Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
NOVEMBER 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 39-40
“Moshe O ne A Dira Sengwe le Sengwe se Jehofa a Neng A se Mo Laetse”
(Ekesodo 39:32) Ka jalo tiro yotlhe ya motlaagana wa mogope wa bokopanelo ya tla mo bowelong jwa yone, ka gonne bomorwa Iseraele ba ne ba nna ba dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se laoletse Moshe. Ba dira fela jalo.
A o Itsiwe ke Jehofa?
Go farologana le Kora, Moshe e ne e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 12:3) O ne a bontsha go nna bonolo le boikokobetso ka go ikemisetsa go latela ditaelo tsa ga Jehofa. (Ekes. 7:6; 40:16) Ga go sepe se se bontshang gore Moshe o ne a belaela tsela e Jehofa a neng a dira dilo ka yone, kgotsa gore o ne a tenwa ke go latela dithulaganyo tse Jehofa a neng a di dirile. Ka sekai, Jehofa o ne a ntsha ditaelo tse di malebana le sengwe le sengwe se se neng se tshwanetse go dirwa fa go agiwa motlaagana, ditaelo tse di jaaka mmala wa tlhale le palo ya digwe tse di tshwanetseng go dirisiwa fa go dirwa matsela a mogope. (Ekes. 26:1-6) Fa molebedi mo phuthegong ya Modimo a go naya ditaelo tse go bonalang di na le dintlha tse dintsi, ka dinako dingwe o ka nna wa fela pelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke molebedi yo o molemo, yo o abelang batlhanka ba gagwe tiro mme o a ba ikanya gore ba tla e dira. Fa a ntsha dintlha tse dintsi, o a bo a na le lebaka le le utlwalang. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Moshe ga a ka a tenega ka go bo Jehofa a ile a mo naya ditaelo tseo tse dintsi, a tsaya gore Jehofa o a mo nyatsa kgotsa o dira e kete ga a kgone go itirela ditshwetso. Go na le moo, Moshe o ne a tlhomamisa gore badiri “ba dira fela jalo” fa ba latela ditaelo tsa Modimo. (Ekes. 39:32) Ruri seno e ne e le go bontsha boikokobetso! Moshe o ne a lemoga gore e ne e le tiro ya ga Jehofa le gore Modimo o ne a mo dirisa gore a dire tiro eo.
(Ekesodo 39:43) Mme Moshe a bona tiro yotlhe, mme, bona! ba ne ba e dirile fela jaaka Jehofa a ne a laetse. Ke tsela e ba neng ba dirile ka yone. Ka gone Moshe a ba segofatsa.
(Ekesodo 40:1, 2) Foo Jehofa a bua le Moshe, a re: 2 “Mo letsatsing la kgwedi ya ntlha, mo letsatsing la ntlha la kgwedi, o tlhome motlaagana wa mogope wa bokopanelo.
(Ekesodo 40:16) Moshe a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse. A dira fela jalo.
A o Ikanyega mo Dilong Tsotlhe?
Bahebera 3:5 ya re: “Moshe jaaka motlhokomedi o ne a ikanyega.” Ke eng se se neng sa dira gore moporofeti Moshe a ikanyege? Fa motlaagana o ne o agiwa le go tlhomiwa, “Moshe [o ne] a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse. A dira fela jalo.” (Ekesodo 40:16) Rona baobamedi ba ga Jehofa, re bontsha go ikanyega ka go mo direla ka kutlo. Ruri seno se akaretsa gore re nne re ikanyega mo go Jehofa fa re ntse re lebane le diteko tse di boima kgotsa tse di setlhogo. Le fa go ntse jalo, go fenya diteko tse dikgolo ga se gone fela go bontshang gore re a ikanyega. Jesu o ne a re: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Re tshwanetse go nna re ikanyega tota le mo dilong tse di lebegang di le dinnye.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ekesodo 39:34) le sebipo sa one sa matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le sebipo sa one sa matlalo a manyebi le sesiro sa sebipo,
it-2-E 884 ¶3
Matlalo a Manyebi
Baiseraele Ba ne Ba Tsaya Kae Matlalo a Manyebi? Fa e le gore lefoko taʹchash le le mo Baebeleng le bua ka mofuta mongwe wa manyebi (phologolo nngwe ya mo metsing), Baiseraele ba ka tswa ba ne ba tsaya kae matlalo ano a manyebi? Le fa gone diphologolo tseno tse di bidiwang manyebi di rata go nna kwa mafelong a a tsididi a a kwa Arctic le Antarctic, manyebi a mangwe one a rata go nna mo mafelong a a bothitho. Gompieno manyebi a sekae a a bidiwang di-monk seals a sa ntse a ka bonwa kwa Lewatleng la Mediterranean le kwa mawatleng a mangwe a a bothitho. Palo ya manyebi ga e sa tlhole e le ntsi jaaka pele ka gonne batho ba ntse ba a bolaya ka bontsi. Mo motlheng wa Baebele, diphologolo tseno di ka tswa di ne di le dintsi thata kwa Lewatleng la Mediterranean le kwa Lewatleng le Lehibidu. Buka nngwe ya Seesemane ya 1832 e e kwadilweng ke Calmet e e bidiwang Dictionary of the Holy Bible (ts. 139) e a re: “Go na le manyebi mo lefelong le le bidiwang Sinai mme lefelo leno le dikologilwe ke ditlhakatlhake tse dinnye tse mo Lewatleng le Lehibidu.”
(Ekesodo 40:34) Mme leru la bipa mogope wa bokopanelo, kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka motlaagana.
Dikgakololo Tsa Ga Jehofa Di A Ikanyega
Fa Baiseraele ba ne ba simolola loeto lo lo neng lwa tsaya dingwaga di le 40 mo ‘nageng e kgolo le e e boitshegang,’ Jehofa ga a ka a ba tlhalosetsa ka botlalo go sa le gale gore o tla ba kaela jang, le go ba sireletsa le go ba tlhokomela. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape o ne a ba bontsha gore ba ne ba ka mo ikanya ba bo ba ikanya ditaelo tsa gagwe. Jehofa o ne a dirisa pilara ya leru motshegare le ya molelo bosigo, go gakolola Baiseraele gore o ne a ba ema nokeng fa a ntse a ba eteletse pele mo nageng e e nang le maemo a a sa itumediseng. (Dute. 1:19; Ekes. 40:36-38) Gape o ne a ba tlamela ka se ba neng ba se tlhoka. “Diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala, le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga.” Ruri “ba ne ba sa tlhaele sepe.”—Neh. 9:19-21.
