LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr20 May ts. 1-13
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
  • Ditlhogwana
  • MAY 4-10
  • MAY 11-17
  • MAY 18-24
  • MAY 25-31
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
mwbr20 May ts. 1-13

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

MAY 4-10

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 36-37

“Josefa o Fufegelwa ke Bomogoloe”

(Genesise 37:3, 4) Mme Iseraele o ne a rata Josefa go feta bomorwawe ba bangwe botlhe, ka gonne e ne e le morwa wa botsofe jwa gagwe; mme o ne a mo diretse seaparo se seleele se se methalo se e keteng hempe. 4 E rile bomorwarraagwe ba bona gore rraabone o ne a mo rata go feta bomorwarraagwe botlhe, ba simolola go mo tlhoa, mme ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso.

w14 8/1 12-13

“Tsweetswee Reetsang Toro Eno”

Baebele e araba jaana: “E rile bomorwarraagwe ba bona gore rraabone o ne a mo rata go feta bomorwarraagwe botlhe, ba simolola go mo tlhoa, mme ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso.” (Genesise 37:4) Go ne go ka tswa go utlwala go bo bomorwarraagwe Josefa ba ne ba mo fufegela, mme ba ne ba sa tshwanela go nna le maikutlo ao a letlhoo. (Diane 14:30; 27:4) A o kile wa fufegela mongwe fa a newa tlhokomelo kgotsa maemo a o neng o a batla? Gakologelwa bomorwarraagwe Josefa. Lefufa la bone le ne la ba tlhotlheletsa go dira dilo tse ba neng ba tla di ikwatlhaela thata. Sekao sa bone se gakolola Bakeresete gore go molemo go ‘ipela le ba ba ipelang.’—Baroma 12:15.

Ga go pelaelo gore Josefa o ne a kgona go lemoga letlhoo la bomorwarraagwe. A o ne a fitlha seaparo sa gagwe se sentle fa bomorwarraagwe ba atamela? A ka tswa a ile a raelesega go dira jalo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jakobe o ne a batla gore seaparo seo e nne sesupo sa gore o a mo rata e bile o a mo amogela. Josefa o ne a batla gore rraagwe a tswelele a mo tshepa, ka jalo o ne a ikanyega mme a apara seaparo seo. Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa gagwe. Le fa gone Rraarona yo o kwa legodimong a sa tlhaole ope, ka dinako dingwe o bontsha gore o rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile o dira gore ba tlhomologe. Mo godimo ga moo, o batla gore ba farologane le lefatshe leno le le senyegileng e bile le se na boitsholo jo bo siameng. Fela jaaka seaparo se se kgethegileng sa ga Josefa, boitsholo jwa Bakeresete ba boammaaruri bo dira gore ba farologane le batho ba ba ba dikologileng. Boitsholo joo bo dira gore batho ba ba fufegele ba bo ba ba tlhoe. (1 Petere 4:4) A Mokeresete o tshwanetse go tshaba go itsiwe e le motlhanka wa Modimo? Nnyaa—Josefa le ene ga a ka a tshaba go apara seaparo sa gagwe.—Luke 11:33.

(Genesise 37:5-9) Moragonyana Josefa a lora toro mme a e bolelela bomorwarraagwe, mme ba nna le lebaka le lengwe gape la go mo tlhoa. 6 Mme a tswelela a ba raya a re: “Tsweetswee, reetsang toro eno e ke e lorileng. 7 Bonang, re ne re bofa dingata mo gare ga tshimo fa ngata ya me e ne e nanoga e bo e ema e tsepaletse mme dingata tsa lona tsa e dikanyetsa di bo di ikobela ngata ya me.” 8 Mme bomorwarraagwe ba simolola go mo raya ba re: “A ruri o tlile go nna kgosi ya rona? kgotsa, A ruri o tlile go re laola?” Ka jalo ba bona lebaka le lesha la go mo tlhoa ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le ka ntlha ya mafoko a gagwe. 8 Morago ga moo a lora toro e nngwe gape, mme a e bolelela bomorwarraagwe a re: “Bonang, ke lorile toro e nngwe gape, mme bonang, letsatsi le ngwedi le dinaledi di le lesome le bongwe di ne di inkobela.”

(Genesise 37:11) Bomorwarraagwe ba mo fufegela, mme rraagwe a boloka lefoko leno.

w14 8/1 13 ¶2-4

“Tsweetswee Reetsang Toro Eno”

Ditoro tseno di ne di tswa kwa go Jehofa Modimo. E ne e le tsa boporofeti e bile Modimo o ne a batla gore Josefa a tlhalose molaetsa wa tsone. Ka tsela nngwe, Josefa o ne a tla tloga a dira se baporofeti botlhe ba neng ba tla se dira fa ba bolelela batho ba Modimo ba ba seng kutlo melaetsa le dikatlholo tsa gagwe.

Ka botlhale Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Tsweetswee, reetsang toro eno.” Bomorwarraagwe ba ne ba tlhaloganya toro mme ga ba a ka ba e rata. Ba ne ba araba jaana: “A ruri o tlile go nna kgosi ya rona? kgotsa, A ruri o tlile go re laola?” Pego e tswelela ka go re: “Ka jalo ba bona lebaka le lesha la go mo tlhoa ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le ka ntlha ya mafoko a gagwe.” Fa Josefa a bolelela rraagwe le bomorwarraagwe toro ya bobedi, ba ne ba dira se se tshwanang. Re bala jaana: “Rraagwe a . . . mo kgalema a mo raya a re: ‘Toro eno e o e lorileng e kayang? A ruri nna le mmago le bomorwarrago re tlile go tla re bo re go ikobela fa fatshe?’” Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a nna a akanya ka kgang eno. A Jehofa a ka tswa a ne a bua le mosimane yono?—Genesis 37:6, 8, 10, 11.

Josefa e ne e se ene fela motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a laelwa gore a bolele melaetsa ya boporofeti e e sa rategeng e e neng e dira gore a bogisiwe. Jesu o ne a tlhomologile thata mo go bone e bile o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Bakeresete ba dingwaga tsotlhe ba ka ithuta go le gontsi ka tumelo le bopelokgale jwa ga Josefa yo mmotlana.

(Genesise 37:23, 24) Ka jalo go ne ga diragala gore fela fa Josefa a goroga mo go bomorwarraagwe, ba apola Josefa seaparo sa gagwe se seleele, sone seaparo se seleele se se methalo se se neng se le mo go ene; 24 morago ga moo ba mo tsaya ba mo latlhela mo teng ga petse ya metsi. Ka nako eo petse ya metsi e ne e se na sepe; go ne go se na metsi mo go yone.

(Genesise 37:28) Jaanong banna, bagwebi ba Bamidiana, ba feta. Ka gone ba goga Josefa ba mo tsholetsa ba mo ntsha mo teng ga petse ya metsi mme ba rekisetsa Baishemaele Josefa ka dipapetla tsa selefera di le masome a mabedi. Kgabagare bano ba tlisa Josefa mo Egepeto.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 36:1) Mme eno ke polelo ya botshelo jwa ga Esau, ke go re, Edoma.

it-1-E 678

Edoma

(Edoma) [Bohibidu], Baedoma.

