Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
JUNE 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 44-45
“Josefa O Itshwarela Bomogolowe”
(Genesise 44:1, 2) Moragonyana a laola monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe, a re: “Tlatsa dikgetsi tsa banna bano ka dijo gore ba kgone go e tsholetsa mme o tsenye madi a mongwe le mongwe wa bone mo molomong wa kgetsi ya gagwe. 2 Mme o tsenye senwelo sa me, senwelo sa me sa selefera, mo molomong wa kgetsi ya yo mmotlana thata le madi a dijo tsa gagwe tsa dithoro.” Ka jalo a dira kafa lefokong la ga Josefa le a neng a le buile.
“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”
Morago ga foo, Josefa a diragatsa leano la gagwe. O ne a dira gore bomorwarraagwe ba salwe morago, ba tshwarwe ba bo ba latofadiwe ka gore ba utswilwe senwelo. Morago ga gore se fitlhelwe mo kgetsaneng ya ga Benjamine, botlhe ba ne ba busediwa kwa go Josefa. Jaanong eno e ne e le tshono ya gore Josefa a bone gore bomorwarraagwe ke batho ba ba ntseng jang. Juda o ne a ba buelela. O ne a kopa gore ba utlwelwe botlhoko, a bo a re botlhe ba le 11 ba tla nna makgoba kwa Egepeto. Josefa o ne a laela gore Benjamine a sale mo Egepeto e le lekgoba mme ba bangwe botlhe ba tsamaye.—Genesise 44:2-17.
Juda o ne a tlhotlheletsega go mo araba a utlwile botlhoko. O ne a re: “Go setse ene a le esi wa ga mmaagwe, mme rraagwe o mo rata eleruri.” Josefa o tshwanetse a bo a ile a amiwa ke mafoko ao ka gonne e ne e le morwa yo mogolo wa mosadi yo o rategang wa ga Jakobe e bong Ragele, yo o neng a tlhokafala fa a ne a tshola Benjamine. Jaaka rraagwe, Josefa le ene o ne a tlhologelelwa Ragele. Gongwe seno ke sone se se dirileng gore Josefa a rate Benjamine thata.—Genesise 35:18-20; 44:20.
Juda o ne a tswelela go kopa Josefa gore a se ka dira Benjamine lekgoba. O ile a bo a kopa go nna lekgoba mo boemong jwa ga Benjamine. Ka jalo o ne a ikuela jaana a utlwile botlhoko: “Ke tla ya jang kwa go rre mosimane a se na le nna, e se re kgotsa ka bona masetlapelo a a tla welang rre?” (Genesise 44:18-34) Jaanong joo e ne e le bosupi jwa gore monna yono o fetogile. O ne a sa bontshe fela gore o a ikwatlhaya mme o ne a bontsha gore o pelotlhomogi le gore o akanyetsa batho ba bangwe.
Josefa o ne a sa tlhole a kgona go itshwara. O ne a tshwanelwa ke go ntsha se se mo pelong. O ne a laela badiredi ba gagwe gore ba tswe mme a lelela kwa godimo mo selelo sa gagwe se neng sa utlwala kwa ntlong ya segosi ya ga Faro. Kgabagare o ne a itshenola: “Ke nna Josefa morwarraalona.” O ne a tlamparela bomorwarraagwe ba ba neng gakgametse a bo a ba tlhomamisetsa gore o ba itshwarela mo dilong tsotlhe tse ba mo dirileng tsone. (Genesise 45:1-15) Ka go dira jalo o ne a bontsha tsela e Jehofa, yo o itshwarelang ka bopelotshweu, a ikutlwang ka yone. (Pesalema 86:5) A le rona re dira jalo?
(Genesise 44:33, 34) Jaanong tsweetswee, mma motlhanka wa gago a sale mo boemong jwa mosimane jaaka motlhanka wa mong wa me, gore mosimane a tle a tsamaye le bomorwarraagwe. 34 Gonne ke tla ya jang kwa go rre mosimane a se na le nna, e se re kgotsa ka bona masetlapelo a a tla welang rre?”
(Genesise 45:4, 5) Ka jalo Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Nkatamelang, tsweetswee.” Foo ba mo atamela. Mme a re: “Ke nna Josefa morwarraalona, yo lo mo rekiseditseng mo Egepeto. 5 Mme jaanong lo se ka lwa utlwa botlhoko e bile lo se ka lwa ikgalefela ka gonne lo nthekisitse fano; ka gonne Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 44:13) Foo ba gagoganya diaparo tsa bone mme mongwe le mongwe a pega morwalo wa gagwe gape mo eseleng ya gagwe mme ba boela kwa motseng.
it-2-E 813
Go Gagoganya Diaparo
Go ne go tlwaelegile gore Bajuda kgotsa batho ba e seng Bajuda ba ne ba gagola diaparo tsa bone fa ba utlwa gore go na le mongwe mo losikeng lwa bone yo o tlhokafetseng mme seo e ne e le sesupo sa gore ba utlwile botlhoko. Gantsi fa batho ba ne ba gagoganya diaparo tsa bone, ba ne ba di gagola go fitlha mo sehubeng mme ba ne ba sa di gagoganye gore di nne makgasa kgotsa ba se ka ba tlhola ba kgona go di apara gape.
Pego ya ntlha e e mo Baebeleng e e buang ka kgang eno ke ya ga morwa o mogolo wa ga Jakobe e bong Rubene. Fa Rubene a ne a ya kwa sedibeng a bo a fitlhela Josefa a seyo, o ile a gagoganya diaparo tsa gagwe a bo a re: “Ngwana o ile! Mme nna—tota ke tla ya kae?” E re ka Rubene e ne e le leitibolo o ne a itse gore o na le boikarabelo jwa go tlhokomela bomonnawe. Mme fa Jakobe a ne a utlwa gore ngwana wa gagwe Josefa o bolailwe le ene o ile a gagoganya diaparo tsa gagwe a bo a apara letsela la kgetsi go bontsha gore o utlwile botlhoko (Ge 37:29, 30, 34) mme fa Benjamine a ne a le kwa Egepeto a bo a latofadiwa ka gore o utswitse, bomogolowe ba ile ba gagoganya diaparo tsa bone go bontsha gore seo se ne se ba utlwisitse botlhoko.—Ge 44:13.
(Genesise 45:5-8) Mme jaanong lo se ka lwa utlwa botlhoko e bile lo se ka lwa ikgalefela ka gonne lo nthekisitse fano; ka gonne Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo. 6 Gonne ono ke ngwaga wa bobedi wa leuba mo lefatsheng, mme go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tse go tla bong go se na nako ya go lema kgotsa thobo ka tsone. 7 Ka gone Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke lo beele masalela mo lefatsheng le go lo boloka lo tshela ka phalolo e kgolo. 8 Ka jalo e ne e se lona ba lo neng lwa nthomela fano, mme e ne e le Modimo wa boammaaruri, gore a tle a ntlhome go nna rraagwe Faro le morena wa ntlo yotlhe ya gagwe le yo o laolang lefatshe lotlhe la Egepeto.
Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka
Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra galefela thata batho ba ba re tlhoileng kwantle ga lebaka? Gakologelwa gore baba ba rona ba bagolo ke Satane le madimona a gagwe. (Baefeso 6:12) Le fa batho bangwe ba re bogisa ka boomo fela ba ntse ba itse se re leng sone, ba le bantsi ba ba ganetsang batho ba Modimo ba dira jalo ka botlhokakitso kgotsa ba a bo ba tlhotlhelediwa ke ba bangwe. (Daniele 6:4-16; 1 Timotheo 1:12, 13) Jehofa o batla gore “batho ba mefuta yotlhe” ba nne le tshono ya gore “ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Eleruri, bangwe ba ba neng ba re ganetsa mo nakong e e fetileng ba fetogile bakaulengwe ba rona ba Bakeresete jaanong ka ntlha ya go bo ba ile ba bona boitshwaro jwa rona jo bo se nang molato. (1 Petere 2:12) Mo godimo ga moo, re ka ithuta sengwe mo sekaong sa morwa Jakobe e bong Josefa. Le mororo Josefa a ile a bogisiwa botlhoko thata ke bomorwarraagwe ka rraagwe, o ne a se ka a nna a ba kgotswetse. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a kaela dilo gore a tle a diragatse boikaelelo jwa Gagwe. (Genesise 45:4-8) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka nna a dira gore pogo epe fela e e re tlelang kwantle ga lebaka e feleletse e le e e tla galaletsang leina la gagwe.—1 Petere 4:16.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 45:1-15) Foo Josefa a bo a sa tlhole a kgona go itshwara fa pele ga botlhe ba ba neng ba eme fa pele ga gagwe. Ka jalo a goa a re: “Ntshang mongwe le mongwe fa pele ga me!” Mme go ne go se na ope yo o neng a eme le ene fa Josefa a ne a ikitsise bomorwarraagwe. 2 Mme a tsholetsa lentswe a lela, mo e leng gore Baegepeto ba ne ba utlwa le ntlo ya ga Faro ya utlwa. 3 La bofelo Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Ke nna Josefa. A rre o sa ntse a tshela?” Mme bomorwarraagwe ba ne ba sa kgone go mo araba gotlhelele, ka gonne ba ne ba fuduegile ka ntlha ya gagwe. 4 Ka jalo Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Nkatamelang, tsweetswee.” Foo ba mo atamela. Mme a re: “Ke nna Josefa morwarraalona, yo lo mo rekiseditseng mo Egepeto. 5 Mme jaanong lo se ka lwa utlwa botlhoko e bile lo se ka lwa ikgalefela ka gonne lo nthekisitse fano; ka gonne Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo. 6 Gonne ono ke ngwaga wa bobedi wa leuba mo lefatsheng, mme go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tse go tla bong go se na nako ya go lema kgotsa thobo ka tsone. 7 Ka gone Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke lo beele masalela mo lefatsheng le go lo boloka lo tshela ka phalolo e kgolo. 8 Ka jalo e ne e se lona ba lo neng lwa nthomela fano, mme e ne e le Modimo wa boammaaruri, gore a tle a ntlhome go nna rraagwe Faro le morena wa ntlo yotlhe ya gagwe le yo o laolang lefatshe lotlhe la Egepeto. 9 “Tlhatlogelang ka bonako kwa go rre, mme lo mo reye lo re, ‘Josefa morwao o buile jaana: “Modimo o ntlhomile go nna morena wa Egepeto yotlhe. Fologela kwano go nna. O se ka wa diega. 10 Mme o nne mo lefatsheng la Goshene, o nne gaufi le nna, wena le bomorwao le bomorwa bomorwao le matsomane a gago le metlhape ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone. 11 Mme ke tla go tlamela ka dijo gone, gonne go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tsa leuba; e se re kgotsa wena le ntlo ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone lwa humanega.”’ 12 Mme bonang, matlho a lona le matlho a ga morwarre Benjamine a a bona gore ke molomo wa me o o buang le lona. 13 Ka jalo lo bolelele rre ka kgalalelo ya me yotlhe mo Egepeto le sengwe le sengwe se lo se boneng; mme lo itlhaganele lo tlise rre fano.” 14 Foo a wela mo molaleng wa ga Benjamine morwarraagwe mme a lela, le Benjamine a lelela mo molaleng wa gagwe. 15 Mme a atla bomorwarraagwe botlhe mme a lelela mo go bone, morago ga moo bomorwarraagwe ba bua le ene.
JUNE 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 46-47
“Dijo ka Nako ya Leuba”
(Genesise 47:13) Jaanong ga bo go se na senkgwe mo lefatsheng lotlhe, ka gonne leuba le ne le le botlhoko thata; mme lefatshe la Egepeto le lefatshe la Kanana a omelela ka ntlha ya leuba.
Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba
Dingwaga tse supa tsa kgora di ne tsa khutla, mme leuba le ne la simologa jaaka Jehofa a ne a boleletse-pele—leuba eseng fela mo Egepeto mme ‘mo lefatsheng lotlhe fela.’ Fa batho ba ba bolailweng ke tlala mo Egepeto ba ne ba simolola go lelela dijo mo go Faro, Faro o ne a ba raya a re: “Eañ kwa go Yosefe; se o se lo raeañ, lo se dihè.” Josefa o ne a rekisetsa Baegepeto mabele go fitlhela madi a bone a bo a fela. Go tswa foo a dumela gore ba duele leruo la bone. Labofelo, batho ba ne ba tla kwa go Josefa, ba re: “Re rèkè, rona le lehatshe ya rona, ka diyō, me rona, le lehatshe ya rona, re tla nna batlhanka ba ga Farwe.” Jalo Josefa a rekela Faro lefatshe lotlhe la Baegepeto.—Genesise 41:53-57; 47:13-20.
(Genesise 47:16) Foo Josefa a re: “Tlisang diruiwa tsa lona mme ke tla lo naya senkgwe ka kananyo ya diruiwa tsa lona, fa madi a fedile.”
(Genesise 47:19, 20) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go swela fa pele ga matlho a gago, rona le lefatshe la rona? Re reke le lefatshe la rona ka senkgwe, mme rona mmogo le lefatshe la rona re tla nna batlhanka ba ga Faro; mme o re neye peo gore re tle re tshele mme re se ka ra swa le gore lefatshe la rona le se ka la kgakgabala.” 20 Ka jalo Josefa a rekela Faro lefatshe lotlhe la Baegepeto, ka gonne Baegepeto ba ne mongwe le mongwe wa bone a rekisa tshimo ya gagwe, gonne leuba le ne le itsetsepetse thata mo go bone; mme lefatshe ya nna la ga Faro.
(Genesise 47:23-25) Foo Josefa a raya batho a re: “Bonang, gompieno ke reketse Faro lona le lefatshe la lona. Peo ya lona ke eno, mme lo e jale mo lefatsheng. 24 Mme fa e feletse ka maungo, lo neye Faro sa botlhano, mme dikarolo di le nnè e tla nna tsa lona jaaka peo ya tshimo le jaaka dijo tsa lona le tsa ba ba mo matlong a lona le tsa bana ba lona ba ba botlana gore ba je.” 25 Ka gone ba re: “O bolokile matshelo a rona. Mma re bone kamogelo mo matlhong a morena wa me, mme re tla nna batlhanka ba ga Faro.”