Mmalo wa Baebele
(Ekesodo 39:1-21) Mme ka tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase, ba dira diaparo tse di logilweng tsa go direla mo lefelong le le boitshepo. Ka jalo ba dira diaparo tse di boitshepo tse e neng e le tsa ga Arone, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 2 Ka jalo a dira khiba ya gouta, tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le le otlhilweng. 3 Go tswa foo ba thula dipapetla tsa gouta go nna dipapetla tse di tshesane, mme a kgaola ditlhale gore a di logaganye le tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta, jaaka tiro ya mokgabisi. 4 Ba ne ba e direla matsela a mo magetleng a a neng a gokaganngwa. A ne a gokaganngwa kwa dintlheng tsa yone tse pedi. 5 Mme moitlamo, o o neng o le mo go yone wa go e tswala ka go o bofa, o ne o dirilwe ka matsela a yone go ya kafa o dirilweng ka gone, a gouta, tlhale e e bobududu, le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le le otlhilweng, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 6 Morago ga moo ba dira maje a onikise a tometswe mo dikgapeng tsa gouta, a gabilwe ka go gaba ga letshwao kafa maineng a bomorwa Iseraele. 7 Ka jalo a a baya mo godimo ga matsela a mo magetleng a khiba jaaka maje a segopotso sa bomorwa Iseraele, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 8 Foo a dira letlatla la sehuba ka tiro ya mokgabisi, go tshwana le kafa khiba e dirilweng ka gone, ka gouta, tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le le otlhilweng. 9 Le ne le na le matlhakore a le manè a a lekalekanang fa le menagane sebedi. Ba ne ba dira gore fa letlatla leno la sehuba le menagane sebedi, boleele jwa lone e nne paralatso ya seatla le boatlhamo jwa lone e nne paralatso. 10 Morago ga moo ba le tomela mela e menè ya maje. Mola wa rubi, topase le emeraleda e ne e le mola wa ntlha. 11 Mola wa bobedi e ne e le terekoise, safire le jasepere. 12 Mola wa boraro e ne e le leje la leshem, agate le amethisete. 13 Mola wa bonè e ne e le kerusolete le onikise le jeide. A ne a tometswe mo dikgapeng tsa one tsa gouta. 14 Mme maje a ne a le kafa maineng a bomorwa Iseraele. A ne a le lesome le bobedi kafa maineng a bone, a gabilwe ka go gaba ga letshwao, lengwe le lengwe kafa leineng la lone la ditso di le lesome le bobedi. 15 Mme ba dira dikeetane tse di tshophilweng mo letlatleng la sehuba, jaaka thapo, tsa gouta e e itshekileng. 16 Mme ba dira dikgapa di le pedi tsa gouta le mehiri e mebedi ya gouta mme ba baya mehiri e mebedi mo dintlheng tse pedi tsa letlatla la sehuba. 17 Morago ga moo ba tsenya dithapo tse pedi tsa gouta mo mehiring e mebedi mo dintlheng tsa letlatla la sehuba. 18 Mme ba tsenya dintlha tse pedi tsa dithapo tse pedi mo dikgapeng tse pedi. Go tswa foo ba di baya mo matseleng a mabedi a mo magetleng a khiba, fa pele ga yone. 19 Morago ga moo ba dira mehiri e mebedi ya gouta mme ba e baya mo dintlheng tse pedi tsa letlatla la sehuba fa le felelang gone kafa letlhakoreng le le elang kwa khibeng kafa teng. 20 Mme ba dira mehiri e mebedi ya gouta ba e baya mo matseleng a mabedi a khiba go tswa kwa tlase, fa pele ga yone, gaufi le fa a gokaganang gone, fa godimo ga moitlamo wa khiba. 21 La bofelo ba bofelela letlatla la sehuba ka mehiri ya lone mo mehiring ya khiba ka mogala o o bobududu, gore le nne fa godimo ga moitlamo wa khiba le gore letlatla la sehuba le se ka la tloga fa godimo ga khiba, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
NOVEMBER 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 1-3
“Goreng Go ne Go Ntshiwa Ditshupelo?”
(Lefitiko 1:3) “‘Fa tshupelo ya gagwe e le tshupelo e e fisiwang e e tswang mo motlhapeng, a a ise e tonanyana, e e itekanetseng sentle. A e ise ka go rata kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo fa pele ga ga Jehofa.
(Lefitiko 2:1) “‘Jaanong fa go direga gore moya mongwe o isetse Jehofa tshupelo ya dijo tsa ditlhaka, a tshupelo ya gagwe e nne bupi jo bo boleta; mme a tshele leokwane mo go yone a ba a beye lebano mo go yone.
(Lefitiko 2:12) “‘Lo tla di isetsa Jehofa e le tshupelo ya mabutswapele, mme di se ka tsa tla mo sebesong gore e nne lonko lo lo ritibatsang.
it-2-E 525
Ditshupelo
Ditshupelo tse di fisiwang. Ditshupelo tse di fisiwang di ne di ntshediwa Modimo di feletse. Go ne go se na karolo epe ya phologolo e e neng e tsewa ke motho yo neng a tlisitse setlhabelo seo. (Bapisa le Baatl 11:30, 31, 39, 40.) Fa batho ba ne ba ntsha ditshupelo tseno, ba ne ba bontsha gore ba kopa Jehofa gore a amogele ditshupelo tsa bone tsa boleo. Ka dinako tse dingwe, tshupelo ya boleo e ne e ntshiwa mmogo le tshupelo e e fisiwang. Jesu Keresete le ene o tshwana le “tshupelo e e fisiwang” ka gonne o ntshitse mmele wa gagwe otlhe e le setlhabelo.
it-2-E 528 ¶4
Ditshupelo
Ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka. Ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka di ne di ntshiwa mmogo le ditshupelo tsa kabalano, ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa boleo, gape di ne di ntshiwa e le maungo a mabutswapele. Ka dinako tse dingwe ditshupelo tseno tsa dijo tsa ditlhaka di ne di ntshiwa e le tsone fela. (Ek 29:40-42; Lef 23:10-13, 15-18; Dip 15:8, 9, 22-24; 28:9, 10, 20, 26-28; kgao. 29) Di ne di bontsha masego a mantsi a Modimo a a nayang batho ba gagwe. Gantsi di ne di ntshiwa le leokwane le borekhu jo bo omileng jo bo nkgang monate jo bo bidiwang lebano. Ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka tse di neng di ntshiwa e ne e le bupi jo bo boleta, dijo tsa ditlhaka tse di besitsweng, dikuku tse di bopegileng jaaka maseka kgotsa dikuku tse di tshesanyane. Dijo tseno tse di neng di ntshiwa di ne di bakilwe, kgotsa di apeilwe ka pane kgotsa di gadikilwe ka mafura mo pitseng e e boteng. Ditshupelo dingwe tsa dijo tsa ditlhaka di ne di tsenngwa mo teng ga sebeso se se neng se dirisediwa go besa ditshupelo tse di fisiwang. Ditshupelo tse dingwe tsa dijo tsa ditlhaka di ne di jewa ke baperesiti mme tse dingwe tse di neng di ntshiwa mmogo le ditshupelo tsa kabalano di ne di jewa ke ba ba neng ba di ntshitse. (Lef 6:14-23; 7:11-13; Dip 18:8-11) Ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka tse di neng di isiwa kwa sebesong di ne di sa tshwanela go nna le sebediso kgotsa “tswina” (tswina e go buiwang ka yone e ka tswa e le e e tswang mo difeigeng kgotsa mo matuteng a maungo).—Lef 2:1-16.
(Lefitiko 3:1) “‘Mme fa tshupelo ya gagwe e le setlhabelo sa kabalano, fa a e isa e tswa mo motlhapeng, e ka ne e le e tonanyana kgotsa e namagadi, a a ise e e itekanetseng sentle fa pele ga ga Jehofa.
