Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
NOVEMBER 4-10
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 JOHANE 1-5
“Lo se Ka Lwa Rata Lefatshe le Dilo Tse Di mo Go Lone”
(1 Johane 2:15, 16) Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; 16 ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.
Latela Sekao sa ga Jesu
13 Bangwe ba ka nna ba akanya gore ga se dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng tse di leng phoso. Mme le fa go ntse jalo, lefatshe le menate ya lone di ka re faposa motlhofo fela gore re se ka ra direla Jehofa. Mme ga go na sepe se se mo lefatsheng se se diretsweng go re atamalanya gaufi le Modimo. Ka gone, fa re simolola go rata dilo tse di mo lefatsheng, tota le dilo tse ka botsone fela di ka tswang di se phoso, re mo tseleng e e kotsi. (1 Timotheo 6:9, 10) Kwantle ga moo, dilo tse dintsi mo lefatsheng ruri di bosula e bile di ka re leswafatsa. Fa re lebelela difilimi kgotsa dithulaganyo tsa thelebishene tse di bontshang thubakanyo, go rata dithoto kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re ka simolola go bona dilo tseo di siame—mme kgabagare tsa re raela. Fa re tsalana le batho ba ba tshwenyegileng thata ka go tokafatsa matshelo a bone kgotsa ka go simolola dikgwebo, le rona re ka simolola go tsaya dilo tseno e le tsa botlhokwa thata.—Mathaio 6:24; 1 Bakorintha 15:33.
(1 Johane 2:17) Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.
Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe
18 Sengwe gape se se ka re thusang go emelana le “dilo tse di mo lefatsheng,” ke go nna re akantse ka mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Johane: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Joh. 2:17) Tsamaiso ya ga Satane e lebega e le ya mmatota e bile e le sengwe se se tla nnelang ruri. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe e tla ya bokhutlong. Ga go sepe mo lefatsheng la ga Satane se se tla nnelang ruri. Go gopola ntlha eno go tla re thusa gore re se ka ra gogelwa ke dirai tsa ga Diabolo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(1 Johane 2:7, 8) Baratwa, ga ke lo kwalele taelo e ntšha, mme taelo e kgologolo e lo nnileng le yone go tloga kwa tshimologong. Taelo e kgologolo eno ke lefoko le lo neng lwa le utlwa. 8 Gape, ke lo kwalela taelo e ntšha, ntlha e e boammaaruri mo go ene le mo go lona, ka gonne lefifi le a feta mme lesedi la boammaaruri le setse le phatsima.
Dikgakololo Tsa Ga Jehofa Di A Ikanyega
14 Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di na le dikgakololo tse dintsi tse di re thusang gore re ratane. Jesu o ne a re taelo ya bobedi e kgolo thata ke go ‘rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’ (Math. 22:39) Ka tsela e e tshwanang, morwarraagwe Jesu ka rraagwe o ne a re lorato ke “molao wa segosi.” (Jak. 2:8) Moaposetoloi Johane o ne a re: “Baratwa, ga ke lo kwalele taelo e ntšha, mme taelo e kgologolo e lo nnileng le yone go tloga kwa tshimologong.” (1 Joh. 2:7, 8) Johane o ne a kaya eng fa a ne a bua ka “taelo e kgologolo”? O ne a bua ka taelo ya gore re bontshe lorato. E ne e le “kgologolo” ka gonne Jesu o ne a buile ka yone masomesome a dingwaga pelenyana, “go tloga kwa tshimologong.” Mme gape, e ne e le “ntšha” ka gore e ne e tlhoka gore barutwa ba bontshe lorato lwa go intsha setlhabelo, e leng nonofo e ba neng ba tla e tlhoka fa ba lebana le maemo a masha. E re ka re le barutwa ba ga Keresete, a ga re anaanele ditlhagiso tse di re thusang go itisa kgatlhanong le moya wa boithati o o anameng thata mo lefatsheng leno, o o ka dirang gore re se ka ra rata moagelani?
(1 Johane 5:16, 17) Fa mongwe a ka tshogana ka a bona mokaulengwe wa gagwe a leofa boleo jo bo sa bakeng loso, o tla kopa, mme o tla mo naya botshelo, ee, ba ba sa leofeng mo go bakang loso. Go na le boleo jo bo bakang loso. Ga ke mmolelele gore a kope ka ga boleo joo. 17 Tshiamololo yotlhe ke boleo; mme le fa go ntse jalo go na le boleo jo bo sa bakeng loso.
it-1-E 862 ¶5
Go Itshwarela
Re tshwanetse go kopa Modimo gore a itshwarele maleo a ba bangwe, go akaretsa le botlhe mo phuthegong. Moshe o ile a dira se se tshwanang ka setšhaba sa Baiseraele, o ile a bolelela Jehofa ka maleo a bone a bo a mo kopa gore a ba itshwarele, mme Jehofa o ile a mo reetsa. (Dip 14:19, 20) Fa go ne go neelwa tempele, Solomone o ne a kopa Jehofa Modimo gore a itshwarele batho ba gagwe fa fela ba ikwatlhaela maleo a ba a dirileng. (1Dik 8:30, 33-40, 46-52) Esera o ne a bolelela Jehofa phatlalatsa ka maleo a Bajuda ba ba neng ba boela kwa Jerusalema, ba a dirileng. Thapelo ya gagwe e e amang pelo e ile ya dira gore Bajuda bao ba ikwatlhaye. (Eser 9:13–10:4, 10-19, 44) Jakobe o ile a kgothaletsa motho yo o bobolang go biletsa banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene gore ba mo rapelele mme “fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.” (Jak 5:14-16) Mme gone, go na le boleo jo bo “bakang loso” e leng go leofela moya o o boitshepo. Go leofela moya o o boitshepo ke fa motho a dira boleo ka boomo. Motho yo o dirang jalo, ga a ka ke a itshwarelwa. Mokeresete ga a tshwanela go rapelela motho yo o dirang boleo ka boomo.—1Jo 5:16; Mat 12:31; Bah 10:26, 27.
Mmalo wa Baebele
(1 Johane 1:1–2:6) Se se neng se le gone go tloga kwa tshimologong, se re se utlwileng, se re se boneng ka matlho a rona, se re ileng ra se leba ka kelotlhoko e bile diatla tsa rona di se apaapile, kaga lefoko la botshelo, 2 (ee, botshelo bo ne jwa bonadiwa, mme re bone e bile re naya bosupi le go lo begela botshelo jo bo sa khutleng jo bo neng bo na le Rara mme jwa bonadiwa mo go rona,) 3 se re se boneng e bile re se utlwile re se begela le lona, gore le lona lo nne le kabalano le rona. Mo godimo ga moo, kabalano eno ya rona e mo go Rara le mo go Morwawe Jesu Keresete. 4 Mme ka jalo re kwala dilo tseno gore boipelo jwa rona e nne jo bo tletseng. 5 Mme ono ke molaetsa o re o utlwileng mo go ene le o re lo o itsiseng, gore Modimo ke lesedi mme ga go na lefifi ka gope seoposengweng le ene. 6 Fa re bua polelo e e reng: “Re na le kabalano le ene,” mme le fa go ntse jalo re tswelela re tsamaya mo lefifing, re a aka e bile ga re mo boammaaruring. 7 Le fa go ntse jalo, fa re tsamaya mo leseding jaaka ene ka boene a le mo leseding, re na le kabalano mongwe go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwawe a re phepafatsa mo boleong jotlhe. 8 Fa re bua polelo e e reng: “Ga re na boleo,” re a itsietsa e bile boammaaruri ga bo yo mo go rona. 9 Fa re ipolela maleo a rona, o a ikanyega e bile o tshiamo mo a tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe. 10 Fa re bua polelo e e reng: “Ga re a leofa,” re mo dira moaki, mme lefoko la gagwe ga le yo mo go rona.
2 Bana ba me ba bannye, ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa leofa. Mme le fa go ntse jalo, fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. 2 Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe. 3 Mme re itse ka seno gore re a mo itse, e leng, fa re tswelela re boloka ditaelo tsa gagwe. 4 Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaelo tsa gagwe, ke moaki, e bile boammaaruri ga bo yo mo mothong yono. 5 Mme le fa e le mang yo a bolokang lefoko la gagwe, ammaaruri lorato lwa Modimo lo itekanedisitswe mo mothong yono. Re itse ka seno gore re seoposengwe le ene. 6 Yo o reng o ntse seoposengwe le ene, o patelesega gore le ene ka boene a tswelele a tsamaya fela jaaka ene yoo a ne a tsamaya.
NOVEMBER 11-17
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 JOHANE 1-13; 3 JOHANE 1-14–JUDE 1-25
“Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring”
(Jude 3) Baratwa, le fa ke ne ke dira boiteko jotlhe go lo kwalela kaga poloko e rotlhe re nang le yone, ke bone go tlhokega go lo kwalela gore ke lo rotloetse go lwa ntwa ka thata lo lwela tumelo e e neng ya newa baitshepi gangwe fela.
“Tswelelang lo Bona Maatla mo Moreneng”
8 Ga re ba ba se nang kitso ka maano a ga Satane ka gonne Dikwalo di re bolelela ka maano a a a dirisang. (2 Bakorintha 2:11) Diabolo o ne a tlhasela Jobe monna yo o siameng ka go dirisa mathata a a seng kana ka sepe a ikonomi, ka go bolaya baratiwa ba gagwe, go mo tlisetsa kganetso ya balelapa la gagwe, go mo tsenya bolwetse le go dirisa ditsala tsa gagwe tse e seng tsa boammaaruri gore di nnele go mo tshwayakaka diphoso ka dilo tse ba se nang boammaaruri jwa tsone. Jobe o ne a tshwenyega thata mo maikutlong a bo a akanya gore Modimo o mo tlogetse. (Jobe 10:1, 2) Le mororo Satane a ka nna a se ka a re bakela mathata ano ka tlhamalalo gompieno, mathata a a ntseng jalo a ama Bakeresete ba le bantsi gompieno, mme Diabolo a ka nna a a dirisa go re kgona ka one.
9 Dikotsi tsa semoya di oketsegile mo motlheng ono wa bokhutlo. Re tshela mo motlheng o mo go one batho ba gagamaletseng thata dikhumo go na le dilo tsa semoya. Gantsi metswedi ya dikgang e bontsha tlhakanelodikobo e e sa siamang e le selo se se tlisetsang batho boitumelo go na le go ba tlisetsa bohutsana. Mme batho ba le bantsi ba fetogile “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) Go akanya ka tsela eno go ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing fa re sa ‘lwe ntwa ka thata re lwela tumelo.’—Jude 3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Jude 4) Lebaka la me ke gore batho bangwe ba kukunetse mo teng, ba Dikwalo di ba laoletseng katlholo eno bogologolo tala, baikepi, ba ba fetolang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng e bile ba itatola Mong wa rona yo o esi fela le Morena, e bong Jesu Keresete.
(Jude 12) Bano ke mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi mo meketeng ya lona ya lorato fa ba ntse ba ja mekete le lona, badisa ba ba iphepang kwantle ga poifo; maru a a se nang metsi, a a heheutlelwang kwa le kwa ke diphefo; ditlhare mo bofelong jwa letlhafula, mme di se na maungo, tse di suleng gabedi, tse di kumotsweng;
it-2-E 279
Mekete ya Lorato
Baebele ga e tlhalose gore mekete ya lorato ke eng le gore e ne e ketekiwa kae. (Jude 12) Mekete eo e ne e se taelo e e tswang kwa go Jesu Keresete kgotsa baaposetoloi ba gagwe e bile go ne go sa bewa molao ope o o neng o re e ketekiwe kgotsa gore mekete eo e ketekiwe ka metlha. Bangwe ba re mo meketeng eo, Bakeresete ba ba humileng ba ne ba laletsa Bakeresete ba ba humanegileng. Batho ba ba se nang borre, batlholagadi, bahumi le batho ba ba humanegileng, ba ne ba itumelela botsala mo meketeng eo.
it-2-E 816
Lefika
Lefoko le lengwe la Segerika e leng, spi·lasʹ, le kaya lefika le le fitlhegileng mo tlase ga metsi. Lefoko leno le dirisiwa ke Jude go tshwantsha banna ba ba ileng ba tsena mo phuthegong ya Bokeresete ka maikaelelo a a sa siamang. Fela jaaka mafika a a fitlhegileng mo metsing a ne a ka senya dikepe, ka tsela e e tshwanang banna bano ba ne ba ka senya tumelo ya Bakeresete ba bangwe mo phuthegong. Jude o ile a bua jaana ka banna bano: “Ke mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi mo meketeng ya lona ya lorato fa ba ntse ba ja mekete le lona.”—Jude 12.
(Jude 14, 15) Ee, wa bosupa mo tlhatlhamanong go tswa kwa go Adame, e bong Enoke, le ene o ne a porofeta ka ga bone, fa a ne a re: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, 15 go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.”
‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’
Boporofeti jwa ga Enoke bo ne bo reng? Bo ne bo re: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) O tla lemoga gore Enoke o bua jaaka e kete Modimo o setse a dirile se a se porofetileng. Baporofeti ba le bantsi ba ile ba dirisa mokgwa oo fa ba porofeta. Ntlha ke gore: Moporofeti o tlhomamisegile thata ka sengwe mo a se tlhalosang jaaka e kete se setse se diragetse!—Isaia 46:10.
‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’
Sekao sa ga Enoke se dira gore re ipotse gore a le rona re leba lefatshe leno ka tsela e Modimo a le lebang ka yone. Molaetsa wa katlholo o Enoke a neng a o itsise batho ba motlha wa gagwe ka bopelokgale, o a dira le gompieno. Jehofa o ne a dira fela jaaka Enoke a buile ka go tlisa Morwalela o mogolo o o ileng wa fedisa batho ba motlha wa ga Noa ba ba neng ba sa ikobele Modimo. Mme seo ke se se tlileng go direga mo nakong e e sa fediseng pelo. (Mathaio 24:38, 39; 2 Petere 2:4-6) Le gompieno, Modimo o eme sejaro le baengele ba gagwe ba ba boitshepo go tla go atlhola batho ba ba bosula. Rotlhe re tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso ya ga Enoke re bo re e bolelela ba bangwe. Ba losika le ditsala ba ka nna ba nna kgatlhanong le rona. Ka dinako tse dingwe re ka tswa re ikutlwa re le rosi. Jehofa ga a ka a latlha Enoke; mme le gompieno ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang!
Mmalo wa Baebele
(2 Johane 1-13) Monna yo mogolwane, ke kwalela mohumagadi yo o tlhophilweng le bana ba gagwe, ba ke ba ratang eleruri, mme e seng nna ke le nosi, mme le botlhe ba jaanong ba itseng boammaaruri, 2 ka ntlha ya boammaaruri jo bo ntseng mo go rona, e bile bo tla nna le rona ka bosaengkae. 3 Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, kutlwelobotlhoko le kagiso go tswa kwa Modimong Rara le kwa go Jesu Keresete Morwa wa ga Rara di tla nna le rona, ka boammaaruri le lorato. 4 Ke ipela fela thata ka gonne ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaaruring, fela jaaka re ne ra amogela taelo e tswa kwa go Rara. 5 Jalo jaanong ke a go kopa, mohumagadi, ke le motho yo o go kwalelang, e seng taelo e ntšha, mme e le e re nnileng le yone go tloga kwa tshimologong, ya gore re ratane. 6 Mme seno ke se lorato lo se rayang, gore re tswelele re tsamaya ka fa ditaelong tsa gagwe. Taelo ke eno, fela jaaka lo utlwile go tloga kwa tshimologong, gore lo tshwanetse lwa tswelela lo tsamaya mo go yone. 7 Gonne batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, batho ba ba sa boleleng fa ba dumela gore Jesu Keresete o tla a le mo nameng. Yono ke motsietsi le moganetsakeresete. 8 Itiseng, gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re dirileng ka natla go di tlhagisa, mme gore lo bone maduo a a tletseng. 9 Mongwe le mongwe yo o itshusumeletsang kwa pele mme a sa nne mo thutong ya ga Keresete ga a na Modimo. Yo o nnang a le mo thutong eno ke ene yo o nang le Rara mmogo le Morwa. 10 Fa mongwe a tla mo go lona mme a sa tlise thuto eno, lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa. 11 Gonne yo o mo dumedisang ke motlhakanedi mo ditirong tsa gagwe tsa boikepo. 12 Le mororo ke na le dilo di le dintsi go di lo kwalela, ga ke eletse go dira jalo ka pampiri le enke, mme ke solofela go tla kwa go lona le go bua le lona re lebane difatlhego, gore boipelo jwa lona e nne jo bo tletseng. 13 Bana ba ga monnao, yo o tlhophilweng, ba go romelela ditumediso tsa bone.
NOVEMBER 18-24
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | TSHENOLO 1-3
“Ke Itse Ditiro Tsa Gago”
(Tshenolo 1:20) Mme ka sephiri se se boitshepo sa dinaledi tse supa tse o di boneng mo seatleng sa me sa moja, le sa ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa: Dinaledi tse supa di kaya baengele ba diphuthego tse supa, mme ditlhomo tsa lobone tse supa di kaya diphuthego tse supa.
O Bontsha Moya o o Ntseng Jang?
8 Gore re tile go nna le moya o o ntseng jalo, re tshwanetse go gopola gore mo Baebeleng Jesu o tshwantshiwa a “tshotse dinaledi di le supa” “mo seatleng sa gagwe sa moja.” “Dinaledi” tseo di emela balebedi ba ba tloditsweng mme gape di ka emela balebedi botlhe ba diphuthego. Jesu a ka kaela “dinaledi” tse di mo seatleng sa gagwe ka tsela epe fela e a bonang e tshwanela. (Tshen. 1:16, 20) Ka jalo, e re ka Jesu e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o laola ditlhopha tsa bagolwane ka botlalo. Fa mongwe mo setlhopheng seno a tlhoka kgalemelo, Ene yo “matlho a gagwe [a ntseng] jaaka kgabo ya molelo e e tukang” o tla tlhomamisa gore seo se dirwa ka nako ya Gagwe le ka tsela ya gagwe. (Tshen. 1:14) Mme rona re tswelela re bontsha ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo tlotlo e e tshwanetseng, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.”—Baheb. 13:17.
(Tshenolo 2:1, 2) “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Efeso o re: Tseno ke dilo tse a di buang yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa, 2 ‘Ke itse ditiro tsa gago, le tiro ya gago ya bonatla le boitshoko, le gore ga o ka ke wa itshokela batho ba ba bosula, le gore o leka ba ba reng ke baaposetoloi, mme e se bone, mme o ba fitlhetse e le baaki.
Jehofa O a Re Dibela Gore re Bone Poloko
11 Mo ponong e e mo go Tshenolo kgaolo 2 le 3, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o tlhatlhoba diphuthego tse supa tsa Asia Minor. Pono eo e senola gore Keresete ga a bone fela maemo a batho botlhe ba nang le one, mme o bona le maemo a motho mongwe le mongwe a lebanang le one. Mo maemong mangwe, o ne a bo a umaka batho bangwe, mme o akgola mongwe le mongwe wa bone ka tsela e e mo tshwanetseng kgotsa o mo naya kgakololo e e tshwanetseng. Seno se bontsha eng? Mo tiragatsong ya pono eo, diphuthego tse supa di emela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshela morago ga 1914, mme kgakololo e e neetsweng diphuthego tseo tse supa e dira le mo diphuthegong tsotlhe tsa batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe gompieno. Ka jalo, re ka dira tshwetso ya gore Jehofa o etelela batho ba gagwe pele a dirisa Morwawe. Kaelo eo e ka re solegela molemo jang?
Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa
20 Go tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa e e ntseng e gatela pele go re tlhoka gore re tseye tsia seabe se Jesu Keresete a se abetsweng ke Modimo sa go nna “tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:22, 23) Gape re tshwanetse go ela tlhoko Isaia 55:4 e mo go yone re bolelelwang jaana: “Bona! [Nna Jehofa] ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” Ruri Jesu o itse go etelela dilo pele. Gape o itse dinku tsa gagwe le ditiro tsa tsone. Tota e bile, o ne a bua jaana ka makgetlo a le matlhano fa a ne a tlhatlhoba diphuthego tse supa tsa Asia Minor: “Ke itse ditiro tsa gago.” (Tshenolo 2:2, 19; 3:1, 8, 15) Gape Jesu o itse dilo tse re di tlhokang, fela jaaka Rraagwe, e bong Jehofa. Pele ga Jesu a ruta Thapelo ya Sekao, o ile a re: “Modimo Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:8-13.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Tshenolo 1:7) Bona! O tla a le mo marung, mme leitlho lengwe le lengwe le tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; mme ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di hutsafetse ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.
Bogosi Jwa Modimo bo Tlosa Baba ba Jone
10 Go itsisiwe ga katlholo. Go tswa foo baba botlhe ba Bogosi jwa Modimo ba tla patelesega go bona tiragalo e e tla ba ngomolang pelo le go feta. Jesu a re: “Ba tla bona Morwa motho a tla a le mo marung ka maatla a magolo le kgalalelo.” (Mar. 13:26) Dipontsho tseno tsa maatla a a fetang a tlholego di tla bontsha gore Jesu o tlile, go tla go itsise katlholo. Mo karolong e nngwe ya jone boporofeti jono jo bo malebana le metlha ya bofelo, Jesu o re naya dintlha tse di oketsegileng tse di malebana le katlholo e e tla itsisiweng ka nako eo. Re fitlhela tshedimosetso eno mo setshwantshong sa dinku le dipodi. (Bala Mathaio 25:31-33, 46.) Baemanokeng ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo ba tla atlholwa go nna “dinku” mme ba tla ‘tsholetsa ditlhogo tsa bone’ ba lemoga gore ‘kgololo ya bone e atametse.’ (Luke 21:28) Le fa go ntse jalo, baganetsi ba Bogosi ba tla atlholwa go nna “dipodi” mme ba tla ‘ititaya ba lela selelo sa khutsafalo,’ fa ba lemoga gore ba emetswe ke ‘go kgaolwa ga bosakhutleng.’—Math. 24:30; Tshen. 1:7.
(Tshenolo 2:7) A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego: Yo o fenyang ke tla mo naya gore a je ga setlhare sa botshelo, se se mo paradaiseng ya Modimo.’
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo I
2:7—‘Paradaise ya Modimo’ ke eng? E re ka mafoko ano a buiwa le Bakeresete ba ba tloditsweng, fano paradaise e tshwanetse ya bo e kaya boemo jo bo kwa legodimong jo bo tshwanang le paradaise—kwa Modimo ka boene a leng teng. Batlodiwa ba ba ikanyegang ba tla duelwa ka go ja ‘mo setlhareng sa botshelo.’ Ba tla fiwa bosasweng.—1 Bakor. 15:53.
Mmalo wa Baebele
(Tshenolo 1:1-11) Tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo a neng a e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala. A roma moengele wa gagwe mme ka ene a e neela motlhanka wa gagwe Johane ka ditshupo, 2 yo o neng a naya bosupi ka lefoko le Modimo a le neileng le ka bosupi jo Jesu Keresete a bo neileng, le ka dilo tsotlhe tse a di boneng. 3 Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone; gonne nako e e tlhomilweng e gaufi. 4 Johane, a kwalela diphuthego tse supa tse di mo kgaolong ya Asia: E kete lo ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso tse di tswang kwa go “Yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang,” le kwa meyeng e supa e e fa pele ga setulo sa gagwe sa bogosi, 5 le kwa go Jesu Keresete, “Mosupi yo o Ikanyegang,” “Leitibolo go tswa mo baswing,” le “Mmusi wa dikgosi tsa lefatshe.”A yo o re ratang le yo o re golotseng mo maleong a rona ka madi a gagwe— 6 mme o ne a dira gore re nne bogosi, baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rara—ee, a nne le kgalalelo le thata ka bosaengkae. Amen. 7 Bona! O tla a le mo marung, mme leitlho lengwe le lengwe le tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; mme ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di hutsafetse ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen. 8 “Ke nna Alefa le Omega,” go bua Jehofa Modimo, “Ene yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang, Mothatayotlhe.” 9 Nna Johane, mokaulengwe wa lona le motlhakanedi le lona mo pitlaganong le mo bogosing le mo boitshokong re patilwe ke Jesu, ka bo ke le mo setlhaketlhakeng se se bidiwang Patamose ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu. 10 Ka tlhotlheletso ka bo ke le mo letsatsing la Morena, mme kafa morago ga me ka utlwa lentswe le le nonofileng le tshwana le la terompeta, 11 le re: “Se o se bonang se kwale mo lokwalong lwa momeno mme o se romele kwa diphuthegong tse supa, kwa Efeso le kwa Semerena le kwa Peregamo le kwa Thiatira le kwa Saredisa le kwa Filadelefia le kwa Laodikia.”
NOVEMBER 25–DECEMBER 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | TSHENOLO 4-6
“Bapalami ba Dipitse Tse Nnê”
(Tshenolo 6:2) Ka leba, mme, bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.
Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
Mopalami wa pitse e tshweu ke mang? Buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosa mopalami yono yo o kwa legodimong e re ke “Lefoko la Modimo.” (Tshenolo 19:11-13) Jesu Keresete ke ene a bidiwang Lefoko ka gonne ke mmueledi wa Modimo. (Johane 1:1, 14) Gape o bidiwa “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena” e bile Baebele ya re o a “Ikanyega e bile o Boammaaruri.” (Tshenolo 19:11, 16) Go a bonala gore o neilwe maatla a go nna kgosi le motlhabani e bile ga a dirise maatla a gagwe ka tsela e e sa siamang. Mme go na le dipotso tse re tlhokang go di araba.
Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
Banna bano ba simolotse leng go palama dipitse tsa bone? O tla lemoga gore mopalami wa ntlha e bong Jesu, o simolotse go palama pitse ya gagwe fa a sena go nna kgosi. (Tshenolo 6:2) Jesu o tlhomilwe leng go nna Kgosi kwa legodimong? Seno ga se a ka sa direga fa a boela kwa legodimong. Baebele ya re o ne a tshwanelwa ke go leta. (Bahebera 10:12, 13) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tla bona jang gore nako eo ya go leta e fedile le gore jaanong o ne a simolotse go busa kwa legodimong. O ne a ba bolelela gore fa a simolola go busa, ditiragalo tsa lefatshe di ne di tla nnela maswe le go feta. Go ne go tla nna le dintwa, tlhaelo ya dijo le malwetse a leroborobo. (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:10, 11) Fa Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e simologa ka 1914, go ne ga bonala sentle gore maemo a batho a ne a fetogile gotlhelele, ba ne ba tshela mo nakong e Baebele e e bitsang ‘metlha ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5.
(Tshenolo 6:4-6) Mme e nngwe ya tla, pitse e e khunou; mme yo o e pagameng a newa go tlosa kagiso mo lefatsheng gore ba bolaane; mme a newa tšhaka e kgolo. 5 E rile a bula sekano sa boraro, ka utlwa sebopiwa sa boraro se se tshelang se re: “Tla!” Ka leba, mme, bona! pitse e ntsho; mme yo o e pagameng o ne a tshotse sekale ka seatla. 6 Mme ka utlwa lentswe le e keteng le mo gare ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le re: “Kwatara ya korong ke denario, le dikwatara di le tharo tsa barele ke denario; mme o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine.”
Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
Mopalami yono o tshwantshetsa dintwa. Ela tlhoko gore ga a tlose kagiso mo setšhabeng se se rileng fela go na le moo o e tlosa mo lefatsheng lotlhe. Seo se ile sa direga lekgetlo la ntlha ka 1914, fa go ne go runya ntwa e e ileng ya ama lefatshe lotlhe. Morago ga moo, go ile ga latela ntwa e nngwe gape e e ileng ya feta ka matshelo a batho ba le bantsi thata mo lefatsheng lotlhe. Go fopholediwa gore go ile ga swa batho ba feta dimilione di le 100 mo dintweng fa e sa le ka 1914. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba gobala botlhoko thata.
Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
“Ka leba, mme, bona! pitse e ntsho; mme yo o e pagameng o ne a tshotse sekale ka seatla. Mme ka utlwa lentswe le e keteng le mo gare ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le re: ‘Kwatara ya korong ke denario, le dikwatara di le tharo tsa barele ke denario; mme o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine.’”—Tshenolo 6:5, 6.
Mopalami yono o tshwantshetsa leuba. Baebele e tlhalosa tsela e dijo di tla turang ka yone fa e re dikilogerama di le 0,7 tsa korong di tla ja denario e le nngwe e mo metlheng ya Baebele motho a neng a e newa fa a berekile letsatsi lotlhe. (Mathaio 20:2) Gape denario eo e ne e kgona go reka dikilogerama di le 2,1 tsa barele e boleng jwa yone bo leng kwa tlase fa bo bapisiwa le jwa korong. Selekanyo seo sa dijo se ne se sa lekana go tlamela lelapa le legolo. Go tswa foo, batho ba tlhagisiwa gore ba somarele, tota le dijo tsa letsatsi le letsatsi tsa nako eo tse di jaaka oli ya motlhware le beine.
(Tshenolo 6:8) Ka leba, mme, bona! pitse e tshetlha; mme leina la yo o e pagameng e ne e le Loso. Hadese e ne e mo setse morago e le gaufi thata. Mme ba ne ba newa taolo godimo ga karolo ya bonè ya lefatshe, gore ba bolaye ka tšhaka e telele le ka tlhaelo ya dijo le ka sebetso se se bolayang le ka dibatana tsa naga tsa lefatshe.
Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
Mopalami wa pitse ya bonê o tshwantshetsa loso lo lo bakwang ke malwetse a leroborobo le dilo tse dingwe. Morago ga 1914, batho ba le dimilione di le masomesome ba ne ba bolawa ke Spanish flu. Bolwetse joo bo ile jwa tshwara batho ba ka nna dimilione di le 500 ka nako eo, seo se raya gore motho a le mongwe mo go ba le bararo o ne a tshwerwe ke bolwetse joo.
Mme go ne go na le malwetse a mangwe a a ileng a latela. Baitse ba re go tloga ka dingwaga tsa bo1900 go fitlha ka ngwaga wa 2000, batho ba le dimilionemilione ba ne ba bolawa ke bolwetse jwa smallpox. Go tla go fitlha le gompieno, batho ba le bantsi ba bolawa ke AIDS, TB le malaria le fa gone go na le kgatelopele mo go tsa kalafi.
Batho ba ile ba swa, go sa kgathalesege gore ba bolailwe ke ntwa, leuba kgotsa malwetse a leroborobo. Lebitla le nna le phutha mongwe le mongwe yo o suleng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Tshenolo 4:4) Mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le ditulo tsa bogosi di le masome a mabedi le bonè, mme mo ditulong tseno tsa bogosi ka bona go ntse bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba apere diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu, mme mo godimo ga ditlhogo tsa bone ga bo go le dirwalo tsa gouta.
(Tshenolo 4:6) Mme fa pele ga setulo sa bogosi go na le, jaaka e kete e ne e le lone tota, lewatle la sekagalase le tshwana le legweka. Mme mo gare ga setulo sa bogosi le go dikologa setulo sa bogosi go na le dibopiwa tse nnè tse di tshelang tse di tletseng matlho fa pele le kafa morago.
Bontle Jwa Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa sa Kwa Legodimong
8 Johane o ne a itse gore go ne go tlhophiwa baperesiti go direla mo motlaaganeng wa bogologolo. Jalo o tshwanetse a bo a ne a gakgamaditswe ke go bona se se latelang se a se tlhalosang: “Mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le ditulo tsa bogosi di le masome a mabedi le bonè, mme mo ditulong tseno tsa bogosi ka bona go ntse bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba apere diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu, mme mo godimo ga ditlhogo tsa bone ga bo go le dirwalo tsa gouta.” (Tshenolo 4:4) Ee, mo boemong jwa baperesiti, go na le bagolwane ba le 24, ba ba dutseng mo ditulong tsa bogosi ba bile ba rwele dirwalo tsa bogosi jaaka dikgosi. Bagolwane bano ke bomang? Ga se bape fa e se batlodiwa ba phuthego ya Bokeresete, ba ba tsositsweng le go nna mo boemong jwa selegodimo jo Jehofa a bo ba solofeditseng. Re itse seo jang?
Bontle Jwa Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa sa Kwa Legodimong
19 Dibopiwa tseno di tshwantshetsa eng? Ponatshegelo e e kwadilweng ke moperofeti yo mongwe, e bong Esekiele, e re thusa go bona karabo. Esekiele o ne a bona Jehofa a dutse mo kareng ya selegodimo, e e neng e patilwe ke dibopiwa tse di tshelang tse di nang le dipopego tse di tshwanang le tse di tlhalosiwang ke Johane. (Esekiele 1:5-11, 22-28) Moragonyana, Esekiele o ne a bona gape kara eo ya setilo sa bogosi e patilwe ke dibopiwa dingwe tse di tshelang. Le fa go ntse jalo, ka nako eno, o bolela gore dibopiwa tseno ke ditšheruba. (Esekiele 10:9-15) Dibopiwa tse nnè tse di tshelang, tse Johane a di bonang di tshwanetse tsa bo di emela ditšheruba tse dintsintsi tsa Modimo—dibopiwa tsa maemo a a kwa godimo mo phuthegong ya Gagwe ya semoya. Johane o ne a ka se ka a go tsaya e le selo se se sa tlwaelegang go bona ditšheruba di ntse gaufiufi le Jehofa, e re ka mo thulaganyong ya bogologolo ya motlaagana, ditšheruba tse pedi tsa gouta di ne di beilwe mo godimo ga letlole la kgolagano, le le neng le emela setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Lentswe la ga Jehofa le ne le neela setšhaba seo ditaelo, le tswa fa gare ga ditšheruba tseno.—Ekesodo 25:22; Pesalema 80:1.
(Tshenolo 5:5) Mme mongwe wa bagolwane a nthaya a re: “Tlogela go lela. Bona! Tau e e leng ya lotso lwa Juda, modi wa ga Dafide, e fentse gore e bule lokwalo lwa momeno le dikano tsa lone tse supa.”
“Bona! Tau e e Leng ya Lotso Lwa Juda”
5 Gantsi tau e amanngwa le bopelokgale. A o kile wa lebana le tau e kgolo e tonanyana? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe o ne o lebane le yone o sireleditswe ke legora la serapa sa diphologolo. Mme gone, seo e ka nna selo se se tshosang tota. Fa o ntse o lebile sebatana seno se segolo le se se nonofileng mme le sone se go gotoletse matlho, ga o kgone go akanya tau eno e tshaba ka ntlha ya go boifa sengwe. Baebele e bua ka “tau, e e leng thata go feta dibatana tsotlhe le e e sa boeleng morago fa pele ga ga ope.” (Diane 30:30) Keresete le ene o pelokgale fela jalo.
6 A re sekaseke kafa Jesu a ileng a bontsha go nna pelokgale ka teng jaaka tau ka ditsela tseno tse tharo: ka go femela boammaaruri, ka go dira dilo ka tshiamiso le ka go lebana le kganetso. Re tla bona le kafa rotlhe re ka etsang bopelokgale jwa ga Jesu ka teng, e ka ne re le pelokgale ka tlholego kana nnyaa.
Mmalo wa Baebele
(Tshenolo 4:1-11) Morago ga dilo tseno ka leba, mme, bona! kgoro ya bo e bulegile kwa legodimong, mme lentswe la ntlha le ke neng ka le utlwa le ne e kete la terompeta, le bua le nna, le re: “Tlhatlogela kwano, mme ke tla go bontsha dilo tse di tla diragalang.” 2 Morago ga dilo tseno ka nna mo maatleng a moya ka yone nako eo: mme, bona! setulo sa bogosi se ne se le mo mannong a sone kwa legodimong, mme go na le yo o ntseng mo setulong seno sa bogosi. 3 Mme yo o ntseng, ka ponalo, o tshwana le leje la jasepere le leje la botlhokwatlhokwa la mmala o mohibidu, mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le motshe wa godimo o o tshwanang le emeraleda ka ponalo. 4 Mme go dikologa setulo seno sa bogosi go na le ditulo tsa bogosi di le masome a mabedi le bonè, mme mo ditulong tseno tsa bogosi ka bona go ntse bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba apere diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu, mme mo godimo ga ditlhogo tsa bone ga bo go le dirwalo tsa gouta. 5 Mme mo setulong sa bogosi go tswa dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru; mme go na le dipone di le supa tsa molelo tse di tukang fa pele ga setulo sa bogosi, mme tseno di kaya meya e le supa ya Modimo. 6 Mme fa pele ga setulo sa bogosi go na le, jaaka e kete e ne e le lone tota, lewatle la sekagalase le tshwana le legweka. Mme mo gare ga setulo sa bogosi le go dikologa setulo sa bogosi go na le dibopiwa tse nnè tse di tshelang tse di tletseng matlho fa pele le kafa morago. 7 Mme sebopiwa sa ntlha se se tshelang se tshwana le tau, mme sebopiwa sa bobedi se se tshelang se tshwana le powana, mme sebopiwa sa boraro se se tshelang se na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho, mme sebopiwa sa bonè se se tshelang se tshwana le ntsu e e fofang. 8 Mme malebana le dibopiwa tse nnè tse di tshelang, sengwe le sengwe sa tsone se na le diphuka di le thataro; di tletse matlho go dikologa le kafa tlase. Mme ga di na boikhutso bosigo le motshegare jaaka di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, ene yo o neng a le gone le yo o gone le yo o tlang.” 9 Mme le fa e le leng fela fa dibopiwa tse di tshelang di naya Yo o ntseng mo setulong sa bogosi kgalalelo le tlotlo le ditebogo, Yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile, 10 bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba wela fa fatshe fa pele ga Yo o ntseng mo setulong sa bogosi mme ba obamela Yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: 11 “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”