Bogosi bo Diragatsa Thato ya Modimo mo Lefatsheng
Letlepu. Lefatshe le wetswe ke leuba la semoya. Baebele e ne ya tlhagisa jaana: “‘Bonang! Metlha e etla,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ke tla romela leuba mo lefatsheng, leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.’” (Amos. 8:11) A baagi ba Bogosi jwa Modimo le bone ba aparetswe ke leuba leo? Jehofa o ne a bolelela pele pharologanyo e e latelang fa gare ga batho ba gagwe le baba ba gagwe: “Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong.” (Isa. 65:13) A o ile wa bona go diragadiwa ga mafoko ano?
Dijo tsa semoya di elelela kwa go rona jaaka noka e e ntseng e nna sephara le go feta le e e ntseng e nna boteng le go feta. Dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng—gammogo le dikgatiso tse di rekotilweng le dibidio, dipokano tsa rona le dikopano, le dikgatiso tse di tlhagelelang mo Web site ya rona—tsotlhe fa di kopane di dira noka e e elelang ya letlepu la dijo tsa semoya mo lefatsheng leno le le bolawang ke tlala ya semoya. (Esek. 47:1-12; Joele 3:18) A ga o itumelele go bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di malebana le letlepu la dijo tsa semoya mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi? A o tlhomamisa gore o ja mo tafoleng ya ga Jehofa ka metlha?
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 46:4) Nna ka bonna ke tla ya le wena kwa Egepeto e bile nna ka bonna ke tla boa ke go ntsha gone; mme Josefa o tla baya matlho a gago seatla.”
it-1-E 220 ¶1
Mekgwa le go Tlhalosa ka Diatla
Go baya diatla mo matlhong a motho yo o tlhokafetseng. Fa Jehofa a ne a raya Jakobe gore Josefa o tla baya seatla sa gagwe mo matlhong a gagwe (Ge 46:4), o ne a raya gore Josefa ke ene a tla tswalang matlho a ga Jakobe fa a sena go tlhokafala mme go ne go tlwaelegile gore seno se dirwe ke morwa wa leitibolo. Ka jalo, go raya gore Jehofa o ne a raya Jakobe gore a neye Josefa tshwanelo ya go nna leitibolo.—1Dit 5:2.
(Genesis 46:26, 27) Meya yotlhe e e neng ya tla kwa go Jakobe mo Egepeto e ne e le e e neng ya tswa mo lothekeng lwa gagwe, kwantle ga basadi ba bomorwa Jakobe. Meya yotlhe e ne e le masome a marataro le borataro. 27 Mme bomorwa Josefa ba a neng a ba tsholelwa kwa Egepeto e ne e le meya e le mebedi. Meya yotlhe ya ntlo ya ga Jakobe e e neng ya tla mo Egepeto e ne e le masome a supa.
ntlha e e mo go Dit 7:14 mo nwsty
ba nna palo ya meya e le masome a supa le botlhano [75]: Fa Setefane a ne a bua ka palo ya batho ba ntlo ya ga Jakobe ba ba 75 a ka tswa a ne a sa nopole palo eo go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera. Palo eno ga e fitlhelwe gope mo mokwalong wa Sesora mo Dikwalong tsa Sehebera. Ge 46:26 ya re: “Meya yotlhe e e neng ya tla kwa go Jakobe mo Egepeto e ne e le e e neng ya tswa mo lothekeng lwa gagwe, kwantle ga basadi ba bomorwa Jakobe. Meya yotlhe e ne e le masome a marataro le borataro [kgotsa 66].” Temana 27 e bo e re: “Meya yotlhe ya ntlo ya ga Jakobe e e neng ya tla mo Egepeto e ne e le masome a supa [kgotsa 70].” Fano batho ba balwaka ditsela tse pedi tse di farologaneng, palo ya ntlha e bua ka ba ba tswang mo lothekeng lwa gagwe mme palo ya bobedi e bua ka botlhe ba ba neng ba tla kwa Egepeto. Palo ya losika la ga Jakobe ya batho ba ba 70 gape e tlhagelela mo go Ek 1:5 le Dut 10:22. Setefane o ilea bua ka palo engwe gape ya losika la ga Jakobe ya batho ba ba oketsegileng. Bangwe ba ne ba akanya gore Setefane o ne a bua ka bana le ditlogolwana tsa ga Manase le Eferaime, ba ba umakilweng mo thanolong Septuagint mo Ge 46:20. Ba bangwe ba akanya gore go ne go akarediwa le basadi ba bana ba ga Jakobe ba ba neng ba sa akarediwa mo lekwalong la Ge 46:26. Ka jalo, palo eno ya 75 e ka tswa e ne e le palo ya bone yotlhe. Mme gone palo eno e tlhagelela mo dikhoping tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di neng di dirisiwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Mme baithuti ba Baebele ba ne ba itse gore palo ya 75 e tlhagelela mo lekwalong la Ge 46:27 le Ex 1:5 e e tlhagelelang mo Septuagint ya Segerika. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di fetileng go ile ga fitlhelwa memeno e mebedi ya Lewatle le le Suleng ya lekwalo la Ek 1:5 ya Sehebera mme le tsone di ne di na le palo ya 75. Gongwe palo ya ga Setefane e tswa mo makwalong ano. Go sa kgathalesege gore ke palo efe e e siameng, Setefane o bala palo yotlhe ya ba losika la ga Jakobe ka tsela e e farologaneng.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 47:1-17) Ka jalo Josefa a tla mme a begela Faro a re: “Rre le bomorwarre le matsomane a bone le metlhape ya bone le tsotlhe tse ba nang le tsone ba tlile ba tswa kwa lefatsheng la Kanana, mme bona, ba mo lefatsheng la Goshene.” 2 Mme mo palong yotlhe ya bomorwarraagwe a tsaya banna ba le batlhano, gore a tle a ba ise kwa go Faro. 3 Foo Faro a raya bomorwarraagwe a re: “Tiro ya lona ke eng?” Ka jalo ba raya Faro ba re: “Batlhanka ba gago ke badisa ba dinku, rona le borraaronamogologolwane.” 4 Morago ga moo ba raya Faro ba re: “Re tlile go aga re le baeng mo lefatsheng, ka gonne ga go na mafulo a letsomane le batlhanka ba gago ba nang le lone, gonne leuba le botlhoko kwa lefatsheng la Kanana. Mme jaanong, tsweetswee, mma batlhanka ba gago ba nne mo lefatsheng la Goshene.” 5 Foo Faro a raya Josefa a re: “Rrago le bomorwarrago ba tlile kwano go wena. 6 Lefatshe la Egepeto le mo taolong ya gago. Dira gore rrago le bomorwarrago ba nne mo lefelong le le a gaisang otlhe la lefatshe. A ba nne mo lefatsheng la Goshene, mme fa o itse gore go na le banna ba ba pelokgale mo go bone, o ba tlhome go nna balaodi ba dikgomo mo go tse e leng tsa me.” 7 Foo Josefa a tlisa Jakobe rraagwe mme a mo itsise Faro, mme Jakobe a segofatsa Faro. 8 Jaanong Faro a raya Jakobe a re: “Malatsi a dingwaga tsa botshelo jwa gago a kae?” 9 Ka jalo Jakobe a raya Faro a re: “Malatsi a dingwaga tsa boagi jwa me jwa boeng a lekgolo le masome a mararo. Malatsi a dingwaga tsa botshelo jwa me a itshupile a le mmalwa e bile a tletse matshwenyego, mme ga a ise a fitlhe kwa malatsing a dingwaga tsa matshelo a borre mo malatsing a boagi jwa bone jwa boeng.” 10 Morago ga moo Jakobe a segofatsa Faro mme a tswa fa pele ga ga Faro. 11 Ka gone Josefa a dira gore rraagwe le bomorwarraagwe ba nne mme a ba naya thuo mo lefatsheng la Egepeto, mo lefelong le le a gaisang otlhe la lefatshe, mo lefatsheng la Ramesese, fela jaaka Faro a ne a laetse. 12 Mme Josefa a nna a tlamela rraagwe le bomorwarraagwe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ka dijo, kafa palong ya ba bannye. 13 Jaanong ga bo go se na senkgwe mo lefatsheng lotlhe, ka gonne leuba le ne le le botlhoko thata; mme lefatshe la Egepeto le lefatshe la Kanana a omelela ka ntlha ya leuba. 14 Mme Josefa a tsaya madi otlhe a a neng a fitlhelwa mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la Kanana a dijo tsa dithoro tse batho ba neng ba di reka; mme Josefa a nna a tlisa madi ano mo ntlong ya ga Faro. 15 Fa nako e ntse e tsamaya madi a a tswang mo lefatsheng la Egepeto le kwa lefatsheng la Kanana a ne a dirisiwa, mme Baegepeto botlhe ba simolola go tla kwa go Josefa, ba re: “Re neye senkgwe! Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go swela fa pele ga gago ka gonne madi a fedile?” 16 Foo Josefa a re: “Tlisang diruiwa tsa lona mme ke tla lo naya senkgwe ka kananyo ya diruiwa tsa lona, fa madi a fedile.” 17 Mme ba nna ba tlisa diruiwa tsa bone kwa go Josefa; mme Josefa a nna a ba naya senkgwe ka kananyo ya dipitse tsa bone le diruiwa tsa letsomane le diruiwa tsa motlhape le diesele, mme a nna a ba naya senkgwe ka kananyo ya diruiwa tsotlhe tsa bone mo ngwageng oo.