Ithute mo ‘Sebopegong sa Boammaaruri’
Ditlhabelo dingwe tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe di ne di tsewa e le ditshupelo tsa kabalano. Ditlhabelo tseno di ne di bontsha gore motho o na le kagiso le Jehofa. Motho yo o neng a dira tshupelo eo, mmogo le lelapa la gagwe, ba ne ba ja nama ya phologolo e e ntshitsweng setlhabelo, gongwe ba le mo go nngwe ya diphaposi tsa bojelo tsa tempele. Moperesiti yo o neng a dira setlhabelo mmogo le baperesiti ba bangwe ba ba neng ba direla kwa tempeleng, ba ne ba amogela karolo ya nama eo. (Lefi. 3:1; 7:31-33) Moobamedi yoo o ne a dira setlhabelo seo ka gonne a ne a batla go nna le kamano e e molemo le Modimo. Go ne go ntse jaaka e kete moobamedi yoo, lelapa la gagwe, baperesiti le Jehofa ba ne ba itumelela dijo mmogo ka kagiso.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Lefitiko 2:13) “‘Mme o loke tshupelo nngwe le nngwe ya tshupelo ya gago ya dijo tsa ditlhaka ka letswai; mme o se ka wa letla gore letswai la kgolagano ya Modimo wa gago le tlhokege mo tshupelong ya gago ya dijo tsa ditlhaka. O ise letswai mmogo le tshupelo nngwe le nngwe ya gago.
(Esekiele 43:24) Mme o di atametse fa pele ga ga Jehofa, mme baperesiti ba latlhele letswai mo go tsone ba di isetse Jehofa e le tshupelo e e fisiwang e feletse.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko
2:13—Ke ka ntlha yang fa letswai le ne le tshwanetse go ntshiwa “mmogo le tshupelo nngwe le nngwe”? Go dira jalo e ne e se go tokafatsa moutlwalo wa ditlhabelo. Mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, letswai le dirisiwa go thibela dilo gore di se ka tsa bola. Go ka direga gore le ne le ntshiwa mmogo le ditlhabelo ka gonne le ne le emela sengwe se se neng se ka se senyege kana se se sa boleng.
(Lefitiko 3:17) “‘Ke molao mo dikokomaneng tsa lona ka bosakhutleng, mo mafelong otlhe a lona a bonno: Lo se ka lwa ja mafura ape kgotsa madi ape gotlhelele.’”
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko
3:17. E re ka mafura a ne a lebiwa e le karolo e e molemo go di gaisa tsotlhe, go bonala lebaka la go bo Baiseraele ba ne ba ileditswe go a ja e ne e le go gatelela mo go bone gore karolo e e molemo go di gaisa tsotlhe e ne e le ya ga Jehofa. (Genesise 45:18) Seno se re gakolola gore re tshwanetse go naya Jehofa bojotlhe jwa rona.—Diane 3:9, 10; Bakolosa 3:23, 24.
Mmalo wa Baebele
(Lefitiko 1:1-17) Mme Jehofa a bitsa Moshe a bua le ene go tswa mo mogopeng wa bokopanelo, a re: 2 “Bua le bomorwa Iseraele, o ba reye o re, ‘Fa go direga gore motho mongwe wa lona a isetse Jehofa tshupelo e e tswang mo diruiweng, lo ise tshupelo ya lona e tswa mo motlhapeng le mo letsomaneng. 3 “‘Fa tshupelo ya gagwe e le tshupelo e e fisiwang e e tswang mo motlhapeng, a a ise e tonanyana, e e itekanetseng sentle. A e ise ka go rata kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo fa pele ga ga Jehofa. 4 Mme a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo e e fisiwang, mme a e amogelelwe ka bopelontle gore a direlwe tetlanyo. 5 “‘Mme powana e tlhabelwe fa pele ga ga Jehofa; mme bomorwa Arone, baperesiti, ba ise madi ba bo ba kgatšhe madi go dikologa mo sebesong, se se fa kgorong ya mogope wa bokopanelo. 6 Mme tshupelo e e fisiwang e buiwe e bo e kgaoganngwa ka dirwe tsa yone. 7 Mme bomorwa Arone, baperesiti, ba tsenye molelo mo sebesong ba bo ba baya dikgong ka thulaganyo mo molelong. 8 Mme bomorwa Arone, baperesiti, ba beye dirwe tseo ka thulaganyo di na le tlhogo le mafura a diphilo mo godimo ga dikgong tse di leng mo molelong o o mo sebesong. 9 Mme mala a yone le memo ya yone e tlhatswiwe ka metsi; mme moperesiti a e kuise mosi yotlhe fela mo sebesong jaaka tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo ya lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa. 10 “‘Mme fa tshupelo ya gagwe ya tshupelo e e fisiwang e tswa mo letsomaneng, mo diphelefung tse dipotlana kgotsa mo dipoding, a a ise e tonanyana, e e itekanetseng sentle. 11 Mme e tlhabelwe fa thoko ga sebeso kafa bokone fa pele ga ga Jehofa, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba kgatšhe madi a yone go dikologa mo sebesong. 12 Mme a e kgaoganye ka dirwe tsa yone le tlhogo ya yone le mafura a yone a diphilo, mme moperesiti a di beye ka thulaganyo mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo sebesong. 13 Mme o tla tlhatswa mala le memo ka metsi; mme moperesiti a e ise yotlhe a bo a e kuise mosi mo sebesong. Ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo ya lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa. 14 “‘Le fa go ntse jalo, fa tshupelo ya gagwe e e leng tshupelo e e fisiwang e e yang kwa go Jehofa e tswa mo dinonyaneng, foo a a ise tshupelo ya gagwe e tswa mo maebeng kgotsa mo maphoing a mannye. 15 Mme moperesiti a le ise mo sebesong mme a komole tlhogo ya lone a ba a le kuisa mosi mo sebesong, mme madi a lone a tshololelwe mo letlhakoreng la sebeso. 16 Mme a ntshe ntshu ya lone le mafofa a lone a a latlhele fa thoko ga sebeso, kafa botlhaba, mo lefelong la melora e e mafura. 17 Mme a le phatlole fa diphukeng tsa lone. A se ka a le kgaoganya. Mme moperesiti a le kuise mosi mo sebesong mo godimo ga dikgong tse di mo molelong. Ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo ya lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa.
NOVEMBER 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 4-5
“Direla Jehofa ka Pelo Yotlhe”
(Lefitiko 5:5, 6) “‘Mme go tla diragala gore fa a nna molato ka ga sengwe sa dilo tseno, foo a a ipolele gore o leofile ka tsela efe. 6 Mme a tlise tshupelo ya gagwe ya molato kwa go Jehofa ya boleo jwa gagwe jo a bo dirileng, e leng, e namagadi go tswa mo letsomaneng, kwanyana e namagadi kgotsa potsane e namagadi, ya tshupelo ya boleo; mme moperesiti a mo direle tetlanyo ya boleo jwa gagwe.
it-2-E 527 ¶9
Ditshupelo
Ditshupelo tsa molato. Ditshupelo tsa molato le tsone di ne di ntshiwa fa motho a dirile boleo. Go ya Molao wa ga Moshe, boleo bo ne bo dira gore motho a nne molato. Ditshupelo tsa molato di ne di ntshediwa maleo a a rileng. Ditshupelo tseno di ne di farologane go sekae le ditshupelo tse dingwe tsa boleo. Go lebega ditshupelo tsa molato di ne di ntshiwa fa motho a leofetse motho yo mongwe. Motho yoo a ka tswa a leofetse Jehofa kgotsa motho yo mongwe. Motho o ne a ntsha tshupelo ya molato gore a baakanye phoso e a e diretseng Jehofa le go bontsha gore Jehofa ke Modimo wa tshiamo. Gape tshupelo eno e ne e ntshediwa gore motho yo o dirileng boleo a kgone go tshela jaaka pele le gore a se ka a tlhola a otlhaelwa boleo jo a bo dirileng.—Bapisa le Isa 53:10.
