ya Modimo. Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o na le boikarabelo jo bo masisi jwa go sekaseka ka kelotlhoko le ka thapelo banna ba ba bueletsweng ke bagolwane go tswa foo a bo a tlhoma ba ba tshwanelegang.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Tito 1:12) Mongwe wa bone, moporofeti wa bone, o ne a re: “Bakereta ke baaki ka metlha, dibatana tse di kotsi, batho ba ba jang bobe ba ba sa direng sepe.”
Dipotso Tse di Tswang go Babadi
Kwantle ga pelaelo o ne a sa dumalane le go nyadiwa gope go go akareletsang ga lotso kana ga bomorafe kgatlhanong le Bakereta. Re ka tlhomamisega ka seno, gonne Paulo o ne a itse gore mo Kereta go ne go na le Bakeresete ba ba molemo bao Modimo a neng a ile a ba amogela le go ba tlotsa ka moya wa Gagwe o o boitshepo. (Ditihō 2:5, 11, 33) Go ne go na le Bakeresete ba ba ineetseng ba ba lekaneng go dira diphuthego mo “motsiñ moñwe le moñwe.” Lefa Bakeresete bano e ne a se batho ba ba itekanetseng, re ka tlhomamisega gore a ne a se baaki le dijabele tse di bobodu; go seng jalo ba ne ba ka se tswelele ba amogelwa ke Jehofa. (Bafilipi 3:18, 19; Tshenolō 21:8) Mme jaaka re bona mo merafeng yotlhe gompieno, kwantle ga pelaelo go ne go na le batho ba dipelo tse di ikanyegang mo Kereta bao ba neng ba siametse go amogela molaetsa wa Bokeresete mme ba utlwisiwa botlhoko ke boitsholo jo bo sa siamang joo ba neng ba tshela mo gare ga jone.—Esekiele 9:4; bapisa le Ditihō 13:48.
(Filemone 15, 16) Gongwe tota mo lebakeng leno o ne a ngwega ka lobakanyana, gore o tle o nne le ene gape ka bosaengkae, 16 a sa tlhole a le motlhanka mme a le se se fetang motlhanka, a le mokaulengwe yo o rategang, a ntse jalo segolobogolo mo go nna, mme a bo a ntse jalo bogolo jang ne mo go wena mo kamanong ya senama mmogo le mo Moreneng.
Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera
15, 16—Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a sa kope Filemone gore a golole Onesimo? Paulo o ne a batla go tlhoma mogopolo fela mo go se a se romilweng, e leng go ‘rera bogosi jwa Modimo le go ruta dilo tse di ka ga Morena Jesu Keresete.’ Ka jalo, o ne a tlhopha gore a se ka a tsenelela mo dikgannyeng tsa ditirisano tsa batho tse di jaaka dikgang tsa batlhanka.—Dit. 28:31.