Esau yo e neng e le lewelana la ga Jakobe o ne a newa leina le lengwe e leng Edoma. (Ge 36:1) O ne a newa leina leno ka gonne o ne a rekisa tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo gore Jakobe a tle a mo neye logodu lwa dikgobe lo lo khubidu. (Ge 25:30-34) Gape, fa Esau a ne a tsholwa o ne a le mohibidu (Ge 25:25) e bile lefatshe le ene le ditlogolwana tsa gagwe ba neng ba nna mo go lone le ne le na le dikarolo tsa mmu o mohibidu.

(Genesise 37:29-32) Moragonyana Rubene a boela kwa petseng ya metsi mme bona, Josefa a bo a seyo mo petseng ya metsi. Ka gone a gagoganya diaparo tsa gagwe. 30 E rile a boela kwa go bomorwarraagwe ba bangwe a kua a re: “Ngwana o ile! Mme nna—tota ke tla ya kae?” 31 Le fa go ntse jalo, ba tsaya seaparo se seleele sa ga Josefa mme ba tlhaba phoko ba bo ba ina seaparo se seleele seno kgapetsakgapetsa mo mading. 32 Morago ga moo ba romela seaparo se seleele se se methalo seno mme sa tlisiwa kwa go rraabone mme ba re: “Seno ke se re se boneng. Tsweetswee, sekaseka, o bone gore a e ka ne ke seaparo se seleele sa ga morwao kgotsa nnyaa.”

it-1-E 561-562

Boikarabelo

Fa modisa a ne a re o tla tlhokomela letsomane, o ne a dira tumalano semolao ya gore o tla ikarabelela ka letsomane leno. O ne a solofetsa mong wa letsomane leo gore o tla le fepa e bile ga lo ka ke la utswiwa mme fa go ka direga sengwe ka lone o ne a tla duela. Fa le ne le tla tlhaselwa ke dibatana tsa naga o ne a se kitla a duela. Mme gore mong wa letsomane leo a se ka a mo duedisa o ne a tshwanetse go tlisa mmele wa phologolo eo e e gagogantsweng ke sebatana sa naga. Mong wa letsomane o ne a tla tlhatlhoba mmele wa phologolo eo a bo a ya go bolelela motho yo o neng a tlhokometse phologolo eo gore ga a na molato.

Seno se ne se tshwana le fa batho ba na le dithoto kgotsa maloko a malapa, ka sekai, ngwana yo mogolo mo lelapeng wa mosimane ke ene a neng a rwala maikarabelo a go tlhokomela bonnake ba gagwe. E re ka Rubene e ne e le ene ngwana yo mogolo mo lelapeng, re kgona go tlhaloganya lebaka la go bo a ne a tshwenyegile fa bo bomonnawe ba ne ba loga leano la go bolaya Josefa jaaka go tlhalositswe mo go Genesise 37:18-30. O ne “a re: ‘A re se iteyeng moya wa gagwe gore o swe.’ . . . ‘Lo se ka lwa tsholola madi . . . mme lo se ka lwa mmaya seatla.’ Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go mo golola mo seatleng sa bone gore a tle a mmusetse kwa go rraagwe.” Rubene o ne a kgobega marapo fa a sena go lemoga gore Josefa ga a yo mme o ne a “gagoganya diaparo tsa gagwe” a bo a kua a re: “Ngwana o ile! Mme nna—tota ke tla ya kae?” O ne a itse gore a ka pegwa molato ka go bo Josefa a nyeletse. Mme gore Rubene a se ka a pegwa molato, bomonnawe ba ile ba dira gore go lebege e kete Josefa o bolailwe ke sebatana sa naga. Ba ile ba dira seno ka go tsenya seaparo sa ga Josefa mo mading a pudi. Jakobe ga a ka a pega Rubene molato, ka gonne bomonnawe Rubene ba ne ba isa seaparo sa ga Josefa kwa go Jakobe se se neng se bontsha gore Josefa o bolailwe ke sebatana sa naga. Mme Jakobe o ile a swetsa ka gore Josefa o bolailwe.—Ge 37:31-33.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 36:1-19) Mme eno ke polelo ya botshelo jwa ga Esau, ke go re, Edoma. 2 Esau o ne a tsaya basadi ba gagwe mo go bomorwadia Kanana: Ada morwadia Elone wa Mohite le Oholibama morwadia Ana, morwadia ngwana wa ga Sibeone wa Mohife, 3 le Basemathe, morwadia Ishemaele, kgaitsadia Nebaiothe. 4 Mme Ada a tsholela Esau Elifase, mme Basemathe a tshola Reuele, 5 mme Oholibama a tshola Jeushe le Jalame le Kora. Bano ke bomorwa Esau ba a neng a ba tsholelwa mo lefatsheng la Kanana. 6 Morago ga moo Esau a tsaya basadi ba gagwe le bomorwawe le bomorwadie le meya yotlhe ya ntlo ya gagwe le motlhape wa gagwe le diphologolo tse dingwe tsotlhe tsa gagwe le khumo yotlhe ya gagwe, e a neng a e kokoantse mo lefatsheng la Kanana, mme a ya kwa lefatsheng le le leng kgakala le Jakobe morwarraagwe, 7 ka gonne dithoto tsa bone di ne di ba ntsifaletse fela thata gore ba ka nna mmogo le lefatshe la bone la boagi jwa boeng le ne le sa kgone go ba tshegetsa ka ntlha ya metlhape ya bone. 8 Ka jalo Esau a nna mo kgaolong e e dithaba ya Seire. Esau ke Edoma. 9 Mme eno ke polelo ya botshelo jwa ga Esau rraagwe Edoma mo kgaolong e e dithaba ya Seire. 10 Ano ke maina a bomorwa Esau: Elifase morwa Ada, mosadi wa ga Esau; Reuele morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. 11 Mme bomorwa Elifase e ne ya nna Temane, Omare, Sefo le Gatame le Kenase. 12 Mme Timena o ne a nna mogadingwana wa ga Elifase, morwa Esau. Fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Elifase Amaleke. Bano ke bomorwa Ada, mosadi wa ga Esau. 13 Bano ke bomorwa Reuele: Nahathe le Sera, Shammahe le Misa. Bano e ne ya nna bomorwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. 14 Mme bano e ne ya nna bomorwa Oholibama morwadia Ana, morwadia ngwana wa ga Sibeone, mosadi wa ga Esau, ka gonne o ne a tsholela Esau Jeushe le Jalame le Kora. 15 Bano ke dikgosana tsa lotso tsa bomorwa Esau: Bomorwa Elifase, leitibolo la ga Esau: Kgosana ya lotso Temane, kgosana ya lotso Omare, kgosana ya lotso Sefo, kgosana ya lotso Kenase, 16 kgosana ya lotso Kora, kgosana ya lotso Gatame, kgosana ya lotso Amaleke. Tseno ke dikgosana tsa lotso tsa ga Elifase mo lefatsheng la Edoma. Bano ke bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Ada. 17 Bano ke bomorwa Reuele, morwa Esau: Kgosana ya lotso Nahathe, kgosana ya lotso Sera, kgosana ya lotso Shammahe, kgosana ya lotso Misa. Tseno ke dikgosana tsa lotso tsa ga Reuele mo lefatsheng la Edoma. Bano ke bana ba basimane ba ba tshotsweng ke Basemathe, mosadi wa ga Esau. 18 La bofelo bano ke bomorwa Oholibama, mosadi wa ga Esau: Kgosana ya lotso Jeushe, kgosana ya lotso Jalame, kgosana ya lotso Kora. Tseno ke dikgosana tsa lotso tsa ga Oholibama morwadia Ana, mosadi wa ga Esau. 19 Bano ke bomorwa Esau, mme bano ke dikgosana tsa bone tsa lotso. Ke Edoma.