(Lefitiko 5:7) “‘Le fa go ntse jalo, fa a se na mo go lekaneng go bona nku, a a tlise maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye kwa go Jehofa e le tshupelo ya gagwe ya molato ya boleo jo a bo dirileng, le lengwe e le la tshupelo ya boleo mme le lengwe e le la tshupelo e e fisiwang.
O Itse se re Kgonang go se Dira
Molao o ne o bua jaana go bontsha tsela e Jehofa a neng a amega ka yone ka lorato: “Le fa go ntse jalo, fa a se na mo go lekaneng go bona nku, a a tlise maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye kwa go Jehofa e le tshupelo ya gagwe ya molato ya boleo jo a bo dirileng.” (Temana 7) Mafoko a a reng “fa a se na mo go lekaneng” a bontsha gore Modimo o ne a itumelela go amogela sengwe le sengwe se motho a neng a ka kgona go se ntsha setlhabelo. Fa e le gore Moiseraele o ne a humanegile thata mo a sa kgoneng go ntsha nku, Modimo o ne a itumelela go amogela sengwe se a neng a ka kgona go se ntsha—maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi.
(Lefitiko 5:11) “‘Jaanong fa a se na dithata tsa go bona maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye, foo a tlise e le tshupelo ya gagwe ya boleo jo a bo dirileng, nngwesomeng ya ifa ya bupi jo bo boleta ya tshupelo ya boleo. A se ka a tshela leokwane mo go yone gape a se ka a baya lebano mo go yone, gonne ke tshupelo ya boleo.
O Itse se re Kgonang go se Dira
Go tweng fa e le gore motho o ne a sa kgone go ntsha le e leng dinonyane tse pedi? Molao o ne o re: “Foo a tlise e le tshupelo ya gagwe ya boleo jo a bo dirileng, nngwesomeng ya ifa [dikopi di le robedi kgotsa di le robonngwe] ya bupi jo bo boleta ya tshupelo ya boleo.” (Temana 11) Jehofa o ne a dira gore batho ba ba humanegileng thata ba ntshe tshupelo ya boleo ba sa dirise madi. Kwa Iseraele, go humanega go ne go sa thibele ope go bona masego a tetlanyo kgotsa tshiamelo ya go dira kagiso le Modimo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Lefitiko 5:1) “‘Jaanong fa go direga gore moya o leofe ka go bo o utlwile go tlhapadiwa phatlalatsa mme e le mosupi kgotsa a bone seo kgotsa a itse ka sone, fa a sa se bege, foo a a arabele tlolo ya gagwe.
Ithute mo Batlhankeng ba ba Ikanyegang ba ga Jehofa
Jehofa ke ene wa ntlha yo re tshwanetseng go ikanyega mo go ene mme go tswa foo re ka ikanyega le mo bathong ba bangwe ka go ba akanyetsa. Ka sekai, gongwe o na le bosupi jwa gore Mokeresete mongwe o dirile boleo jo bo masisi. O ka tswa o batla go ikanyega mo go ene, segolobogolo fa e le tsala ya gago kgotsa e le mongwe wa losika. Mme gape, o a itse gore go botlhokwa gore o ikanyege mo go Jehofa. Ka jalo, fela jaaka Nathane, ikanyege mo go Jehofa mme o akanyetse Mokeresete yoo. Mmolelele gore a kope bagolwane gore ba mo thuse le gore a dire jalo ka potlako. Fa a sa dire jalo, bolelela bagolwane. Fa o dira jalo, o bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, o tla bo o bontsha Mokeresete yoo gore o a mo akanyetsa ka gonne bagolwane ba tla kgona go mo thusa gore a baakanye botsala jwa gagwe le Jehofa. Ba tla mo thusa ka bonolo.—Bala Lefitiko 5:1; Bagalatia 6:1.
(Lefitiko 5:15, 16) “Fa go direga gore moya o itshware ka go tlhoka boikanyegi ka go leofela dilo tse di boitshepo tsa ga Jehofa ka phoso, foo a a tlise phelefu e e itekanetseng sentle kwa go Jehofa e e tswang mo letsomaneng e le tshupelo ya gagwe ya molato, go ya ka tlhwatlhwa e e akanyeditsweng ya dishekele tsa selefera, ka shekele ya lefelo le le boitshepo, e le tshupelo ya molato. 16 Mme o tla duelela boleo jo a bo diretseng lefelo le le boitshepo mme o tla e oketsa ka nngwetlhanong ya yone, mme a e neye moperesiti, gore moperesiti a mo direle tetlanyo ka phelefu ya tshupelo ya molato, mme a bo itshwarelwe.
it-1-E 1130 ¶2
Boitshepo
Diphologolo le Dilo Tse di Lemiwang. Jehofa o ne a leba maitibolo a dipoo, dinku le dipodi di le boitshepo mme batho ba ne ba sa tshwanela go itseela tsone. Diphologolo tseno di ne di ntshiwa setlhabelo mme dikarolo tse dingwe tsa tsone di ne di newa baperesiti. (Dip 18:17-19) Gape mabutswapele le ditsabosome di ne di le boitshepo, mmogo le ditlhabelo le dimpho tse di neng di ntshiwa mo lefelong le le boitshepo. (Ek 28:38) Dilo tseno tse di neng di ntshediwa Jehofa di ne di le boitshepo mme di ne di sa tshwanela go nyatsiwa kgotsa go dirisediwa ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Re bona seo mo molaong o o buang ka ditsabome. Ka sekai, fa monna a ne a beile kwa thoko ditsabosome tsa korong gore a tle a di ntshetse Jehofa, mme ene kgotsa mongwe mo lelapeng la gagwe a bo a di dirisetsa ditiro tsa mo lelapeng ka phoso jaaka go apaya, monna yono o ne a le molato ka gonne ga a tlotla dilo tse di boitshepo tsa Modimo. Molao o ne o re motho yoo o tshwanetse go ntsha setlhabelo ka phelefu e e itekanetseng le go duela madi a se a neng a se dirisitse a bo a duela nngwetlhanong ya madi ao. Ka mafoko a mangwe seno se raya gore fa e le gore korong e ne e le dishekele di le 20, o ne a tshwanetse go duela dishekele tseo tse 20 mo godimo ga moo, a bo a duela dishekele di le nnê. Ka jalo, molao ono o ne wa dira gore batho ba tlotle dilo tse di boitshepo tsa ga Jehofa.—Lef 5:14-16.