Mmalo wa Baebele
(Tito 3:1-15) Tswelela o ba gakolola gore ba nne mo taolong ba bo ba nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, ba iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo, 2 ba sa bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, ba sa rate ntwa, ba le tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe. 3 Gonne le eleng rona re kile ra bo re se na tlhaloganyo, re sa utlwe, re tsieditswe, re le batlhanka ba dikeletso tse di farologaneng le menate, re tswelela mo bosuleng le mo lefufeng, re ilega, re tlhoane. 4 Le fa go ntse jalo, e rile bopelonomi le go rata motho ga Mmoloki wa rona, e bong Modimo, go bonadiwa, 5 e se ka ntlha ya ditiro dipe tse re neng re di dirile mo tshiamong, mme e le go ya ka kutlwelobotlhoko ya gagwe o ne a re boloka ka go re tlhatswa mo go neng ga re tshedisa le ka go re dira basha ka moya o o boitshepo. 6 Moya ono o o tshololetse mo go rona ka bogolo ka Jesu Keresete Mmoloki wa rona, 7 gore, fa re sena go bolelwa re le ba ba siameng ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa yoo, re nne baruaboswa go ya ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. 8 Lefoko leno le a ikanyega, mme kaga dilo tseno ke eletsa gore ka metlha o gatelele thata, gore ba ba dumetseng Modimo ba boloke megopolo ya bone e tshwareletse mo ditirong tse di molemo. Dilo tseno di molemo e bile di tswela batho mosola. 9 Mme o tshabe dipotso tsa boeleele le dipolelo tsa tlhatlhamano ya masika le kgogakgogano le dintwa tse di ka ga Molao, gonne ga di na poelo e bile ga di na mosola. 10 Mme motho yo o bakang lekoko, mo gane morago ga go mo tlhagisa la ntlha le la bobedi; 11 ka go itse gore motho yo o ntseng jalo o fapositswe mo tseleng e bile o a leofa, e re ka a ikatlhotse. 12 Fa ke roma Aretemase kgotsa Tikiko kwa go wena, dira bojotlhe jwa gago gore o tle kwa go nna kwa Nikopolisa, gonne ke dirile tshwetso ya gore ke nne gone mariga. 13 Ka kelotlhoko naya Senase, yo o itseng Molao fela thata, le Apolose tsa loeto lwa bone, gore ba se ka ba tlhaela sepe. 14 Mme a batho ba rona le bone ba ithute go tshwarelela mo ditirong tse di molemo gore ba fitlhelele dilo tse ba di tlhokang ka potlako, gore ba se ka ba nna ba ba sa ungweng. 15 Botlhe ba ba nang le nna ba a go dumedisa. Ntumedisetsa ba ba re ratang mo tumelong. E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo ka nna le lona lotlhe.
AUGUST 19-25
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 1-3
“Rata Tshiamo Mme o Tlhoe go Tlhoka Molao”
(Bahebera 1:8) Mme o bua jaana ka Morwa: “Modimo ke setulo sa bogosi sa gago ka bosaengkae le go ya go ile, mme lore lwa segosi lwa bogosi jwa gago ke lore lwa segosi lwa thokgamo.
Bakang Keresete, Kgosi e e Galalelang!
8 Jehofa o ne a tlhoma Morwaawe go nna Kgosi ya Bomesia kwa legodimong ka 1914. ‘Lore lwa segosi lwa bogosi jwa gagwe ke lore lwa segosi lwa thokgamo,’ ka jalo, re ka tlhomamisega gore mo pusong ya gagwe go tla nna le tshiamo le go sa gobelele. O a tshwanelwa ke go nna Kgosi ka gonne ‘Modimo ke setulo sa gagwe sa bogosi.’ Seo se kaya gore Jehofa ke ene a mo neileng bogosi. Mo godimo ga moo, setulo sa ga Jesu sa bogosi se tla nna ka ‘bosaengkae.’ A ga o motlotlo go direla Jehofa o busiwa ke Kgosi eo e e maatla, e e tlhomilweng ke Modimo?
(Bahebera 1:9) O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao. Ke gone ka moo Modimo, Modimo wa gago, a neng a go tlotsa ka leokwane la boitumelo go gaisa balekane ba gago.”
Bakang Keresete, Kgosi e e Galalelang!
7 Bala Pesalema 45:6, 7. Jehofa o ne a tlotsa Jesu gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa Bomesia, e re ka Jesu a rata tshiamo thata e bile a tlhoile sengwe le sengwe se se ka tlontlololang Rraagwe. Jesu o ne a tlodiwa ka “leokwane la boitumelo” go gaisa “balekane” ba gagwe, ke gore dikgosi tsa Juda tsa losika lwa ga Dafide. Jang? Sa ntlha, Jesu o ne a tlodiwa ke Jehofa ka boene. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a mo tlotsa gore e nne Kgosi le Moperesiti yo Mogolo. (Pes. 2:2; Baheb. 5:5, 6) Mme gape, Jesu o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo e seng ka leokwane, mme Bogosi jwa gagwe ga se jwa mo lefatsheng mme ke jwa kwa legodimong.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 1:3) Ene ke ponatso ya kgalalelo ya gagwe le setshwano totatota sa gagwe ka boene, mme o tshegetsa dilo tsotlhe ka lefoko la maatla a gagwe; mme fa a sena go itshekisa maleo a rona o ne a nna kafa seatleng sa moja sa Yo O Tlotlometseng kwa mafelong a a kwa godimo.
it-1-E 1185 ¶1
Setshwano
A Jesu o sa le a ntse a tshwana kgo! le Rraagwe go tloga kwa tshimologong?
Morwa wa leitibolo wa Modimo, yo fa a ne a le mo lefatsheng a neng a bidiwa Jesu, o tshwana le Rraagwe. (2Bak 4:4) E re ka Morwa yono e ne e le ene yo Modimo a neng a mo raya a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona,” go raya gore o simolotse go tshwana le Rraagwe fela fa a sena go bopiwa. (Ge 1:26; Joh 1:1-3; Bak 1:15, 16) Fa a ne a tshela mo lefatsheng a se na boleo, o ile a bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe le botho jwa ga Rraagwe go gaisa motho ope mo lefatsheng. Ke ka moo a ileng a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh 14:9; 5:17, 19, 30, 36; 8:28, 38, 42) Fa Jehofa a sena go mo naya “Taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng,” tsela e a neng a tshwana le Rraagwe ka yone e ile ya oketsega. (1Pe 3:18; Mat 28:18) Ka jalo, e re ka Modimo a ile a godisetsa Jesu kwa “boemong jo bo kwa godimo,” Morwa Modimo o bonatsa kgalalelo ya ga Rraagwe go feta fa a ne a tswa kwa legodimong a tla mo lefatsheng. (Baf 2:9; Bah 2:9) Gone jaanong, ke “setshwano totatota sa [Modimo] ka boene.”—Bah 1:2-4.
(Bahebera 1:10-12) Gape a re: “Wena kwa tshimologong, wena Morena, o ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago. 11 Tsone di tla nyelela, mme wena o tla nnela ruri; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo sa kafa ntle, 12 mme o tla di phutha fela jaaka kobo, jaaka seaparo sa kafa ntle; mme di tla fetolwa, mme wena o ntse o tshwana fela, le dingwaga tsa gago ga di kitla di fela.”
it-1-E 1063 ¶7
Legodimo
Mafoko a a mo go Pesalema 102:25, 26 a bua ka Jehofa Modimo mme moaposetoloi Paulo o ne a a dirisa a bua ka Jesu Keresete. Lebaka la go bo a ne a bua jalo ke ka ntlha ya gore Morwa Modimo yo o tshotsweng a le esi, o ne a dira mmogo le Modimo go bopa magodimo le lefatshe. Paulo o tlhalosa gore Morwa o tla nnela ruri. Ga a kitla a tshwana le magodimo le lefatshe tse fa Modimo a ne a batla, a neng a ka di “phutha fela jaaka kobo” di bo di sa tlhole di nna teng.—Bah 1:1, 2, 8, 10-12.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 1:1-14) Modimo, yo bogologolo tala a neng a bua ka makgetlo a le mantsi le ka ditsela di le dintsi le borraaronamogologolwane ka baporofeti, 2 kwa bokhutlong jwa metlha eno o buile le rona ka Morwa, yo a mo tlhomileng moruaboswa wa dilo tsotlhe, le yo a dirileng ditsamaiso tsa dilo ka ene. 3 Ene ke ponatso ya kgalalelo ya gagwe le setshwano totatota sa gagwe ka boene, mme o tshegetsa dilo tsotlhe ka lefoko la maatla a gagwe; mme fa a sena go itshekisa maleo a rona o ne a nna kafa seatleng sa moja sa Yo O Tlotlometseng kwa mafelong a a kwa godimo. 4 Ka jalo jaanong o botoka go gaisa baengele, mo e bileng a ruile leina le le molemolemo go gaisa la bone. 5 Ka sekai, o kile a raya ofe wa baengele a re: “O morwaake; nna, gompieno, ke fetogile rrago”? A bo a re: “Nna ka bonna ke tla nna rraagwe, mme ene ka boene o tla nna morwaake”? 6 Mme fa gape a tlisa Leitibolo la gagwe mo lefatsheng le le nang le banni, a re: “Mme a baengele botlhe ba Modimo ba obame fa pele ga gagwe.” 