MAY 11-17

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 38-39

“Jehofa Ga a Ka a Latlha Josefa”

(Genesise 39:1) Mme Josefa ene, o ne a tlisiwa mo Egepeto, mme Potifaro, modiredi wa ntlo ya kgosi wa ga Faro, molaodi wa bafemedi, wa Moegepeto, a mo reka mo seatleng sa Baishemaele ba ba neng ba mo tlisitse koo.

w14 11/1 12 ¶4-5

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

“Josefa . . . o ne a tlisiwa mo Egepeto, mme Potifaro, modiredi wa ntlo ya kgosi wa ga Faro, molaodi wa bafemedi, wa Moegepeto, a mo reka mo seatleng sa Baishemaele ba ba neng ba mo tlisitse koo.” (Genesise 39:1) Mafoko ao a Baebele a re thusa go akanya kafa lekawana leno le ileng la tlontlololwa ka gone fa le rekisiwa gape. Ba ne ba ipatlela poelo ka ene! Re ka akanya fela Josefa a setse mong wa gagwe yo mosha morago, modiredimogolo wa ntlo ya kgosi ya Egepeto, ba feta mo mebileng e e tlhanaselang e e tletseng marekisetso ba lebile kwa legaeng le lesha la ga Josefa.

Legae! Lefelo leno le ne farologane gotlhelele le legae la ga Josefa. O goletse mo lelapeng le le nnang mo ditenteng e bile le fuduga kgapetsakgapetsa ka gonne le tlhokomela le go disa matsomane a lone a dinku. Mo lefelong leno Baegepeto ba ba humileng jaaka Potifaro ba ne ba nna mo matlong a a magasigasi a mebala e mentle. Baithutamarope ba bega gore Baegepeto ba bogologolo ba ne ba rata ditshingwana tse di magasigasi, tse di thekeleditsweng ka dipota e bile di na le ditlhare tsa moriti le matangwana a a sisibetseng a mo go one ba neng ba jala papirase, dithunya le dimela tse dingwe tsa mo metsing. Matlo a mangwe a a neng a le gaufi le ditshingwana a ne a na le maribelo a o ka itumelelang pheswana e e monate mo go one, difensetere tse di kwa godimo tse di tsenyang phefo le diphaposi tse dintsi, go akaretsa phaposi e kgolo ya bojelo le dikamore tsa badiredi.

(Genesise 39:12-14) Foo mosadi a mo phamola ka seaparo sa gagwe, a re: “Lala le nna!” Mme ene a tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa gagwe mme a tshaba a tswela kwa ntle. 13 Ga diragala ya re fela fa mosadi a bona gore o ne a tlogetse seaparo sa gagwe mo seatleng sa gagwe gore a tshabele kwa ntle, 14 a simolola go goela kwa banneng ba ntlo ya gagwe mme a ba raya a re: “Bonang! O tlisitse kwa go rona monna, Mohebera, go dira gore re jewe setshego. O ne a tla kwa go nna a tla go lala le nna, mme ke ne ka goa ka lentswe le le kwa godimo.

(Genesise 39:20) Ka jalo mong wa ga Josefa a mo tsaya a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, lefelo le magolegwa a kgosi a neng a beilwe mo go lone a tshwerwe, mme a nna moo mo ntlong ya kgolegelo.

w14 11/1 14-15

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

Ga re itse gore dikgolegelo tsa Baegepeto di ne di ntse jang mo motlheng oo. Baithutamarope ba fitlhetse marope a mafelo ano—dikago tse dikgolo tse di sireletsegileng tse di nang le diphaposi tsa magolegwa kwa boalong jo bo kwa tlase. Josefa o ne a tlhalosa lefelo leo ka lefoko le le kayang ‘lehuti’ e leng lefelo le le se nang lesedi e bile le le letobo. (Genesise 40:15) Buka ya Dipesalema e tlhalosa gore Josefa o ne a bogisiwa: “Ba ne ba bogisa dinao tsa gagwe ka mehiri, moya wa gagwe wa tsena mo ditshiping.” (Pesalema 105:17, 18) Baegepeto ba ne ba tle ba golege diatla tsa magolegwa; a mangwe a ne a gokelelwa tshipi mo thamong. Josefa o ne a bogisiwa—tota le fa a ne a sa dira sepe se se phoso!

Mo godimo ga moo, seno ga se a direga ka nakwana. Pego ya re Josefa “a nna moo mo ntlong ya kgolegelo.” O ne a fetsa dingwaga mo lefelong leo le le sa siamang! Mme Josefa o ne a se na tsholofelo ya gore o tla tsamaya a gololwa. Fa nako e ntse e tsamaya, dibeke, dikgwedi di feta, o ne a thusiwa ke eng gore a se ka a kgobega marapo le go felelwa ke tsholofelo?

Pego e araba jaana: “Jehofa a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato.” (Genesise 39:21) Dikgolegelo, mehiri, diphaposi tse di lefifi tse di kwa boalong jo bo kwa tlase ga di ka ke tsa thibela Jehofa gore a bontshe batlhanka ba gagwe lorato. (Baroma 8:38, 39) Re ka akanya Josefa a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong a mmolelela se se mo tshwenyang a bo a ritibala a nna le kagiso e “Modimo wa kgomotso yotlhe” e leng ene fela a e abang. (2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:6, 7) Ke eng se sengwe gape se Jehofa a neng a se direla Josefa? Re bala gore o ne a dira gore Josefa a bone “kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.”

(Genesise 39:21-23) Le fa go ntse jalo, Jehofa a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato e bile a dira gore a bone kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo. 22 Ka jalo modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo a tsenya magolegwa otlhe a a neng a le mo ntlong ya kgolegelo mo seatleng sa ga Josefa; mme sengwe le sengwe se magolegwa a neng a se dira moo e ne e le ene a dirang gore se dirwe. 23 Modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhokomele sepe gotlhelele se se neng se le mo seatleng sa gagwe, ka gonne Jehofa o ne a na le Josefa mme Jehofa o ne a dira gore se a neng a se dira se atlege.

w14 11/1 15 ¶2

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

Pego e araba jaana: “Jehofa a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato.” (Genesise 39:21) Dikgolegelo, mehiri, diphaposi tse di lefifi tse di kwa boalong jo bo kwa tlase ga di ka ke tsa thibela Jehofa gore a bontshe batlhanka ba gagwe lorato. (Baroma 8:38, 39) Re ka akanya Josefa a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong a mmolelela se se mo tshwenyang a bo a ritibala a nna le kagiso e “Modimo wa kgomotso yotlhe” e leng ene fela a e abang. (2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:6, 7) Ke eng se sengwe gape se Jehofa a neng a se direla Josefa? Re bala gore o ne a dira gore Josefa a bone “kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.”