Mmalo wa Baebele
(Lefitiko 4:27–5:4) “‘Mme fa moya ope fela wa batho ba lefatshe o leofa e se ka boomo ka go dira ga gagwe sengwe sa dilo tse Jehofa a laelang gore di se ka tsa dirwa mme a nna molato, 28 kgotsa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo a bo dirileng, foo a a tlise potsane e namagadi e e itekanetseng sentle e le tshupelo ya gagwe, a e tlisetse boleo jwa gagwe jo a bo dirileng. 29 Mme a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo a bo a tlhaba tshupelo ya boleo mo go lone lefelo leo e le tshupelo e e fisiwang. 30 Mme moperesiti a tseye mangwe a madi a yone ka monwana a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme a tshele madi a mangwe otlhe a yone kwa tlase mo sebesong. 31 Mme a ntshe mafura otlhe a yone, fela jaaka mafura a ne a ntshiwa mo setlhabelong sa kabalano; mme moperesiti a a kuise mosi mo sebesong jaaka lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa; mme moperesiti a mo direle tetlanyo, mme a bo itshwarelwe. 32 “‘Mme fa a ka tlisa kwanyana e le tshupelo ya gagwe ya tshupelo ya boleo, a a tlise kwanyana e namagadi e e itekanetseng sentle. 33 Mme a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo a bo a e tlhaba jaaka tshupelo ya boleo mo lefelong le tshupelo e e fisiwang e tlhabelwang mo go lone ka metlha. 34 Mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya boleo ka monwana a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme a tshele madi a mangwe otlhe a yone kwa tlase mo sebesong. 35 Mme a ntshe mafura otlhe a yone fela jaaka mafura a phelefu e potlana ya setlhabelo sa kabalano a ntshiwa ka metlha, mme moperesiti a a kuise mosi mo sebesong mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo; mme moperesiti a mo direle tetlanyo ya boleo jwa one jo o bo dirileng, mme o bo itshwarelwe.
5 “‘Jaanong fa go direga gore moya o leofe ka go bo o utlwile go tlhapadiwa phatlalatsa mme e le mosupi kgotsa a bone seo kgotsa a itse ka sone, fa a sa se bege, foo a a arabele tlolo ya gagwe. 2 “‘Kgotsa fa moya o ama selo sengwe se se itshekologileng, e ka ne e le setoto sa sebatana se se itshekologileng sa naga kgotsa setoto sa seruiwa se se itshekologileng kgotsa setoto sa sebopiwa se se itshekologileng se se nyeulang, le mororo go mo fitlhegetse, le fa go ntse jalo o itshekologile e bile o molato. 3 Kgotsa fa go direga gore a ame boitshekologo jwa motho ka ga boitshekologo bope jwa gagwe jo a ka itshekologang ka jone, le mororo go ne go mo fitlhegetse, mme ene ka boene jaanong a itse ka gone, foo o molato. 4 “‘Kgotsa fa go direga gore moya o ikane gore o bo o bue ka dipounama tsa one o sa akanye, go dira bosula kgotsa go dira molemo, ka ga sepe fela se motho a ka se buang a ikana, le mororo go ne go mo fitlhegetse, mme jaanong a itse ka gone, foo o molato ka ga sengwe sa dilo tseno.
NOVEMBER 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 6-7
“Go Bontsha Ditebogo”
(Lefitiko 7:11, 12) “‘Jaanong ono ke molao wa setlhabelo sa kabalano se motho ope fela a tla se isetsang Jehofa: 12 Fa e le gore o tla se isa e le go bontsha go ntsha ditebogo, foo mmogo le setlhabelo sa go ntsha ditebogo, a a ise dikuku tse di sa bedisiwang tse di bopegileng jaaka maseka di kolobeditswe ka leokwane le dipapetlana tsa senkgwe tse di sa bedisiwang tse di tshasitsweng leokwane le bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng sentle jaaka dikuku tse di bopegileng jaaka maseka tse di kolobeditsweng ka leokwane.
Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?
Thuto ya bobedi: Re direla Jehofa ka gonne re lebogela dilo tse a re direlang tsone. Gore re kgone go tlhaloganya ntlha eno, mma re tlotle ka ditlhabelo tsa kabalano tse Baiseraele ba neng ba di ntsha. Mo bukeng ya Lefitiko, go tlhalosiwa gore Moiseraele o ne a kgona go ntsha setlhabelo sa kabalano “e le go bontsha go ntsha ditebogo.” (Lefi. 7:11-13, 16-18) O ne a ntsha setlhabelo seno ka go rata a sa patelediwe ke ope. O ne a dira jalo ka gonne a rata Jehofa. Motho yoo le ba lelapa la gagwe mmogo le baperesiti ba ne ba ja nama ya phologolo e e neng e ntshitswe setlhabelo. Mme gone, dikarolo dingwe tsa phologolo eo di ne di ntshediwa Jehofa. E ne e le dikarolo dife?
(Lefitiko 7:13-15) Mmogo le dikuku tse di bopegileng jaaka maseka tsa senkgwe se se bedisitsweng a ise tshupelo ya gagwe mmogo le setlhabelo sa go ntsha ditebogo sa ditlhabelo tsa gagwe tsa kabalano. 14 Mme go tswa mo go tsone a isetse Jehofa e le nngwe ya tshupelo nngwe le nngwe jaaka karolo e e boitshepo; fa e le moperesiti yo o kgatšhang madi a ditlhabelo tsa kabalano, e tla nna ya gagwe. 15 Mme nama ya setlhabelo sa go ntsha ditebogo ya ditlhabelo tsa gagwe tsa kabalano e jewe mo letsatsing la tshupelo ya gagwe. A se ka a baya epe ya yone go fitlha mo mosong.
Ditlhabelo Tse di Neng Tsa Itumedisa Modimo
Tshupelo e nngwe e e neng e ntshiwa e ne e le setlhabelo sa kabalano, e e tlhalosiwang mo go Lefitiko kgaolo 3. Leina leno gape le ka ranolwa e le “setlhabelo sa tshupelo ya kagiso.” Ka Sehebera, lefoko “kagiso” ga le kaye fela maemo a go se nne le ntwa kana kgoberego. Buka ya Studies in the Mosaic Institutions e bolela jaana: “Mo Baebeleng, le kaya seno mme gape le kaya go nna le kagiso le Modimo kana boemo jwa katlego, boipelo le boitumelo.” Ka gone, batho ba ba neng ba amogelwa ke Modimo ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa kabalano e seng gore ba dire kagiso le Modimo jaaka e kete ba mo reba bogale, go na le moo, ba ne ba di ntsha go bontsha fa ba anaanela, kana ba itumelela kagiso e Modimo a ba segofaditseng ka yone. Baperesiti le motho yo o neng a ntsha setlhabelo ba ne ba ja setlhabelo morago ga gore madi le mafura di ntshediwe Jehofa tshupelo. (Lefitiko 3:17; 7:16-21; 19:5-8) Baperesiti le motho yo o neng a ntsha setlhabelo ba ne ba ja mmogo le Jehofa Modimo, e leng se se neng se tshwantshetsa ka tsela e e kgatlhang kamano ya kagiso e ba neng ba na le yone.
(Lefitiko 7:20) “‘Mme moya o o jang nama ya setlhabelo sa kabalano, se e leng sa ga Jehofa, fa boitshekologo jwa gagwe bo sa ntse bo le mo go ene, moya oo o kgaolwe mo bathong ba ga one.