JUNE 15-21
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 48-50
“Re ka Ithuta go Tlala Seatla mo Bagoding”
(Genesise 48:21, 22) Morago ga moo Iseraele a raya Josefa a re: “Bona, ke a swa, mme ruri Modimo o tla nna le lona a bo a lo busetsa kwa lefatsheng la borraalonamogologolwane. 22 Fa e le nna, ke go naya sebata se le sengwe sa lefatshe go feta bomorwarrago, se ke neng ka se tsaya mo seatleng sa Baamore ka tšhaka ya me le ka bora jwa me.”
it-1-E 1246 ¶8
Jakobe
Pele Jakobe a tlhokafala o ile a segofatsa ditlogolwana tsa gagwe e leng bana ba ga Josefa mme o ne a kaelwa ke molao wa Modimo gore a neye Eferaime ditshwanelo tsa leitibolo la ga Josefa e bong Manase. Go tswa foo, Jakobe o ne a naya Josefa boswa jwa ga Rubene go menagane gabedi a bo a mo raya a re: “Ke go naya sebata se le sengwe sa lefatshe go feta bomorwarrago, se ke neng ka se tsaya mo seatleng sa Baamore ka tšhaka ya me le ka bora jwa me.” (Ge 48:1-22; 1Dit 5:1) E re ka Jakobe a ne a rekile lefatshe le le gaufi le Shekema mo go bomorwa Hamore (Ge 33:19, 20), go bonala gore, se Jakobe a neng a se solofetsa Josefa se bontsha gore o ne a na le tumelo ya gore se tla direga mme o ile a bolelela pele gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla nna kwa Kanana. Mme o ile a bua seno jaaka e kete se setse se diragetse ka tšhaka le bora jwa gagwe. Boswa jwa ga Josefa jo bo menaganeng gabedi jwa lefatshe la Kanana, bo ne bo akaretsa masimo a mabedi a a neng a filwe lotso la ga Eferaime le Manase.
(Genesise 49:1) Moragonyana Jakobe a bitsa bomorwawe mme a re: “Phuthegang mmogo gore ke tle ke lo bolelele se se tla lo diragalelang go ela kwa bofelong jwa metlha.
it-2-E 206 ¶1
Malatsi a Bofelo
Boporofeti Jwa ga Jakobe Pele a Swa. Fa Jakobe a ne a raya bomorwawe a re: “Phuthegang mmogo gore ke tle ke lo bolelele se se tla lo diragalelang go ela kwa bofelong jwa metlha”, o ne raya gore se a neng a tlile go ba bolelela sone se ne se tla direga mo isagweng. (Ge 49:1) Dingwaga di le 20 pelenyana, Jehofa o ile a bolela rremogolo wa ga Jakobe, Aberame (Aborahame) gore losika lwa gagwe lo ne lo tla bogisiwa dingwaga di le 400. (Ge 15:13) Ka jalo, isagwe e Jakobe a neng a bua ka yone fa a ne a re ‘kwa bofelong jwa metlha’ e ne e tla simolola morago ga dingwaga tse 400 tsa pogiso. (Fa o batla go bona dintlha tse di oketsegileng ka lekwalo la Genesise 49, bona dikgatiso tse di buang a maina a bomorwa Jakobe.) Go diragadiwa ga boporofeti jono go ka tswa go ne go akaretsa le “Iseraele wa Modimo”.—Bag 6:16; Bar 9:6.
(Genesise 50:24, 25) Kgabagare Josefa a raya bomorwarraagwe a re: “Ke a swa; mme ruri Modimo o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go lona, mme ruri o tla lo ntsha mo lefatsheng leno a lo isa kwa lefatsheng le a neng a le ikanela Aborahame, Isake le Jakobe.” 25 Ka gone Josefa a ikanisa bomorwa Iseraele, a re: “Ruri Modimo o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go lona. Ka gone lo ntshe marapo a me mono.”
Bagodi ba Thusa Basha Fela Thata
Bagodi ba ka nna le tlhotlheletso e e siameng le mo badumeding ka bone. Josefa morwa Jakobe o ne a dira sengwe se se bontshang tumelo a setse a tsofetse mme sa ama dimilione tsa baobamedi ba boammaaruri ba ba neng ba tshela morago ga gagwe fela thata. O ne a na le dingwaga di le 110 fa “a ntsha taelo ka ga marapo a gagwe,” e leng gore, fa kgabagare Baiseraele ba tswa mo Egepeto, ba tsamaye ka marapo a gagwe. (Bahebera 11:22; Genesise 50:25) Taelo eo e ne ya okeletsa Baiseraele tsholofelo mo dingwageng tse dintsi tsa go berekisiwa ka thata e le makgoba morago ga loso lwa ga Josefa, e ba tlhomamisetsa gore ba ne ba tla gololwa.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Genesise 49:19) “Fa e le Gada ene, o tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukhutlhi, mme o tla tlhasela karolo e e kwa morago thata.