7 Gape, o bua jaana ka baengele: “Mme o dira baengele ba gagwe meya, le batlhanka ba gagwe kgabo ya molelo.” 8 Mme o bua jaana ka Morwa: “Modimo ke setulo sa bogosi sa gago ka bosaengkae le go ya go ile, mme lore lwa segosi lwa bogosi jwa gago ke lore lwa segosi lwa thokgamo. 9 O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao. Ke gone ka moo Modimo, Modimo wa gago, a neng a go tlotsa ka leokwane la boitumelo go gaisa balekane ba gago.” 10 Gape a re: “Wena kwa tshimologong, wena Morena, o ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago. 11 Tsone di tla nyelela, mme wena o tla nnela ruri; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo sa kafa ntle, 12 mme o tla di phutha fela jaaka kobo, jaaka seaparo sa kafa ntle; mme di tla fetolwa, mme wena o ntse o tshwana fela, le dingwaga tsa gago ga di kitla di fela.” 13 Mme o kile a bua ka ofe wa baengele a re: “Nna kafa seatleng sa me sa moja, go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago”? 14 A botlhe ga se meya e e direlang botlhe, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?
AUGUST 26–SEPTEMBER 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAHEBERA 4-6
“Dira ka Natla Gore o Tsene mo Boikhutsong Jwa Modimo”
(Bahebera 4:1) Jalo, e re ka tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa gagwe, a re boifeng gore ka nako nngwe mongwe wa lona o ka bonala a e tlhaetse.
(Bahebera 4:4) Gonne golo gongwe o buile jaana kaga letsatsi la bosupa: “Mme Modimo o ne a ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo ditirong tsotlhe tsa gagwe,”
Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
3 Re na le bosupi jo bo dirang gore re swetse ka gore letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Sa ntlha, ela tlhoko mafoko a Jesu a neng a a bolelela baganetsi ba ba neng ba mo tshwaya phoso ka go fodisa ka Sabata, e leng se ba neng ba se tsaya e le mofuta wa tiro. Morena o ne a ba raya a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Joh. 5:16, 17) Ke eng se Jesu a neng a se kaya? Jesu o ne a latofadiwa ka gore o ne a bereka ka Sabata. Karabo eno ya gagwe: “Rre o ntse a dira,” e ne ya araba tatofatso eo. Tota Jesu o ne a raya balatofatsi ba gagwe a re: ‘Nna le Rre re dira mofuta wa tiro e e tshwanang. E re ka Rre a ile a tswelela a dira mo Sabateng ya gagwe e e tsereng diketekete tsa dingwaga, go letleletswe gore le nna ke tswelele ke dira, tota le ka Sabata.’ Ka jalo, Jesu o ne a kaya gore malebana le lefatshe, letsatsi le legolo la Sabata la Modimo la boikhutso, letsatsi la bosupa, le ne le ise le khutle mo motlheng wa gagwe.
4 Moaposetoloi Paulo o re naya bosupi jwa bobedi. Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana fa a ne a nopola Genesise 2:2 malebana le boikhutso jwa Modimo: “Rona ba re supileng tumelo re tsena mo boikhutsong jono.” (Baheb. 4:3, 4, 6, 9) Ka jalo, letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse mo motlheng wa ga Paulo. Letsatsi leo la boikhutso le ne le sa ntse le tla tswelela ka lobaka lo lo kae?
5 Gore re kgone go araba potso eo, re tshwanetse go gakologelwa lebaka la go bo go na le letsatsi la bosupa. Genesise 2:3 e tlhalosa lebaka leo jaana: “Modimo a segofatsa letsatsi la bosupa a ba a le itshepisa.” Letsatsi leo le ne la ‘itshepisiwa’—Jehofa a le beela kwa thoko—gore boikaelelo jwa gagwe bo kgone go diragadiwa ka botlalo. Boikaelelo joo ke jwa gore banna le basadi ba ba kutlo ba ba neng ba tla le tlhokomela le go tlhokomela dilo tsotlhe tse di mo go lone, ba nne mo go lone. (Gen. 1:28) Jehofa Modimo le Jesu Keresete “Morena wa sabata,” ba ‘ntse ba dira go fitlha jaanong’ gore ba kgone go diragatsa boikaelelo joo. (Math. 12:8) Letsatsi la boikhutso la Modimo le tla tswelela go fitlha boikaelelo jwa gagwe malebana le lone bo diragadiwa ka botlalo kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete.
(Bahebera 4:6) Jalo, e re ka bangwe ba santse ba na le go tsena mo go jone, le ba ba neng ba bolelelwa dikgang tse di molemo pele ba ne ba se ka ba tsena ka ntlha ya botlhokakutlo,
Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
6 Modimo o ile a tlhalosetsa Adame le Efa boikaelelo jwa gagwe sentle, mme ba ne ba palelwa ke go dirisana le jone. Gone ke boammaaruri gore, Adame le Efa e ne e le batho ba ntlha ba ba ileng ba tlhoka kutlo. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga nna le ba bangwe ba le dimilionemilione ba ba ileng ba tlhoka kutlo. Tota le batho ba ba tlhophilweng ke Modimo, setšhaba sa Iseraele, ba ne ba wela mo mokgweng oo wa botlhokakutlo. Mme go ne go tshwanela gore Paulo a tlhagise Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore tota le bangwe ba bone ba ne ba ka wela mo seraing se se tshwanang le se Baiseraele ba bogologolo ba wetseng mo go sone. O ne a kwala jaana: “Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo.” (Baheb. 4:11) Ela tlhoko gore Paulo o amanya botlhokakutlo le go palelwa ke go tsena mo boikhutsong jwa Modimo. Seo se kaya eng mo go rona? Fa ka tsela nngwe re ne re ka tsuologela boikaelelo jwa Modimo, a re ne re tla nna mo kotsing ya gore re se ka ra tsena mo boikhutsong jwa gagwe? Ga go pelaelo gore karabo ya potso eo e botlhokwa thata mo go rona, mme re tla e sekaseka go ya pele. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno, a re boneng se re ka ithutang sone ka ga go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka go sekaseka sekao se se sa siamang sa Baiseraele.
(Bahebera 4:9-11) Jalo go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo. 10 Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a ne a ikhutsa mo go tsa gagwe. 11 Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo.
Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
16 Ke Bakeresete ba le mmalwa gompieno ba ba ka tatalalelang go boloka dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe gore ba bone poloko. Mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a a neng a a kwalela Baefeso a utlwala sentle: “Ka bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang, eleruri, lo bolokilwe ka tumelo; mme seno e se ka ntlha ya lona, ke mpho ya Modimo. Nnyaa, ga se ka ntlha ya ditiro, gore go se ka ga nna le motho ope yo o nnang le lebaka la go ipelafatsa.” (Baef. 2:8, 9) Ka jalo, go kaya eng gore Bakeresete ba tsene mo boikhutsong jwa Modimo? Jehofa o ne a beela kwa thoko letsatsi la bosupa—letsatsi la gagwe la boikhutso—gore a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe ka lefatshe ka tsela e e molemolemo. Re ka kgona go tsena mo boikhutsong jwa ga Jehofa—kgotsa ra nna le ene mo boikhutsong jwa gagwe—ka go bontsha go ikoba fa re dirisana le boikaelelo jwa gagwe jo bo ntseng bo tswelelapele jo a re senolelang jone ka phuthego ya gagwe.
17 Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re nyatsa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e re e newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mme re itirela maratwaepelo, re tla bo re le kgatlhanong le boikaelelo jwa Modimo jo bo ntseng bo diragadiwa. Seno se ka tsenya kamano ya rona ya kagiso le Jehofa mo kotsing. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka maemo a le mmalwa a a tlwaelegileng a a ka amang batho ba Modimo mme re tlotle ka gore ditshwetso tse re di dirang, e ka tswa e le go ikobela Modimo kgotsa tsa go dira maratwaepelo, di ka tlhomamisa jang gore a ruri re tsene boikhutsong jwa Modimo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Bahebera 4:12) Gonne lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.
Dipotso Tse Di Tswang Kwa Babading
“Lefoko la Modimo” le Bahebera 4:12 e reng, “le a tshela e bile le naya maatla,” ke eng?
▪ Dintlha tse di dikologileng temana eno di bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a bua ka molaetsa kgotsa boikaelelo jwa Modimo, jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng.
Gantsi Bahebera 4:12 e nopolwa mo dikgatisong tsa rona e le go bontsha gore Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho, mme ruri go a tshwanela gore temana eno e dirisiwe ka tsela eo. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re sekaseke bokao jo bongwe jwa temana eno. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba dire dilo go dumalana le boikaelelo jwa Modimo. Boikaelelo joo bo ne bo kwadilwe mo dikwalong tse di boitshepo. Paulo o ne a dira sekai ka Baiseraele ba ba neng ba golotswe kwa Egepeto. Ba ne ba na le tsholofelo ya go tsena mo lefatsheng le le solofeditsweng ‘le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,’ le mo go lone ba neng ba tla itumelela boikhutso jwa mmatota.—Ekes. 3:8; Dute. 12:9, 10.
Modimo o ne a ikaeletse go dira jalo. Le fa go ntse jalo, moragonyana Baiseraele ba ne ba nna tlhogoethata mme ba se ka ba bontsha tumelo, ka jalo, bontsi jwa bone ga ba a ka ba tsena mo boikhutsong joo. (Dipa. 14:30; Josh. 14:6-10) Mme gone, Paulo o ne a tlhalosa gore, “tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa [Modimo].” (Baheb. 3:16-19; 4:1) Go bonala sentle gore “tsholofetso” eo ke karolo ya boikaelelo jwa Modimo. Fela jaaka Bakeresete ba Bahebera, le rona re ka bala ka boikaelelo joo le go dira dilo go dumalana le jone. Paulo o ne a nopola mafoko mangwe a Genesise 2:2 le Pesalema 95:11 go bontsha gore tsholofetso eo e theilwe mo Dikwalong.
Eleruri go tshwanetse ga re ama maikutlo go itse gore “tsholofetso e santse e le teng ya go tsena mo boikhutsong jwa [Modimo].” Re dumela gore tsholofetso ya go tsena mo boikhutsong jwa Modimo e e tlhalosiwang mo Baebeleng, ga se go ijesa dijo tsa ditoro e bile re setse re tsere dikgato tsa go tsena mo go jone. Mme ga re a dira seo ka go leka go ikobela Molao wa ga Moshe kgotsa ka go dira dilo dingwe tse di rileng gore re amogelwe ke Jehofa. Go na le moo, re bontsha tumelo ka go nna re dira dilo go dumalana le boikaelelo jwa Modimo jo bo mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, jaaka re sa tswa go tlhalosa, batho ba le diketekete mo lefatsheng ba simolotse go ithuta Baebele gore ba itse boikaelelo jwa Modimo. Bontsi jwa bone ba tlhotlheletsega go fetola matshelo a bone, go bontsha tumelo le go nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Tsela e ba fetotseng matshelo a bone ka yone ke bosupi jwa gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” Boikaelelo jwa Modimo jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng bo setse bo fetotse matshelo a batho ba le bantsi e bile bo tla nna bo re naya maatla.
(Bahebera 6:17, 18) Ka mokgwa ono, e rile Modimo a ikaelela go bontsha baruaboswa ba tsholofetso go sa fetogeng ga boikaelelo jwa gagwe mo gogolo thata, o ne a tsena ka ikano, 18 gore ka dilo di le pedi tse di ka se kang tsa fetoga tse go sa kgonegeng gore Modimo a ake mo go tsone, rona ba re tshabetseng kwa botshabelong re tle re kgothale thata gore re tshware tsholofelo e e tlhomilweng fa pele ga rona.
it-1-E 1139 ¶2
Tsholofelo
Tsholofelo eno ya gore “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo” (Bah 3:1) ba tla tshelela ruri e bile ba tla nna le go sa bole, e tlile go direga e bile ke selo se re ka se dumelang re sa belaele. Tsholofelo eno e ikaegile ka dilo tse pedi tse go sa kgonegeng gore Modimo a ka aka mo go tsone. Dilo tseo ke tsholofetso ya gagwe le maikano a gagwe. Tsholofelo eno e mo diatleng tsa ga Keresete yo o gone jaanong a leng kwa legodimong e bile e le sebopiwa sa semoya se se sa sweng. Ka jalo, Baebele ya re tsholofelo eno, “ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame, e bile e tsena mo teng kafa gare ga sesiro [jaaka moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo Boitshepong Jwa Maitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo], koo moetapele a tseneng mo boemong jwa rona gone, e bong Jesu, yo jaanong e leng moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke ka bosaengkae.”—Bah 6:17-20.
Mmalo wa Baebele
(Bahebera 5:1-14) Gonne moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo yo o tserweng mo bathong o tlhomiwa mo boemong jwa batho a tlhomelwa dilo tse di leng ka ga Modimo, gore a tle a ise dimpho le ditlhabelo tsa maleo tshupelo. 2 O kgona go dirisana ka tekatekano le ba ba se nang kitso le ba ba fapogang e re ka le ene a dikanyeditswe ke bokoa jwa gagwe, 3 mme ka lebaka la jone o patelesega go itirela ditshupelo tsa maleo fela jaaka a direla batho. 4 Gape, motho o amogela tlotlo eno, e seng ka go rata ga gagwe, mme fa e se fela fa a bidiwa ke Modimo, fela jaaka Arone le ene a ne a bidiwa. 5 Jalo Keresete le ene o ne a se ka a ikgalaletsa ka go nna moperesiti yo mogolo, mme o ne a galalediwa ke ene yo o neng a bua ka ene a re: “O morwaake; nna, gompieno, jaanong ke rraago.” 6 Fela jaaka a bua gape golo gongwe a re: “O moperesiti ka bosaengkae kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.” 7 Mo malatsing a fa [Keresete] a le mo nameng o ne a isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo. 8 Le mororo e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga; 9 mme fa a sena go itekanedisiwa o ne a nna yo o nayang botlhe ba ba mo utlwang poloko ya bosakhutleng, 10 ka gonne o biditswe ka tsela e e kgethegileng ke Modimo a re ke moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke. 11 Re na le mo gontsi go go bua ka ene le mo go thata go tlhalosiwa, e re ka lo kabetse ditsebe mo go utlweng ga lona. 12 Gonne, eleruri, le mororo lo tshwanetse lo ka bo lo le barutisi ka ntlha ya nako, gape lo tlhoka mongwe go lo ruta go tswa kwa tshimologong dilo tsa tshimologo tsa ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo; mme lo ntse jaaka ba ba tlhokang mashi, e seng dijo tse di tiileng. 13 Gonne mongwe le mongwe yo o nwang mashi ga a a tlwaelana le lefoko la tshiamo, gonne ke lesea. 14 Mme dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.