Ditlhabelo Tsa Pako Tse di Itumedisang Jehofa
Go tweng ka motho yo o neng a ntsha setlhabelo? Molao o ne o laela gore motho mongwe le mongwe yo o neng a tla fa pele ga Jehofa o ne a tshwanetse go nna phepa a se na selabe. Motho yo o neng a leswafetse ka ntlha ya lebaka lepe fela o ne a tshwanelwa ke go ntsha pele tshupelo ya boleo kana ya molato gore a boe a nne phepa gape fa pele ga Jehofa e le gore A amogele tshupelo ya gagwe ya phiso kana setlhabelo sa kabalano. (Lefitiko 5:1-6, 15, 17) Ka gone, a re lemoga gore ke eng fa ka metlha go le botlhokwa gore re ipoloke re le phepa fa pele ga Jehofa? Fa e le gore re batla gore Modimo a amogele kobamelo ya rona, re tshwanetse go nna bonako go baakanya diphoso dipe fela tse re di direlang Modimo. Re tshwanetse go nna bonako go dirisa tsela e Modimo a re diretseng yone ya go re thusa—“banna ba bagolwane ba phuthego” le “setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona,” e bong Jesu Keresete.—Jakobe 5:14; 1 Johane 2:1, 2.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Lefitiko 6:13) Molelo o tla bolokwa o ntse o tuka ka metlha mo sebesong. O se ka wa tima.
it-1-E 833 ¶1
Molelo
Molelo o o neng go dirisiwa mo motlaaganeng le mo tempeleng. Molelo o o neng o dirisiwa mo motlaaganeng e ne e le karolo ya kobamelo mme moragonyana o ne wa dirisiwa kwa tempeleng. Moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo moso mongwe le mongwe le ka lotlatlana. (Ek 30:7, 8) Molao wa Modimo o ne o re molelo o o mo sebesong sa ditshupelo tse di fisiwang o ne o tshwanetse go nna o ntse o tuka. (Lef 6:12, 13) Bajuda ba ne ba dumela gore molelo o o mo sebesong o ne o simolotswe ke Modimo ka tsela ya kgakgamatso. Le fa gone batho ba le bantsi ba dumela kgang eno, Baebele yone ga e bue jalo. Go ya ka ditaelo tse Jehofa a di neileng Moshe, bomorwa Arone ba ne ba tshwanetse go gotsa “molelo mo sebesong ba bo ba baya dikgong ka thulaganyo mo molelong” pele ba ka isa setlhabelo kwa sebesong. (Lef 1:7, 8) Molelo o o neng o tswa kwa go Jehofa gongwe o ne o tswa mo lerung le le neng le le mo godimo ga motlaagana. Molelo oo, o ile wa fisa setlhabelo se se neng se le mo sebesong mme seo se ile sa direga morago ga gore go tlhomiwe baperesiti le gore ba ntshe setlhabelo sa bone sa ntlha. Ka jalo, molelo o o neng o tswa kwa go Jehofa ka kgakgamatso o ne o sa tukise dikgong mo sebesong mme gone o ne o fisa ‘tshupelo le dinama tsa yone tse di mafura mo sebesong.’ Seno se raya gore molelo o o neng o nna o tuka mo sebesong e ne e molelo o o tswang kwa Modimong o kopane le molelo o o setseng o gotsitswe mo sebesong. (Lef 8:14–9:24) Gape seo se ile sa direga fa tempele e ne e neelwa. Fa Solomone a sena go rapela, molelo o o tswang kwa go Jehofa o ne wa fisa ditlhabelo tse di neng di ntshitswe.—2Dit 7:1; fa o batla go bona dikai tse dingwe tsa fa Jehofa a ne a dirisa molelo ka kgakgamatso go amogela ditlhabelo tse di neng di ntshitswe ke batlhanka ba gagwe, bona Baatl 6:21; 1Dik 18:21-39; 1Dit 21:26.
(Lefitiko 6:25) “Bua le Arone le bomorwawe, o re, ‘Ono ke molao wa tshupelo ya boleo: Tshupelo ya boleo e tla tlhabelwa fa pele ga ga Jehofa mo lefelong le tshupelo e e fisiwang e tlhabelwang mo go lone ka metlha. Ke selo se se boitshepotshepo.
Buka ya Bibela ya bo 3—Lefitiko
(3) Tshupelo ya boleo e ne e batlega mo maleong ao e neng e se a ka boomo, kana maleo ao a dirilweng ka phoso. Mofuta wa phologolo eo e ntshiwang o ikaegile ka motho yo boleo jono bo letlanyetswang ene—e leng moperesiti, batho ka kakaretso, kgosana, kana motho fela yo o tlwaelegileng. Setlhabelo sa boleo se ne se farologane le ditshupelo tsa phiso tse di dirwang ka boithatelo mmogo le tsa kagiso tseo di neng di direlwa batho ka bongwe ka gonne sone o ne o patelesega go se dira.—4:1-35; 6:24-30.
Mmalo wa Baebele
(Lefitiko 6:1-18) Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re: 2 “Fa go direga gore moya o leofe ka go itshwara ka go tlhoka boikanyegi mo go Jehofa a bo a tsietsa mongwe ka ene kaga sengwe se se mo tlhokomelong ya gagwe kgotsa sebeelo mo seatleng kgotsa bonokwane kgotsa a direla mongwe ka ene ka boferefere, 3 kgotsa a bona sengwe se se latlhegileng a bo a tsietsa ka sone a ikana ka maaka kaga sepe sa dilo tsotlhe tse motho a ka di dirang gore a leofe ka tsone; 4 foo go tla diragala gore fa a ka leofa a bo ruri a nna molato, o tla busa selo se se thukuthilweng se a se thukuthileng kgotsa selo se se tserweng ka dikgoka se a se tsereng ka boferefere kgotsa selo se se mo tlhokomelong ya gagwe se se neng sa bewa mo tlhokomelong ya gagwe kgotsa selo se se latlhegileng se a se boneng, 5 kgotsa sepe fela se a ka ikanang ka sone ka maaka, o tla se duelela ka selekanyo sa sone se se tletseng, mme o tla se oketsa ka nngwetlhanong ya sone. O tla se naya yo e leng sa gagwe mo letsatsing le go ntshiwang bosupi jwa molato wa gagwe ka lone. 6 Mme e le tshupelo ya gagwe ya molato, o tla tlisa mo go Jehofa phelefu e e itekanetseng sentle e e tswang mo letsomaneng ya tshupelo ya molato, e e yang kwa moperesiting, go ya ka tlhwatlhwa e e akanyeditsweng. 7 Mme moperesiti a mo direle tetlanyo fa pele ga ga Jehofa, mme ka jalo a itshwarelwe sepe sa dilo tsotlhe tse a ka nnang a di dira se se felelang ka gore a nne molato ka ntlha ya sone.” 8 Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re: 9 “Laela Arone le bomorwawe, o re, ‘Ono ke molao wa tshupelo e e fisiwang: Tshupelo e e fisiwang e tla nna mo leisong mo sebesong bosigo jotlhe go fitlha mo mosong, mme molelo wa sebeso o tla gotsiwa mo go sone. 10 Mme moperesiti a apare seaparo se se mo tlhaolang sa leloba, mme a apese nama ya gagwe marokgwe a kafa teng a leloba. Go tswa foo a ntshe melora e e mafura ya tshupelo e e fisiwang e molelo o e lailang ka metlha mo sebesong, a e beye fa thoko ga sebeso. 11 Mme a apole diaparo tsa gagwe a bo a apara diaparo tse dingwe, mme a ntshetse melora e e mafura kwa lefelong le le phepa kwa ntle ga bothibelelo. 12 Mme molelo o o mo sebesong o bolokwe o ntse o tuka mo go sone. O se ka wa tima. Moperesiti a fise dikgong mo go one moso le moso a bo a baya tshupelo e e fisiwang ka thulaganyo mo go one, mme a kuise dinama tse di mafura tsa ditlhabelo tsa kabalano mosi mo go one. 13 Molelo o tla bolokwa o ntse o tuka ka metlha mo sebesong. O se ka wa tima. 14 “‘Jaanong ono ke molao wa tshupelo ya dijo tsa ditlhaka: Lona bomorwa Arone, e iseng fa pele ga ga Jehofa fa pele ga sebeso. 15 Mme mongwe wa bone a tabole selekanyo sa seatla sa bongwe jwa bupi jo bo boleta jwa tshupelo ya dijo tsa ditlhaka le lengwe la leokwane la yone le lebano lotlhe le le mo tshupelong ya dijo tsa ditlhaka, mme a di kuise mosi mo sebesong jaaka lonko lo lo ritibatsang lo lo yang kwa go Jehofa lwa segopotso sa lone. 16 Mme mo go salang ga yone Arone le bomorwawe ba tla go ja. Go tla jelwa mo lefelong le le boitshepo jaaka dikuku tse di sa bedisiwang. Ba tla go jela mo lolwapeng lwa mogope wa bokopanelo. 17 Go se ka ga besiwa ka sepe se se bedisitsweng. Ke go ba neile go nna kabelo ya bone e e tswang mo ditshupelong tsa me tse di dirwang ka molelo. Ke selo se se boitshepotshepo, jaaka tshupelo ya boleo le jaaka tshupelo ya molato. 18 Motho mongwe le mongwe wa monna mo go bomorwa Arone o tla go ja. Ke kabelo ya bosakhutleng go ya le dikokomana tsa lona e e tswang mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo. Sengwe le sengwe se se ka di amang se tla nna boitshepo.’”
