LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr20 April ts. 1-9
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
  • Ditlhogwana
  • APRIL 13-19
  • APRIL 20-26
  • APRIL 27–MAY 3
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
mwbr20 April ts. 1-9

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

APRIL 13-19

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 31

“Jakobe le Labane ba Dira Kgolagano ya Kagiso”

(Genesise 31:44-46) Mme jaanong, tlaya, a re dire kgolagano, nna le wena, mme e tla nna mosupi fa gare ga me le wena.” 45 Ka jalo Jakobe a tsaya leje mme a le tlhoma jaaka pilara. 46 Morago ga moo Jakobe a raya bomorwarraagwe a re: “Selang maje!” Mme ba tsaya maje ba dira mokoa. Morago ga moo ba jela moo mo godimo ga mokoa.

it-1-E 883 ¶1

Galeede

Jakobe le Labane ba ile ba rarabolola dikgotlhang tsa bone ka go dira kgolagano ya kagiso. Jakobe o ile a tlhoma pilara ya leje a bo a laela “bomorwarraagwe” gore ba dire mokoa wa maje. Gongwe mokoa oo o ne o ntse jaaka e kete ke tafole mme ba ile ba jela dijo mo go one e le sesupo sa gore ba dirile kgolagano. Morago ga moo, Labane o ile a bitsa lefelo le ba dirileng kgolagano mo go lone a re ke “Jegare-sahadutha” e leng leina la Searamaika (Sesiria) le le kayang mokoa. Mme Jakobe ene o ile a bitsa lefelo leo la ka leina la Sehebera e leng “Galeede” mme le lone le kaya mokoa. Labane o ne a re: “Mokoa ono [Ka Sehebera ke, gal] ke mosupi [Ka Sehebera ke, ʽedh] fa gare ga me le wena gompieno.” (Ge 31:44-48) Mokoa ono (le pilara ya leje) e ne e le bosupi mo bathong botlhe ba ba neng ba feta koo gore go dirilwe kgolagano. Temana 49 ya re “Tora ya Tebelo [Ka Sehebera ke, mits·pahʹ],” e ne e le bosupi jwa gore Jakobe le Labane ba ne ba dirile kgolagano ya gore go tla nna le kagiso mo malapeng a bone. (Ge 31:50-53) Moragonyana batho ba ne ba dirisa maje e le sesupo sa gore ba dirile kgolagano.—Jos 4:4-7; 24:25-27.

(Genesise 31:47-50) Mme Labane a o bitsa Jegare-sahadutha, mme Jakobe ene a o bitsa Galeede. 48 Mme Labane a re: “Mokoa ono ke mosupi fa gare ga me le wena gompieno.” Ke gone ka moo a neng a o raya leina a re Galeede, 49 le Tora ya Tebelo, ka gonne o ne a re: “A Jehofa a nne a lebeletse fa gare ga me le wena fa mongwe wa rona a sa bone yo mongwe. 50 Fa o ya go bogisa bomorwadiake e bile o ya go tsaya basadi mo godimo ga bomorwadiake, ga go na monna ope yo o nang le rona. Bona! Modimo ke mosupi fa gare ga me le wena.”

it-2-E 1172

Tora ya Tebelo

Jakobe o ile a dira mokoa wa maje a bo a o bitsa “Galeede” (mo go rayang Mokoa wa Bosupi) le “Tora ya Tebelo.” Go tswa foo, Labane o ne a re: “A Jehofa a nne a lebeletse fa gare ga me le wena fa mongwe wa rona a sa bone yo mongwe.” (Ge 31:45-49) Mokoa ono wa maje o ne o bontsha gore Jehofa o ne a lebile gore a Jakobe le Labane ba diragatsa kgolagano ya bone ya kagiso.

(Genesise 31:51-53) Mme Labane a tswelela a raya Jakobe a re: “Mokoa ke o le pilara ke e, e ke e tlhomileng fa gare ga me le wena. 52 Mokoa ono ke mosupi, mme pilara ke sengwe se se neelang bosupi, gore ga nkitla ke feta mokoa ono ke go tsogologela le gore ga o kitla o feta mokoa ono le pilara eno o ntsogologela go tla go nkgobatsa. 53 A modimo wa ga Aborahame le modimo wa ga Nahore a atlhole fa gare ga rona, modimo wa ga rraabone.” Mme Jakobe a ikana ka Poifo ya ga rraagwe e bong Isake.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 31:19) Jaanong Labane o ne a ile go beola dinku tsa gagwe. Fa go sa ntse go ntse jalo, Ragele a utswa medingwana ya terafime e e neng e le ya ga rraagwe.