Go Sego ba ba Nayang Modimo Kgalalelo
Pele ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, ba lotso lwa Iseraele lwa Bagada ba ile ba kopa go thibelela mo nageng ya mafulo e e kwa botlhaba jwa Joredane. (Dipalo 32:1-5) Fa ba nna koo ba ne ba tla lebana le mathata a magolo. Ditso tse di kafa bophirima di ne di tla sirelediwa ke Mokgatšha wa Joredane—thibedi ya tlholego e e neng e ba sireletsa mo ditlhaselong tsa masole. (Joshua 3:13-17) Le fa go ntse jalo, The Historical Geography of the Holy Land, e e kwadilweng ke George Adam Smith, e bolela jaana ka dinaga tse di kwa botlhaba jwa Joredane: “[Mafatshe a teng] otlhe ke naga fela e e sebatla e e batlang e se na sepe se se dirang jaaka thibedi mo setlhabeng se segolo sa Arabea. Ka gone ka metlha a nna a ntse a le mo kotsing ya go tlhaselwa ke bakgarakgatshegi ba ba tshwerweng ke tlala, mme bangwe ba bone ba tla mo go one ka bontsi ngwaga le ngwaga ba batla mafulo.”
Lotso lwa Bagada lo ne lo tla itshokela jang kgatelelo e kana kana? Makgolo a dingwaga pele ga foo, rraabonemogologolwane e bong Jakobe o ne a ile a bolelela pele jaana a le gaufi le go swa: “Fa e le Gada ene, o tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukhutlhi, mme o tla tlhasela karolo e e kwa morago thata.” (Genesise 49:19) Mafoko ano a ka lebega a kgoba marapo fa o sa a akanyetse kwa teng. Mme tota e ne e le taelo ya gore Bagada ba itwele fa ba tlhaselwa. Jakobe o ne a ba tlhomamisetsa gore fa ba dira jalo, batlhasedi ba ne ba tla sia ka tsela e e tlhabisang ditlhong ba lelekilwe ke Bagada.
(Genesise 49:27) “Benjamine o tla nna a gagola jaaka phiri. Mo mosong o tla ja phologolo e e tshwerweng mme mo maitseboeng o tla kgaoganya thopo.”
ia 142, lebokoso
Boporofeti bo a Diragadiwa
Fa Esethere le Moredekai ba ne ba femela batho ba Modimo, ba ne ba diragatsa boporofeti bongwe jwa Baebele jo bo neng bo sa bolo go bolelwa. Dingwaga di feta 1 200 pele ga moo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa tlhogo ya lotso e bong Jakobe go bolelela pele ka mongwe wa bomorwawe a re: “Benjamine o tla nna a gagola jaaka phiri. Mo mosong o tla ja phologolo e e tshwerweng mme mo maitseboeng o tla kgaoganya thopo.” (Gen. 49:27) Mo “mosong” wa hisitori ya dikgosi tsa Iseraele, ditlogolwana tsa ga Benjamine di ne di akaretsa Kgosi Saulo le banna ba bangwe ba ba maatla ba ba neng ba tlhabanela batho ba ga Jehofa. Mo “maitseboeng” a hisitori ya bogosi joo, fa dikgosi tsa Iseraele di ne di sa tlhole di busa, Esethere le Moredekai, ba ka bobedi e neng e le ba lotso lwa Benjamine, ba ne ba lwantsha baba ba ga Jehofa mme ba ba fenya. Ka tsela nngwe, ba ne ba kgaoganya thopo, ka gonne dikhumo tsotlhe tsa ga Hamane e ne ya nna tsa bone.
Mmalo wa Baebele
(Genesise 49:8-26) “Fa e le wena, Juda, bomorwarrago ba tla go baka. Seatla sa gago se tla nna kafa morago ga molala wa baba ba gago. Bomorwarrago ba tla obama fa pele ga gago. 9 Juda ke ngwana wa tau. Ruri o tla tlhatloga o tswa mo go se o se tsomang morwaaka. O ne a obega, a namalala jaaka tau, mme jaaka tau, ke mang yo o pelokgale go mo tsosa? 10 Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda, le fa e le lore lwa molaodi mo gare ga dinao tsa gagwe, go fitlha Shilo a tla; mme ditšhaba di tla utlwa ene. 11 E tla re fa a bofelela esele ya gagwe e e godileng sentle mo mofineng le ngwana wa esele ya gagwe e e namagadi mo mofineng wa maemo a a kwa godimo, o tla tlhatswa diaparo tsa gagwe mo beineng le kobo ya gagwe mo mading a morara. 12 Matlho a gagwe a bohibidu jo bo tseneletseng ka ntlha ya beine, mme bosweu jwa meno a gagwe bo bakilwe ke mashi. 13 “Sebulone o tla aga fa losing lwa lewatle, mme o tla bo a le fa losing fa dikepe di emeng gone di tshegeditswe ka tshetledi; mme letlhakore la gagwe le le kgakala le tla bo le lebile kwa Sidona. 14 “Isakare ke esele e e nang le marapo a a thata, e e rapameng fa gare ga dikgetsi tse pedi tsa sale. 15 Mme o tla bona fa lefelo la boikhutso le le molemo le gore lefatshe le monate; mme o tla oba legetla la gagwe gore a sikare mekgweleo mme o tla patelediwa go dira tiro e e boima ya botlhanka. 16 “Dana o tla atlhola batho ba gagwe jaaka longwe lwa ditso tsa Iseraele. 17 A Dana a itshupe a le noga e e fa thoko ga tsela, noga e e nang le dinaka fa tseleng, e e lomang direthe tsa pitse gore mopalami wa yone a wele kwa morago. 18 Ruri ke tla letela poloko e e tswang kwa go wena, wena Jehofa. 19 “Fa e le Gada ene, o tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukhutlhi, mme o tla tlhasela karolo e e kwa morago thata. 20 “Senkgwe sa gagwe se se tswang mo go Ashera se tla bo se le mafura, mme o tla aba dijo tse di monate tsa kgosi. 21 “Nafetali ke kgama e tonanyana e tshesane. O ntsha mafoko a mantle. 22 “Letlhogela la setlhare se se ungwang maungo, Josefa ke letlhogela la setlhare se se ungwang maungo fa motsweding, se se tsharololelang dikala tsa sone ka kwa godimo ga lobota. 23 Mme bahudi ka metswi ba ne ba nna ba mo tshwenya ba mo hula ba bo ba nna ba mo tlhoile. 24 Mme le fa go ntse jalo bora jwa gagwe bo ne bo nna mo lefelong le le nnetseng ruri, le nonofo ya diatla tsa gagwe e ne e le boleta. Mo diatleng tsa Yo o Nonofileng wa ga Jakobe, mo go tsone go tswa modisa, leje la Iseraele. 25 O tswa kwa Modimong wa ga rrago, mme o tla go thusa; mme o na le Mothatayotlhe, e bile o tla go segofatsa ka ditshegofatso tsa magodimo a a kwa godimo, ka ditshegofatso tsa bodiba jo bo boteng jwa metsi jo bo letseng kwa tlase, ka ditshegofatso tsa mabele le sebopelo. 26 Ditshegofatso tsa ga rrago ruri di tla nna dikgolo go feta ditshegofatso tsa dithaba tse di sa feleng, go feta mokgabisa wa dithota tse di nnang ka bosakhutleng. Di tla nna mo tlhogong ya ga Josefa, le mo phogong ya tlhogo ya yo o tlhaotsweng mo go bomorwarraagwe.
JUNE 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 1-3
“Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone”
(Ekesodo 3:13) Le fa go ntse jalo, Moshe a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A re tseye gore jaanong ke gorogile mo go bomorwa Iseraele mme ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogologolwane o nthomile kwa go lona,’ mme ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’ Ke tla ba raya ke reng?”
Tlotla Leina la ga Jehofa le Legolo
Bala Ekesodo 3:10-15. Fa Moshe a ne a na le dingwaga di le 80, Modimo o ne a mo naya boikarabelo jono jo bo masisi: “O ntshe batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.” Moshe o ne a tsibogela seno ka tlotlo, ka go botsa potso e e botlhokwa thata. Tota Moshe o ne a botsa gore: ‘Leina la gago ke mang?’ E re ka leina la Modimo le ne le sa bolo go itsewe, potso ya ga Moshe e ne e kaya eng? Ga go pelaelo gore o ne a batla go itse mo go oketsegileng ka mong wa leina leo—dintlha tse di neng di tla dira gore batho ba Modimo ba tlhatswege pelo gore tota Modimo o tla ba golola. Go ne go tshwanela gore Moshe a ikutlwe jalo, ka gonne Baiseraele ba ne ba na le lobaka lo loleele e le makgoba. Ba ne ba ka nna ba ipotsa gore a tota Modimo wa borraabonemogologolwane a ka kgona go ba golola. Tota e bile, Baiseraele bangwe ba ne ba setse ba obamela medimo ya Baegepeto!—Esek. 20:7, 8.
(Ekesodo 3:14) Foo Modimo a raya Moshe a re: “KE TLA NNA SE KE TLA NNANG SONE.” Mme a oketsa a re: “O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘KE TLA NNA o nthomile kwa go lona.’”
kr 43, lebokoso
BOKAO JWA LEINA LA MODIMO
LEINA Jehofa le tswa mo lediring la Sehebera le le kayang “go nna.” Bakanoki bangwe ba akanya gore mo lekgetlong leno, lediri leno le dirisitswe ka tsela e e bontshang tiragatso. Ka jalo, batho ba le bantsi ba tlhaloganya gore leina la Modimo le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Tlhaloso eno e tshwanela sentle seabe sa ga Jehofa sa go nna Mmopi. O dirile gore lobopo le dibopiwa tse di botlhale di nne gone, e bile o tswelela a dira gore thato ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe di diragale.
Mme gone, re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a Jehofa a neng a araba Moshe ka one a a mo go Ekesodo 3:13, 14? Moshe o ne a botsa jaana: “A re tseye gore [ke ya kwa Baiseraeleng] mme ke bo ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogologolwane o nthomile kwa go lona,’ mme ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’ Ke tla ba raya ke reng?” Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke Tla Nna se ke Tlhophang go Nna Sone.”
Ela tlhoko gore Moshe o ne a sa kope Jehofa gore a mo itsise leina la gagwe. Moshe le Baiseraele ba ne ba setse ba itse leina la Modimo sentle. Moshe o ne a batla gore Jehofa a mo senolele sengwe se se ka nonotshang tumelo se se bontshang gore ke Modimo yo o ntseng jang, sengwe se gape se neng se ka bonala mo bokaong jwa leina la gagwe. Ka jalo, fa Jehofa a ne a araba ka gore, ‘Ke Tla Nna se ke Tlhophang go Nna Sone,’ o ne a senola karolo e e kgatlhang thata ya se tota a leng sone: Mo boemong bongwe le bongwe, o nna sepe fela se se tlhokegang gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Ka sekai, mo go Moshe le mo Baiseraeleng, Jehofa o ne a nna Mogolodi, Moneimolao, Motlamedi—le dilo tse dingwe tse dintsi. Ka jalo, Jehofa o tlhopha go nna sengwe le sengwe fela se se tlhokegang gore a diragatse se a se solofetsang batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, le fa gone leina Jehofa le ka tswa le akaretsa ntlha eno, ga le kaye fela se a tlhophang go nna sone. Gape le akaretsa se a dirang gore popo ya gagwe e nne sone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ekesodo 2:10) Mme ngwana a gola. Foo a mo tlisa kwa go morwadia Faro, mme a nna morwawe; a mo raya leina a re Moshe a ba a re: “Ke ka gonne ke mo ntshitse mo metsing.”
Moshe—A ke Motho wa Mmatota Kgotsa Tlhamane?
Le fa go ntse jalo, a ga go thata go dumela gore morwadiakgosi yono wa Egepeto a ka tlhokomela ngwana yo o ntseng jalo? Nnyaa, ka gonne bodumedi jwa Egepeto bo ne bo ruta gore go dira ditiro tsa bopelonomi e ne e le selo se se tlhokegang thata gore motho a tsene kwa legodimong. Moithutamarope Joyce Tyldesley o bolela jaana malebana le kgang ya go ikgodisetsa bana: “Basadi ba Baegepeto ba ne ba lekana ka maemo le banna ba Baegepeto. Go bolelwa gore ba ne ba na le ditshwanelo tse di tshwanang tsa semolao le tsa itsholelo, mme . . . basadi ba ne ba ka itseela bana go ba godisa.” Tota e bile mokwalo mongwe wa bogologolo wa papirase o o buang ka go itseela bana go ba godisa o bua ka mosadi mongwe wa Moegepeto yo o neng a ikgodisetsa batlhanka. The Anchor Bible Dictionary e bolela jaana malebana le kgang ya go hiriwa ga ga mmaagwe Moshe gore e nne moamusi: “Madi a mmaagwe Moshe a neng a a duelwa go mo amusa . . . a re gopotsa dilo tse di tlhalosiwang mo ditumalanong tse di neng di dirwa kwa Mesopotamia tsa go ikgodisetsa bana.”
(Ekesodo 3:1) Mme Moshe a nna modisa wa letsomane la ga Jethero, moperesiti wa kwa Midiana, yo a neng a le mogwe wa gagwe. Fa a ne a kgweeletsa letsomane kwa ntlheng e e kwa bophirima ya naga, la bofelo a goroga mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri, mo Horeba.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ekesodo
3:1—Jethero e ne e le moperesiti wa mofuta ofe? Mo dinakong tsa ditlhogo tsa ditso, ditlhogo tsa malapa di ne di direla e le baperesiti ba malapa a bone. Go bonala Jethero e ne e le tlhogo ya lotso lwa Bamidiana. E re ka Bamidiana e ne e le ditlogolwana tsa ga Aborahame ka Ketura, gongwe ba ne ba tlwaelane le kobamelo ya ga Jehofa.—Genesise 25:1, 2.
Mmalo wa Baebele
(Ekesodo 2:11-25) Jaanong go ne ga diragala mo metlheng eo, fa Moshe a ntse a nonofa, gore a tswele kwa go bomorwarraagwe gore a tle a lebe mekgweleo e ba neng ba e sikara; mme a bona Moegepeto mongwe a itaya Mohebera mongwe wa bomorwarraagwe. 12 Ka jalo a leba kwa le kwa mme a bona go sa bonale ope. Foo a bolaya Moegepeto a bo a mo fitlha mo motlhabeng. 13 Lefa go ntse jalo, a tswa mo letsatsing le le latelang mme bona, ga bo go le banna ba babedi ba Bahebera ba lwa. Ka jalo a raya yo o neng a le phoso a re: “O iteelang molekane wa gago?” 14 Foo a re: “Ke mang yo o go tlhomileng go nna kgosana le moatlhodi mo go rona? A o ikaeletse go mpolaya fela jaaka o bolaile Moegepeto?” Jaanong Moshe a boifa mme a re: “Eleruri selo seno jaanong se a itsiwe!” 15 Morago ga moo Faro a utlwalela selo seno, mme a leka go bolaya Moshe; mme Moshe a tshaba mo go Faro gore a ye go nna kwa lefatsheng la Midiana; mme a nna fa sedibeng. 16 Jaanong moperesiti wa Midiana o ne a na le bana ba le supa ba basetsana, mme ba tla jaaka gale ba ga metsi ba tlatsa mekoro gore ba nose letsomane la ga rraabone. 17 Badisa ba tla jaaka gale mme ba ba leleka. Foo Moshe a nanoga a thusa basadi bano a ba a nosa letsomane la bone. 18 Ka jalo e rile ba tla gae kwa go Reuele rraabone, a tsholetsa lentswe a re: “Go tla jang gore lo bo lo tlile gae ka bonako jaana gompieno?” 19 Foo ba re: “Moegepeto mongwe o ne a re golola mo seatleng sa badisa mme, mo godimo ga moo, o ne a ba a re gela metsi gore a nose letsomane.” 20 Foo a raya bomorwadie a re: “Mme o kae? Ke ka ntlha yang fa lo tlogetse monna yoo kwa morago? Mmitseng, gore a tle a je senkgwe.” 21 Morago ga moo Moshe a bontsha fa a rata go nna le monna yono, mme a naya Moshe Siphora morwadie. 22 Moragonyana a tshola ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Gereshome, ka gonne, o ne a re: “Ke fetogile moagi wa moeng mo lefatsheng le sele.” 23 Mme ga diragala mo malatsing a mantsi ao gore labofelo kgosi ya Egepeto e swe, mme bomorwa Iseraele ba nna ba fegelwa ka ntlha ya bokgoba le go lela ka go ngongorega, mme go lela ga bone ba kopa thuso ga nna ga tlhatlogela kwa Modimong wa boammaaruri ka ntlha ya bokgoba. 24 Fa nako e ntse e tsamaya Modimo a utlwa go fegelwa ga bone mme Modimo a gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahame, Isake le Jakobe. 25 Ka jalo Modimo a leba bomorwa Iseraele mme Modimo a ba tsaya tsia.
JUNE 29–JULY 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 4-5
“Ke Tla Nna le Wena fa o Bua”
(Ekesodo 4:10) Jaanong Moshe a raya Jehofa a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke seleta mo puong, fa e sa le maabane kgotsa pele ga moo kgotsa fa e sa le o bua le motlhanka wa gago, gonne ke molomo o bonya le loleme lo bonya.”
(Ekesodo 4:13) Mme ene a re: “Intshwarele Jehofa, tsweetswee, roma ka seatla sa yo o tlileng go mo roma.”
Diipato—Jehofa o di Leba Jang?
“Ga ke tshwanelege.” O ka nna wa ikutlwa o sa tshwanelege go nna moreri wa dikgang tse di molemo. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba ikutlwa ba sa tshwanelege go dira ditiro tse Jehofa a neng a ba abetse tsone. Ka sekai, akanya ka Moshe. Fa a ne a amogela taelo e e tlhamaletseng e e tswang kwa go Jehofa o ne a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke seleta mo puong, fa e sa le maabane kgotsa pele ga moo kgotsa fa e sa le o bua le motlhanka wa gago, gonne ke molomo o bonya le loleme lo bonya.” Le fa Jehofa a ile a mo kgothatsa, Moshe o ne a araba jaana: “Intshwarele Jehofa, tsweetswee, roma ka seatla sa yo o tlileng go mo roma.” (Ekes. 4:10-13) Jehofa o ne a dira eng?
(Ekesodo 4:11, 12) Foo Jehofa a mo raya a re: “Ke mang yo o diretseng motho molomo kgotsa ke mang yo o tlhomang yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa yo o bonang sentle kgotsa sefofu? A ga se nna, Jehofa? 12 Jaanong tsamaya, mme ke tla nna le molomo wa gago e bile ke tla go ruta se o tshwanetseng go se bua.”
A o Bona “Ene Yo o Sa Bonaleng”?
Pele ga Moshe a boela kwa Egepeto, Modimo o ne a mo ruta molaomotheo wa botlhokwa, o moragonyana Moshe a neng a o kwala mo bukeng ya ga Jobe o o reng: “Go boifa Jehofa—ke jone botlhale.” (Jobe 28:28) Jehofa o ne a thusa Moshe gore a nne le poifo eo le gore a dire dilo ka botlhale ka go mmontsha pharologano e e leng fa gare ga batho le Modimo Mothatayotlhe. O ne a mmotsa jaana: “Ke mang yo o diretseng motho molomo kgotsa ke mang yo o tlhomang yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa yo o bonang sentle kgotsa sefofu? A ga se nna, Jehofa?”—Ekes. 4:11.
Moshe o ne a ithuta eng mo go seno? O ne a sa tlhoke go boifa. O ne a rometswe ke Jehofa, yo o neng a tla mo naya sengwe le sengwe se a se tlhokang gore a ise molaetsa wa Modimo kwa go Faro. Mme Faro e ne e se sepe fa a bapisiwa le Jehofa. Tota e bile, leno e ne e se lekgetlho la ntlha batlhanka ba Modimo ba nna mo kotsing mo pusong ya Baegepeto. Gongwe Moshe o ne a akanya ka tsela e Jehofa a neng a mo sireletsa ka yone a bo a sireletsa le Aborahame le Josefa ka nako ya puso ya Bofaro ba ba fetileng. (Gen. 12:17-19; 41:14, 39-41; Ekes. 1:22–2:10) E re ka Moshe a ne a na le tumelo mo go “Ene yo o sa bonaleng” o ne a nna pelokgale mme a tla fa pele ga ga Faro a mmolelela lefoko lengwe le lengwe le Jehofa a neng a mo laetse gore a le bue.
(Ekesodo 4:14, 15) Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moshe mme a re: “A Arone wa Molefi ga se morwarrago? Ke a itse gore tota a ka kgona go bua. Mme, mo godimo ga moo, ke yo, o mo tseleng go tla go go kgatlhantsha. Fa a go bona, ruri o tla ipela mo pelong ya gagwe. 15 Mme o bue le ene o tsenye mafoko ano mo molomong wa gagwe; mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, e bile ke tla lo ruta se lo tshwanetseng go se dira.
Diipato—Jehofa o di Leba Jang?
Jehofa ga a ka a re Moshe a se ka a tlhola a dira kabelo eo. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhoma Arone gore a thuse Moshe go dira tiro eo. (Ekes. 4:14-17) Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di neng tsa latela, Jehofa o ne a ema Moshe nokeng a bo a mo naya sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka gore a kgone go atlega mo dikabelong tsa gagwe tse a di neilweng ke Modimo. Gompieno, le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tlhotlheletsa badumedi mmogo le wena ba ba nang le maitemogelo gore ba go thuse go dira bodiredi jwa gago. Sa botlhokwa le go feta, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla dira gore re tshwanelege go dira tiro e a re laetseng go e dira.—2 Bakor. 3:5; bona lebokose la setlhogo se se reng, “Dingwaga Tse di Itumedisang Thata Tsa Botshelo Jwa Me.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ekesodo 4:24-26) Jaanong go ne ga diragala mo tseleng kwa lefelong la bonno gore Jehofa a kopane le ene mme a nna a batla tsela ya go mmolaya. 25 Labofelo Siphora a tsaya legweka mme a kgaola letlalo la bonna la ga morwawe mme a dira gore le ame dinao tsa gagwe a bo a re: “Ke ka gonne o monyadi wa madi mo go nna.” 26 Ka gone a mo lesa a tsamaya. Ka nako eo Siphora a re: “Monyadi wa madi,” ka ntlha ya go rupa.
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Mafoko a ga Siphora a a reng “o monyadi wa madi mo go nna” ga a tlwaelega. A supa eng ka ene? Ka go diragatsa se se batlegang mo kgolaganong malebana le go rupisiwa, Siphora o ne a dumela go tsena mo kgolaganong ya go nna le kamano le Jehofa. Molao wa kgolagano o o neng wa dirwa le Baiseraele moragonyana o bontsha gore mo kgolaganong eno ya go nna le kamano le ene, Jehofa a ka tsewa e le monna mme motho yo mongwe e le mosadi wa gagwe. (Jeremia 31:32) Ka jalo, fa a ne a bitsa Jehofa (ka moemedi wa gagwe wa moengele) a re ke “monyadi wa madi,” go bonala Siphora ka boene a ne a amogela dilo tse di batlegang mo kgolaganong. Go ne go ntse jaaka e kete o amogela boemo jwa go nna mosadi mo kgolaganong ya go rupisiwa mme Jehofa Modimo ene e le monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, ka go bo a ile a tsaya kgato go supa gore o tla dira se Modimo a se batlang, botshelo jwa morwawe bo ne bo sa tlhole mo le mo kotsing.
(Ekesodo 5:2) Mme Faro a re: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya? Ga ke itse Jehofa ka gope e bile, mo godimo ga moo, ga ke tle go lesa Iseraele a tsamaya.”
it-2-E 12 ¶5
Jehofa
Go “itse” mongwe ga go reye gore o na le kitso ka ene. Seleele se e leng Nabale o ne a itse leina la ga Dafide mme o ile a botsa a re: “Dafide ke mang?” Ka mafoko a mangwe, o ne a botsa gore Dafide o na le maemo afe? (1Sa 25:9-11; bapisa le 2Sa 8:13.) Faro le ene o ile a raya Moshe a re: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya? Ga ke itse Jehofa ka gope e bile, mo godimo ga moo, ga ke tle go lesa Iseraele a tsamaya.” (Ek 5:1, 2) Faro o ne a raya gore ga a itse Jehofa e le Modimo wa boammaaruri kgotsa ga a itse Jehofa a na le taolo mo dikgosing tsa Egepeto e bile ga a na bokgoni jwa se Moshe le Arone ba neng ba re o tla se dira. Mme Faro le botlhe kwa Egepeto gammogo le Baiseraele ba ne ba tla itse gore leina la ga Jehofa le kaya eng le gore ke mang yo o emelang leina leno. Jehofa o ile a bolelela Moshe gore o tla diragatsa maikaelelo a gagwe ka go golola Baiseraele a bo a ba isa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng mme ka go dira jalo o ne a tla bo a diragaditse kgolagano e a e dirileng le borremogologolwane wa bone. Mme fa Modimo a ne a ka dira dilo tseno o ne a re: “Ba tla itse gore ke nna Jehofa Modimo wa bone.”—Ek 6:4-8.
Mmalo wa Baebele
(Ekesodo 4:1-17) Le fa go ntse jalo, Moshe fa a araba a re: “Mme a re tseye gore ga ba ntumele e bile ga ba reetse lentswe la me, ka gonne ba tlile go re, ‘Jehofa ga a ka a bonala mo go wena.’” 2 Foo Jehofa a mo raya a re: “Ke eng seo se se mo seatleng sa gago?” mme ene a re: “Ke thobane.” 3 Go tswa foo a re: “E latlhele fa fatshe.” Ka jalo a e latlhela fa fatshe, mme ya fetoga noga; mme Moshe a simolola go tshaba fa go yone. 4 Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Ntsha seatla o e tshware ka mogatla.” Ka jalo a ntsha seatla a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo legofing la gagwe. 5 “E le gore,” go nopola mafoko a gagwe, “ba tle ba dumele gore Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe, o bonetse mo go wena.” 6 Foo Jehofa a boa gape a mo raya a re: “Tsweetswee, tsenya seatla sa gago mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gago.” Ka jalo a tsenya seatla sa gagwe mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gagwe. E rile a se ntsha, bona, seatla sa gagwe sa bo se iteilwe ka lepero se ntse jaaka kapoko! 7 Morago ga moo a re: “Busetsa seatla sa gago mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gago.” Ka jalo a busetsa seatla sa gagwe mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gagwe. E rile a se ntsha mo momenong o o fa godimo wa seaparo sa gagwe, bona, sa bo se shafetse jaaka nama yotlhe ya gagwe! 8 “Mme go tla diragala gore,” go nopola mafoko a gagwe, “fa ba sa go dumele e bile ba sa reetse lentswe la sesupo sa ntlha, he ruri ba tla dumela lentswe la sesupo sa morago. 9 Mo godimo ga moo, go tla diragala gore, fa ba sa dumele le eleng ditshupo tse pedi tseno e bile ba sa reetse lentswe la gago, he o tla tsaya metsinyana mo Nokeng ya Nile o bo o a tshololela mo lefatsheng le le omileng; mme metsi a o tla a tsayang mo Nokeng ya Nile ruri a tla fetoga, ee, ruri a tla fetoga madi mo lefatsheng le le omileng.” 10 Jaanong Moshe a raya Jehofa a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke seleta mo puong, fa e sa le maabane kgotsa pele ga moo kgotsa fa e sa le o bua le motlhanka wa gago, gonne ke molomo o bonya le loleme lo bonya.” 11 Foo Jehofa a mo raya a re: “Ke mang yo o diretseng motho molomo kgotsa ke mang yo o tlhomang yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa yo o bonang sentle kgotsa sefofu? A ga se nna, Jehofa? 12 Jaanong tsamaya, mme ke tla nna le molomo wa gago e bile ke tla go ruta se o tshwanetseng go se bua.” 13 Mme ene a re: “Intshwarele Jehofa, tsweetswee, roma ka seatla sa yo o tlileng go mo roma.” 14 Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moshe mme a re: “A Arone wa Molefi ga se morwarrago? Ke a itse gore tota a ka kgona go bua. Mme, mo godimo ga moo, ke yo, o mo tseleng go tla go go kgatlhantsha. Fa a go bona, ruri o tla ipela mo pelong ya gagwe. 15 Mme o bue le ene o tsenye mafoko ano mo molomong wa gagwe; mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, e bile ke tla lo ruta se lo tshwanetseng go se dira. 16 O tla go buelela mo bathong; mme go tla diragala gore a nne molomo wa gago, mme wena o tla nna Modimo mo go ene. 17 Mme o tseye thobane eno ka seatla sa gago gore o tle o dire ditshupo ka yone.”