NOVEMBER 30–DECEMBER 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 8-9
“Jehofa O ne A ba Amogela”
(Lefitiko 8:6-9) Ka jalo Moshe a atametsa Arone le bomorwawe mme a ba tlhapisa ka metsi. 7 Morago ga moo a mo apesa seaparo se se telele mme a mo gatlha ka moitlamo wa lotheka a ba a mo apesa seaparo se se se nang mabogo le go mo apesa khiba a ba a mo gatlha ka moikgatlho wa khiba a ba a e bofelela thata mo go ene. 8 Morago ga moo a baya letlatla la sehuba mo go ene a ba a tsenya Urime le Thumime mo letlatleng la sehuba. 9 Morago ga moo a mo rwesa sethathelela tlhogo mo tlhogong a ba a baya papetla e e phatsimang ya gouta mo sethathelela tlhogong ka kwa pele ga sone, letshwao le le boitshepo la boineelo, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
(Lefitiko 8:12) La bofelo a tshela lengwe la leokwane le le tlotsang mo tlhogong ya ga Arone mme a mo tlotsa gore a mo itshepise.
it-1-E 1207
Go Tlhoma Baperesiti
Moshe o ne a tlhapisa Arone le bomorwawe e bong, Nadabe, Abihu, Eliasare le Ithamare (kgotsa o ne a ba laela gore ba itlhapise) kwa mogotšwaneng wa kgotlho [kgotsa sekotlele se sennye sa kopore] o o neng o le kwa lolwapeng, a bo a apesa Arone diaparo tse di galalelang tsa moperesiti yo mogolo. (Dip 3:2, 3) Diaparo tse Arone a neng a di apere di bontsha dinonofo le maikarabelo a go nna moperesiti yo mogolo. Go tswa foo, Moshe o ne a tlotsa motlaagana ka leokwane a bo a tlotsa dilwana tsotlhe tse di mo go one le sebeso sa tshupelo e e fisiwang le mogotšwana wa kgotlho. Fa Moshe a ne a dira seno, o ne a dira gore di nne boitshepo gore di kgone go dirisiwa fa go direlwa Jehofa ditiro tse di boitshepo. Kwa bofelong, Moshe o ne a tlotsa Arone ka go tshela leokwane mo tlhogong ya gagwe.—Lef 8:6-12; Ek 30:22-33; Pes 133:2.
(Lefitiko 9:1-5) Mme ga diragala mo letsatsing la borobedi gore Moshe a bitse Arone le bomorwawe le banna ba bagolwane ba Iseraele. 2 Mme a raya Arone a re: “Itseele namane e potlana ya tshupelo ya boleo le phelefu ya tshupelo e e fisiwang, tse di itekanetseng sentle, mme o di ise fa pele ga ga Jehofa. 3 Mme o bue le bomorwa Iseraele o re, ‘Tsayang podi e tonanyana ya tshupelo ya boleo le namane le phelefu e potlana, nngwe le nngwe e na le ngwaga o le mongwe, tse di itekanetseng sentle, tsa tshupelo e e fisiwang, 4 le poo le phelefu tsa ditlhabelo tsa kabalano gore lo di ntshe setlhabelo fa pele ga ga Jehofa, le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka tse di kolobeditsweng ka leokwane, ka gonne Jehofa o tla bonala mo go lona gompieno.’” 5 Ka jalo ba tsaya se Moshe a neng a se laotse fa pele ga mogope wa bokopanelo. Morago ga moo phuthego yotlhe ya atamela ya ema fa pele ga ga Jehofa.
it-1-E 1208 ¶8
Go Tlhoma Baperesiti
Mo letsatsing la borobedi, baperesiti ba ba sa tswang go tlhomiwa ba ne ba dira kabelo ya bone lekgetlo la ntlha (kwantle ga thuso ya ga Moshe). Ba ne ba direla setšhaba sa Iseraele tetlanyo gore ba itshwarelwe maleo ka gonne ba ne ba tlhoka go phepafadiwa. Ba ne ba tlhoka go dirwa jalo ka gonne ga ba itekanela e bile ba ne ba sa ikobela Jehofa ka gonne ba ne ba itiretse namane ya gauta. (Lef 9:1-7; Ek 32:1-10) Kwa bofelong jwa tiragalo eno, Jehofa o ne a bontsha gore o amogela baperesiti ba ba sa tswang go tlhomiwa ka go dira gore molelo o fise setlhabelo se se neng se le mo sebesong. Molelo oo o ne o tswa mo pilareng ya leru e e neng e le mo godimo ga motlaagana.—Lef 9:23, 24.
(Lefitiko 9:23, 24) La bofelo Moshe le Arone ba tsena mo teng ga mogope wa bokopanelo mme ba tswa ba segofatsa batho. Foo kgalalelo ya ga Jehofa ya bonala mo bathong botlhe, 24 mme molelo wa tswa fa pele ga ga Jehofa wa simolola go laila tshupelo e e fisiwang le dinama tse di mafura mo sebesong. E rile batho botlhe ba bona seno, ba simolola go goa mme ba wa ka difatlhego.
Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?
Thuto ya bonê: Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. Akanya ka se se ileng sa direga ka 1512 B.C.E. fa go ne go tlhomiwa motlaagana. (Ekes. 40:17) Go ne go dirilwe mokete wa go tlhoma Arone le bomorwawe gore e nne baperesiti. Baiseraele ba ne ba tlile go bona fa ba baperesiti ba ntsha ditlhabelo lekgetlo la ntlha. (Lefi. 9:1-5) Jehofa o ile a dirang go bontsha gore o amogela baperesiti bao ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa? Fa Moshe le Arone ba ntse ba segofatsa batho, Jehofa o ile a romela molelo go tswa kwa legodimong mme molelo oo o ile wa fisa ditlhabelo tse di neng di setse mo sebesong.—Lefitiko 9:23, 24.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Lefitiko 8:6) Ka jalo Moshe a atametsa Arone le bomorwawe mme a ba tlhapisa ka metsi.
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo
Ntlha ya go bo baperesiti ba Iseraele ba ne ba tshwanetse go nna phepa mo mmeleng e na le bokao jwa mmatota mo bathong ba ga Jehofa gompieno. Gantsi batho ba re ithutang Baebele le bone ba lemoga gore mafelo a re obamelang mo go one a phepa le gore tsela e re aparang ka yone e rulagane sentle. Le fa go ntse jalo, go nna phepa ga baperesiti go re thusa go lemoga gore motho ope fela yo o tlhatlogelang kwa thabeng e e tsholetsegileng ya kobamelo ya ga Jehofa o tshwanetse go nna “phepa mo pelong.” (Bala Pesalema 24:3, 4; Isa. 2:2, 3.) Re tshwanetse go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka megopolo le dipelo tse di ntlafaditsweng le mebele e e phepa. Seno se tlhoka gore re nne re itlhatlhoba gangwe le gape, mme morago ga moo bangwe ba ka tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo tota gore ba nne boitshepo. (2 Bakor. 13:5) Ka sekai, motho yo o kolobeditsweng yo o lebang tshedimosetso e e tsosang keletso ya thobalano ka boomo o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A se ke se dirang se bontsha gore ke boitshepo?’ Go tswa foo o tshwanetse go kopa thuso gore a fenye mokgwa oo o o leswe.—Jak. 5:14.
(Lefitiko 8:14-17) Morago ga moo a isa poo ya tshupelo ya boleo mme Arone le bomorwawe ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya poo ya tshupelo ya boleo. 15 Mme Moshe a e tlhaba a tsaya madi a a tshasa mo dinakeng tsa sebeso ka monwana go dikologa mme a itshepisa sebeso mo boleong, mme a tshela madi a mangwe otlhe kwa tlase mo sebesong, go se itshepisa gore a dire tetlanyo mo go sone. 16 Morago ga moo a tsaya mafura otlhe a a neng a le mo godimo ga mala, le mafura a a mo godimo ga sebete le diphilo tse pedi le mafura a tsone mme Moshe a di kuisa mosi mo sebesong. 17 Mme a dira gore poo le letlalo la yone le nama ya yone le boloko jwa yone di fisiwe ka molelo kwa ntle ga bothibelelo, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.
it-2-E 437 ¶3
Moshe
Jehofa o ne a tlhoma Moshe gore e nne motsereganyi wa kgolagano ya Molao le setšhaba sa Iseraele. Ga go motho ope yo o kileng a nna le tshiamelo eno fa pele ga ga Jehofa ntle le Jesu Keresete yo e leng Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. Moshe o ne a kgatšha buka ya molao e e emelang Jehofa le batho botlhe (banna ba bagolwane ba Iseraele) ka madi a phologolo e e neng e ntshitswe setlhabelo. O ile a balela batho buka ya kgolagano mme ba bo ba araba ba re, “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng le go nna kutlo.” (Ek 24:3-8; Bah 9:19) Jaaka motsereganyi Moshe o ne a le teng fa go ne go agiwa motlaagana le fa go ne go dirwa dilwana tsa yone ka gonne Jehofa o ne a mmoleletse gore o batla gore o nne jang. Gape o ne a tlhoma baperesiti ka go tlotsa motlaagana le go tlotsa Arone moperesiti yo o mogolo ka leokwane le le kgethegileng. Go tswa foo, o ne a okamela ditiro tsa ntlha tse di neng di dirwa ke baperesiti ba ba sa tswang go tlhomiwa.—Ek kgao. 25-29; Lef kgao. 8, 9.
Mmalo wa Baebele
(Lefitiko 8:31–9:7) Foo Moshe a raya Arone le bomorwawe a re: “Bedisang nama fa kgorong ya mogope wa bokopanelo, mme moo ke teng mo lo tla e jelang gone le senkgwe se se leng mo serotong sa go tlhomiwa, fela jaaka ke ne ka newa taolo, go twe, ‘Arone le bomorwawe ba tla e ja.’ 32 Mme mo go setseng ga nama le senkgwe lo go fise ka molelo. 33 Mme lo se ka lwa tswa mo kgorong ya mogope wa bokopanelo malatsi a le supa, go fitlha ka letsatsi la go wela ga malatsi a go tlhomiwa ga lona, ka gonne go tla tsaya malatsi a le supa go thatafatsa seatla sa lona. 34 Fela jaaka go dirilwe mo letsatsing leno, Jehofa o laetse gore go dirwe jalo gore lo direlwe tetlanyo. 35 Mme lo tla nna kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo motshegare le bosigo malatsi a le supa, mme lo boloke maikarabelo a go lebelela a ga Jehofa, gore lo se ka lwa swa; gonne ke laetswe jalo.” 36 Arone le bomorwawe ba dira dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di laetse ka Moshe.
9 Mme ga diragala mo letsatsing la borobedi gore Moshe a bitse Arone le bomorwawe le banna ba bagolwane ba Iseraele. 2 Mme a raya Arone a re: “Itseele namane e potlana ya tshupelo ya boleo le phelefu ya tshupelo e e fisiwang, tse di itekanetseng sentle, mme o di ise fa pele ga ga Jehofa. 3 Mme o bue le bomorwa Iseraele o re, ‘Tsayang podi e tonanyana ya tshupelo ya boleo le namane le phelefu e potlana, nngwe le nngwe e na le ngwaga o le mongwe, tse di itekanetseng sentle, tsa tshupelo e e fisiwang, 4 le poo le phelefu tsa ditlhabelo tsa kabalano gore lo di ntshe setlhabelo fa pele ga ga Jehofa, le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka tse di kolobeditsweng ka leokwane, ka gonne Jehofa o tla bonala mo go lona gompieno.’” 5 Ka jalo ba tsaya se Moshe a neng a se laotse fa pele ga mogope wa bokopanelo. Morago ga moo phuthego yotlhe ya atamela ya ema fa pele ga ga Jehofa. 6 Mme Moshe a tswelela a re: “Seno ke se Jehofa o laetseng gore lo se dire, gore kgalalelo ya ga Jehofa e tle e bonale mo go lona.” 7 Mme Moshe a raya Arone a re: “Atamela fa sebesong o ise tshupelo ya gago ya boleo le tshupelo ya gago e e fisiwang, mme o direle wena le ntlo ya gago tetlanyo; mme o ise tshupelo ya batho o ba direle tetlanyo, fela jaaka Jehofa a laetse.”