it-2-E 1087-1088

Terafime

Baithuti ba marope ba kwa Mesopotamia le mafelo a a gaufi le koo ba bontsha gore ditshwantsho tsa medingwana ya terafime di ne di na le sesupo sa gore ke mang yo o neng a tla newa boswa mo lelapeng. Mokwalo o o neng o le mo letlapeng lengwe le le fitlhetsweng kwa Nuzi, o ne o tlhalosa gore fa rre mo lelapeng a ne a ka tlhokafala mme morwadie a nyetswe, monna wa gagwe o ne a ka tsaya ditshwantsho tsa medingwana ya kwa gabone mosadi a bo a ya kgotlatshekelo gore a tle a newe boswa jwa mogwagadie. (Ancient Near Eastern Texts, e tokafaditswe ke J. Pritchard, 1974, ts. 219, 220, le ntlha e e kwa tlase 51) E re ka Ragele a ne a itse seno, e ka tswa e le lone lebaka le le dirileng gore a utswe medingwana ya ga rraagwe ya terafime ka gonne rraagwe o kile a tsietsa Jakobe, monna wa gagwe. (Bapisa Ge 31:14-16.) Medingwana eo e ne e le botlhokwa ka gonne motho o ne a kgona go newa boswa ka yone. Ke ka moo fa Jakobe a sena go tshaba, Labane o ne a batla gore medingwana eo e boele mo go ene. O ne a e batla thata jaana mo a neng a tsaya bomorwarraagwe ba bo ba lelekisa Jakobe sekgala sa malatsi a le supa. (Ge 31:19-30) Gone Jakobe o ne a sa itse gore Ragele o utswile medingwana ya ga rraagwe (Ge 31:32), e bile ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore o kile a leka go dirisa medingwana eo ya terafime gore a newe boswa jo bo neng bo tshwanetse go newa barwa ba ga Labane. Jakobe o ne a sa obamele medingwana. Jakobe a ka tswa a ne a ile a latlha medingwana eo ya terafime fa a ne a latlha medingwana e mengwe e a neng a e newa ke ba ntlo ya gagwe a bo a e fitlha ka fa tlase ga setlhare se segolo se se neng se le gaufi le Shekema.—Ge 35:1-4.

(Genesise 31:41, 42) Ke na le dingwaga di le masome a mabedi ke le mo ntlong ya gago. Ke go diretse dingwaga di le lesome le bonè ke direla bomorwadio ba babedi le dingwaga di le thataro ke direla letsomane la gago, mme o ne wa nna wa fetola tuelo ya me makgetlo a le lesome. 42 Fa Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahame le Poifo ya ga Isake, a ne a se kafa letlhakoreng la me, o ka bo jaanong o ntsamaisitse ke iphotlhere fela. Modimo o bone patikego ya me le letsapa la diatla tsa me, mme o ne a go kgalemela mo bosigong jo bo fetileng.”

(1 Petere 2:18) A batlhanka ba ntlo ba nne mo taolong ya beng ba bone ka poifo yotlhe e e tshwanetseng, e seng fela mo go ba ba molemo le ba ba tekatekano, mme gape le mo go ba go leng thata go ba itumedisa.