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 38:9, 10) Mme Onane o ne a itse gore bana e ne e se kitla e nna ba gagwe; mme go ne go diragala gore fa a robala le mosadi wa ga morwarraagwe a tshololele peo ya gagwe fa fatshe gore a se ka a naya morwarraagwe bana. 10 Jaanong se a neng a se dira se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa; ka gone le ene a mmolaya.

it-2-E 555

Onane

(Onane) [leina leno le tswa mo lefokong le le kayang maatla kgotsa matlhagatlhaga].

Onane e ne e le morwa wa ga Juda mme e ne e le ngwana wa bobedi wa ga morwadie Shua mme Shua e nne e le Mokanana. (Ge 38:2-4; 1Dit 2:3) Morago ga gore Jehofa a bolaye Ere mogolowe wa ga Onane, ka go bo a ile a dira selo se se sa siamang. Juda o ile a bolelela Onane gore a nyale Tamare mosadi wa ga Ere mme a mo nyale seyantlo ka gonne Ere o ile a swa a sena bana. Onane o ne a itse gore fa ene le Tamare ba ne ba ka tshola ngwana wa mosimane, ngwana yoo e ne e tla nna jaaka e kete ke ngwana wa ga Ere mme o ne a tla rua boswa jwa ga Ere jaaka ngwana wa leitibolo. Mme fa go ne go ka direga gore Onane le Tamare ba se ka ba tshola ngwana wa mosimane seno se ne se raya gore Onane e ne e tla nna ene yo o ruang boswa jwa ga Ere. Fa Onane a ne a tlhakaneladikobo le Tamare, o ne a ‘tshololela peo ya gagwe fa fatshe’ gore a se ka a imisa Tamare. Seno ga se reye gore Onane o ne a itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo gore a tsholole peo ya gagwe ka gonne pego ya Baebele ya re o ne a tlhakaneladikobo le Tamare. E re ka Onane a ne a tlhophile go tshololela peo ya gagwe fa fatshe go na le gore a e tshololele mo go Tamare, Jehofa o ne a mmolaya ka gonne ga a ka a reetsa rraagwe, o ne a le pelotshetlha e bile o ne a sa tlotle thulaganyo ya lenyalo.—Ge 38:6-10; 46:12; Dip 26:19.

(Genesise 38:15-18) E rile Juda a mmona, a tsaya gore ke seaka, ka gonne o ne a ipipile sefatlhego. 16 Ka jalo a fapogela kwa go ene fa thoko ga tsela mme a re: “Tsweetswee, ntetle gore ke robale le wena.” Gonne o ne a sa itse gore e ne e le ngwetsi ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ene a re: “O tla nnaya eng gore o tle o robale le nna?” 17 Foo a re: “Ke tla romela potsane go tswa kwa motlhapeng.” Mme ene a re: “A o tla nnaya sebeelo go fitlha o e romela?” 18 Mme Juda a tswelela a re: “Ke sebeelo sefe se ke tla se go nayang?” mme a re: “Palamonwana ya gago e e tshwayang le mogala wa gago le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” Foo a di mo naya mme a robala le ene, ka jalo a mo imisa.

w04 1/15 30 ¶4-5

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Juda ga a dira sentle ka gore a se ka a naya Shela gore a nyale Tamare jaaka a ne a solofeditse. Gape o ne a tlhakanela dikobo le mosadi yo a neng a akanya gore ke seaka sa tempele. Seno se ne se le kgatlhanong le maikaelelo a Modimo a e neng e le gore monna a tlhakanele dikobo fela mo thulaganyong ya lenyalo. (Genesise 2:24) Mme gone, boammaaruri ke gore Juda ga a ka a tlhakanela dikobo le seaka. Go na le moo, ka go sa itse o ne a tsaya maemo a morwawe e bong Shela mme a nyala seyantlo, ka go dira jalo a nna rraagwe bana kafa molaong.

Fa e le ka Tamare, boitshwaro jwa gagwe e ne e se jo bo sa siamang. Bomorwawe ba mawelana ba ne ba sa tsewe e le barwa ba kgokafalo. Fa Boase wa kwa Bethelehema a ne a nyala Ruthe wa Moaba seyantlo, banna ba bagolo ba kwa Bethelehema ba ne ba bua sentle ka morwa wa ga Tamare, e bong Perese, ba raya Boase ba re: “E kete ntlo ya gago e e tla tswang mo baneng ba Jehofa a tla ba go nayang ka lekgarebe leno, e ka nna jaaka ntlo ya ga Perese, yo Tamare a neng a mo tsholela Juda.” (Ruthe 4:12) Perese le ene o tlhaga mo lenaaneng la bagologolwane ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1-3; Luke 3:23-33.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 38:1-19) Jaanong fa go sa ntse go ntse jalo, go ne ga diragala gore fa Juda a tswa mo go bomorwarraagwe, a tlhome mogope wa gagwe gaufi le monna mongwe wa Moadulama, mme leina la gagwe e ne e le Hira. 2 Mme Juda a bona morwadia Mokanana mongwe gone, mme leina la Mokanana yono e ne e le Shua. Ka jalo a mo tsaya mme a robala le ene. 3 Mme a ima. Moragonyana a tshola ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Ere. 4 A ima gape. Fa nako e ntse e tsamaya a tshola ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Onane. 5 A boa gape a tshola ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Shela. Jaanong Juda o ne a le kwa Akesibe fa a ne a mo tshola. 6 Fa nako e ntse e tsamaya Juda a tseela Ere leitibolo la gagwe mosadi, mme leina la gagwe e ne e le Tamare. 7 Mme Ere, leitibolo la ga Juda, o ne a le bosula mo matlhong a ga Jehofa; ka gone Jehofa a mmolaya. 8 Ka ntlha ya seo Juda a raya Onane a re: “Robala le mosadi wa ga morwarrago o mo nyale seyantlo mme o tsosetse morwarrago losika.” 9 Mme Onane o ne a itse gore bana e ne e se kitla e nna ba gagwe; mme go ne go diragala gore fa a robala le mosadi wa ga morwarraagwe a tshololele peo ya gagwe fa fatshe gore a se ka a naya morwarraagwe bana. 10 Jaanong se a neng a se dira se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa; ka gone le ene a mmolaya. 11 Ka jalo Juda a raya Tamare ngwetsi ya gagwe a re: “Nna jaaka motlholagadi mo ntlong ya ga rrago go fitlha Shela morwaake a gola.” Gonne o ne a ipolelela a re: “Le ene a ka nna a swa jaaka bomorwarraagwe.” Ka jalo Tamare a ya mme a tswelela go nna kwa ntlong ya ga rraagwe. 12 Ka gone malatsi a nna mantsi mme morwadia Shua, mosadi wa ga Juda, a swa; mme Juda a boloka lobaka lwa nako lwa go hutsafala. Morago ga moo a ya kwa babeoding ba dinku tsa gagwe, ene le Hira molekane wa gagwe wa Moadulama, kwa Temena. 13 Foo Tamare a bolelelwa go twe: “Bona, ratsalaago o ya kwa Temena go ya go beola dinku tsa gagwe.” 14 Foo a apola diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe a ipipa ka mogagolwane a bo a itshira ka lesire mme a nna fa kgorong ya Enaime, o o leng fa tseleng e e yang kwa Temena. Gonne o ne a bona gore Shela o ne a godile mme le fa go ntse jalo a ne a ise a mo newe gore a nne mosadi wa gagwe. 15 E rile Juda a mmona, a tsaya gore ke seaka, ka gonne o ne a ipipile sefatlhego. 16 Ka jalo a fapogela kwa go ene fa thoko ga tsela mme a re: “Tsweetswee, ntetle gore ke robale le wena.” Gonne o ne a sa itse gore e ne e le ngwetsi ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ene a re: “O tla nnaya eng gore o tle o robale le nna?” 17 Foo a re: “Ke tla romela potsane go tswa kwa motlhapeng.” Mme ene a re: “A o tla nnaya sebeelo go fitlha o e romela?” 18 Mme Juda a tswelela a re: “Ke sebeelo sefe se ke tla se go nayang?” mme a re: “Palamonwana ya gago e e tshwayang le mogala wa gago le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” Foo a di mo naya mme a robala le ene, ka jalo a mo imisa. 19 Morago ga moo a nanoga a tsamaya mme a tlosa mogagolwane wa gagwe mo go ene mme a apara diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe.

MAY 18-24

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 40-41

“Jehofa o Golola Josefa”

(Genesise 41:9-13) Foo molaodi wa batsholadinwelo a bua le Faro, a re: “Ke umaka maleo a me gompieno. 10 Faro o ne a galefetse batlhanka ba gagwe. Ka jalo o ne a ntsenya mo kgolegelong ya ntlo ya molaodi wa bafemedi, nna le molaodi wa babesi ba senkgwe. 11 Morago ga moo roobabedi re ne ra lora toro mo bosigong bo le bongwe, nna le ene roobabedi. Re ne ra lora mongwe le mongwe toro ya gagwe ka phuthololo ya yone. 12 Mme go ne go na le lekau lengwe gone le na le rona, Mohebera, motlhanka wa molaodi wa bafemedi. E rile re mmolelela ditoro tsa rona, a di re phuthololela. A phuthololela mongwe le mongwe kafa torong ya gagwe. 13 Mme ga diragala gore go direge fela jaaka a ne a re phuthololetse. Nna o ne a mpusetsa kwa tirong ya me, mme ene a mo kaletsa.”

w15 2/1 14 ¶4-5

“A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”

Motsholasenwelo a ka tswa a ne a lebetse Josefa mme Jehofa ene o ne a sa mo lebala. Mo bosigong bongwe o ne a dira gore Faro a lore ditoro tse di sa lebalesegeng. Mo torong ya ntlha, kgosi o ne a bona dikgomo tse supa tse dintle e bile di nonne di tswa mo Nokeng ya Nile di setswe morago ke dikgomo tse supa di le maswe e bile di bopame. Tse di bopameng di ne tsa ja tse di nonneng. Moragonyana Faro o ne a bona lotlhaka lo tswa diako tse supa tse di nonneng. Mme diako tse dingwe tse supa, tse di neng di fisitswe ke phefo e bile di le ditshesane di ne tsa gola mo go tsone di bo di kometsa tse di nonneng. Mo mosong, fa Faro a tsoga o ne a tshwenngwa ke ditoro tseo ka jalo a bitsa banna ba gagwe ba ba botlhale le baperesiti botlhe ba ba dirang maselamose gore ba mo phuthololele tsone. Ba ne ba palelwa botlhe. (Genesise 41:1-8) Tota ga re itse gore a ba paletswe ka gonne ba ne ba akabetse kgotsa gore a dikarabo tsa bone di ne di ganetsana. Mme gone Faro o ne a swabile nko go feta molomo—le fa go ntse jalo, o ne a ntse a batla tlhaloso ya toro ya gagwe.

Kgabagare, motsholasenwelo o ne a gopola Josefa! Segakolodi se ne sa mo tshwenya a bo a bolelela Faro ka lekawana lengwe le le neng la tlhalosa toro ya gagwe le ya mmesi wa senkgwe mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Ka yone nako eo, Faro o ne a laela gore Josefa a tlisiwe kwa go ene.—Genesise 41:9-13.

(Genesise 41:16) Foo Josefa a araba Faro, a re: “Ga ke tlhoke go akanyediwa! Modimo o tla itsise Faro gore gotlhe go tla mo tsamaela sentle.”

(Genesise 41:29-32) “Bona, go tla dingwaga di le supa ka letlotlo le legolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 30 Mme morago ga tsone go tla tsoga dingwaga di le supa tsa leuba, mme letlotlo lotlhe mo lefatsheng la Egepeto le tla lebalwa mme leuba le tla laila lefatshe. 31 Mme letlotlo le le kileng la bo le le mo lefatsheng ga le na go itsiwe ka ntlha ya leuba leo morago ga moo, ka gonne ruri le tla bo le le botlhoko thata. 32 Mme ntlha ya gore toro e ne ya boelediwa gabedi mo go Faro e kaya gore Modimo wa boammaaruri o tlhomamisitse selo seno thata, e bile Modimo wa boammaaruri o potlakela go se dira.

w15 2/1 14-15

“A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”

Jehofa o rata batho ba ba ikokobeditseng le ba ba ikanyegang, ka jalo ga go gakgamatse go bo a ile a thusa Josefa go phutholola toro e e neng e paletse banna ba ba botlhale le baperesiti. Josefa o ne a tlhalosa gore ditoro tse pedi tsa ga Faro di na le bokao jo bo tshwanang. Fa Jehofa a ne a boeletsa molaetsa wa ditoro tseo, o ne a ‘tlhomamisa’ gore ruri go tla direga. Dikgomo tse di nonneng le diako tse di nonneng di ne di tshwantshetsa letlepu le le neng le tla nna teng kwa Egepeto, mme dikgomo tse di bopameng le diako tse ditshesane di ne di tshwantshetsa dingwaga di le supa tsa leuba tse di neng di tla latela morago ga dingwaga tsa letlepu. Leuba le ne le tla nna legolo thata mo nageng.—Genesise 41:25-32.

(Genesise 41:38-40) Ka jalo Faro a raya batlhanka ba gagwe a re: “A go ka bonwa monna yo mongwe yo o tshwanang le yono yo moya wa Modimo o leng mo go ene?” 39 Morago ga moo Faro a raya Josefa a re: “E re ka Modimo o dirile gore o itse gotlhe mono, ga go na ope yo o nang le temogo le yo o botlhale jaaka wena. 40 Wena ka namana o tla okamela ntlo ya me, mme batho ba me botlhe ba tla go utlwa ka botlalo. Ke tla go feta fela ka setulo sa bogosi.”

w15 2/1 15 ¶3

“A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”

Faro o ne a lemoga gore Josefa o ne a tlhalositse toro sentle. Mme go ne go ka dirwang? Josefa o ne a akantsha gore go dirwe sengwe. Faro o ne a tshwanetse go batla monna yo o “nang le temogo le yo o botlhale” gore a okamele tiro ya go phuthela dijo tsa ditlhaka mo mabolokelong mo dingwageng di le supa tsa letlepu go tswa foo a di abele ba ba di tlhokang ka nako ya leuba. (Genesise 41:33-36) Dilo tse di diragaletseng Josefa le bokgoni jwa gagwe di ne di dira gore a tshwanelegele tiro eno, le fa go ntse jalo ga a ka a ikgodisa. Boikokobetso jwa gagwe bo ne jwa dira gore a se ka a batla go ipatlela maemo ao; tumelo ya gagwe e ne e mo thibela go dira jalo. Fa re ikanya Jehofa ka botlalo, ga re na lebaka la go ikgodisa kgotsa go ipatlela maemo. Re ka ritibala re bo re bolelela Jehofa sengwe le sengwe.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 41:14) Mme Faro a roma a bitsa Josefa, gore ba tle ba mo ntshe ka bonako mo lehuting la kgolegelo. Ka gone a ipeola a ba a apara diaparo tse dingwe mme a tsena kwa go Faro.

w15 11/1 9 ¶1-3

A o Ne o Itse?

Goreng Josefa a ne a beola moriri pele a ya go bona Faro?

Pego ya Baebele ya Genesise ya re Faro o ne a laela gore motshwarwa wa Mohebera e bong Josefa a tlisiwe kwa go ene gore a mo phuthololele ditoro tse di neng di mo tlhobaetsa. Ka nako eo, Josefa o ne a na le dingwaga di le dintsi a le mo kgolegelong. Go sa kgathalesege gore Faro o ne a batla Josefa ka bonako go le kae, Josefa o ne a tsaya nako go ipeola. (Genesise 39:20-23; 41:1, 14) Lebaka la go bo mokwadi a umaka karolo eno e go lebegang e se botlhokwa, go bontsha gore o ne a tlwaelane le meetlo ya Baegepeto.

Mo ditsong di le dintsi, go akaretsa le mo Bahebereng, go ne go tlwaelegile gore motho a tlogele ditedu di gola. Go farologana le seo, buka ya Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature e e kwadilweng ke McClintock le Strong ya re: “Egepeto e ne e le yone fela naga ya Botlhaba e e neng e sa letle banni ba yone ba nna le ditedu.”

A go ne go beolwa ditedu fela? Makasine wa Biblical Archaeology Review wa re mo meletlong mengwe ya setso, motho o ne a tshwanetse go ipaakanyetsa go bona Faro fela jaaka a ne a ka ipaakanyetsa go tsena mo tempeleng. Mo maemong ao, Josefa o ne a tla tshwanelwa ke go beola moriri otlhe mo tlhogong le mo mmeleng wa gagwe.

(Genesise 41:33) “Ka jalo a Faro a batle monna yo o nang le temogo le yo o botlhale mme a mo tlhome go okamela lefatshe la Egepeto.

w09 11/15 28 ¶14

Go Nna Badiredi ba Modimo ba ba Maitseo

14 Batsadi ba ba ratang Modimo ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba tlhomamisa gore bana ba bone ba ithuta maitseo mo lapeng. Akanya ka tsela e e maitseo e Aborahame le morwawe e bong Isake ba neng ba buisana ka yone mo go Genesise 22:7. Josefa le ene o ne a bontsha gore batsadi ba gagwe ba ne ba mo rutile sentle. Fa a ne a le mo kgolegelong, o ne a le maitseo le mo magolegweng a mangwe tota. (Gen. 40:8, 14) Mafoko a a neng a a raya Faro a bontsha gore o ne a ithutile tsela e e tshwanetseng ya go buisana le motho wa maemo a a kwa godimo.—Gen. 41:16, 33, 34.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 40:1-23) Jaanong morago ga dilo tseno go ne ga diragala gore motsholasenwelo wa kgosi ya Egepeto le mmesi wa senkgwe ba leofele morena wa bone kgosi ya Egepeto. 2 Mme Faro a galefela badiredi ba gagwe ba babedi, e leng molaodi wa batsholadinwelo le molaodi wa babesi ba senkgwe. 3 Ka jalo a ba tsenya mo kgolegelong ya ntlo ya molaodi wa bafemedi, mo ntlong ya kgolegelo, lefelo le Josefa a neng a le legolegwa mo go lone. 4 Foo molaodi wa bafemedi a naya Josefa kabelo ya gore a nne le bone gore a tle a ba direle; mme ba nna mo kgolegelong malatsi a le mmalwa. 5 Mme boobabedi ba lora toro, mongwe le mongwe toro ya gagwe mo bosigong bo le bongwe, mongwe le mongwe toro ya gagwe ka phuthololo ya yone, motsholasenwelo le mmesi ba e neng e le ba kgosi ya Egepeto ba e neng e le magolegwa mo ntlong ya kgolegelo. 6 E rile Josefa a tsena kwa go bone mo mosong mme a ba bona, bonang, ba bo ba lebega ba kotlomane pelo. 7 Mme a simolola go botsa badiredi ba ga Faro ba ba neng ba na le ene mo kgolegelong ya ntlo ya mong wa gagwe, a re: “Ke ka lebaka la eng difatlhego tsa lona di tlhoname gompieno?” 8 Foo ba mo raya ba re: “Re lorile toro, mme ga re na mophutholodi.” Mme Josefa a ba raya a re: “A diphuthololo ga se tsa Modimo? Tsweetswee, e mpoleleleng.” 9 Mme molaodi wa batsholadinwelo a bolelela Josefa toro ya gagwe mme a mo raya a re: “Mo torong ya me, bona, go ne go na le mofine fa pele ga me. 10 Mme mo mofineng go ne go na le dikalana di le tharo, mme go bonala o ne o mela matlhogela. Dithunya tsa one di ne tsa tswa. Masitlha a one a ne a budusa morara wa one. 11 Mme senwelo sa ga Faro se ne se le mo seatleng sa me, mme ka tsaya morara ka o gamolela mo teng ga senwelo sa ga Faro. Morago ga moo ka naya Faro senwelo mo seatleng.” 12 Foo Josefa a mo raya a re: “Phuthololo ya yone ke e: Dikalana tse tharo ke malatsi a le mararo. 13 Mo malatsing a le mararo go tloga jaanong Faro o tla tsholetsa tlhogo ya gago mme ruri o tla go busetsa kwa tirong ya gago; mme o tla naya Faro senwelo mo seatleng sa gagwe, kafa mokgweng wa pele fa o ne o dira o le motsholasenwelo wa gagwe. 14 Le fa go ntse jalo, fa dilo di simolola go go tsamaela sentle o nne o nkgakologetswe, mme tsweetswee, o ntirele bopelonomi jwa lorato o bo o nkumake mo go Faro, mme o nketshe mo ntlong eno. 15 Gonne tota ke ne ka utswiwa kwa lefatsheng la Bahebera; mme le fano ga ke a dira sepe gotlhelele se ba tshwanetseng go ntsenya mo lehuting la kgolegelo ka ntlha ya sone.” 16 E rile molaodi wa babesi ba senkgwe a bona gore o ne a phutholotse sengwe se se molemo, le ene a raya Josefa a re: “Le nna ke ne ke lora, mme bona, ga bo go le diroto di le tharo tsa senkgwe se sesweu mo tlhogong ya me, 17 mme mo serotong se se kwa godimodimo go ne go na le dilo tse di jewang tsa mefuta yotlhe tsa ga Faro, tiro ya mmesi, mme go ne go na le dinonyane di di ja mo serotong mo godimo ga tlhogo ya me.” 18 Foo Josefa a araba a re: “Phuthololo ya yone ke e: Diroto tse tharo ke malatsi a le mararo. 19 Mo malatsing a le mararo go tloga jaanong Faro o tla tsholetsa tlhogo ya gago a e tlosa mo go wena mme ruri o tla go kaletsa mo koteng; mme dinonyane di tla ja nama ya gago mo go wena.” 20 Jaanong mo letsatsing la boraro go ne ga diragala gore e bo e le letsatsi la botsalo jwa ga Faro, mme a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo a ba a tsholetsa tlhogo ya molaodi wa batsholadinwelo le tlhogo ya molaodi wa babesi ba senkgwe mo gare ga batlhanka ba gagwe. 21 Ka gone a busetsa molaodi wa batsholadinwelo kwa tirong ya gagwe ya motsholasenwelo, mme a tswelela go naya Faro senwelo mo seatleng. 22 Mme molaodi wa babesi ba senkgwe a mo kaletsa, fela jaaka Josefa a ne a ba neile phuthololo. 23 Le fa go ntse jalo, molaodi wa batsholadinwelo a se ka a gakologelwa Josefa mme a mo lebala.

MAY 25-31

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 42-43

“Josefa o Bontsha Gore o Boikgapo”

(Genesise 42:5-7) Ka jalo bomorwa Iseraele ba ne ba tla le ba bangwe ba ba neng ba tla go reka, ka gonne go ne go na le leuba mo lefatsheng la Kanana. 6 Mme Josefa e ne e le monna yo o neng a na le taolo mo lefatsheng leo. E ne e le ene yo o neng a rekisetsa batho botlhe ba lefatshe. Ka gone bomorwarraagwe Josefa ba tla mme ba mo ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe. 7 E rile Josefa a bona bomorwarraagwe, a ba lemoga ka bonako, mme a dira gore a se ka a lemotshega mo go bone. Ka jalo o ne a bua le bone ka bogale a ba raya a re: “Lo tswa kae?” mme ba re: “Kwa lefatsheng la Kanana go tla go reka dijo.”

w15 5/1 13 ¶5

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

Go tweng ka Josefa? O ne a lemoga bomogoloe ka bonako! Mo godimo ga moo, fa a bona ba mo ikobela, o ne a gopola se se mo diragaletseng fa a sa le mosimanyana. Pego eno ya re “ka bonako Josefa a gakologelwa ditoro” tse Jehofa a neng a dirile gore a di bone fa a sa le mosimanyana, ditoro tse di neng di bolelela pele gore bomogoloe ba ne ba tla mo ikobela—e leng se ba neng ba se dira! (Genesise 37:2, 5-9; 42:7, 9) Josefa o ne a tla dira eng? A o ne a tla ba itumelela? A o ne a tla ipusolosetsa?

w15 5/1 14 ¶1

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

Gongwe o ka se ka wa lebana le boemo jono. Le fa go ntse jalo, mathata le dikgaogano tsa malapa di aname thata gompieno. Fa re lebana le dikgwetlho tse di jaaka tseno, go ka nna motlhofo gore re dire dilo ka go tseega maikutlo. Go molemo gore re etse Josefa mme re leke go batlisisa gore Modimo o batla gore re rarabolole dikgwetlho tseno jang. (Diane 14:12) Gakologelwa gore le fa go dira kagiso le lelapa go le botlhokwa, go dira kagiso le Jehofa le Morwawe go botlhokwa le go feta.—Mathaio 10:37.

(Genesise 42:14-17) Le fa go ntse jalo, Josefa a ba raya a re: “Ke se ke se buileng le lona, ka re, ‘Lo ditlhola!’ 15 Lo tla lekwa ka seno. Jaaka Faro a tshedile, ga lo kitla lo tswa fano fa morwarraalona yo mmotlana thata a sa tle fano. 16 Romang mongwe wa lona gore a ye go tla le morwarraalona fa lona lo bofilwe, gore mafoko a lona a tle a lekwe gore a a boammaaruri. Mme fa a se boammaaruri, ruri jaaka Faro a tshedile, lo ditlhola.” 17 Foo a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo.

w15 5/1 14 ¶2

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

Josefa o ne a leka bomogoloe ka ditsela tse di farologaneng go bona gore e ne e le batho ba mofuta ofe. O ne a simolola ka go bua le bone ka bogale a dirisa moranodi, a ba latofatsa ka gore ke ditlhola tsa batswakwa. Fa ba ntse ba leka go ipuelela ba ne ba mmolelela ka lelapa la gabone—go akaretsa le ntlha ya botlhokwa ya gore ba ne ba tlogetse morwarraabone yo mmotlana kwa gae. Josefa o ne a sa batle go ba bontsha gore o itumeletse seo. A tota morwarraagwe yo mmotlana o ne a tshela? Jaanong Josefa o ne a itse gore o tla dira eng. O ne a re: “Lo tla lekwa ka seno,” a bo a ba bolelela gore o tshwanetse go bona morwarraabone yo mmotlana. Fa nako e tsamaya, o ne a re ba ye go tsaya morwarraabone mme mongwe wa bone a sale.—Genesise 42:9-20.

(Genesise 42:21, 22) Mme ba simolola go raana ba re: “Kwantle ga pelaelo re molato ka ga morwarraarona, ka gonne re ne ra bona go tshwenyega thata ga moya wa gagwe fa a ne a re kopa bopelotlhomogi, mme ga re a ka ra reetsa. Ke gone ka moo re tletsweng ke matshwenyego ano.” 22 Foo Rubene a ba araba, a re: “A ga ke a ka ka lo raya ka re, ‘Lo se ka lwa leofela ngwana,’ mme ga lo a ka lwa reetsa? Mme jaanong madi a gagwe, bonang, ruri a a lopiwa.”

it-2-E 108 ¶4

Josefa

Fa bomorwarraagwe Josefa ba ntse ba ngangisana, ba ile ba lemoga gore ba ne ba otlhaiwa ka gonne mo dingwageng tse di fetileng ba ile ba rekisa Josefa gore e nne lekgoba. Ba ne ba bua ka phoso e ba e dirileng fa pele ga Josefa, yo ba neng ba sa lemoge gore ke ene. Fa Josefa a ntse a ba reeditse o ile a lemoga gore ba ikwatlhaya. Fa a sena go boela kwa go bone, o ne a bofa Simeone go fitlha ba boa le morwarrabone yo mmotlana.—Ge 42:21-24.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Genesise 42:22) Foo Rubene a ba araba, a re: “A ga ke a ka ka lo raya ka re, ‘Lo se ka lwa leofela ngwana,’ mme ga lo a ka lwa reetsa? Mme jaanong madi a gagwe, bonang, ruri a a lopiwa.”

(Genesise 42:37) Mme Rubene a raya rraagwe a re: “O ka nna wa bolaya bomorwaake ba babedi fa ke sa mmusetse kwa go wena. Mma a tlhokomelwe ke nna, mme ke nna yo ke tla mmusetsang kwa go wena.”

it-2-E 795

Rubene

Rubene o ile a bolelela bomorwarraagwe gore ba latlhele Josefa mo sedibeng se se senang metsi go na le gore ba mmolaye. Ka gonne o ne a ikaeletse go boela kwa sedibeng seo ba sa itse gore a tle a mo golole mme seo se ne se bontsha gore ke motho yo o molemo. (Ge 37:18-30) Morago ga dingwaga tse di fetang 20, bomorwarraagwe Rubene ba ne ba lemoga gore lebaka la go bo ba latofadiwa ka go nna ditlhola kwa Egepeto, ke ka ntlha ya gore ba ne ba sa tshwara Josefa sentle mme Rubene o ile a ba gakolola gore fa ba ne ba loga leano la go bolaya Josefa, ene o ile a leka go ba thibela. (Ge 42:9-14, 21, 22) E bile fa Jakobe a ne a gana gore Benjamine a tsamaye le bomorwarraagwe lekgetlo la bobedi go ya Egepeto, Rubene o ne a mo raya a re: “O ka nna wa bolaya bomorwaake ba babedi fa ke sa [busetse Benjamine] kwa go wena.”—Ge 42:37.

(Genesise 43:32) Mme ba mo tsholela a le nosi le bone ba le bosi le Baegepeto ba ba neng ba ja le ene ba le bosi; gonne Baegepeto ba ne ba sa kgone go ja dijo le Bahebera, ka gonne seo ke selo se se makgapha mo Baegepetong.

w04 1/15 29 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II

43:32—Ke ka ntlha yang fa e ne e le moila mo Baegepetong go ja dijo le Bahebera? Seno se ne se bakiwa thata ke gore ba ne ba sa tshwane ka bodumedi kgotsa ba bangwe ba ipona ba le botoka mo go ba bangwe. Gape Baegepeto ba ne ba tlhoile badisa. (Genesise 46:34) Ka ntlha yang? Go ka direga gore badisa ba dinku e ne e le batho ba maemo a a kwa tlasetlase mo setšhabeng sa Baegepeto. Kana go ka direga gore e re ka naga e e neng e kgona go lengwa e ne e le e nnye, Baegepeto ba ne ba tlhoile batho ba ba neng ba batlela matsomane a bone mafulo.

Mmalo wa Baebele

(Genesise 42:1-20) Kgabagare Jakobe a bona gore go ne go na le dijo tsa dithoro kwa Egepeto. Foo Jakobe a raya bomorwawe a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nnetse go lebana?” 2 Mme a oketsa a re: “Bonang, ke utlwile gore go na le dijo tsa dithoro kwa Egepeto. Yang gone mme lo re rekele, gore re tle re nne re ntse re tshela re se ka ra swa.” 3 Ka jalo bomorwarraagwe Josefa ba le lesome ba ya go reka dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto. 4 Mme Jakobe ga a a ka a roma Benjamine, morwarraagwe Josefa, le bomorwarraagwe ba bangwe, ka gonne o ne a re: “Go seng jalo a ka nna a tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang.” 5 Ka jalo bomorwa Iseraele ba ne ba tla le ba bangwe ba ba neng ba tla go reka, ka gonne go ne go na le leuba mo lefatsheng la Kanana. 6 Mme Josefa e ne e le monna yo o neng a na le taolo mo lefatsheng leo. E ne e le ene yo o neng a rekisetsa batho botlhe ba lefatshe. Ka gone bomorwarraagwe Josefa ba tla mme ba mo ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe. 7 E rile Josefa a bona bomorwarraagwe, a ba lemoga ka bonako, mme a dira gore a se ka a lemotshega mo go bone. Ka jalo o ne a bua le bone ka bogale a ba raya a re: “Lo tswa kae?” mme ba re: “Kwa lefatsheng la Kanana go tla go reka dijo.” 8 Ka gone Josefa a lemoga bomorwarraagwe, mme bone ga ba a ka ba mo lemoga. 9 Ka bonako Josefa a gakologelwa ditoro tse a neng a di lorile ka ga bone, mme a tswelela go ba raya a re: “Lo ditlhola! Lo tlile go bona bosaikategang jwa lefatshe!” 10 Foo ba mo raya ba re: “Nnyaa, morena wa me, batlhanka ba gago ba tlile go reka dijo. 11 Rotlhe re bana ba motho a le mongwe. Re banna ba ba thokgameng. Batlhanka ba gago ga se ditlhola” 12 Mme a ba raya a re: “Ga go jalo! Ka gonne lo tlile go bona bosaikategang jwa lefatshe!” 13 Foo ba re: “Batlhanka ba gago ke bana ba motho ba le lesome le bobedi. Re bana ba motho a le mongwe fela kwa lefatsheng la Kanana; mme bona, yo mmotlana thata o na le rraarona gompieno, fa yo mongwe ene a sa tlhole a le gone.” 14 Le fa go ntse jalo, Josefa a ba raya a re: “Ke se ke se buileng le lona, ka re, ‘Lo ditlhola!’ 15 Lo tla lekwa ka seno. Jaaka Faro a tshedile, ga lo kitla lo tswa fano fa morwarraalona yo mmotlana thata a sa tle fano. 16 Romang mongwe wa lona gore a ye go tla le morwarraalona fa lona lo bofilwe, gore mafoko a lona a tle a lekwe gore a a boammaaruri. Mme fa a se boammaaruri, ruri jaaka Faro a tshedile, lo ditlhola.” 17 Foo a ba tsenya mmogo mo kgolegong malatsi a le mararo. 18 Morago ga moo Josefa a ba raya mo letsatsing la boraro a re: “Dirang jaana mme lo nne lo ntse lo tshela. Ke boifa Modimo wa boammaaruri. 19 Fa e le gore lo thokgame, a mongwe wa bomorwarraalona a nne a bofilwe mo ntlong ya lona ya kgolego, mme lona ba bangwe lotlhe tsamayang, isetsang leuba le le kwa matlong a lona dijo tsa dithoro. 20 Mme lo tla tlisa morwarraalona yo mmotlana thata kwa go nna, gore mafoko a lona a tle a fitlhelwe a ikanyega; mme ga lo kitla lo swa.” Mme ba dira jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela