Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
MARCH 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 22-23
“Modimo O ne A Leka Tumelo ya ga Aborahame”
(Genesise 22:1, 2) Jaanong morago ga dilo tseno ga diragala gore Modimo wa boammaaruri a leke Aborahame. Ka jalo a mo raya a re: “Aborahame!” mme ene a re: “Ke fano!” 2 A tswelela a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme o tseye loeto go ya kwa lefatsheng la Moria mme o mo ise tshupelo e e fisiwang gone mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e tlhaolelang.”
Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A re Aborahame a Ntshe Morwawe Setlhabelo?
Ela tlhoko mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Aborahame: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme . . . o mo ise tshupelo e e fisiwang.” (Genesise 22:2) Ela tlhoko gore Jehofa o ne a re Isake ke morwa “yo o mo ratang thata.” Jehofa o ne a itse gore Aborahame o ne a rata Isake go le kana kang. Gape Modimo o ne a itse gore le ene o ikutlwa jang ka Morwawe, Jesu. Jehofa o ne a rata Jesu thata jaana mo a neng a bua ka makgetlho a le mabedi a le kwa legodimong, a bitsa Jesu a re “Morwaake, moratwa.”—Mareko 1:11; 9:7.
Gape ela tlhoko gore fa Jehofa a ne a re Aborahame a ntshe Isake setlhabelo o ne a dirisa lefoko “tsweetswee.” Mokanoki mongwe wa Baebele a re lebaka la go bo Modimo a dirisitse lefoko leno le bontsha gore “MORENA o ne a tlhaloganya gore Aborahame o ne a tla latlhegelwa go le kana kang fa a ntsha morwawe setlhabelo.” Jaaka re ka akanya, kopo eo e ka tswa e ile ya hutsafatsa Aborahame fela thata; ka tsela e e tshwanang, go thata le go akanya fela gore Jehofa a ka tswa a ile a utlwa botlhoko thata jang fa a ntse a lebile Morwawe yo o rategang a boga a bo a swa. Ga go pelaelo gore eo e ne e le kutlobotlhoko e Jehofa a neng a ise a ke a nne le yone e bile a ka se tsamaye a nne le yone gape.
Ka jalo, tota le fa re ka tswa re kgopisiwa ke se Jehofa a neng a re Aborahame a se dire, re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa gore Jehofa ga a ka a letla tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang gore e tswelele ka go ntsha setlhabelo seo. O ne a dira gore Aborahame a se ka a hutsafala thata ka selekanyo se motsadi a ka se kang a se itshokela; o ne a sireletsa Isake gore a se ka a swa. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a sireletsa “Morwawe mme [o ne] a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe.” (Baroma 8:32) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a itetla gore a diragalelwe ke selo se se utlwisang botlhoko jalo? O ne a dira jalo gore “re bone botshelo.” (1 Johane 4:9) Ruri seno se re gopotsa lorato lo Modimo a re ratang ka lone! A ga re tlhotlheletsege gore le rona re mmontshe lorato?
(Genesise 22:9-12) La bofelo ba fitlha mo lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mo tlhaoletse, mme Aborahame a aga sebeso mo go lone mme a baya dikgong ka thulaganyo a bo a bofa Isake morwawe mabogo le dinao a bo a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong. 10 Foo Aborahame a ntsha seatla a tsaya thipa e go tlhajwang ka yone gore a bolaye morwawe. 11 Mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa go tswa kwa magodimong a re: “Aborahame, Aborahame!” mme a araba a re: “Ke fano!” 12 Mme a tswelela a re: “O se ka wa ntshetsa mosimane seatla e bile o se ka wa mo dira sepe gotlhelele, gonne jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.”
(Genesise 22:15-18) Mme moengele wa ga Jehofa a bitsa Aborahame lekgetlo la bobedi go tswa kwa magodimong 16 mme a re: “‘Ruri ke ikana ka nna,’ go bua Jehofa, ‘gore ka lebaka la gore o dirile selo seno le gore ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela, 17 ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle; mme losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone. 18 Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.’”
Ikobele Modimo, O Solegelwe Molemo ke Ditsholofetso Tse A Re Di Ikanetseng
6 E le gore batho ba ba nang le boleo ba ikanye ditsholofetso tsa gagwe, Jehofa Modimo le ene o ne a dira maikano a dirisa dipolelwana tse di jaaka, “‘Jaaka ke tshedile’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Esek. 17:16) Baebele e tlhalosa makgetlho a a fetang 40 a mo go one Jehofa Modimo a neng a dira maikano. Gongwe sekai se se itsegeng thata ke fa Modimo a ne a dirisana le Aborahame. Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, Jehofa o ne a dira ditsholofetso di le mmalwa tsa kgolagano le Aborahame tse di bontshang gore Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo go Aborahame, ka morwawe e bong Isake. (Gen. 12:1-3, 7; 13:14-17; 15:5, 18; 21:12) Morago ga foo, Jehofa o ne a tlisetsa Aborahame teko e kgolo, a mo laela gore a ntshe morwawe yo o rategang setlhabelo. Kwantle ga go diega, Aborahame o ne a ikobela Modimo mme o ne a tloga a ntsha Isake setlhabelo fa moengele wa Modimo a ne a mo thibela. Go tswa foo Modimo o ne a dira maikano ano: “Ruri ke ikana ka nna . . . gore ka lebaka la gore o dirile selo seno le gore ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela, ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle; mme losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone. Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.”—Gen. 22:1-3, 9-12, 15-18.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 22:5) Jaanong Aborahame a raya batlhokomedi ba gagwe a re: “Lona salang fano le esele, mme nna le mosimane re batla go ya fale go ya go obama re bo re boela mo go lona.”
Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
13 Pele Aborahame a tsamaya, o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lona salang fano le esele, mme nna le mosimane re batla go ya fale go ya go obama re bo re boela mo go lona.” (Genesise 22:5) Aborahame o ne a raya jang? A o ne a bua maaka fa a re o tla boa le Isake, a ntse a itse gore o ile go mo ntsha setlhabelo? Nnyaa. Baebele ya re Aborahame o ne a itse gore Jehofa o kgona go tsosa Isake mo baswing. (Bala Bahebera 11:19.) Aborahame o ne a itse gore Jehofa ke ene a dirileng gore ba kgone go nna le ngwana tota le fa ene le Sara ba ne ba setse ba tsofetse. (Bahebera 11:11, 12, 18) O ne a lemogile gore Jehofa ga a palelwe ke sepe. O ne a sa itse gore go tla direga eng mo letsatsing leo. Mme o ne a na le tumelo ya gore fa go tlhokega, Jehofa o ne a tla tsosa morwawe mo baswing gore ditsholofetso tsa Modimo di kgone go diragadiwa. Ke ka lebaka leo Aborahame a bidiwang “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”
(Genesise 22:12) Mme a tswelela a re: “O se ka wa ntshetsa mosimane seatla e bile o se ka wa mo dira sepe gotlhelele, gonne jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.”
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Sa bonê, Jehofa ga a tlhoke go bonela pele sengwe le sengwe se se re diragalelang. Kgang ya gore Modimo o tlhopha go sa le gale gore ke diteko dife tse re tla lebanang le tsone, e kaya gore o tshwanetse a bo a itse sengwe le sengwe ka isagwe ya rona. Le fa go ntse jalo, kgang eno ga e dumalane le Dikwalo. Ruri Modimo o kgona go bonela pele isagwe. (Isa. 46:10) Mme gone, Baebele e tlhalosa gore o tlhopha dilo tse ene a batlang go di bonela pele. (Gen. 18:20, 21; 22:12) Ka jalo, o dirisa maatla a gagwe a go bonela dilo pele ka tsela e e tekatekano ka gonne a tlotla kgololesego ya rona ya go itlhophela. Ruri go a utlwala gore re lebelele gore Modimo yo o tlotlang kgololesego ya rona le yo o nnang a dirisa bokgoni jwa gagwe ka tsela e e siameng a dire jalo.—Dute. 32:4; 2 Bakor. 3:17.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 22:1-18) Jaanong morago ga dilo tseno ga diragala gore Modimo wa boammaaruri a leke Aborahame. Ka jalo a mo raya a re: “Aborahame!” mme ene a re: “Ke fano!” 2 A tswelela a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme o tseye loeto go ya kwa lefatsheng la Moria mme o mo ise tshupelo e e fisiwang gone mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e tlhaolelang.” 3 Ka jalo Aborahame a tsoga go sa le phakela mme a belesa esele ya gagwe a ba a tsaya ba le babedi ba batlhokomedi ba gagwe le Isake morwawe; mme a fatsa dikgong tsa tshupelo e e fisiwang. Morago ga moo a nanoga a tsaya loeto go ya lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mo tlhaoletse. 4 E ne e le la ntlha mo letsatsing la boraro fa Aborahame a ne a tsholetsa matlho a ba a bona lefelo leo a le kgakajana. 5 Jaanong Aborahame a raya batlhokomedi ba gagwe a re: “Lona salang fano le esele, mme nna le mosimane re batla go ya fale go ya go obama re bo re boela mo go lona.” 6 Morago ga moo Aborahame a tsaya dikgong tsa tshupelo e e fisiwang a bo a di baya mo go Isake morwawe mme a tsaya molelo mo diatleng tsa gagwe le thipa e go tlhajwang ka yone, mme boobabedi ba tsamaya mmogo. 7 Mme Isake a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” Mme ene a re: “Ke fano, morwaaka!” Ka jalo a tswelela a re: “Molelo le dikgong ke tseno, mme nku ya tshupelo e e fisiwang e kae?” 8 Aborahame a araba a re: “Modimo o tla ipatlela nku ya tshupelo e e fisiwang, morwaaka.” Mme boobabedi ba tswelela go tsamaya mmogo. 9 La bofelo ba fitlha mo lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mo tlhaoletse, mme Aborahame a aga sebeso mo go lone mme a baya dikgong ka thulaganyo a bo a bofa Isake morwawe mabogo le dinao a bo a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong. 10 Foo Aborahame a ntsha seatla a tsaya thipa e go tlhajwang ka yone gore a bolaye morwawe. 11 Mme moengele wa ga Jehofa a mmitsa go tswa kwa magodimong a re: “Aborahame, Aborahame!” mme a araba a re: “Ke fano!” 12 Mme a tswelela a re: “O se ka wa ntshetsa mosimane seatla e bile o se ka wa mo dira sepe gotlhelele, gonne jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.” 13 Foo Aborahame a tsholetsa matlho a leba mme bona, kwa teng mo lefelong le le fa pele ga gagwe, go ne go na le phelefu e tshwerwe ka dinaka tsa yone mo lesuthung. Ka jalo Aborahame a ya a tsaya phelefu eno mme a e isa tshupelo e e fisiwang mo boemong jwa ga morwawe. 14 Mme Aborahame a raya lefelo leo leina a re Jehofa-jire. Ke gone ka moo gompieno go tlwaetsweng go twe: “Mo thabeng ya ga Jehofa go tla ipatlelwa.” 15 Mme moengele wa ga Jehofa a bitsa Aborahame lekgetlo la bobedi go tswa kwa magodimong 16 mme a re: “‘Ruri ke ikana ka nna,’ go bua Jehofa, ‘gore ka lebaka la gore o dirile selo seno le gore ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela, 17 ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle; mme losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone. 18 Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.’”
MARCH 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 24
“Isake o Batlelwa Mosadi”
(Genesise 24:2-4) Ka gone Aborahame a raya motlhanka wa gagwe, yo mogolo mo go botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o neng a laola gotlhe mo a neng a na le gone a re: “Tsweetswee, baya seatla sa gago kafa tlase ga serope sa me, 3 e re ka ke tshwanetse ka dira gore o ikane ka Jehofa, Modimo wa magodimo le Modimo wa lefatshe, gore ga o kitla o tseela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke nnang mo gare ga bone, 4 mme o tla ya kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me, mme ruri o tla tseela morwaake, Isake, mosadi.”
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Aborahame o ne a dira gore Eliesere a ikane gore ga a kitla a tlhophela Isake mosadi mo basading ba Kanana. Ka ntlha yang? Ka gonne Bakanana ba ne ba sa obamele Jehofa Modimo e bile ba sa mo tlotle. Aborahame o ne a itse gore Jehofa o tlhomile nako e a tlileng go otlhaya batho bao ba ba boikepo. O ne a sa batle gore morwawe yo a mo ratang e bong Isake, a amane le batho bao le mekgwa ya bone e e maswe. Gape o ne a itse gore morwawe o ne a na le seabe se segolo mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo.—Genesise 15:16; 17:19; 24:2-4.
(Genesise 24:11-15) Kgabagare a khubamisa dikamela fa fatshe kafa ntle ga motse fa sedibeng sa metsi e ka nna mo nakong ya maitseboa, mo e ka nnang ka nako e basadi ba ba gang metsi ba neng ba tlwaetse go tswa ka yone. 12 Mme a re: “Jehofa Modimo wa mong wa me Aborahame, dira gore go direge, tsweetswee, fa pele ga me mo letsatsing leno mme o direle mong wa me Aborahame bopelonomi jwa lorato. 13 Bona, ke eme fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba a tswa ba tla go ga metsi. 14 Se se tla diragalang ke gore morweetsana yo ke tla mo rayang ke re, ‘Tsweetswee, isa nkgo ya gago ya metsi kwa tlase gore ke tle ke nwe,’ mme yo o tla reng, ‘Nwa, e bile ke tla nosa le dikamela tsa gago,’ yono ke ene yo o tla mo abelang motlhanka wa gago, e bong Isake; mme mma ke itse ka seno gore o diretse mong wa me lorato lo lo ikanyegang.” 15 Aitse go ne ga diragala gore a ise a fetse go bua, bona, Rebeka a tswa, yo o neng a tsholetswe Bethuele morwa Mileka mosadi wa ga Nahore, morwarraagwe Aborahame, mme nkgo ya gagwe ya metsi e ne e le mo legetleng la gagwe.
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Gape Eliesere o ne a ba bolelela gore fa a ne a goroga kwa sedibeng gaufi le Harana, o ne a rapela Jehofa Modimo. Tota o ne a kopa Jehofa gore a tlhophele Isake lekgarebe le a tla le nyalang. O ne a dira seo jang? Eliesere o ne a kopa Modimo gore a dire gore lekgarebe le A neng a batla gore Isake a le nyale le tle kwa sedibeng. Fa Eliesere a mo kopa metsi, o ne a tshwanetse go ithaopela go mo siela metsi le go nosa dikamela tsa gagwe. (Genesise 24:12-14) Mme ke mang yo o neng a tla mme a dira sone seo? Rebeka! Akanya fela gore Rebeka a ka tswa a ile a ikutlwa jang fa e le gore o ne a utlwa a le kgakajana se Eliesere a neng a se bolelela ba lelapa la gagwe!
(Genesise 24:58) Foo ba bitsa Rebeka ba mo raya ba re: “A o tla tsamaya le monna yono?” Mme ene a re: “Ke iketleeleditse go tsamaya.”
(Genesise 24:67) Morago ga moo Isake a mo tlisa mo teng ga mogope wa ga Sara mmaagwe. A tsaya Rebeka jalo mme a nna mosadi wa gagwe; mme a mo rata, mme Isake a gomotsega morago ga loso lwa ga mmaagwe.
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Dibeke pelenyana ga moo, Eliesere o ne a ile a botsa Aborahame potso e e tshwanang: “Go tweng fa mosadi a ka se ka a tla le nna?” Aborahame o ne a mo araba jaana: “Foo o tla gololesega mo maikarabelong a o nang le one mo go nna ka ikano.” (Genesise 24:39, 41) Le mo lelapeng la ga Bethuele, lekgarebe leno le ne le tshwanetse go ntsha se se mo mafatlheng. E re ka Eliesere a ne a itumeletse gore thomo ya gagwe e atlegile, moso o o latelang o ne a kopa gore a tsamaye le Rebeka go ya Kanana. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gaabo Rebeka ba ne ba batla gore morwadiabone a nne le bone malatsi a mangwe a le lesome. Labofelo ba ne ba rarabolola kgang jaana: “Mma re bitse morweetsana mme re botse mo molomong wa gagwe.”—Genesise 24:57.
Rebeka o ne a tshwanetse go dira tshwetso ya makgaolakgang. O ne a tla reng? A o ne a tla rapela rraagwe le kgaitsadie gore ba mo utlwele botlhoko, a ba kopa gore ba mo golole gore a se ka a ya kwa nageng e a sa e itseng? Kgotsa a o ne a tla bona seno e le tshiamelo ya go nna le seabe mo ditiragalong tse go neng go bonala sentle gore di kaelwa ke Jehofa? Fa a ne a araba, o ne a bontsha gore o ikutlwa jang ka phetogo eno e e diragetseng ka bonako, gongwe e bile e le e e tshosang. Ga a ka a tikatika mme o ne a re: “Ke iketleeleditse go tsamaya.”—Genesise 24:58.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 24:19, 20) E rile a fetsa go mo nosa, foo a re: “Ke tla gelela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.” 20 Ka jalo a tshela gotlhe mo go neng go le mo nkgong ya gagwe ka bonako mo mokorong wa go nwela mme a boaboa a sianela kwa sedibeng go ya go ga metsi, mme a nna a gela dikamela tsa gagwe tsotlhe.
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Maitseboa mangwe, fa a sena go tlatsa nkgo ya gagwe, monnamogolo mongwe o ne a tabogela kwa go ene. O ne a mo raya a re: “Tsweetswee, nkhupise metsinyana mo nkgong ya gago.” O ne a kopa selo se sennye thata mme gone a bua ka maitseo a magolo! Rebeka o ne a kgona go bona gore monnamogolo yono o tswa kgakala. Ka jalo, o ne a folosa nkgo ka bonako mo legetleng mme a mo letla gore a nwe. Go na le go mo hupisa fela, o ne a mo siela metsi a a tsididi. O ne a lemoga gore monnamogolo yono o na le mokoloko wa dikamela di le lesome le gore go ne go se ope yo o di tsheletseng metsi mo mokorong. Rebeka o ne a kgona go bona gore monnamogolo yono o mo lebile ka kelotlhoko, ka jalo, o ne a batla go nna pelotshweu mo go ene ka mo a ka kgonang ka teng. Ka jalo o ne a re: “Ke tla gelela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.”—Genesise 24:17-19.
Ela tlhoko gore Rebeka ga a ka a siela dikamela thoti ya metsi fela, go na le moo, o ne a di nosa go fitlha di kgotsofala. Fa kamela e nyorilwe thata, e ka nwa dilitara tsa metsi di feta 95! Fa e le gore dikamela tseo tsotlhe di le lesome di ne di tshwerwe ke lenyora thata, go raya gore Rebeka o ile a tshwanelwa ke go semelela. Mme gone, go bonala di ne di sa tshwarwa ke lenyora thata. A mme gone Rebeka o ne a itse seo pele ga a ithaopela go di nosa? Legoka! O ne a batla e bile a iketleeleditse go dira ka natla gore a bontshe monnamogolo yono yo a sa mo itseng, moya wa go amogela baeng. Monnamogolo yono o ne a dumela gore Rebeka a mo thuse. Go tswa foo, o ne a mo leba ka kelotlhoko fa a ntse a boaboa a ga metsi a a tshela mo mokorong.—Genesise 24:20, 21.
wp16.3 15 ¶3, ntlha e e kwa tlase.
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Go ne go setse go le maitseboa. Pego eno ga e re bolelele gore Rebeka o ne a diegile thata kwa sedibeng. Ga e bontshe gore ba lelapa la gaabo ba ne ba robetse fa a fitlha kwa gae kgotsa gore mongwe o ne a mo latela go ya go bona gore ke eng fa a diegile kwa sedibeng.
(Genesise 24:65) Mme a raya motlhanka a re: “Ke mang monna yole yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha?” motlhanka a re: “Ke mong wa me.” Mme a tsaya letsela la tlhogo a ipipa.
“Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
Labofelo, letsatsi lele le re buileng ka lone kwa tshimologong ya setlhogo seno, le ne la fitlha. Fa mokoloko ono o ntse o raletse naga ya Negebe e bile go simolola go nna lotlatlana, Rebeka o ne a bona monna mongwe a tsamayatsamaya mo nageng. Go lebega monna yono a ne a ja marapo a tlhogo. Re bala jaana: “A photsa mo kameleng,”—gongwe e bile a sa e emele gore e khubame—a bo a botsa mokaedi wa gagwe jaana: “Ke mang monna yole yo o tsamayang mo nageng a tla go re kgatlhantsha?” Fa a utlwa gore ke Isake, o ne a ipipa tlhogo ka letsela. (Genesise 24:62-65) Goreng a ne a dira jalo? Go bonala sentle gore seo e ne e le sesupo sa gore o tlotla monna yo a tla mo nyalang. Bangwe gompieno ba ka tsaya gore go dira jalo ke dilo tsa bogologolo. Le fa go ntse jalo, tota banna le basadi ba ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Rebeka sa boikokobetso, ka gonne rotlhe re tlhoka go nna le nonofo eno e e kgatlhang!
Mmalo wa Baebele
(Genesise 24:1-21) Jaanong Aborahame o ne a tsofetse, a na le dingwaga di le dintsi thata; mme Jehofa o ne a segofaditse Aborahame mo go sengwe le sengwe. 2 Ka gone Aborahame a raya motlhanka wa gagwe, yo mogolo mo go botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o neng a laola gotlhe mo a neng a na le gone a re: “Tsweetswee, baya seatla sa gago kafa tlase ga serope sa me, 3 e re ka ke tshwanetse ka dira gore o ikane ka Jehofa, Modimo wa magodimo le Modimo wa lefatshe, gore ga o kitla o tseela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke nnang mo gare ga bone, 4 mme o tla ya kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me, mme ruri o tla tseela morwaake, Isake, mosadi.” 5 Le fa go ntse jalo, motlhanka a mo raya a re: “Go tweng fa mosadi a sa eletse go tla le nna mo lefatsheng leno? A ke tlhomamise gore ke busetsa morwao kwa lefatsheng le o neng wa tswa kwa go lone?” 6 Foo Aborahame a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa busetsa morwaake gone. 7 Jehofa Modimo wa magodimo, yo o neng a ntsaya mo ntlong ya ga rre le mo lefatsheng la ba losika lwa me yo o neng a bua le nna le yo o neng a inkanela, a re, ‘Ke tlile go naya losika lwa gago lefatshe leno,’ o tla romela moengele wa gagwe kwa pele ga gago, mme o tla tseela morwaake mosadi gone. 8 Fa go ka diragala gore mosadi a se ka a eletsa go tla le wena, le wena o tla bo o gololesegile mo ikanong eno e o e ntiretseng. Fela o se ka wa busetsa morwaake gone.” 9 Foo motlhanka a baya seatla sa gagwe kafa tlase ga serope sa ga Aborahame mong wa gagwe mme a mo ikanela kaga kgang eno. 10 Ka jalo motlhanka a tsaya dikamela di le lesome mo dikameleng tsa mong wa gagwe mme a tsamaya ka selo sa mofuta mongwe le mongwe se sentle sa mong wa gagwe mo seatleng sa gagwe. Morago ga moo a nanoga a tsena mo tseleng go ya Mesopotamia kwa motseng wa Nahore. 11 Kgabagare a khubamisa dikamela fa fatshe kafa ntle ga motse fa sedibeng sa metsi e ka nna mo nakong ya maitseboa, mo e ka nnang ka nako e basadi ba ba gang metsi ba neng ba tlwaetse go tswa ka yone. 12 Mme a re: “Jehofa Modimo wa mong wa me Aborahame, dira gore go direge, tsweetswee, fa pele ga me mo letsatsing leno mme o direle mong wa me Aborahame bopelonomi jwa lorato. 13 Bona, ke eme fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba a tswa ba tla go ga metsi. 14 Se se tla diragalang ke gore morweetsana yo ke tla mo rayang ke re, ‘Tsweetswee, isa nkgo ya gago ya metsi kwa tlase gore ke tle ke nwe,’ mme yo o tla reng, ‘Nwa, e bile ke tla nosa le dikamela tsa gago,’ yono ke ene yo o tla mo abelang motlhanka wa gago, e bong Isake; mme mma ke itse ka seno gore o diretse mong wa me lorato lo lo ikanyegang.” 15 Aitse go ne ga diragala gore a ise a fetse go bua, bona, Rebeka a tswa, yo o neng a tsholetswe Bethuele morwa Mileka mosadi wa ga Nahore, morwarraagwe Aborahame, mme nkgo ya gagwe ya metsi e ne e le mo legetleng la gagwe. 16 Jaanong morweetsana yono o ne a le montle thata, e le kgarebane, e bile go ne go se na monna ope yo o kileng a tlhakanela dikobo le ene; a fologela kwa motsweding mme a simolola go tlatsa nkgo ya gagwe ya metsi morago ga moo a tlhatloga..17 Motlhanka a akofa a siana go ya go mo kgatlhantsha mme a re: “Tsweetswee, nkhupise metsinyana mo nkgong ya gago.” 18 Mme ene a re: “Nwa, morena wa me.” Foo a isa nkgo ya gagwe e e mo seatleng sa gagwe ka bonako kwa tlase mme a mo nosa. 19 E rile a fetsa go mo nosa, foo a re: “Ke tla gelela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.” 20 Ka jalo a tshela gotlhe mo go neng go le mo nkgong ya gagwe ka bonako mo mokorong wa go nwela mme a boaboa a sianela kwa sedibeng go ya go ga metsi, mme a nna a gela dikamela tsa gagwe tsotlhe. 21 Mo nakong eno yotlhe monna o ne a mo tlhomile matlho ka kgakgamalo, a didimetse gore a tle a itse gore a Jehofa o ne a atlegisitse loeto lwa gagwe kgotsa nnyaa.
MARCH 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 25-26
“Esau o Rekisa Tshwanelo ya Gagwe ya go Nna Leitibolo”
(Genesise 25:27, 28) Basimane ba ne ba gola, mme Esau a nna monna yo o itseng go tsoma, monna wa naga, mme Jakobe monna yo o se nang molato, a nna mo megopeng. 28 Isake o ne a rata Esau, ka gonne seo se ne se bolela nama ya phologolo mo molomong wa gagwe, fa Rebeka ene a ne a rata Jakobe.
it-1-E 1242
Jakobe
Esau e ne e le motsomi yo o tlhaga thata a sa laolosege e bile rraagwe o ne a mo rata thata, mme o ne a farologane thata le Jakobe ka gonne Jakobe e ne e le “monna yo o se nang molato” [Ka Sehebera ke, tam], e bile “a nna mo megopeng.” Gape e ne e le modisa wa letsomane, a tlhokomela le dilo tsa kwa lapeng mme ene o ne a ratwa ke mmaagwe thata. (Ge 25:27, 28) Gape lefoko leno la Sehebera e leng tam, le dirisediwa go tlhalosa batho ba ba amogelwang ke Modimo. Ka sekai, “batho ba ba nyoretsweng madi ba tlhoa ope fela yo o se nang molato,” mme Jehofa o re solofetsa gore “isagwe ya motho [yo o se nang molato] e tla nna le kagiso.” (Dia 29:10; Pes 37:37) Monna yo o ikanyegang e bong Jobe “o ne a itshupa a se na molato [Ka Sehebera ke, tam] e bile a thokgame.”—Job 1:1, 8; 2:3.
(Genesise 25:29, 30) Nako nngwe Jakobe o ne a apaya logodu, fa Esau a ne a tla a tswa kwa nageng mme a lapile. 30 Ka jalo Esau a raya Jakobe a re: “Tsweetswee, nneye bohibidu jo bonnye ka bonako—bohibidu joo, gonne ke lapile!” Ke gone ka moo leina la gagwe le neng la bidiwa Edoma.
(Genesise 25:31-34) Foo Jakobe a re: “Pele, nthekisetsa tshwanelo ya gago ya go nna leitibolo!” 32 Mme Esau a tswelela a re: “Tota ke tlile go swa, mme tshwanelo ya botsalwapele e na le mosola ofe mo go nna?” 33 Jakobe a oketsa a re: “Inkanele pele!” Mme a mo ikanela mme a rekisetsa Jakobe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo. 34 Jakobe a naya Esau senkgwe le logodu lwa dikgobe, mme a ja a bo a nwa. Morago ga moo a nanoga a tsamaya. Ka jalo Esau a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.
Goreng re Tshwanetse go Bontsha Gore re a Leboga?
11 Ka maswabi, bangwe mo Baebeleng ba ne ba sa bontshe tebogo. Ka sekai, le fa gone Esau a ne a godisitswe ke batsadi ba ba ratang Jehofa, o ne a sa tseye dilo tse di boitshepo di le botlhokwa. (Bala Bahebera 12:16.) O ile a bontsha seo jang? O ne a rekisetsa monnawe e bong Jakobe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo ka gonne a ne a batla gore Jakobe a mo neye dikgobe. (Gen. 25:30-34) Moragonyana Esau o ne a ikwatlhaela tshwetso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, tshwanelo eo e ne e se botlhokwa mo go ene, ka jalo, o ne a se na lebaka la go ngongorega fa Jakobe a ne a newa ditshiamelo tse di newang leitibolo.
it-1-E 835
Leitibolo
Mo metlheng ya Baebele, ngwana wa mosimane wa leitibolo o ne a na le maemo a a tlotlegang mo lelapeng e bile e ne e tla nna ene yo o le etelelang pele. O ne a newa boswa jwa dikarolo tse pedi tsa sengwe le sengwe se rraagwe a neng a na le sone. (Dut 21:17) Fa go ne go jewa, Rubene o ne a nna mo maemong a a mo tshwanetseng jaaka leitobolo ka gonne o ne a le mogolo mo go Joseafa le mo go bomorwarraagwe ba bangwe. (Ge 43:33) Mme fa Baebele e umaka barwa mo lelapeng, ga se gantsi e simolola ka leitibolo. Gantsi e simolola ka morwa yo o itsegeng kgotsa yo o ikanyegang thata.—Ge 6:10; 1Dit 1:28; bapisa Ge 11:26, 32; 12:4.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 25:31-34) Foo Jakobe a re: “Pele, nthekisetsa tshwanelo ya gago ya go nna leitibolo!” 32 Mme Esau a tswelela a re: “Tota ke tlile go swa, mme tshwanelo ya botsalwapele e na le mosola ofe mo go nna?” 33 Jakobe a oketsa a re: “Inkanele pele!” Mme a mo ikanela mme a rekisetsa Jakobe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo. 34 Jakobe a naya Esau senkgwe le logodu lwa dikgobe, mme a ja a bo a nwa. Morago ga moo a nanoga a tsamaya. Ka jalo Esau a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.
(Bahebera 12:16) gore go tle go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Jaanong mma re tlotle ka Bahebera 12:16 e e reng: “Go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.” Temana eno e tlhomolola ntlha efe?
Fano moaposetoloi Paulo o ne a sa bue ka tatelano ya losika lwa ga Mesia. O ne a sa tswa go kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘direle dinao tsa bone ditselana tse di tlhamaletseng.’ Fa ba dira jalo, ba ne ba se kitla ba “amogiwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo,” e leng sengwe se se neng se ka direga fa ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baheb. 12:12-16) Fa ba ne ba ka dira boitsholo jo bo sa siamang, ba ne ba tla tshwana le Esau. O ne a palelwa ke go ‘anaanela dilo tse di boitshepo,’ mme a ineelela dilo tse di bosula.
Esau o ne a tshela mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso mme a ka tswa a ile a nna le tshono ya go ntsha ditlhabelo ka dinako dingwe. (Gen. 8:20, 21; 12:7, 8; Jobe 1:4, 5) Mme gone, e re ka a ne a sa anaanele tshiamelo ya go nna leitibolo, o ne a e rekisa. Gongwe o ne a batla go efoga masetlapelo a a neng a tla tlela ditlogolwana tsa ga Aborahame. (Gen. 15:13) Gape Esau o ne a bontsha gore o rata se se bosula ka go nyala basadi ba babedi ba ba sa obameleng Modimo mme seno se ne sa hutsafatsa batsadi ba gagwe. (Gen. 26:34, 35) Ruri o ne a farologane le Jakobe, yo o ileng a tlhomamisa gore o nyala moobamedi wa Modimo wa boammaaruri!—Gen. 28:6, 7; 29:10-12, 18.
(Genesise 26:7) Banna ba lefelo leo ba ne ba nna ba botsa kaga mosadi wa gagwe, mme a ba raya a re: “Ke kgaitsadiake.” Gonne o ne a boifa go re “Mosadi wa me” e se re kgotsa, go mo nopola, “banna ba lefelo leno ba mpolaye ka ntlha ya ga Rebeka,” ka gonne o ne a le montle.
it-2-E 245 ¶6
Maaka
Go ya ka Baebele maaka ga a siama. Mme seno ga se reye gore motho o patelesega go rothisa mmutla madi a bolelela batho dikgang tse ba sa tshwanelweng ke go di utlwa. Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore di tle di se ka le ka motlha tsa di gataka kafa tlase ga dinao tsa tsone mme tsa retologa tsa lo gagolaka.” (Mat 7:6) Ke ka moo Jesu fa a ne a bodiwa dipotso, ka dinako tse dingwe o ne a sa ntshe tshedimosetso yotlhe kgotsa a araba ka tlhamalalo ka gonne o ne a itse gore seo se ka baka kotsi go sa tlhokege. (Mat 15:1-6; 21:23-27; Joh 7:3-10) Ka jalo, go bonala seo e ne e le se Aborahame, Isake, Rahabe le Elisha ba neng ba se dira, ka go sa bolelele batho ba ba sa obameleng Jehofa dintlha tsotlhe..—Ge 12:10-19; kgao 20; 26:1-10; Jos 2:1-6; Jak 2:25; 2Dik 6:11-23.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 26:1-18) Jaanong ga tsoga leuba mo lefatsheng, kwantle ga leuba la ntlha le le neng la tla mo metlheng ya ga Aborahame, mo e leng gore Isake o ne a ya kwa go Abimeleke, kgosi ya Bafilisitia, kwa Gerare. 2 Foo Jehofa a bonala kwa go ene mme a re: “O se ka wa ya kwa Egepeto. Nna mo metlaaganeng mo lefatsheng le ke le go tlhaolelang. 3 Aga o le moeng mo lefatsheng leno, mme ke tla nna le wena e bile ke tla go segofatsa, ka gonne ke tla naya wena le losika lwa gago mafatshe ano otlhe, mme ke tla diragatsa maikano a ke neng ka a ikanela Aborahame rrago ke re, 4 ‘Ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo e bile ke tla naya losika lwa gago mafatshe ano otlhe; mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago,’ 5 ka ntlha ya gore Aborahame o ne a reetsa lentswe la me mme a tswelela go diragatsa maikarabelo a gagwe mo go nna, ditaolo tsa me, melawana ya me, le melao ya me.” 6 Ka jalo Isake a tswelela a nna kwa Gerare. 7 Banna ba lefelo leo ba ne ba nna ba botsa kaga mosadi wa gagwe, mme a ba raya a re: “Ke kgaitsadiake.” Gonne o ne a boifa go re “Mosadi wa me” e se re kgotsa, go mo nopola, “banna ba lefelo leno ba mpolaye ka ntlha ya ga Rebeka,” ka gonne o ne a le montle. 8 Mme ga diragala gore jaaka fa malatsi a gagwe a ne a ntse a ntsifala koo Abimeleke, kgosi ya Bafilisitia, a bo a lebile kwa ntle ka fensetere a bogetse, mme a bona Isake a ijesa monate le Rebeka mosadi wa gagwe. 9 Abimeleke a akofa a bitsa Isake mme a re: “Aitsane, ga se ope fa e se mosadi wa gago! Ka jalo go tla jang go bo o ne wa re, ‘Ke kgaitsadiake’?” Foo Isake a mo raya a re: “Ke buile jalo ke boifa gore nka tla ka swa ka ntlha ya gagwe.” 10 Mme Abimeleke a tswelela a re: “Ke eng seno se o se re diretseng? Ruri go ise go ye kae mongwe wa batho o ka bo a ile a lala le mosadi wa gago, mme o ne o tla bo o re tliseditse molato!” 11 Foo Abimeleke a laola batho botlhe, a re: “Ope fela yo o amang monna yono le mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa!” 12 Morago ga moo Isake a simolola go jala peo mo lefatsheng leo, mme mo ngwageng oo o ne a bona go fitlha go dilekanyo di le lekgolo mo go e le nngwe, jaaka fa Jehofa a ne a mo segofatsa. 13 Ka gone monna yono a nna mogolo mme a nna a gatela pele thata e bile a gola go fitlha a nna mogolo thata. 14 Mme a nna le matsomane a dinku le metlhape ya dikgomo le setlhopha se segolo sa batlhanka, mo Bafilisitia ba neng ba simolola go mo fufegela. 15 Mme fa e le didiba tsotlhe tse batlhanka ba ga rraagwe ba neng ba di epile mo metlheng ya ga Aborahame rraagwe, Bafilisitia bano ba ne ba di katela mme ba di tlatsa ka mmu o o omileng. 16 La bofelo Abimeleke a raya Isake a re: “Tswa mo tikologong ya rona, ka gonne o nonofile thata go re feta.” 17 Ka jalo Isake a tswa gone mme a thibelela mo mokgatšheng o o phothoselang wa Gerare mme a nna gone. 18 Mme Isake a epa didiba tsa metsi gape tse ba neng ba di epile mo metlheng ya ga Aborahame rraagwe mme e le tse Bafilisitia ba neng ba di katela morago ga loso lwa ga Aborahame; a bitsa maina a tsone ka maina a rraagwe a neng a di bitsa ka one.
MARCH 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 27-28
“Jakobe o a Segofadiwa”
(Genesis 27:6-10) Mme Rebeka a raya Jakobe morwawe a re: “Bona, ke sa tswa go utlwa rrago a bua le morwarrago Esau, a re, 7 ‘Ntlisetsa phologolo o bo o ntirele dijo tse di monate mme, mma ke je, gore ke tle ke go segofatse fa pele ga ga Jehofa ga pele ke swa.’ 8 Mme jaanong, morwaaka, reetsa lentswe la me mo go se ke se go laolelang. 9 Tsweetswee, ya kwa motlhapeng mme o ntlele dipotsane tse pedi, tse dintle, gore ke di baakanye ke direle rrago dijo tse di monate tse a di ratang. 10 Go tswa foo o di ise kwa go rrago mme a di je, gore a tle a go segofatse pele a swa.”
Rebeka—Mosadi wa Senatla yo o Neng a Boifa Modimo
Baebele ga e bolele gore a Isake o a itse gore Esau o tshwanetse go direla Jakobe. Le fa go ntse jalo, Rebeka le Jakobe ka bobedi ba itse gore ke ene a tshwanetseng go amogela tshegofatso. Rebeka o tsaya kgato ka bonako fa a utlwa gore Isake o ikaeletse go segofatsa Esau ka nako ya fa a mo tlisetsa dijo tsa nama ya phologolo e a e tsomileng. E sa ntse e le motho yo o senatla le yo o tlhoafetseng fela jaaka a ne a ntse fa a sa le mosha. O ‘laela’ Jakobe gore a mo tlisetse dipotsane tse pedi. O tla apaya dijo tse monna wa gagwe a di ratang. Go tswa foo Jakobe o tshwanetse go itira Esau gore a segofadiwe. Jakobe o a gana. Rraagwe a ka nna a lemoga tsietso eno mme a bo a mo hutsa! Rebeka o mo pateletsa go dira jalo. A re: “A phutso e e go lebaneng e tle mo go nna morwaaka.” Go tswa foo o apaya dijo, a dira gore Jakobe e nne e kete ke Esau a bo a mo romela kwa monneng wa gagwe.—Genesise 27:1-17.
Ga go tlhalosiwe gore ke ka ntlha yang fa Rebeka a dira seno. Batho ba le bantsi ba kgala se a se dirileng, mme Baebele ga e mo kgale ka ntlha ya seo, le Isake ga a mo kgale fa a sena go lemoga gore Jakobe ke ene a segofaditsweng. Go na le moo, Isake o oketsa tshegofatso ya gagwe. (Genesise 27:29; 28:3, 4) Rebeka o ne a itse gore ke eng se Jehofa a neng a se boleletse pele ka barwa ba gagwe. Ka jalo, o tsaya dikgato tse di tla tlhomamisang gore Jakobe o amogela tshegofatso e e mo tshwanetseng. Seno se dumalana le go rata ga ga Jehofa.—Baroma 9:6-13.
(Genesise 27:18, 19) Ka jalo a tsena kwa go rraagwe mme a re: “Rra!” mme ene a re: “Ke fano! O mang, morwaaka?” 19 Mme Jakobe a raya rraagwe a re: “Ke nna Esau leitibolo la gago. Ke dirile fela jaaka o buile le nna. Tsoga tsweetswee. Nna mme o je nama ya phologolo ya me, gore moya wa gago o tle o ntshegofatse.”
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Baebele ga e re bolelele dintlha ka botlalo gore ke ka ntlha yang fa Rebeka le Jakobe ba dirile jaaka ba dirile, mme gone e umaka gore boemo jono bo ne jwa tlhaga ka tshoganyetso. Re tshwanetse go lemoga gore Lefoko la Modimo ga le dumalane le se Rebeka le Jakobe ba se dirileng, e bile ga le se kgale, ka jalo pego eno ga e rotloetse gore batho ba ake kana ba tsietse ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e re naya tshedimosetso ka boemo jo bo neng bo le foo.
Sa ntlha, pego eno e bontsha sentle gore Jakobe ke ene a neng a tshwanelwa ke go segofadiwa ke rraagwe; mme Esau ene o ne a sa tshwanelege. Pelenyana ga foo, Jakobe o ne a rekile botsalwapele mo go morwarraagwe wa lewelana yo o neng a sa bo tseye bo le botlhokwa mme a bo rekisa gore a bone dijo gonne a ne a tshwerwe ke tlala. Esau o ne “a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.” (Genesise 25:29-34) Ka jalo fa Jakobe a ne a ya kwa go rraagwe, o ne a batla tshegofatso e tota e neng e le ya gagwe semolao.
(Genesise 27:27-29) Ka jalo a atamela mme a mo atla, mme o ne a kgona go dupa lonko lwa diaparo tsa gagwe. Mme a mo segofatsa a re: “Bona, lonko lwa morwaake lo ntse jaaka lonko lwa naga e Jehofa a e segofaditseng. 28 Mme e kete Modimo wa boammaaruri a ka go naya menyo ya magodimo le mebu e e nonneng ya lefatshe le letlotlo la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha. 29 A ditšhaba di go direle mme a ditlhopha tsa merafe di go ikobele. Nna mong wa bomorwarrago, mme a bomorwammago ba go ikobele. A go hutsege mongwe le mongwe wa ba ba go hutsang, mme go segofale mongwe le mongwe wa ba ba go segofatsang.”
it-1-E 341 ¶6
Tshegofatso
Ka nako ya fa go ne go na le ditlhogo tsa lotso, fa rre a ne a le gaufi le go swa, o ne a segofatsa bana ba gagwe ba basimane. Go dira jalo go ne go tseelwa kwa godimo e bile go le botlhokwa thata. Ka jalo Isake o ile a segofatsa Jakobe a ithaya a re ke Esau leitibolo la gagwe. O ne a segofatsa Jakobe ka go mo naya dikhumo tsotlhe. Isake o ile a kopa Jehofa gore a diragatse tshegofatso eo ka gonne o ne a setse a tsofetse e bile a sa tlhole a bona. (Ge 27:1-4, 23-29; 28:1, 6; Bah 11:20; 12:16, 17) Jaanong fa Isake a sena go lemoga gore o segofaditse Jakobe, o ne a tswelela a mo segofatsa. (Ge 28:1-4) Pele Jakobe a swa, Jakobe o ile a simolola ka go segofatsa barwa ba babedi ba ga Josefa, go tswa foo, a bo a segofatsa barwa ba gagwe. (Ge 48:9, 20; 49:1-28; Bah 11:21) Ka tsela e e tshwanang, le Moshe o ile a segofatsa setšhaba sotlhe sa Iseraele pele a swa. (Dut 33:1) Go bonala ditshegofatso tseno tsotlhe tse re sa tswang go bua ka tsone, e ne e le boporofeti jo bo neng bo sa ntse bo tla direga. Ka dinako tse dingwe, fa motho a ne a segofadiwa, motho yo o neng a mo segofatsa o ne a mmaya seatla fa godimo ga tlhogo.—Ge 48:13, 14.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 27:46–28:2) Morago ga moo Rebeka a nna a raya Isake a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe jaaka bano ba ba tswang mo go bomorwadia lefatshe leno, botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?”
28 Ka gone Isake a bitsa Jakobe a mo segofatsa mme a mo laola a mo raya a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana. 2 Nanoga, ya kwa Padana-arama kwa ntlong ya ga Bethuele rraagwe mmago mme o itseele mosadi gone mo go bomorwadia Labane kgaitsadia mmago.
Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago
A Isake le Rebeka ba ne ba tokafatsa tsela ya bone ya go buisana? Fa Esau morwaabone a ne a nyala bomorwadie Hethe ba babedi, go ne ga nna le bothata jo bo masisi mo lapeng. Rebeka o ne a “nna a raya” Isake a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe [morwaabone yo mmotlana] a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe . . . , botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?” (Genesise 26:34; 27:46) Go a bonala gore o ne a tlhalosa dilo tse di mo tshwenyang ka tsela e e utlwalang sentle.
Isake o ne a bolelela lefatlha la ga Esau, e bong Jakobe gore a se ka a nyala mosadi mo go bomorwadia Kanana. (Genesise 28:1, 2) Rebeka o ne a ntshitse maikutlo a gagwe. Banyalani bano ba ne ba buile ka kgang e e masisi thata ya lelapa ka katlego, mme ba re tlhomela sekao se se molemo gompieno. Go tweng fa banyalani ba sa dumalane ka sengwe? Ke eng se se ka dirwang?
(Genesise 28:12, 13) A simolola go lora, mme bona! go ne go na le lere e emisitswe mo godimo ga lefatshe mme bogodimo jwa yone bo fitlha kwa magodimong; mme bona! go ne go na le baengele ba Modimo ba tlhatloga ba bo ba fologa mo go yone. 13 Mme bona! Jehofa o ne a eme mo godimo ga yone, mme a re: “Ke nna Jehofa Modimo wa ga Aborahame rrago le Modimo wa ga Isake. Lefatshe le o letseng mo go lone, ke tlile go le naya wena le losika lwa gago.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II
28:12, 13—Toro ya ga Jakobe e mo go yone a neng a lora ka “lere” e kayang? “Lere” eno e e ka tswang e ne e lebega jaaka ditepisi tse di tlhatlogang tse di dirilweng ka maje, e ne e bontsha gore go ne go na le puisano fa gare ga lefatshe le legodimo. Baengele ba Modimo ba ba tlhatlogang ba fologa mo go yone ba bontsha gore baengele ba direla ka tsela e e botlhokwa fa gare ga Jehofa le batho ba a ba amogelang.—Johane 1:51.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 27:1-23) Mme ga diragala gore fa Isake a ne a tsofetse le matlho a gagwe a le letobo thata go ka bona, a bitsa Esau morwawe yo mogolo mme a mo raya a re: “Morwaaka!” mme ene a re: “Ke fano!” 2 Mme a tswelela a re: “Bona jaanong, ke tsofetse. Ga ke itse letsatsi la go swa ga me. 3 Ka jalo mo nakong eno, tsweetswee tsaya didirisiwa tsa gago, mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o tswele kwa nageng o ntsomele phologolo. 4 Mme o ntirele dijo tse di monate tse ke di ratang o bo o di tlisa kwa go nna mme ke je, gore moya wa me o tle o go segofatse pele ga ke swa.” 5 Le fa go ntse jalo, Rebeka o ne a reeditse fa Isake a ntse a bua le Esau morwawe. Mme Esau a tswela kwa nageng go ya go tsoma phologolo gore a tle ka yone. 6 Mme Rebeka a raya Jakobe morwawe a re: “Bona, ke sa tswa go utlwa rrago a bua le morwarrago Esau, a re, 8 ‘Ntlisetsa phologolo o bo o ntirele dijo tse di monate mme, mma ke je, gore ke tle ke go segofatse fa pele ga ga Jehofa ga pele ke swa.’ 8 Mme jaanong, morwaaka, reetsa lentswe la me mo go se ke se go laolelang. 9 Tsweetswee, ya kwa motlhapeng mme o ntlele dipotsane tse pedi, tse dintle, gore ke di baakanye ke direle rrago dijo tse di monate tse a di ratang. 10 Go tswa foo o di ise kwa go rrago mme a di je, gore a tle a go segofatse pele a swa.” 11 Mme Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Esau morwarre ke motho yo o boboa mme nna ke motho yo o borethe. 12 Go tweng fa rre a nkapaapa? Ruri ke tla nna jaaka yo o sotlang mo matlhong a gagwe, mme ke tla itlisetsa phutso e seng tshegofatso.” 13 Foo mmaagwe a mo raya a re: “A phutso e e go lebaneng e tle mo go nna morwaaka. Reetsa lentswe la me fela mme o ye, o di ntlisetse.” 14 Ka jalo a ya a di tsaya a di tlisa mo go mmaagwe, mme mmaagwe a dira dijo tse di monate tse rraagwe a neng a di rata. 15 Morago ga moo Rebeka a tsaya diaparo tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse dintle go gaisa tse a neng a na le tsone mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana. 16 Mme a baya matlalo a dipotsane mo diatleng tsa gagwe le mo karolong ya molala wa gagwe e e se nang boboa. 17 Morago ga moo a tsenya dijo tse di monate le senkgwe se a neng a se dirile mo seatleng sa ga Jakobe morwawe. 18 Ka jalo a tsena kwa go rraagwe mme a re: “Rra!” mme ene a re: “Ke fano! O mang, morwaaka?” 19 Mme Jakobe a raya rraagwe a re: “Ke nna Esau leitibolo la gago. Ke dirile fela jaaka o buile le nna. Tsoga tsweetswee. Nna mme o je nama ya phologolo ya me, gore moya wa gago o tle o ntshegofatse.” 20 Foo Isake a raya morwawe a re: “Go tla jang gore o bo o e bone ka bonako jaana, morwaaka?” Mme ene a re: “Ka gonne Jehofa Modimo wa gago o dirile gore e kopane le nna.” 21 Mme Isake a raya Jakobe a re: “Atamela tsweetswee, gore ke tle ke go apaape, morwaaka, gore ke tle ke itse gore a ruri o morwaake Esau kgotsa nnyaa.” 22 Ka jalo Jakobe a atamela Isake rraagwe, mme a mo apaapa, morago ga moo a re: “Lentswe ke lentswe la ga Jakobe, mme diatla tsone ke diatla tsa ga Esau.” 23 Mme a se ka a mo lemoga, ka gonne diatla tsa gagwe di ne di le boboa jaaka diatla tsa ga Esau morwarraagwe. Ka gone a mo segofatsa.
MARCH 30–APRIL 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 29-30
“Jakobe o a Nyala”
(Genesise 29:18-20) Mme Jakobe o ne a rata Ragele. Ka jalo a re: “Ke iketleeleditse go direla Ragele morwadio yo mmotlana dingwaga di le supa.” 19 Foo Labane a re: “Go botoka gore ke mo neye wena go na le go mo naya monna yo mongwe. Tswelela o nne le nna.” 20 Jakobe a direla Ragele dingwaga di le supa, mme mo matlhong a gagwe tsa nna jaaka malatsi a le mmalwa fela ka ntlha ya lorato lwa gagwe mo go ene.
Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya
Kgarebe e ne e beelelwa ka go naya lelapa la gabone madi a a rileng a bogadi. Moragonyana Molao wa ga Moshe o ne wa tlhoma selekanyo sa dishekele di le 50 tsa selefera gore di duelelwe makgarebe a a tsieditsweng mme a latlhegelwa ke bokgarebe jwa bone. Moithuti Gordon Wenham o bolela gore “madi ano e ne e le jone bogadi jo bo kwa godimo jo bo neng bo ntshiwa” mme gantsi “madi a bogadi a ne a le kwa tlase ga ao.” (Duteronome 22:28, 29) Jakobe o ne a se na madi ao. O ne a raya Labane a re o tla mo direla dingwaga di le supa. Wenham o tswelela ka gore, “E re ka babereki ba nakwana ba ne ba amogela magareng ga halofo ya shekele le shekele e le nngwe ka kgwedi kwa Babelona wa bogologolo [go tloga ka dishekele di le 42 go ya go di le 84 mo dingwageng di le supa tse di tletseng] Jakobe o ne a neela Labane bogadi jo bontsi gore a mo letle go nyala Ragele.” Ka jalo, Labane o ne a dumela a sa okaoke.—Genesise 29:19.
(Genesise 29:21-26) Foo Jakobe a raya Labane a re: “Nnaya mosadi wa me, ka gonne malatsi a me a fedile, mme mma ke robale le ene.” 22 Foo Labane a phutha batho botlhe ba lefelo leo mme a dira modiro. 23 Mme ga diragala gore mo maitseboeng a tseye Lea morwadie a mo tlise kwa go ene gore a tle a robale le ene. 24 Mo godimo ga moo, Labane a naya Lea Silepa lelata la gagwe, go nna lelata la ga Lea morwadie. 25 Ka jalo ga diragala mo mosong gore e bo e le Lea! Ka gone a raya Labane a re: “Ke eng seno se o se ntirileng? A ga ke a ka ka go direla ke direla Ragele? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o ntsieditse?” 26 Foo Labane a re: “Ga go a tlwaelega go dira ka tsela eno mo lefelong la rona, go ntsha mosadi yo mmotlana pele ga leitibolo.
Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’
A Lea o ne a loga leano la go tsietsa Jakobe? Kana a o ne a patelesega go ikobela rraagwe? Ragele ene o ne a le kae? A o ne a itse gore go ne go diregang? Fa go le jalo, o ne a ikutlwa jang ka gone? A rraagwe o ne a le bogale mo a neng a sa kgone go itlhokomolosa taelo ya gagwe? Baebele ga e re neye dikarabo tsa dipotso tseno. Mme gone go sa kgathalesege gore Ragele le Lea ba ne ba akanya eng ka leano leno, le ne la galefisa Jakobe fela thata. Mme Jakobe o ne a omana le Labane e seng le barwadi ba gagwe. O ne a re: “A ga ke a ka ka go direla ke direla Ragele? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o ntsieditse?” Labane o ne a araba ka go reng? “Ga go a tlwaelega . . . go ntsha mosadi yo mmotlana pele ga leitibolo. Keteka beke ya mosadi yono ka botlalo. Morago ga moo o tla newa le mosadi yono yo mongwe ka ntlha ya tirelo e o ka e dirang le nna dingwaga tse dingwe gape di le supa.” (Genesise 29:25-27) Ka jalo, Jakobe o ne a tsiediwa gore a nyale lefufa mme lenyalo leo le ne la baka lefufa le legolo.
it-2-E 341 ¶3
Lenyalo
Mokete. Mo metlheng ya Baebele go ne go sa rulaganngwe mokete jaaka go dirwa mo manyalong a le mantsi gompieno. Mme le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba itumelela lenyalo. Gantsi monyadiwa o ne a ipaakanyetsa lenyalo a le kwa gabone. O ne a simolola ka go tlhapa a bo a itshasa leokwane le le nkgang monate. (Bapisa Ru 3:3; Esek 23:40.) Ka dinako tse dingwe monyadiwa o ne a thusiwa ke batlhokomedi ba gagwe go apara meitlamo ya sehuba le seaparo se seleele se sesweu se se kgabisitsweng ka mologo go ikaegile ka gore a ba na le madi kwa gabone kgotsa jang. (Jer 2:32; Tsh 19:7, 8; Pes 45:13, 14) Fa a kgona, o ne a ikgabisa ka dibaga le dibenyane (Isa 49:18; 61:10; Tsh 21:2), go tswa foo, a ikhurumetsa ka lesire le le fitlhang kwa dinaong. (Isa 3:19, 23) Ke ka moo Labane a ile a kgona go tsietsa Jakobe ka go mo naya Lea gore a mo nyale go na le gore a mo neye Ragele. (Ge 29:23, 25) Fa Rebeka a ne a kopana le Isake, o ne rwala mo tlhogong. (Ge 24:65) Seno se ne se bontsha gore monyadiwa o ne a le kafa tlase ga taolo ya monyadi.—1Bak 11:5, 10.
(Genesise 29:27, 28) Keteka beke ya mosadi yono ka botlalo. Morago ga moo o tla newa le mosadi yono yo mongwe ka ntlha ya tirelo e o ka e dirang le nna dingwaga tse dingwe gape di le supa.” 28 Ka jalo Jakobe a dira jalo mme a keteka beke ya mosadi yono ka botlalo, e morago ga yone a neng a mo naya Ragele morwadie jaaka mosadi wa gagwe.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 30:3) Ka jalo Ragele a re: “Bileha lelata la me ke yo. Robala le ene, gore a tle a belegele mo mangoleng a me le gore nna, e leng nna, ke tle ke bone bana ka ene.”
it-1-E 50
Go Tsaya Ngwana Gore e Nne wa Gago
Malata a ga Ragele le Lea a ile a tshola bana ba ga Jakobe, mme Ragele le Lea ba ne ba tsaya bana bao e le ba bone. (Ge 30:3-8, 12, 13, 24) Bana bao le bone ba ile ba newa boswa fela jaaka bana ba ba tshotsweng ke Ragele le Lea. E re ka Jakobe e ne e le rraagwe bana bao e bile malata ano a ne a le mo tlase ga taolo ya basadi ba gagwe, seno se ne se raya gore Ragele le Lea ba ne ba na le tshwanelo ya bana bao.
(Genesise 30:14, 15) Jaanong Rubene a nna a tsamayatsamaya mo malatsing a go rojwa ga korong mme a bona ditholwana tsa dimandereiki mo nageng. Ka jalo a di tlisa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele a raya Lea a re: “Tsweetswee, nnaya dingwe tsa ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwao.” 15 Foo a mo raya a re: “A seno ke selo se sennye, go bo o tsere monna wa me, mme jaanong o tsaya le ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwaake?” Ka jalo Ragele a re: “Ka lebaka leo o tlile go lala le wena mo bosigong jono e le kananyo ya ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwao.”
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II
30:14, 15—Ke ka ntlha yang fa Ragele a ne a tsaya dimandereiki go na le gore a tlhakanele dikobo le monna wa gagwe gore a ime? Mo metlheng ya bogologolo, maungo a dimandereiki a ne a dirisiwa jaaka seokobatsi le go thibela mesifa gore e se ka ya gagamala. Gape go ne go dumelwa gore maungo ano a na le bokgoni jwa go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo le go tokafatsa bokgoni jwa tsalo kana go thusa motho go ima. (Sefela sa Difela 7:13) Le fa gone Baebele e sa senole maitlhomo a ga Ragele a go dira seno, a ka tswa a ne a akanya gore dimandereiki di ne di tla mo thusa gore a ime le gore a tlogele go kgobiwa ka go bo e le moopa. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le mmalwa pele ga gore Jehofa a “bule sebopelo sa gagwe.”—Genesise 30:22-24.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 30:1-21) E rile Ragele a bona gore o ne a sa tsholela Jakobe sepe, Ragele a fufegela morwadiarraagwe mme a simolola go raya Jakobe a re: “Nnaya bana go seng jalo ke tla nna mosadi yo o suleng.” 2 Foo bogale jwa ga Jakobe jwa tukela Ragele mme a re: “A ke mo boemong jwa Modimo, yo o go thibetseng leungo la sebopelo?” 3 Ka jalo Ragele a re: “Bileha lelata la me ke yo. Robala le ene, gore a tle a belegele mo mangoleng a me le gore nna, e leng nna, ke tle ke bone bana ka ene.” 4 Foo a mo naya Bileha lelata la gagwe go nna mosadi, mme Jakobe a robala le ene. 5 Mme Bileha a ima mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane. 6 Foo Ragele a re: “Modimo o ile a nna moatlhodi wa me gape o reeditse lentswe la me, mo a nneileng ngwana wa mosimane.” Ke gone ka moo a neng a mo raya leina a re Dana. 7 Mme Bileha, lelata la ga Ragele, a ima gape mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa bobedi wa mosimane. 8 Foo Ragele a re: “Ke sokasokane le morwadiarre ka tshokatshokano e e batlang maatla a magolo. Mme ke fentse!” Ka jalo a mo raya leina a re Nafetali. 9 E rile Lea a bona gore o ne a khutlile go belega, a tsaya Silepa lelata la gagwe a mo naya Jakobe go nna mosadi. 10 Fa nako e ntse e tsamaya Silepa, lelata la ga Lea, a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane. 11 Foo Lea a re: “A lesego le legolo!” Ka jalo a mo raya leina a re Gada. 12 Morago ga moo Silepa, lelata la ga Lea, a tsholela Jakobe ngwana wa bobedi wa mosimane. 13 Foo Lea a re: “A bo ke itumetse jang ne! Gonne ruri bana ba basetsana ba tla mpolela ke le yo o itumetseng.” Ka jalo a mo raya leina a re Ashere. 14 Jaanong Rubene a nna a tsamayatsamaya mo malatsing a go rojwa ga korong mme a bona ditholwana tsa dimandereiki mo nageng. Ka jalo a di tlisa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele a raya Lea a re: “Tsweetswee, nnaya dingwe tsa ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwao.” 15 Foo a mo raya a re: “A seno ke selo se sennye, go bo o tsere monna wa me, mme jaanong o tsaya le ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwaake?” Ka jalo Ragele a re: “Ka lebaka leo o tlile go lala le wena mo bosigong jono e le kananyo ya ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwao.” 16 E rile Jakobe a tla a tswa kwa nageng mo maitseboeng, Lea a ya go mo kgatlhantsha mme a re: “O tlile go robala le nna, gonne ke go thapile ka ditholwana tsa dimandereiki tsa ga morwaake.” Ka jalo a lala le ene mo bosigong joo. 17 Modimo a utlwa a ba a araba Lea mme a ima mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa botlhano wa mosimane. 18 Foo Lea a re: “Modimo o nneile tuelo ya mothapiwa, ka gonne ke neile monna wa me lelata la me.” Ka jalo a mo raya leina a re Isakare. 19 Lea a ima gapegape mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa borataro wa mosimane. 20 Foo Lea a re: “Modimo o ntshegofaditse, ee, nna, ka tshegofatso e e molemo. Kgabagare monna wa me o tla intshokela, ka gonne ke mo tsholetse bana ba le barataro ba basimane.” Ka jalo a mo raya leina a re Sebulone. 21 Mme morago ga moo a tshola ngwana wa mosetsana mme a mo raya leina a re Dina.