w13 3/15 21 ¶8

Jehofa—Lefelo la Rona la Bonno

8 Fa Jakobe a fitlha kwa Harana, malomaagwe e bong Labane o ne a mo amogela mme moragonyana a mo naya Lea le Ragele gore e nne basadi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Labane o ne a leka go ja Jakobe ntsoma ka go fetola tuelo ya gagwe makgetlo a le lesome! (Gen. 31:41, 42) Mme gone, Jakobe o ne a itshokela go tlhoka tshiamiso, a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla tswelela a mo tlhokomela—mme tota Jehofa o ne a dira jalo! Ee ruri, fa Modimo a ne a bolelela Jakobe gore a boele kwa Kanana, tlhogo eno ya lotso e ne e na le “matsomane a magolo le malata le batlhanka le dikamela le diesele.” (Gen. 30:43) Jakobe e a lorato le boikanyegi jotlhe jo o bo supileng mo motlhankeng wa gago, gonne o ne a rapela a bontsha kanaanelo e kgolo, o ne a re: “Ga ke tshwanelwe ke mapelonomi otlhke ne ka kgabaganya Joredane eno ka lore lwa me fela mme jaanong ke fetogile mephato e mebedi.”—Gen. 32:10.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 31:1-18) Fa nako e ntse e tsamaya a utlwa mafoko a bomorwa Labane, ba re: “Jakobe o tsere sengwe le sengwe se e neng e le sa ga rraarona; o kgobokantse khumo eno yotlhe ka se e neng e le sa ga rraarona.” 2 E ne e re fa Jakobe a leba sefatlhego sa ga Labane, sa bo se sa nna jaaka se ne se ntse pele mo go ene. 3 La bofelo Jehofa a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borrago le kwa go ba losika lwa gaeno, mme ke tla nna le wena.” 4 Foo Jakobe a roma gore go bilediwe Ragele le Lea kwa nageng kwa letsomaneng la gagwe, 5 mme a ba raya a re: “Ke bona sefatlhego sa ga rraalona, gore ga a tlhole a ntse jaaka a ne a ntse pele mo go nna; mme Modimo wa ga rre o itshupile a na le nna. 6 Mme lona ka bolona lo a itse gore ke diretse rraalona ka maatla otlhe a me. 7 Mme rraalona o ntsieditse e bile o fetotse tuelo ya me makgetlo a le lesome, mme Modimo ga a mo letlelela gore a nkutlwise botlhoko. 8 Fa kafa letlhakoreng le lengwe a ne a ka re, ‘Tse di marothodi e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe le ne le tla tsala tse di marothodi; mme fa kafa letlhakoreng le lengwe a ne a ka re, ‘Tse di methalo e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe le ne le tla tsala tse di methalo. 9 Ka jalo Modimo o ne a nna a tsaya motlhape wa rraalona a o nnaya. 10 La bofelo go ne ga diragala ka nako ya fa letsomane le ne le na le keletso ya go gwela gore ke tsholetse matlho mme ka bona pono mo torong, mme bonang, diphoko tse di neng di tlolela mo letsomaneng di ne di le methalo, di le marothodi e bile di le marontho. 11 Mme moengele wa Modimo wa boammaaruri a nthaya mo torong a re, ‘Jakobe!’ mme ka re, ‘Ke fano.’ 12 Mme a tswelela a re, ‘Tsweetswee, tsholetsa matlho a gago, mme o bone gore diphoko tsotlhe tse di tlolelang mo letsomaneng di methalo, di marothodi e bile di marontho, gonne ke bone sotlhe se Labane a se go dirang. 13 Ke nna Modimo wa boammaaruri wa Bethele, kwa o tloditseng pilara gone le kwa o ntiretseng maikano gone. Jaanong nanoga, tswa mo lefatsheng leno mme o boele kwa lefatsheng le o tsholetsweng kwa go lone.’” 14 Foo Ragele le Lea ba mo araba ba re: “A re sa ntse re na le kabelo ya boswa mo ntlong ya ga rraarona? 15 A tota ga a re tseye jaaka batswakwa e re ka a re rekisitse, mo e leng gore ka metlha o nna a ja le eleng madi a re a ntsheditsweng? 16 Gonne dikhumo tsotlhe tse Modimo a di tsereng mo go rraarona ke tsa rona le bana ba rona. Ka jalo dira sengwe le sengwe se Modimo a se go boleletseng.” 17 Foo Jakobe a nanoga mme a pega bana ba gagwe le basadi ba gagwe mo dikameleng; 18 a simolola go kgweetsa motlhape otlhe wa gagwe le dithoto tsotlhe tse a neng a di kokoantse, motlhape wa se a se bapetseng se a neng a se kokoantse mo Padana-arama, gore a tle a ye kwa go Isake rraagwe kwa lefatsheng la Kanana.

APRIL 20-26

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 32-33

“A o Lwela go Segofadiwa?”

(Genesise 32:24) La bofelo Jakobe o ne a tlogetswe a le esi. Foo monna mongwe a simolola go sokasokana le ene go fitlha bo sa.

w03 8/15 25 ¶3

A o Batla Jehofa ka Tlhoafalo?

Dikwalo di na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba dira ka natla go batla Jehofa. Mongwe wa batho bao e ne e le Jakobe, yo o neng a sokasokana thata go fitlha bo sa le moengele wa Modimo yo o neng a itirile motho. Ka ntlha ya seo, Jakobe o ne a newa leina la Iseraele (Motho yo o Lwantshanang le Modimo) ka gonne o ne a “lole” kgotsa a kgaratlhile, a itekile ka natla kgatlhanong le Modimo. Moengele o ile a mo segofatsa ka ntlha ya maiteko a gagwe a magolo.—Genesise 32:24-30.

(Genesise 32:25, 26) E rile a bona gore o ne a sa mo fenya, a ama tswinke ya lelokololo la serope sa gagwe; mme tswinke ya lelokololo la serope sa ga Jakobe ya tswa mo lefelong la yone fa a ntse a sokasokana le ene. 26 Morago ga moo a re: “Ntesa ke tsamaye, gonne bo sele.” Foo a re: “Ga ke tle go go lesa o tsamaya go fitlha o ntshegofatsa pele.”

it-2-E 190

Go Tlhotsa

Jakobe O ne A Tlhotsa. Fa Jakobe a ne a na le dingwaga di ka nna 97, o ile a lwa bosigo jotlhe le moengele wa Modimo yo o neng a itirile motho. O ile a kgona go thibela moengele yoo gore a se ka a tsamaya go fitlha a mo segofatsa. Fa ba ntse ba lwa, moengele o ile a ama noka ya ga Jakobe e bo e lokologa. Mme seno se ne sa dira gore Jakobe a tlhotse. (Ge 32:24-32; Hos 12:2-4) Noka ya ga Jakobe e ile ya mo gopotsa se moengele a neng a se bua gore “o lole le Modimo [moengele wa Modimo] le batho mo e leng gore kwa bofelong o ne [a] fenya.” Mme seno ga se reye gore o fentse moengele yo o maatla wa Modimo. Modimo ke ene a letleletseng Jakobe gore a lwe le moengele mme o ne a dira jalo gore re tle re bone gore Jakobe o ne a ikemiseditse go dira sotlhe se a se kgonang gore Modimo a mo segofatse.

(Genesise 32:27, 28) Ka jalo a mo raya a re: “Leina la gago ke mang?” mme a araba a re: “Jakobe.” 28 Foo a re: “Leina la gago ga le kitla le tlhola le bidiwa Jakobe mme le tla bidiwa Iseraele, gonne o lole le Modimo le batho mo e leng gore kwa bofelong o ne wa fenya.”

it-1-E 1228

Iseraele

1. Modimo o ne a naya Jakobe leina leno fa a ne a na le dingwaga di le 97. Jakobe o ne a lwa le moengele bosigo fa a ne a kgabaganya mokgatšha o o phothoselang wa Jaboke a ya kwa go Esau. Moengele o ile a fetola leina la ga Jakobe mme a mmitsa Iseraele. Leina leno la Iseraele e ne e le bosupi jwa gore Modimo o segofaditse Jakobe ka gonne ga a ka ineela fa a ne a lwa le moengele. Jakobe o ne a bitsa lefelo leo a re ke Peniele kgotsa Penuele gore a gopole se se diragetseng koo. (Ge 32:22-31) Fa Jakobe a ne a le kwa Bethele, Modimo o ne a mo netefaletsa gore ruri leina la gagwe le ne le fetotswe mme fa e sa le ka nako eo, o ne a nna a bidiwa Iseraele go fitlha a tlhokafala. (Ge 35:10, 15; 50:2; 1Dit 1:34) Mo Baebeleng leina Iseraele, le tlhaga makgetlo a a fetang 2 500. Mme gantsi leina leno le a bo le bua ka ditlogolwana tsa ga Jakobe e leng setšhaba sa Iseraele.—Ek 5:1, 2.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 32:11) Ke a go rapela, nkgolola mo seatleng sa ga morwarre, mo seatleng sa ga Esau, ka gonne ke a mmoifa gore a ka nna a tla mme ruri a tlhasela nna, mmè mmogo le bana.

(Genesise 32:13-15) Mme a lala moo mo bosigong joo. A tseela Esau morwarraagwe mpho mo go se se neng se tla mo seatleng sa gagwe: 14 dipodi tse di namagadi di le makgolo a mabedi le diphoko di le masome a mabedi, dinku tse di namagadi di le makgolo a mabedi le diphelefu di le masome a mabedi, 15 dikamela di le masome a mararo tse di amusang le bana ba tsone, dikgomo di le masome a manè le dipoo di le lesome, diesele tse di namagadi di le masome a mabedi le diesele di le lesome tse di godileng ka botlalo.

w10 6/15 22 ¶10-11

Go Bua ka Bopelontle go Dira Gore re Utlwane le ba Bangwe

10 Go bua ka bopelontle le go nna le puisano e e molemo go thusa batho go nna ka kagiso le ba bangwe le gore ba tswelele ba utlwana le bone. Tota e bile, go dira bojotlhe jwa rona go tokafatsa dikamano tsa rona le ba bangwe go ka tokafatsa tsela e re buisanang le bone ka yone. Go direla ba bangwe dilo tse di molemo ka bopeloephepa—go batla ditsela tsa go ba thusa, go ba naya dimpho go tswa pelong, go nna botsalano—go ka dira gore re buisane re phuthologile le batho ba bangwe. E bile go ka “koelela magala a a tukang” mo mothong ga ba ga dira gore a bontshe dinonofo tse di molemo, mme go ka dira gore go rarabolola dikgotlhang go nne motlhofo.—Bar. 12:20, 21.

11 Jakobe, yo e neng e le tlhogo ya lotso, o ne a tlhaloganya seno. Esau yo e neng e le lefatlha la ga Jakobe o ne a galefetse Jakobe mo e leng gore o ne a sia a tshaba gore Esau o tla mmolaya. Jakobe o ne a boa morago ga dingwaga tse dintsi. Esau o ne a tla go mo kgatlhantsha, a na le banna ba le 400. Jakobe o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse. Go tswa foo o ne a romelela Esau mpho ya leruo le lentsi. Mpho eno e ne ya thusa. Fa ba kopana, Esau o ne a kgwabofetse mme o ne a sianela kwa go Jakobe a mo tlamparela.—Gen. 27:41-44; 32:6, 11, 13-15; 33:4, 10.

(Genesise 33:20) Morago ga moo a tlhoma sebeso gone mme a se bitsa Modimo yo e leng Modimo wa Iseraele.

it-1-E 980

Modimo yo e Leng Modimo wa Iseraele

Jakobe o ne a bidiwa Iseraele ka gonne o ile a lwa le moengele wa ga Jehofa kwa Peniele. Fa a sena go kopana le Esau morwarraagwe, o ne a ya go nna kwa Sukothe, go tswa foo a bo a ya go nna kwa Shekema. Fa a le koo, o ile a newa karolo ya lefatshe la bomorwa Hamore a bo a tlhoma tente ya gagwe koo. (Ge 32:24-30; 33:1-4, 17-19) “Morago ga moo a tlhoma sebeso gone mme a se bitsa Modimo yo e leng Modimo wa Iseraele” kgotsa, Modimo ke Modimo wa Iseraele. (Ge 33:20) Jakobe o ne a bitsa sebeso seno a dirisa leina la gagwe le lesha. Mme seno se ne se bontsha gore o amogetse leina leno le lesha e bile o a le rata. Gape seno se ne se bontsha gore o dumela gore Modimo ke ene a mo kaelang go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Leina leno la Sebeso le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 32:1-21) Mme Jakobe a tsena mo tseleng, mme jaanong baengele ba Modimo ba rakana le ene. 2 Ka yone nako eo Jakobe a bua jaana, fa a ba bona: “Jono ke bothibelelo jwa Modimo!” Ka gone a bitsa leina la lefelo leo Mahanaime. 3 Foo Jakobe a romela barongwa kwa pele ga gagwe kwa go Esau morwarraagwe kwa lefatsheng la Seire, naga ya Edoma, 4 mme a ba laola, a re: “Lo tla raya morena wa me Esau lo re, ‘Jakobe motlhanka wa gago o buile jaana: “Ke agile le Labane ke le moeng mme ke ntse lobaka lo loleele go fitlha jaanong. 5 Ke na le dipoo le diesele, dinku, le batlhanka le malata, mme ke rata go roma gore ke itsise morena wa me, gore ke tle ke bone kamogelo mo matlhong a gago.”’” 6 Fa nako e ntse e tsamaya barongwa ba boela kwa go Jakobe, ba re: “Re ne ra fitlha kwa go morwarraago Esau, mme le ene o mo tseleng go go kgatlhantsha, le banna ba le makgolo a manè ba na le ene.” 7 Mme Jakobe a boifa thata a ba a tlhobaela. Ka jalo a kgaoganya batho ba ba neng ba na le ene, le matsomane le dikgomo le dikamela ka mephato e mebedi, 8 mme a re: “Fa Esau a ka tla mo mophatong o mongwe mme a o tlhasela, ruri go tla nna le mophato o o salang o o tla falolang.” 9 Morago ga moo Jakobe a re: “Ao tlhe Modimo wa ga rre Aborahame le Modimo wa ga rre Isake, Oo Jehofa, wena yo o nthayang o re, ‘Boela kwa lefatsheng la gaeno le kwa go ba losika lwa gaeno mme ke tla dirisana sentle le wena,’ 10 ga ke tshwanelwe ke mapelonomi otlhe a lorato le boikanyegi jotlhe jo o bo supileng mo motlhankeng wa gago, gonne ke ne ka kgabaganya Joredane eno ka lore lwa me fela mme jaanong ke fetogile mephato e mebedi. 11 Ke a go rapela, nkgolola mo seatleng sa ga morwarre, mo seatleng sa ga Esau, ka gonne ke a mmoifa gore a ka nna a tla mme ruri a tlhasela nna, mmè mmogo le bana. 12 Mme wena, o rile, ‘Kwantle ga pelaelo ke tla dirisana sentle le wena mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka moshawa wa lewatle, o o ka se kang wa balwa ka ntlha ya bontsintsi jwa one.’” 13 Mme a lala moo mo bosigong joo. A tseela Esau morwarraagwe mpho mo go se se neng se tla mo seatleng sa gagwe: 14 dipodi tse di namagadi di le makgolo a mabedi le diphoko di le masome a mabedi, dinku tse di namagadi di le makgolo a mabedi le diphelefu di le masome a mabedi, 15 dikamela di le masome a mararo tse di amusang le bana ba tsone, dikgomo di le masome a manè le dipoo di le lesome, diesele tse di namagadi di le masome a mabedi le diesele di le lesome tse di godileng ka botlalo. 16 Foo a naya batlhanka ba gagwe metlhape ka go latelana ga yone mme a raya batlhanka ba gagwe kgapetsakgapetsa a re: “Kgabaganyetsang kwa pele ga me, mme lo dire gore go nne le sebaka fa gare ga motlhape le motlhape.” 17 Mo godimo ga moo a laela wa ntlha, a re: “Fa go diragala gore Esau morwarre a kopane le wena a ba a go botsa, a re, ‘O wa ga mang, o ya kae mme tse di fa pele ga gago tseno ke tsa ga mang?’ 18 o re, ‘Ke tsa motlhanka wa gago, ke tsa ga Jakobe. Ke mpho, e e rometsweng kwa go morena wa me, kwa go Esau, mme bona! le ene o a tla kwa morago ga rona.’” 19 Mme a laela wa bobedi, le wa boraro, le botlhe ba ba setseng metlhape morago, a re: “Lo bue le Esau kafa lefokong leno fa lo kopana le ene. 20 Mme gape lo re, ‘Motlhanka wa gago Jakobe ke yo o tla kwa morago ga rona.’” Gonne o ipoleletse a re: “Nka nna ka mo reba bogale ka mpho e e tsamayang kwa pele ga me, mme morago ga moo ke tla bona sefatlhego sa gagwe. Gongwe o tla nkamogela ka bopelonomi.” 21 Ka jalo mpho ya kgabaganyetsa kwa pele ga gagwe, mme ene a lala mo bothibelelong mo bosigong joo.

APRIL 27–MAY 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 34-35

“Dikotsi Tsa go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang”

(Genesise 34:1) Jaanong Dina morwadia Lea, yo a neng a mo tsholetse Jakobe, o ne a tle a tswe a ye go bona bomorwadia lefatshe.

w97 2/1 30 ¶4

Shekeme—Motse o o Kafa Mokgatšheng

Makawana a motse oo a ne a tla leba jang lekgarebana leno le le sa itseng monna le le neng le etela motse wa bone ka metlha—gongwe a sa tsamaye le ope? Morwa kgosana o ne “a mmona; mme a mo tsaya a lala nae, a mo senya.” Ke ka ntlha yang fa Dina a ne a ipakela kotsi ka go tsalana le Bakanana ba ba neng ba se na boitsholo jo bo siameng? A ke ka go bo a ne a ikutlwa a tlhoka ditsala tsa basetsana ba dithaka tsa gagwe? A o ne a le tlhogoethata e bile a itaola jaaka ba bangwe ba bokgaitsadie? Bala polelo ya Genesise, mme o leke go tlhaloganya kafa Jakobe le Lea ba tshwanetseng ba bo ba le mo tlalelong le go tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya diphelelo tse di setlhogo tsa go bo morwadiabone a ne a etela kwa Shekeme.—Genesise 34:1-31; 49:5-7; bona gape Tora ya Tebelo, June 15, 1985, tsebe 31.

(Genesise 34:2) Mme Shekema morwa Hamore wa Mohife, kgosana ya lefatshe, a mmona mme a mo tsaya a lala le ene a mmetelela.

lv 103 ¶14

“Tshabang Kgokafalo”

14 Dina o tshwanetse a bo a ne a sa akanya ka tlhakanelodikobo fa a bona Shekema. Mme Shekema ene o ne a dira se bontsi jwa Bakanana ba neng ba ka tsaya go siame go se dira fa ba na le keletso ya tlhakanelodikobo. Le fa Dina a ne a leka go gana ka motsotso wa bofelo, seo se ne se sa thuse sepe, ka gonne Shekema o ne “a mo tsaya” a bo “a mmetelela.” Go lebega Shekema a ne a “rata” Dina moragonyana, mme seo ga se a ka sa fetola se a neng a se mo dirile. (Bala Genesise 34:1-4.) Mme tiragalo eno ga e a bakela Dina mathata a le esi. Ka ntlha ya mofuta wa ditsala tse a neng a di tlhopha, go ne ga diragala dilo tse di neng tsa tlisa matlhabisaditlhong mo lelapeng lotlhe la gabone.—Genesise 34:7, 25-31; Bagalatia 6:7, 8.

(Genesise 34:7) Mme bomorwa Jakobe ba tla ba tswa kwa nageng fela fa ba sena go utlwa ka gone; mme banna bano ba utlwa botlhoko mo maikutlong a bone mme ba nna bogale thata, ka gonne o ne a diretse Iseraele bosula jwa matlhabisa ditlhong ka go lala le morwadia Jakobe, e re ka go ne go sa tshwanela go dira sepe se se ntseng jalo.

(Genesise 34:25) Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala gore mo letsatsing la boraro, fa ba ne ba le mo botlhokong, bomorwa Jakobe ba babedi, Simeone le Lefi, bokgaitsadia Dina, mongwe le mongwe wa bone a tsaya tšhaka ya gagwe mme ba ya kwa motseng ba sa belaelwe mme ba bolaya monna mongwe le mongwe.

w09 9/1 21 ¶1-2

Fa o Kgopisitswe

Gantsi, batho ba ba batlang go ipusolosetsa ba dira jalo ka go bo ba leka go re ba se ka ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka ntlha ya motho yo o ba kgopisitseng. Ka sekai, Baebele e re bolelela gore fa bomorwa tlhogo ya lotso ya Mohebera e bong Jakobe ba ne ba lemoga gore Shekema wa Mokanana o beteletse kgaitsadiabone e bong Dina, ba ne “ba utlwa botlhoko mo maikutlong a bone mme ba nna bogale thata.” (Genesise 34:1-7) Gore bomorwa Jakobe ba babedi ba busolose se se dirilweng kgaitsadiabone, ba ne ba loga leano kgatlhanong le Shekema le ba ntlo ya gagwe. Simeone le Lefi ba ne ba loga leano mme ba tsena mo motseng wa Bakanana ba bolaya monna mongwe le mongwe, go akaretsa le Shekema.—Genesise 34:13-27.

A go tshololwa ga madi go ne ga rarabolola bothata jono? Fa Jakobe a ne a utlwa gore bomorwawe ba dirile eng, o ne a ba kgalema, a re: “Lo ntlhabisitse ditlhong ka go ntira sebodu mo banning ba lefatshe leno, . . . mme ruri ba tla mphuthegela ba bo ba ntlhasela mme ke tla nyelediwa, nna le ntlo ya me.” (Genesise 34:30) Go na le go rarabolola mathata, tsela ya bone ya go ipusolosetsa e ne ya nna le matswela a a sa siamang; lelapa la ga Jakobe le ne le tshwanetse go nna le disitse gore le se ka la tlhaselwa ke baagelani ba ba galefileng. Go sireletsa lelapa la ga Jakobe gore le se ka la tlhaselwa, Modimo o ne a laela Jakobe go fudusetsa lelapa la gagwe kwa Bethele.—Genesise 35:1, 5.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 35:8) Moragonyana Debora mosadi yo o tlhokomelang Rebeka a swa mme a fitlhwa fa mohapheng wa Bethele ka fa tlase ga setlhare se segolo thata. Ka gone a bitsa leina la sone Alone-bakuthe.

it-1-E 600 ¶4

Debora

1. Motlhokomedi wa ga Rebeka. Debora o ne a tsamaya le Rebeka fa Rebeka a ne a fuduga kwa ntlong ya ga Bethuele rraagwe a ya go nna kwa Palesetina gore a nyalwe e Isake. (Ge 24:59) Debora o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a direla kwa ntlong ya ga Isake. Go tswa foo, Debora o ile a ya go direla kwa ntlong ya ga Jakobe gongwe ka nako ya fa Rebeka a sena go tlhokafala. Fa Isake le Rebeka ba sena go nyalana, Debora o ile a tlhokafala morago ga dingwaga di ka nna 125. O ile a fitlhwa ka fa tlase ga setlhare se segolo sa kwa Bethele. Setlhare seo se ne sa bidiwa Alone-bakuthe mme leina leo le kaya, Setlhare se Segolo sa Selelo. Leina la Setlhare seo le bontsha gore Jakobe le lelapa la gagwe ba ne ba rata Debora fela thata.—Ge 35:8.

(Genesise 35:22-26) Mme go ne ga diragala gore fa Iseraele a ne a nna mo lefatsheng leo nako nngwe Rubene a ya go lala le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe, mme Iseraele a utlwa ka gone. Ka jalo ga nna le bomorwa Jakobe ba le lesome le bobedi. 23 Bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Lea e ne e le leitibolo la ga Jakobe e leng Rubene le Simeone le Lefi le Juda le Isakare le Sebulone. 24 Bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Ragele e ne e le Josefa le Benjamine. 25 Mme bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Bileha, lelata la ga Ragele, e ne e le Dana le Nafetali. 26 Mme bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Silepa, lelata la ga Lea, e ne e le Gada le Ashere. Bano ke bomorwa Jakobe ba a neng a ba tsholelwa kwa Padana-arama.

w17.12 14

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Kwa Iseraele wa bogologolo, a tatelano ya losika lwa ga Mesia e ne e amana le tshwanelo ya go nna leitibolo?

Ka dinako dingwe re ile ra tlhalosa sengwe se se tshwanang le seo. Go ne go bonala seno se dumalana le se se mo go Bahebera 12:16. Temana eno ya re Esau ga a ka a ‘anaanela dilo tse di boitshepo’ mme o ne a “a [abela Jakobe] ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.” Go ne go ka bonala seno se bontsha gore fa Jakobe a ne a nna le ‘tshwanelo ya go nna leitibolo,’ o ne a nna le tshono ya go nna rremogologolwane wa ga Mesia.—Math. 1:2, 16; Luke 3:23, 34.

Le fa go ntse jalo, go sekaseka dipego tsa Baebele go re thusa go lemoga gore go ne go sa tlhokege gore motho e nne leitibolo gore e nne rraagwemogologolwane wa ga Mesia. Akanya ka bosupi bongwe jwa seo:

Morwa Jakobe (Iseraele) wa leitibolo e ne e le morwa Lea e bong Rubene. Moragonyana, morwa wa leitibolo wa ga Jakobe ka Ragele e ne e le Josefa. Fa Rubene a sena go “itshepolola borobalo jwa ga rraagwe,” tshwanelo ya go nna leitibolo e ne ya newa Josefa. (Gen. 29:31-35; 30:22-25; 35:22-26; 49:22-26; 1 Ditir. 5:1, 2) Le fa go ntse jalo, Mesia ga a ka a tlhaga mo lotsong lwa ga Rubene kgotsa lwa ga Josefa, go na le moo, o ne a tlhaga mo lotsong lwa ga Juda, morwa wa bonê wa ga Jakobe le Lea.—Gen. 49:10.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 34:1-19) Jaanong Dina morwadia Lea, yo a neng a mo tsholetse Jakobe, o ne a tle a tswe a ye go bona bomorwadia lefatshe. 2 Mme Shekema morwa Hamore wa Mohife, kgosana ya lefatshe, a mmona mme a mo tsaya a lala le ene a mmetelela. 3 Mme moya wa gagwe wa simolola go ngaparela Dina morwadia Jakobe, a rata morweetsana yono a ba a nna a bua le morweetsana yono gore a mo fenye. 4 Labofelo Shekema a raya Hamore rraagwe a re: “Ntseela mohumagatsana yono go nna mosadi.” 5 Mme Jakobe a utlwa gore o ne a leswafaditse Dina morwadie. Mme bomorwawe ba bo ba na le motlhape wa gagwe kwa nageng; mme Jakobe a didimala fela go fitlha ba tsena. 6 Moragonyana Hamore, rraagwe Shekema, a tswela kwa go Jakobe go ya go bua le ene. 7 Mme bomorwa Jakobe ba tla ba tswa kwa nageng fela fa ba sena go utlwa ka gone; mme banna bano ba utlwa botlhoko mo maikutlong a bone mme ba nna bogale thata, ka gonne o ne a diretse Iseraele bosula jwa matlhabisa ditlhong ka go lala le morwadia Jakobe, e re ka go ne go sa tshwanela go dira sepe se se ntseng jalo. 8 Mme Hamore a bua le bone, a re: “Fa e le Shekema morwaake, moya wa gagwe o golagane le morwadialona. Tsweetswee, mo mo neyeng go nna mosadi, 9 mme lo dire dikgolagano tsa lenyalo le rona. Lo re neye bomorwadialona, mme lo itseele bomorwadiarona. 10 Mme lo ka nna lwa nna le rona, mme lefatshe le tla nna mo taolong ya lona. Nnang lo bo lo gwebe mo go lone lo bo lo age mo go lone.” 11 Foo Shekema a raya rraagwe Dina le bokgaitsadie a re: “Mmang ke bone kamogelo mo matlhong a lona, mme le fa e le eng fela se lo tla se mpolelelang ke tla se lo naya. 12 Tlhatlosang bogadi fela thata le mpho e ke e kopiwang, mme ke iketleeleditse go ntsha kafa lo ka mpolelelang ka gone; fela nnayang morweetsana yono go nna mosadi.” 13 Mme bomorwa Jakobe ba simolola go araba Shekema le Hamore rraagwe ka tsietso le go bua jalo ka gonne a ne a leswafaditse Dina kgaitsadiabone. 14 Mme ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra kgona go dira selo se se ntseng jalo, go naya kgaitsadiarona monna yo o nang le letlalo la bonna, ka gonne seo ke kgobo mo go rona. 15 Re ka dumalana le lona fela ka tumalano ya gore, lo nne jaaka rona, ka go rupisiwa ga monna mongwe le mongwe wa lona. 16 Foo ruri re tla lo naya bomorwadiarona, e bile re tla itseela bomorwadialona, mme re tla nna le lona re bo re nna batho ba le bangwe fela. 17 Mme fa lo sa re reetse gore lo rupisiwe, re tla tsaya morwadiarona re bo re tsamaya.” 18 Mme mafoko a bone a bonala a le molemo mo matlhong a ga Hamore le mo matlhong a ga Shekema, morwa Hamore, 19 mme lekau ga le a ka la diega go diragatsa tumalano eno, ka gonne ruri le ne la kgatlhiwa ke morwadia Jakobe e bile e ne e le le le tlotlegang thata mo go botlhe ba ntlo ya ga rraalone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela