Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
OCTOBER 7-13
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JAKOBE 3-5
“Bontsha Botlhale Jwa Bomodimo”
(Jakobe 3:17) Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.
A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago?
9 “Sa ntlhantlha bo itshekile.” Go itsheka go kaya go nna phepa le go sa leswafala ka fa ntle le ka fa teng. Baebele e amanya botlhale le pelo, mme botlhale jwa selegodimo bo ka se tsene mo pelong e e leswafaditsweng ke dikakanyo, dikeletso le maikaelelo a a boikepo. (Diane 2:10; Mathaio 15:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa dipelo tsa rona di itshekile—ke gore, go ya kafa rona batho ba ba sa itekanelang re ka kgonang ka teng—re tla ‘fapoga mo go se se bosula mme re dire se se molemo.’ (Pesalema 37:27; Diane 3:7) A ga go tshwanele go bo boitsheko e le yone nonofo ya ntlha ya botlhale e e umakwang? Kana e bile, fa re se phepa mo boitsholong le semoyeng, tota re ka kgona jang go bontsha dinonofo tse dingwe tsa botlhale jo bo tswang kwa godimo?
10 “Go tswa foo bo na le kagiso.” Botlhale jwa selegodimo bo re tlhotlheletsa go latelela kagiso, e e leng leungo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Re leka ka bojotlhe go tila go senya ‘sebofo sa kagiso’ se se kopanyang batho ba ga Jehofa. (Baefeso 4:3) Gape re leka ka bojotlhe go dira kagiso fa e senyegile. Ke eng fa seno se le botlhokwa? Baebele ya re: “Tswelelang . . . lo tshela ka kagiso; mme Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.” (2 Bakorintha 13:11) Ka gone, fa fela re ntse re tshela ka kagiso, Modimo wa kagiso o tla nna le rona. Tsela e re tshwarang badumedi ka rona ka yone e amana thata le kamano ya rona le Jehofa. Re ka itshupa jang re le batho ba ba dirang kagiso? Akanya ka sekai seno.
(Jakobe 3:17) Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.
A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago?
12 “Bo tekatekano.” Go nna tekatekano go kaya eng? Go ya ka bakanoki, lefoko la Segerika sa ntlhantlha le le ranotsweng e le “tekatekano” mo go Jakobe 3:17 ga go motlhofo go le ranola. Baranodi ba dirisitse mafoko a a jaaka “bonolo,” “boitshoko,” le “kakanyetso.” Fa lefoko leno la Segerika le ranolwa fela jaaka le ntse le kaya “go fetofetoga le maemo.” Re ka bontsha jang gore re dirisa karolo eno ya botlhale jo bo tswang kwa godimo mo botshelong jwa rona?
A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago?
14 “Bo iketleeleditse go utlwa.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “iketleeleditse go utlwa” ga le fitlhelwe gope go sele mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko leno “gantsi le dirisiwa mo bosoleng.” Le naya kgopolo ya “go nna motlhofo go tlhotlheletsega” le “go ikoba.” Motho yo o kaelwang ke botlhale jo bo tswang kwa godimo o iketleeletsa go ikobela se Dikwalo di se bolelang. Ga se motho yo o itsegeng ka go dira tshwetso mme go tswa foo a bo a gana go tlhotlhelediwa ke dintlha dipe tse dingwe tse di leng kgatlhanong le ene. Go na le moo, o bonako go fetoga fa a neelwa bosupi jo bo tlhamaletseng jwa Dikwalo jwa gore o tsere kgato e e phoso kana gore o dirile ditshwetso tse di sa siamang. A batho ba bangwe ba go itse o le motho yo o ntseng jalo?
“Bo Tletse Kutlwelobotlhoko le Maungo a a Molemo”
15 “Bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo.” Kutlwelobotlhoko ke karolo e e botlhokwa ya botlhale jo bo tswang kwa godimo ka gonne botlhale joo bo bolelwa “bo tletse kutlwelobotlhoko.” Ela tlhoko gore “kutlwelobotlhoko” le “maungo a a molemo” di umakwa mmogo. Seno se a tshwanela ka gonne mo Baebeleng, gantsi kutlwelobotlhoko e kaya go amega thata ka batho ba bangwe, go tlhomoga pelo go go tlhagisang ditiro tse dintsi tsa bopelonomi. Buka nngwe e tlhalosa kutlwelobotlhoko e le “boikutlo jwa go hutsafalela maemo a a sa itumediseng a motho yo mongwe a leng mo go one mme o leka go dira sengwe ka one.” Ka gone, botlhale jwa bomodimo ga se botlhale fela jo bo se nang maikutlo jo bo sa akanyetseng. Go na le moo, bo lorato, bo ama pelo e bile bo a akanyetsa. Re ka bontsha jang gore re tletse kutlwelobotlhoko?
(Jakobe 3:17) Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.
A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago?
18 “Ga bo tseye batho ka go ba tlhaola.” Botlhale jwa bomodimo ga bo tlhotlhelediwe ke go tlhaola batho ka lotso le go ikgogomosa ka setšhaba sa gaeno. Fa re laolwa ke botlhale jo bo ntseng jalo, re tla leka go kumola gotlhelele mo dipelong tsa rona tshekamelo epe fela ya go bontsha kgethololo. (Jakobe 2:9) Ga re tseele batho bangwe kwa godimo ka ntlha ya thutego ya bone, maemo a bone a tsa madi, kana maikarabelo a bone mo phuthegong; e bile ga re lebele baobamedi ka rona kwa tlase, le fa ba ka tswa ba lebega e le ba maemo a a kwa tlase go le kana kang. Fa Jehofa a ile a bona batho ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke go amogela lorato lwa gagwe, ruri le rona re tshwanetse go ba tsaya ba tshwanelwa ke lorato lwa rona.
19 “Ga bo itimokanye.” Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “moitimokanyi” le ka kaya “motshameki wa diterama yo o tshamekang karolo nngwe.” Mo metlheng ya bogologolo batshameki ba diterama ba Bagerika le ba Baroma ba ne ba rwala dibipasefatlhego tse dikgolo fa ba tshameka diterama. Ka gone, lefoko la Segerika le le ranolwang e le “moitimokanyi” le ne la simolola go kaya motho yo o itshemang, kana motho yo o tshamekang se a seng sone. Karolo eno ya botlhale jwa bomodimo e tshwanetse go tlhotlheletsa le kafa re ikutlwang ka teng ka badumedi ka rona e seng fela tsela e re ba tshwarang ka yone.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Jakobe 4:5) Kgotsa a mo go lona go bonala lokwalo lo bua kwantle ga boikaelelo fa lo re: “Ke ka tshekamelo ya go fufega go bo moya o o agileng mo teng ga rona o nna o tlhologelelwa”?
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere
4:5—Jakobe o nopola temana efe fano? Jakobe ga a nopole temana epe e e rileng. Le fa go ntse jalo, mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a ka tswa a theilwe mo go se go buiwang ka sone mo ditemaneng tse di jaaka Genesise 6:5; 8:21; Diane 21:10; le Bagalatia 5:17.
(Jakobe 4:11, 12) Tlogelang go kgalana, bakaulengwe. Yo o kgalang mokaulengwe kgotsa yo o atlholang mokaulengwe wa gagwe o kgala molao e bile o atlhola molao. Jaanong fa o atlhola molao, ga o modiragatsi wa molao, mme o moatlhodi. 12 Go na le a le mongwe yo e leng moneimolao e bile e le moatlhodi, yo o kgonang go boloka le go senya. Mme wena, o mang go bo o atlhola moagelani wa gago?
Tumelo e Dira Gore re Nne Pelotelele le go Rapela ka Metlha
8 Ke boleo go kgala modumedikawena. (Jakobe 4:11, 12) Le fa go ntse jalo ba bangwe ba tshwaya Bakeresetekabone diphoso, gongwe e le ka gonne ba ipona ba siame kana ka gonne ba batla go itlotlomatsa ka go isa ba bangwe kwa tlase. (Pesalema 50:20; Diane 3:29) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore ‘go kgala’ le bontsha letlhoo mme le bontsha gape go latofatsa ka tsela e e feteletseng kana ka maaka. Seno se kaya go atlhola mokaulengwe ka tsela e e botlhoko. Seno se tshwana jang le ‘go kgala le go atlhola molao wa Modimo’? Ebu, bakwadi le Bafarasai ‘ka botlhajana ba ne ba beela kwa thoko taolo ya Modimo’ ba bo ba atlhola ba bangwe ka melao ya bone. (Mareko 7:1-13) Ka mo go tshwanang, fa re ne re ka nyatsa mokaulengwe yo Jehofa a neng a ka se ka a mo nyatsa, a re tla bo re sa ‘atlhole molao wa Modimo’ mme ka go dira jalo re dira boleo jwa go bontsha gore o a tlhaela? Mme ka go tshwaya mokaulengwe wa rona phoso ka tsela e e sa tshwanelang, re tla bo re sa diragatse molao wa lorato.—Baroma 13:8-10.
Mmalo wa Baebele
(Jakobe 3:1-18) Ga lo a tshwanela go nna barutisi lo le bantsi, bakaulengwe ba me, e re ka lo itse gore re tla amogela katlholo e e boima segolo. 2 Gonne rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe. 3 Fa re tsenya ditomo mo melomong ya dipitse gore di re utlwe, re laola le mmele otlhe wa tsone. 4 Bonang! Le eleng mekoro, le mororo e le megolo thata jaana e bile e kgweediwa ke diphefo tse di maatla, e laolwa ka selaolamokoro se sennye thata go ya koo thato ya monna yo o kwa sekgweetsong e eletsang gone. 5 Jalo, ka tsela e e tshwanang, loleme ke tokololo e nnye mme le fa go ntse jalo lo ikgantsha mo gogolo. Bonang! Abo go tlhokega molelo o monnye jang ne go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo! 6 Ebu, loleme ke molelo. Loleme lo diregile lefatshe la tshiamololo gareng ga ditokololo tsa rona, gonne lo tsenya mmele otlhe dilabe lo bo lo tlhosetse leotwana la botshelo jwa tlholego ka molelo mme lo tlhosediwa ka molelo ke Gehena. 7 Gonne mofuta mongwe le mongwe wa sebatana sa naga mmogo le nonyane le segagabi le sebopiwa sa lewatle ruri o tla kgwabofadiwa e bile o kgwabofaditswe ke batho. 8 Mme loleme lone, ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale. Ke selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, lo tletse botlhole jo bo bolayang. 9 Ka lone re baka Jehofa, le eleng Rara, mme le fa go ntse jalo ka lone re hutsa batho ba ba nnileng gone “mo setshwanong sa Modimo.” 10 Mo molomong o le mongwe go tswa tshegofatso le phutso. Ga go a tshwanela, bakaulengwe ba me, gore dilo tseno di tswelele di direga ka tsela eno. 11 Sediba ga se dire gore botshe le bogalaka di pomponyege di tswa mo motsweding o le mongwe, ga ke re? 12 Bakaulengwe ba me, setlhare sa mofeige ga se ka ke sa ungwa maungo a motlhware kgotsa sa mofine difeige, ga ke re? Le gone metsi a a letswai ga a ka ke a ntsha metsi a a monate. 13 Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale. 14 Mme fa lo na le lefufa la letlhoo le manganga mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha lwa ba lwa akela boammaaruri. 15 Jono ga se botlhale jo bo fologang bo tswa kwa godimo, mme ke jwa selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona. 16 Gonne koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula. 17 Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye. 18 Mo godimo ga moo, peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.
OCTOBER 14-20
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 PETERE 1-2
“Lo Nne Boitshepo”
(1 Petere 1:14, 15) Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona, 15 mme, tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona,
Thekololo Mpho “e e Itekanetseng” e e Tswang Kwa go Rara
5 Re ka bontsha jang gore re rata leina la ga Jehofa? Ka tsela e re itshwarang ka yone. Jehofa o batla gore re nne boitshepo. (Bala 1 Petere 1:15, 16.) Seo se raya gore re obamele Jehofa a le nosi le gore re mo obamele ka pelo yotlhe. Tota le fa re bogisiwa, re leka ka natla go tshela go dumalana le melao le melaometheo ya gagwe e e siameng. Fa re dira dilo tse di siameng, re a bo re dira gore lesedi la rona le phatsime mme seo se dira gore leina la ga Jehofa le galalediwe. (Math. 5:14-16) E re ka re le boitshepo, tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore melao ya ga Jehofa e siame le gore ditatofatso tsa ga Satane ke maaka. Fa re dira diphoso, re ikwatlhaya go tswa pelong re bo re tlogela ditiro tse di tlontlololang Jehofa.—Pes. 79:9.
(1 Petere 1:16) ka gonne go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.”
Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone
6 Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Lo se ka lwa tswelela lo isa ditokololo tsa lona [“dikarolo tsa lona tsa mmele,” New International Version] boleong.” Gape Paulo o ne a ba raya a re ba ‘bolaye ditlwaelo tsa mmele.’ (Baroma 6:12-14; 8:13) Pelenyana mo lekwalong la gagwe, o ne a umakile dikai dingwe tsa ‘ditlwaelo tseo tsa mmele.’ Re bala jaana ka batho ba ba nang le boleo: “Molomo wa bone o tletse go tlhapatsa.” “Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi.” “Ga go na poifo ya Modimo fa pele ga matlho a bone.” (Baroma 3:13-18) Mokeresete o ne a tla bo a leswafatsa mmele wa gagwe fa a dirisa “ditokololo” tsa gagwe kgotsa dikarolo tsa mmele go dira mekgwa eo ya boleo. Ka sekai, fa Mokeresete gompieno a lebelela ka boomo dilo tse di makgapha tse di jaaka ditshwantsho tse di hepisang kgotsa a lebelela thubakanyo e e setlhogo, o “isa [matlho a gagwe] boleong” mme ka jalo o leswafatsa mmele otlhe wa gagwe. Kobamelo ya gagwe e tla bo e le setlhabelo se se sa tlholeng se le boitshepo e bile Modimo ga a na go se amogela. (Duteronome 15:21; 1 Petere 1:14-16; 2 Petere 3:11) A bo go tlhopha boitlosobodutu jo bo sa siamang go na le matswela a a botlhoko jang ne!
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(1 Petere 1:10-12) Ka ga yone poloko eno, baporofeti ba ba neng ba porofeta kaga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo lo neng lo bo laoletswe ba ne ba tlhotlhomisa ka manontlhotlho ba bo ba batlisisa ka kelotlhoko. 11 Ba ne ba nna ba tlhotlhomisa gore ke paka efe tota kgotsa gore ke mofuta ofe wa paka e moya o o mo go bone o neng o e kaya ka ga Keresete fa o ne o naya bosupi go sa le pele kaga dipogisego ka ntlha ya ga Keresete le kaga dikgalalelo tse di neng di tla latela tseno. 12 Ba ne ba senolelwa gore ba ne ba direla, e seng bone ka bobone, mme lona, dilo tse jaanong lo di itsisitsweng ka ba ba lo boleletseng dikgang tse di molemo ka moya o o boitshepo o o rometsweng go tswa legodimong. Baengele ba eletsa go tlhodumela mo go tsone dilo tseno.
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere
1:10-12. Baengele ba ne ba eletsa go tlhodumela le go tlhaloganya boammaaruri jo bo boteng jwa Modimo jo baporofeti ba Modimo ba bogologolo ba neng ba bo kwadile malebana le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, boammaaruri jono bo ne jwa simolola go tlhaloganngwa fela fa Jehofa a ne a simolola go dirisana le phuthego. (Baef. 3:10) A re ka latela sekao sa baengele mme re leke go batlisisa “dilo tse di boteng tsa Modimo”?—1 Bakor. 2:10.
(1 Petere 2:25) Gonne lo ne lo tshwana le dinku, tse di timelang; mme jaanong lo boetse kwa modiseng le molebedi wa meya ya lona.
it-2-E 565 ¶3
Molebedi
Molebedi yo Mogolo. Mo go Petere 2:25, Petere o nopola Isaia 53:6 mo e buang ka batho ba ba ‘tshwanang le dinku, tse di timelang.’ Gape o bua mafoko a a reng: “Mme jaanong lo boetse kwa modiseng le molebedi wa meya ya lona.” Fano go bonala Petere a ne a bua ka Jehofa Modimo, ka gonne batho ba a ba kwaletseng, ba ne ba sa katogela kgakala le Keresete Jesu, mme ka Keresete Jesu ba ne ba buseditswe kwa go Jehofa Modimo yo e leng Modisa yo Mogolo wa batho ba gagwe. (Pes 23:1; 80:1; Jer 23:3; Esek 34:12) Gape Jehofa ke molebedi, ke ene a tlhatlhobang batho ba gagwe. (Pes 17:3) Go tlhatlhoba goo (Ka Segerika, e·pi·sko·peʹ), go ka amanngwa le fa Modimo a ntsha katlholo e e botlhoko jaaka a ile a dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E ka motse wa Jerusalema o o neng wa se ka wa lemoga nako ya go ‘tlhatlhobiwa ga one [Ka Segerika, e·pi·sko·pesʹ].’ (Luk 19:44) Kgotsa go ka tlisa diphelelo tse di molemo, fela jaaka go ile ga direga ka batho ba ba neng ba galaletsa Modimo mo letsatsing “la go tlhatlhoba ga gagwe” [Ka Segerika, e·pi·sko·pesʹ].”—1Pe 2:12.
Mmalo wa Baebele
(1 Petere 1:1-16) Petere, moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baagi ba nakwana ba ba falaletseng kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia, le Bithinia, ba ba tlhophilweng 2 go ya ka kitsetsopele ya Modimo Rara, le go itshepisiwa ka moya, ka boikaelelo jwa gore ba utlwe ba ba ba kgatšhiwe ka madi a ga Jesu Keresete: E kete lo ka okelediwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso. 3 A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne go ya ka kutlwelobotlhoko e kgolo ya gagwe o ne a re tsala sesha gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka tsogo ya ga Jesu Keresete mo baswing, 4 go ya bosweng jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng. Bo beetswe lona kwa magodimong, 5 ba lo dibelwang ka maatla a Modimo ka tumelo lo dibelelwa poloko e e siametseng go senolwa mo lobakeng lwa bofelo. 6 Lo ipelela seno thata, le fa ka lobakanyana mo nakong eno, fa e le gore go tshwanetse, lo hutsafaditswe ke diteko tse di farologaneng, 7 gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona, e e leng tlhwatlhwakgolo thata go feta gouta e e nyelelang le fa e lekwa ka molelo, bo fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa. 8 Le fa lo ise lo ke lo mmone, lo a mo rata. Le fa lo sa mo leba gone jaanong, le fa go ntse jalo lo dumela mo go ene e bile lo ipela thata ka boipelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa le jo bo galaleditsweng, 9 ka lo amogela bokhutlo jwa tumelo ya lona, e leng poloko ya meya ya lona. 10 Ka ga yone poloko eno, baporofeti ba ba neng ba porofeta kaga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo lo neng lo bo laoletswe ba ne ba tlhotlhomisa ka manontlhotlho ba bo ba batlisisa ka kelotlhoko. 11 Ba ne ba nna ba tlhotlhomisa gore ke paka efe tota kgotsa gore ke mofuta ofe wa paka e moya o o mo go bone o neng o e kaya ka ga Keresete fa o ne o naya bosupi go sa le pele kaga dipogisego ka ntlha ya ga Keresete le kaga dikgalalelo tse di neng di tla latela tseno. 12 Ba ne ba senolelwa gore ba ne ba direla, e seng bone ka bobone, mme lona, dilo tse jaanong lo di itsisitsweng ka ba ba lo boleletseng dikgang tse di molemo ka moya o o boitshepo o o rometsweng go tswa legodimong. Baengele ba eletsa go tlhodumela mo go tsone dilo tseno. 13 Ka gone tlamang megopolo ya lona lo e tlamela tiro, nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong; tlhomang tsholofelo ya lona mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jo ruri bo tla tlisiwang mo go lona fa Jesu Keresete a senolwa. 14 Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona, 15 mme, tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona, 16 ka gonne go kwadilwe ga twe: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.”
OCTOBER 21-27
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 PETERE 3-5
“Bokhutlo Jwa Dilo Tsotlhe bo Atametse”
(1 Petere 4:7) Mme bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebana le dithapelo.
“Lo Nne Lo Thantse Malebana Le Dithapelo”
MOTHO mongwe yo o kileng a bereka bosigo a re: “Nako e ka yone go leng boima thata go nna o thantse ke ka makuku.” Go ka direga gore batho ba bangwe ba le bone ba ileng ba tshwanelwa ke go nna ba thantse bosigo jotlhe, ba dumalana le mafoko ano. Bakeresete ba motlha ono ba lebane le maemo a a tshwanang ka gonne gone jaanong ke nako ya makuku, morago ga bosigo jo boleele jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ya ga Satane. (Bar. 13:12) Ruri go tla bo go le kotsi gore re robale mo nakong eno ya bofelo! Go botlhokwa gore re nne re “itekanetse sentle mo mogopolong” re bo re tlhwaele tsebe kgakololo ya Dikwalo ya gore re nne re “thantse malebana le dithapelo.”—1 Pet. 4:7.
(1 Petere 4:8) Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.
Tsela ya go Lemoga le go Fenya Bokoa Bope Fela Jwa Semoya
Sa bofelo, nna o gakologetswe kgakololo eno e e lorato ya ga moaposetoloi Petere: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebang le dithapelo. Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo lo boteng, ka gonne lorato lo bipa letshutitshuti la maleo.” (1 Petere 4:7, 8) Go motlhofo thata go letla gore go sa itekanela—ga rona le ga batho ba bangwe—go tsene mo dipelong le mo megopolong ya rona le go nna dikgoreletsi. Satane o itse bokoa jono jwa batho sentle. O dirisa leano la boferefere la go fenya batho ka go ba kgaoganya. Ka jalo, re tshwanetse go itlhaganelela go bipa maleo a a ntseng jalo ka go ratana ka lorato lo lo boteng re sa letlelele “Diabolo sebaka.”—Baefeso 4:25-27.
(1 Petere 4:9) Bontshanang moya wa go tshola baeng lo sa ngongorege.
Go Amogela Baeng go Botlhokwa!
2 Petere o ne a raya bakaulengwe a re: “Bontshanang moya wa go tshola baeng.” (1 Pet. 4:9) Ka Segerika, mafoko a a reng “go tshola baeng,” a kaya go rata batho ba o sa ba tlwaelang. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Petere o ne a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ‘bontshane moya wa go tshola baeng,’ le fa gone ba ne ba itsane. Go amogela baeng go ne go tla ba thusa jang?
3 Go ne go tla dira gore ba atamalane. Gotweng ka wena? A mongwe o kile a go laletsa kwa lapeng la gagwe? A ga wa ka wa itumelela go fetsa nako le lelapa la gagwe? Fa o ne o laleditse bangwe ba phuthego ya gago, a ga wa ka wa itumelela botsala le bone? Fa re amogela baeng, re kgona go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botoka. Bakeresete ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Petere ba ne ba tlhoka go atamalana thata fa maemo a ntse a senyegela pele. E re ka re tshela “mo metlheng ya bofelo,” le rona re tlhoka go dira jalo.—2 Tim. 3:1
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(1 Petere 3:19, 20) A le mo seemong seno gape o ne a tsamaya a ya go rerela meya e e mo kgolegelong, 20 e e neng e kile ya ne e sa utlwe fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa, fa araka e ne e sa ntse e agiwa, e mo go yone batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Baebele ya re Jesu o ne a “rerela meya e e mo kgolegelong.” (1 Pet. 3:19) Seo se kaya eng?
▪ Moaposetoloi Petere o ne a re meya eo ke e e neng “e kile ya ne e sa utlwe fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa.” (1 Pet. 3:20) Ga go pelaelo gore Petere o ne a bua ka dibopiwa tsa moya tse di neng tsa tlhopha go tsuologa le Satane. Jude o ne a umaka baengele ba ba “sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno,” a re Modimo “o ba beetse katlholo ya letsatsi le legolo mo lefifing le le kwenneng ka dikgole tsa bosakhutleng.”—Jude 6.
Dibopiwa tsa moya ga di a ka tsa nna kutlo ka tsela efe mo malatsing a ga Noa? Pele ga Morwalela, dibopiwa tseno tsa moya tse di boikepo di ne tsa iphetola batho—e leng sengwe se Modimo a neng a sa laela gore di se dire. (Gen. 6:2, 4) Mo godimo ga moo, baengele bao ba ba neng ba tlhakanela dikobo le basadi ba ne ba dira sengwe se e seng sa tlholego. Modimo o ne a sa bopa dibopiwa tsa moya gore di tlhakanele dikobo le basadi. (Gen. 5:2) Baengele bano ba ba boikepo, ba ba seng kutlo, ba tla senngwa ka nako e Modimo a e tlhomileng. Jaaka Jude a tlhalosa, gone jaanong ba mo boemong jwa ‘lefifi le le kwenneng’—le go ka tweng ke kgolegelo ya semoya.
Jesu o ne a rerela leng ‘meya eno e e mo kgolegelong’ mme gone jang? Petere o ne a re seno se diregile fa Jesu a sena go “tshedisiwa mo moyeng.” (1 Pet. 3:18, 19) Gape ela tlhoko gore Petere a re, Jesu ‘o ne a e rerela.’ Go bo Petere a dirisitse pakapheti go bontsha gore Jesu o ile a rera pele Petere a kwala lekwalo la gagwe la ntlha. Ka jalo, go bonala gore nako nngwe morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ne a bolelela meya e e boikepo ka kotlhao e e tshwanetseng e meya eno e tlileng go e newa. Molaetsa wa ga Jesu e ne e se wa tsholofelo. E ne e le wa katlholo. (Jona 1:1, 2) Fa Jesu a sena go bontsha tumelo ya gagwe le boikanyegi go fitlha a swa a bo a tsosiwa—e leng bosupi jwa gore tota Diabolo o ne a ka se mo tshware—o ne a na le lebaka la go rera molaetsa o o ntseng jalo wa katlholo.—Joh. 14:30; 16:8-11.
Mo isagweng, Jesu o tla tshwara Satane le baengele bao, a bo a ba latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo. (Luke 8:30, 31; Tshen. 20:1-3) Go fitlha ka nako eo, meya eo e e seng kutlo e tla tswelela e le mo boemong jwa lefifi le le kwenneng la semoya, mme ga go pelaelo gore e tla fedisediwa ruri.—Tshen. 20:7-10.
(1 Petere 4:6) Tota e bile, dikgang tse di molemo di ne tsa bolelelwa le bone baswi ka boikaelelo jono, gore ba tle ba atlholwe malebana le nama go ya ka pono ya batho mme ba tshele malebana le moya go ya ka pono ya Modimo.
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere
4:6—“Baswi” ba ba neng ‘ba bolelelwa dikgang tse di molemo’ e ne e le bomang? Bano e ne e le ba ba neng ba “sule mo ditlolong le mo maleong a bone,” kana ba sule ka tsela ya semoya pele ga ba utlwa dikgang tse di molemo. (Baef. 2:1) Le fa go ntse jalo, fa ba sena go bontsha tumelo mo dikgannyeng tse di molemo, ba ne ba simolola go ‘tshela’ ka tsela ya semoya.
Mmalo wa Baebele
(1 Petere 3:8-22) La bofelo, nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong, 9 lo sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola, mme go na le moo, lo segofatse, ka gonne lo ne lwa bilediwa tsela eno, gore lo rue tshegofatso. 10 Gonne, “yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo go se se bosula le dipounama tsa gagwe mo go bueng tsietso, 11 mme a a furalele se se bosula mme a dire se se molemo; a a senke kagiso mme a e latelele. 12 Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone; mme sefatlhego sa ga Jehofa se kgatlhanong le ba ba dirang dilo tse di bosula.” 13 Eleruri, ke motho ofe yo o tla lo gobatsang fa lo tlhoafalela se se molemo? 14 Mme le e leng fa lo tshwanetse go boga ka ntlha ya tshiamo, lo itumetse. Le fa go ntse jalo, selo se ba se boifang lona lo se ka lwa se boifa, le gone lo se ka lwa fuduega. 15 Mme itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng. 16 Nnang le segakolodi se se siameng, e le gore mo go sone selo se lo kgalwang ka sone, ba ba buang boitshwaro jwa lona jo bo molemo malebana le Keresete ka go nyatsa, ba tlhabiwe ke ditlhong. 17 Gonne go botoka go boga ka gonne lo dira molemo, fa thato ya Modimo e batla jalo, go na le go boga ka gonne lo dira bosula. 18 Aitsane, le e leng Keresete o ne a swa gangwe fela a swela maleo, motho yo o siameng a swela ba ba sa siamang, gore a lo ise kwa Modimong, a bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa mo moyeng. 19 A le mo seemong seno gape o ne a tsamaya a ya go rerela meya e e mo kgolegelong, 20 e e neng e kile ya ne e sa utlwe fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa, fa araka e ne e sa ntse e agiwa, e mo go yone batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi. 21 Se se tshwanang le seno le sone jaanong se a lo boloka, e leng, kolobetso, (e seng go tlosiwa ga leswe la nama, mme go lopa segakolodi se se molemo mo Modimong,) ka tsogo ya ga Jesu Keresete. 22 O kafa seatleng sa moja sa Modimo, gonne o ne a ya legodimong; mme baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.
OCTOBER 28–NOVEMBER 3
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 PETERE 1-3
“Nnang ‘lo Akantse Thata ka go Nna Gone ga Letsatsi la ga Jehofa’”
(2 Petere 3:9, 10) Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong. 10 Le fa go ntse jalo letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.
Jehofa o Tla ‘Dira Gore Tshiamiso e Dirwe’
11 Mme re tshwanetse ra tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a re tlhomamisetsang gore Jehofa o tla dira gore tshiamiso e dirwe “ka bofefo”? Lefoko la Modimo le bontsha gore “le mororo [Jehofa] a itshwere ka bopelotelele,” o tla diragatsa tshiamiso ka bonako fa nako e tshwanela. (Luke 18:7, 8; 2 Petere 3:9, 10) Mo motlheng wa ga Noa, fa Morwalela o tla, baikepi ba ne ba senngwa ka bofefo. Ka tsela e e tshwanang, mo motlheng wa ga Lote molelo o ne wa fologa kwa legodimong wa laila baikepi. Jesu o ne a re: “Go tla nna ka yone tsela eo mo letsatsing leo fa Morwa motho ruri a tla bo a senolwa.” (Luke 17:27-30) Le fano baikepi ba tla diragalelwa ke “tshenyego ya tshoganyetso.” (1 Bathesalonika 5:2, 3) Ee ruri, re ka tlhomamisega ka botlalo gore Jehofa ga a ne a letla lefatshe la ga Satane le tswelela pele le le teng ka lobaka lo lo fetang lo lo tlhokegang gore go diragadiwe tshiamiso.
(2 Petere 3:11, 12) E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, 12 lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa, le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang!
“Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
18 Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a re gakololang gore re nne re gopotse “go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa”! Re ka dira seo jang? Tsela e nngwe ke ka go tshwarega “mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.” (2 Petere 3:11, 12) Go nna re tshwaregile mo ditirong tse di ntseng jalo go tla re thusa go lebelela pele ka tlhoafalo nako ya go tla ga “letsatsi la ga Jehofa.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe ‘go akanya thata ka’ fa le tlhalosiwa ka tlhamalalo le kaya “go itlhaganedisa.” Tota re ka se ka ra itlhaganedisa nako e e saletseng ya go tla ga letsatsi la ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re letetse letsatsi leo, nako e tla lebega e feta ka bonako thata fa re nna re tshwaregile mo tirelong ya Modimo.—1 Bakorintha 15:58.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(2 Petere 1:19) Ka gone re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo; e bile lo dira sentle go le ela tlhoko jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, go fitlha letsatsi le tloga le tswa le mphatlalatsane a tlhaba, mo dipelong tsa lona.
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere
1:19—“Mphatlalatsane” ke mang, o tlhaba leng, mme re itse jang gore o setse a tlhabile? “Mphatlalatsane” ke Jesu Keresete fa a sena go nna kgosi ya Bogosi. (Tshen. 22:16) Ka 1914, Jesu o ne a tlhaba fa pele ga popo yotlhe e le Mesia Kgosi, a itsise go tlhaba ga letsatsi le lesha. Go fetoga ponalo ga ga Jesu e ne e le ponelopele ya kafa a tla bong a galalela ka teng fa a setse a busa e le Kgosi, mme seo se gatelela kafa lefoko la Modimo la boporofeti le leng boammaaruri ka teng. Go ela lefoko leo tlhoko go phatsimisa dipelo tsa rona ka tsela ya semoya, mme ka jalo re lemoga gore Mphatlalatsane o tlhabile.
(2 Petere 2:4) Eleruri fa Modimo a se kile a ithiba go otlhaya baengele ba ba neng ba leofa, mme, ka go ba latlhela mo teng ga Tatarase, o ne a ba tsenya mo dikhuting tsa lefifi le le kwenneng gore ba beelwe katlholo;
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere
2:4—“Tatarase” ke eng mme baengele ba ditsuolodi ba ne ba latlhelwa leng mo teng ga yone? Tatarase ke boemo jo bo tshwanang le jwa go tsenngwa mo kgolegelong jo go tsenngwang dibopiwa tsa semoya fela mo go jone, e seng batho. Ke boemo jwa lefifi le le kwenneng la tlhaloganyo mabapi le maikaelelo a a molemolemo a Modimo. Ba ba mo Tatarase ga ba na tsholofelo epe ya go tshela mo nakong e e tlang. Modimo o ne a latlhela baengele ba ditsuolodi mo teng ga Tatarase mo motlheng wa ga Noa, mme ba tla nna mo boemong joo jwa matlhabisaditlhong go fitlha ba senngwa.
Mmalo wa Baebele
(2 Petere 1:1-15) Simone Petere, motlhanka e bile e le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona, ka tshiamo ya Modimo wa rona le Mmoloki Jesu Keresete: 2 E kete lo ka okelediwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso ka kitso e e boammaaruri ka Modimo le ka Jesu Morena wa rona, 3 e re ka jaana maatla a gagwe a bomodimo a re neile mahala dilo tsotlhe tse di amanang le botshelo le boineelo jwa bomodimo, ka kitso e e boammaaruri ka ene yo o neng a re bitsa ka kgalalelo le molemo. 4 O re neile ditsholofetso tsa botlhokwatlhokwa le tse dikgolo thata ka dilo tseno mahala, gore ka tsone lo nne batlhakanedi mo tlholegong ya bomodimo, ka lo falotse mo go boleng mo go mo lefatsheng mo go bakwang ke keletso e e fekeetsang. 5 Ee, ka lone lebaka leno, ka go arabela lo tsenya boiteko jotlhe ka tlhoafalo, tsenyang mo tumelong ya lona molemo, mo molemong wa lona, kitso, 6 mo kitsong ya lona boikgapo, mo boikgapong jwa lona boitshoko, mo boitshokong jwa lona boineelo jwa bomodimo, 7 mo boineelong jwa lona jwa bomodimo lorato lwa bokaulengwe, mo loratong lwa lona lwa bokaulengwe lorato. 8 Gonne fa dilo tseno di le teng mo go lona di bile di penologa, di tla lo itsa go nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebana le kitso e e boammaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete. 9 Gonne fa dilo tseno di se gone mo mothong, o foufetse, o budulaletse lesedi, mme o nnile yo o lebalang bobe go ntlafadiwa ga gagwe mo maleong a gagwe a bogologolo tala. 10 Ka lebaka leno, bakaulengwe, tswelelang lo dira bojotlhe jwa lona gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga lona; gonne fa lo nna lo dira dilo tseno le ka motlha ga lo kitla lo palelwa ka gope. 11 Tota e bile, ka tsela eno lo tla newa ka bogolo go tsena mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. 12 Ka lebaka leno ke tla go dira mokgwa go lo gakolola ka metlha ka dilo tseno, le mororo lo di itse lo bile lo tlhomame mo boammaaruring jo bo leng mo go lona. 13 Mme ke go tsaya go siame, fa fela ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono, go lo kurusa e le go lo gakolola, 14 ke itse jaaka ke itse gore go apolwa ga motlaagana wa me go tloga go diragala, fela jaaka le Morena wa rona Jesu Keresete a ne a nkaela. 15 Jalo le nna ke tla dira bojotlhe jwa me ka nako nngwe le nngwe gore, fa ke sena go tloga, lo tle lo kgone go ikumakela dilo tseno.