LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr20 December ts. 1-12
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
  • Ditlhogwana
  • DECEMBER 7-13
  • MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 10-11
  • “Rata Jehofa go Feta Lelapa la Gago”
  • it-1-E 1174
  • Dilo Tse di Seng ka fa Molaong
  • w11 7/15 31 ¶16
  • Boikhutso Jwa Modimo—A o Tsene mo go Jone?
  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
  • w14 11/15 17 ¶18
  • Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona
  • it-1-E 111 ¶5
  • Diphologolo
  • Mmalo wa Baebele
  • DECEMBER 14-20
  • MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 12-13
  • “Ithute mo Melaong e e Buang ka Batho ba ba Tshwerweng ke Lepero”
  • wp18.1 7
  • A E Feletswe Ke Nako Kgotsa E Mo Nakong?
  • wp16.4 9 ¶1
  • A o Ne o Itse?
  • it-2-E 238 ¶3
  • Lepero
  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
  • w04 5/15 23 ¶2
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko
  • wp18.1 7
  • A E Feletswe Ke Nako Kgotsa E Mo Nakong?
  • Mmalo wa Baebele
  • DECEMBER 21-27
  • MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 14-15
  • “Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Phepa”
  • it-1-E 263
  • Go Tlhapa
  • it-2-E 372 ¶2
  • Fa Mosadi A le Mo Kgweding
  • it-1-E 1133
  • Lefelo le le Boitshepo
  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
  • it-1-E 665 ¶5
  • Tsebe
  • g 1/06 14, lebokoso
  • Mouta—O ka Go Tswela Mosola e Bile o ka Nna Kotsi!
  • A GO NE GO NA LE MOUTA MO METLHENG YA BAEBELE?
  • Mmalo wa Baebele
  • DECEMBER 28–JANUARY 3
  • MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 16-17
  • “Re ka Ithuta Eng mo Letsatsing la Tetlanyo?”
  • w19.11 21 ¶4
  • Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?
  • w19.11 21 ¶5
  • Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?
  • w19.11 21 ¶6
  • Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?
  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
  • w09 8/15 6 ¶17
  • Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo E re E Newang ke Modimo
  • w14 11/15 10 ¶10
  • Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo
  • Mmalo wa Baebele
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2020
mwbr20 December ts. 1-12

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

DECEMBER 7-13

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 10-11

“Rata Jehofa go Feta Lelapa la Gago”

(Lefitiko 10:1, 2) Moragonyana bomorwa Arone e leng Nadabe le Abihu, mongwe le mongwe wa bone a tsaya setsholamolelo sa gagwe a tla le sone mme ba tsenya molelo mo go tsone ba bo ba tsenya maswalo mo go tsone, ba simolola go isa molelo o o seng kafa molaong fa pele ga ga Jehofa, o a neng a sa o ba laolela. 2 Foo molelo wa tswa fa pele ga ga Jehofa wa ba laila, mo ba neng ba swela fa pele ga ga Jehofa.

it-1-E 1174

Dilo Tse di Seng ka fa Molaong

Molelo le Maswalo a a Seng ka fa Molaong. Mo go Lefitiko 10:1, lefoko la Sehebera e leng zar le dirisiwa go tlhalosa ‘molelo o o seng ka fa molaong o Modimo a neng a sa laela ope go o dira.’ Mme barwa ba ga Arone e bong, Nadabe le Abihu, ba ile ba isetsa Jehofa molelo oo o o neng o se ka fa molaong mme Jehofa o ile a ba laila ka molelo. (Lef 10:2; Dip 3:4; 26:61) Fa seno se sena go direga, Jehofa o ile a raya Arone a re: “O se ka wa nwa beine kgotsa bojalwa jo bo tagang, wena mmogo le bomorwao, fa lo tla mo mogopeng wa bokopanelo, gore lo se ka lwa swa. Ke molao mo dikokomaneng tsa lona ka bosakhutleng, gore lo tle lo dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo le fa gare ga selo se se sa itshekang le se se itshekileng, le gore lo rute bomorwa Iseraele melao yotlhe e Jehofa a e buileng le bone ka Moshe.” (Lef 10:8-11) Go lebega Nadabe le Abihu ba ne ba tagilwe ka nako eo, mme seo ke sone se se dirileng gore ba nne le sebete sa go ntsha molelo o o seng ka fa molaong. Molelo o ka tswa o ne o se ka fa molaong ka ntlha ya nako e o neng o dirwa ka yone le ka ntlha ya kwa o neng o direlwa gone. Gape o ne o se ka fa molaong ka ntlha tsela e go neng go ntshiwa tshupelo ka yone le ka ntlha ya maswalo a a neng a dirwa a a neng a sa tshwane le motswako o o tlhalositsweng mo go Ekesodo 30:34, 35. Le fa Nadabe le Abihu ba ne ba dirile molelo oo ka gonne ba ne ba tagilwe, se se salang ke gore, ba ne ba leofile.

(Lefitiko 10:4, 5) Ka jalo Moshe a bitsa Mishaele le Elisafane, bomorwa Usiele, morwarraagwe rraagwe Arone, a ba raya a re: “Atamelang, tlosang bomorwarraalona fa pele ga lefelo le le boitshepo lo ba ise kwa ntle ga bothibelelo.” 5 Ka jalo ba atamela ba ba tsaya ba le mo diaparong tsa bone tse di telele ba ba isa kwa ntle ga bothibelelo, fela jaaka Moshe a ne a buile.

(Lefitiko 10:6, 7) Morago ga moo Moshe a raya Arone le Eliasare le Ithamare bomorwawe ba bangwe a re: “Lo se ka lwa letla ditlhogo tsa lona go nna di sa baakanngwa, le gone lo se ka lwa gagola diaparo tsa lona, gore lo se ka lwa swa le gore a se ka a galefela phuthego yotlhe; mme bomorwarraalona ba ntlo yotlhe ya Iseraele ba tla lela ka ntlha ya go tuka, mo Jehofa a dirileng gore go tuke. 7 Gape lo se ka lwa tswa mo kgorong ya mogope wa bokopanelo e se re kgotsa lwa swa, ka gonne leokwane le le tlotsang la ga Jehofa le mo go lona.” Ka jalo ba dira go ya ka lefoko la ga Moshe.

w11 7/15 31 ¶16

Boikhutso Jwa Modimo—A o Tsene mo go Jone?

Morwarragwe Moshe e bong Arone o ne a lebana le boemo jo bo boima ka ntlha ya bomorwawe ba babedi. Akanya kafa a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka teng fa bomorwawe e bong Nadabe le Abihu ba ntshetsa Jehofa setlhabelo se se sa tshwanelang mme Jehofa a bo a ba bolaya. Gone ke boammaaruri gore seo se ile sa kgaotsa kamano epe fela e banna bao ba neng ba ka nna le yone le batsadi ba bone. Mme ga go felele foo. Jehofa o ne a laela Arone le bomorwawe ba ba ikanyegang jaana: “Lo se ka lwa letla ditlhogo tsa lona go nna di sa baakanngwa, le gone lo se ka lwa gagola diaparo tsa lona [ka ntlha ya go hutsafala], gore lo se ka lwa swa le gore [Jehofa] a se ka a galefela phuthego yotlhe.” (Lefi. 10:1-6) Se re ithutang sone fano se a utlwala. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tshwanetse go feta lo re ratang ba malapa a rona ba ba sa ikanyegeng.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Lefitiko 10:8-11) Mme Jehofa a bua le Arone, a re: 9 “O se ka wa nwa beine kgotsa bojalwa jo bo tagang, wena mmogo le bomorwao, fa lo tla mo mogopeng wa bokopanelo, gore lo se ka lwa swa. Ke molao mo dikokomaneng tsa lona ka bosakhutleng, 10 gore lo tle lo dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo le fa gare ga selo se se sa itshekang le se se itshekileng, 11 le gore lo rute bomorwa Iseraele melao yotlhe e Jehofa a e buileng le bone ka Moshe.”

w14 11/15 17 ¶18

Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona

Gore re nne boitshepo, re tshwanetse go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko le go dira se Modimo a se batlang. Ela tlhoko sekai sa bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu, ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya go “isa molelo o o seng kafa molaong,” gongwe ba tagilwe. (Lefi. 10:1, 2) Utlwa se Modimo a ileng a se bolelela Arone morago ga moo. (Bala Lefitiko 10:8-11.) A mafoko ao a kaya gore ga re a tshwanela go nwa sepe se se nang le bojalwa pele ga re ya dipokanong tsa Bokeresete? Akanya ka dintlha tseno: Ga re mo tlase ga Molao. (Bar. 10:4) Kwa dinageng dingwe, badumedi ka rona ba nwa dino tse di nang le bojalwa ka tekanyetso ka nako ya dijo pele ba ya dipokanong. Ka nako ya Tlolaganyo, go ne go dirisiwa dinwelo di le nnè tsa beine. Fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nwa beine e e neng e tshwantshetsa madi a gagwe. (Math. 26:27) Baebele e kgala go nwa bobe le botagwa. (1 Bakor. 6:10; 1 Tim. 3:8) Mme Bakeresete ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke digakolodi tsa bone go tila gotlhelele dino dipe tse di nang le bojalwa pele ba nna le seabe mo mofuteng ope fela wa tirelo e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, maemo a farologana go ya ka dinaga, mme selo sa botlhokwa ke gore Bakeresete ba “dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo,” gore ba itshware ka tsela e e boitshepo e e itumedisang Modimo.

(Lefitiko 11:8) Lo se ka lwa ja epe ya nama ya tsone, le gone lo se ka lwa ama setoto sa tsone. Di lo itshekologetse.

it-1-E 111 ¶5

Diphologolo

Batho ba ba neng ba le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, ke bone ba ba neng ba sa tshwanela go ja nama ya diphologolo e Molao o neng o re ba se ka ba e ja ka gonne Lefitiko 11:8 e a re: “Di lo itshekologetse.” Temana eno e ne e bua ka Baiseraele. Molao ono o ne o sa tlhole o dira ka gonne Keresete Jesu o ile a intsha setlhabelo ka go re swela. Ka jalo, batho ba kgona go ja nama nngwe le nngwe ya diphologolo go dumalana le se Modimo a neng a se boleletse Noa morago ga Morwalela.—Bak 2:13-17; Ge 9:3, 4.

Mmalo wa Baebele

(Lefitiko 10:1-15) Moragonyana bomorwa Arone e leng Nadabe le Abihu, mongwe le mongwe wa bone a tsaya setsholamolelo sa gagwe a tla le sone mme ba tsenya molelo mo go tsone ba bo ba tsenya maswalo mo go tsone, ba simolola go isa molelo o o seng kafa molaong fa pele ga ga Jehofa, o a neng a sa o ba laolela. 2 Foo molelo wa tswa fa pele ga ga Jehofa wa ba laila, mo ba neng ba swela fa pele ga ga Jehofa. 3 Foo Moshe a raya Arone a re: “Jehofa o buile jaana, a re, ‘Mma ke itshepisiwe mo go ba ba leng gaufi le nna, mme ke galalediwe fa pele ga sefatlhego sa batho botlhe.’” Mme Arone a didimala fela. 4 Ka jalo Moshe a bitsa Mishaele le Elisafane, bomorwa Usiele, morwarraagwe rraagwe Arone, a ba raya a re: “Atamelang, tlosang bomorwarraalona fa pele ga lefelo le le boitshepo lo ba ise kwa ntle ga bothibelelo.” 5 Ka jalo ba atamela ba ba tsaya ba le mo diaparong tsa bone tse di telele ba ba isa kwa ntle ga bothibelelo, fela jaaka Moshe a ne a buile. 6 Morago ga moo Moshe a raya Arone le Eliasare le Ithamare bomorwawe ba bangwe a re: “Lo se ka lwa letla ditlhogo tsa lona go nna di sa baakanngwa, le gone lo se ka lwa gagola diaparo tsa lona, gore lo se ka lwa swa le gore a se ka a galefela phuthego yotlhe; mme bomorwarraalona ba ntlo yotlhe ya Iseraele ba tla lela ka ntlha ya go tuka, mo Jehofa a dirileng gore go tuke. 7 Gape lo se ka lwa tswa mo kgorong ya mogope wa bokopanelo e se re kgotsa lwa swa, ka gonne leokwane le le tlotsang la ga Jehofa le mo go lona.” Ka jalo ba dira go ya ka lefoko la ga Moshe. 8 Mme Jehofa a bua le Arone, a re: 9 “O se ka wa nwa beine kgotsa bojalwa jo bo tagang, wena mmogo le bomorwao, fa lo tla mo mogopeng wa bokopanelo, gore lo se ka lwa swa. Ke molao mo dikokomaneng tsa lona ka bosakhutleng, 10 gore lo tle lo dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo le fa gare ga selo se se sa itshekang le se se itshekileng, 11 le gore lo rute bomorwa Iseraele melao yotlhe e Jehofa a e buileng le bone ka Moshe.” 12 Foo Moshe a bua le Arone le Eliasare le Ithamare, bomorwawe ba ba neng ba setse a re: “Tsayang tshupelo ya dijo tsa ditlhaka e e neng e setse mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo mme lo e je e sa bedisiwa gaufi le sebeso, ka gonne ke selo se se boitshepotshepo. 13 Mme lo e jele mo lefelong le le boitshepo, ka gonne ke kabelo ya lona le kabelo ya bomorwaalona e e tswang mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo; gonne ke laetswe jalo. 14 Mme lo tla ja sehuba sa tshupelo e e fokwang le leoto la karolo e e boitshepo mo lefelong le le phepa, wena le bomorwao mmogo le bomorwadio, ka gonne di neetswe go nna kabelo ya gago le kabelo ya bomorwao go tswa mo ditlhabelong tsa kabalano tsa bomorwa Iseraele. 15 Ba tla tlisa leoto la karolo e e boitshepo le sehuba sa tshupelo e e fokwang mmogo le ditshupelo tse di dirwang ka molelo, tsa dikarolo tse di mafura, gore ba fokisetse kwa le kwa tshupelo e e fokwang fa pele ga ga Jehofa; mme e nne kabelo ka bosakhutleng ya gago mmogo le bomorwao, fela jaaka Jehofa a laetse.”

DECEMBER 14-20

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 12-13

“Ithute mo Melaong e e Buang ka Batho ba ba Tshwerweng ke Lepero”

(Lefitiko 13:4, 5) Mme fa lesophi le le lesweu mo letlalong la nama ya gagwe mme ponalo ya lone e se boteng go feta letlalo le moriri wa lone o sa fetoga go nna mosweu, foo moperesiti a tlhaolele yo o nang le sebetso kwa thoko malatsi a le supa. 5 Mme moperesiti a mo lebe mo letsatsing la bosupa, mme fa ka tsela e go lebegang ka yone sebetso se eme, sebetso se sa anamela mo letlalong, moperesiti a mo tlhaolele kwa thoko gape malatsi a mangwe a le supa.

wp18.1 7

A E Feletswe Ke Nako Kgotsa E Mo Nakong?

• Go tlhaola balwetse.

Molao wa ga Moshe o ne o re batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa lepero ba tshwanetse go nna ba le bosi. Dingaka di ne tsa simolola go dirisa molaomotheo oo dingwaga di le 700 tse di fetileng fa malwetse a sena go bolaya batho ba le bantsi, mme o sa ntse o thusa thata le gompieno.—Lefitiko kgaolo 13 le 14.

(Lefitiko 13:45, 46) Fa e le molepero yo sebetso se leng mo go ene, diaparo tsa gagwe di tshwanetse go gagolwa, mme tlhogo ya gagwe e se ka ya baakanngwa, a bipe ditedu tsa dipounama mme a goe a re, ‘Boitshekologo, boitshekologo!’ 46 O tla nna a itshekologile malatsi otlhe a sebetso se leng mo go ene ka one. O itshekologile. O tshwanetse go nna kwa thoko. Lefelo la gagwe la bonno le kwa ntle ga bothibelelo.

wp16.4 9 ¶1

A o Ne o Itse?

Bajuda ba bogologolo ba ne ba tshaba lepero le le neng le tlwaelegile mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Bolwetse jono jo bo tshabiwang bo ne bo senya ditshika tsa motho bo bo bo mo golafatsa le go fetola tsela e a lebegang ka yone. Lepero le ne le se na kalafi. Go na le moo, ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jono ba ne ba nna kgakala le batho e bile ba tshwanetse go tlhagisa ba bangwe ka boemo jwa bone.—Lefitiko 13:45, 46.

(Lefitiko 13:52) Mme a a fise seaparo kgotsa ditlhale tse di tlhamalalang kgotsa ditlhale tse di kgabaganyang mo boboweng kgotsa mo lelobeng, kgotsa selwana sepe sa letlalo se sebetso se ka tswang mo go sone, ka gonne ke lepero le le kotsi. Se tshwanetse go fisiwa mo molelong.

(Lefitiko 13:57) Le fa go ntse jalo, fa se sa ntse se bonala mo seaparong kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo selwaneng sepe fela sa letlalo, se a tswa. O fise mo molelong le fa e le eng fela se sebetso se leng mo go sone.

it-2-E 238 ¶3

Lepero

Mo diaparong le mo matlong. Lepero le ne le kgona go bonala mo diaparong tsa wulu kgotsa mo diaparong tsa letsela le le dirilweng ka semela sa leloba, kgotsa mo dilong tse di dirilweng ka letlalo. Lepero le ne le kgona go tswa fa diaparo tseo di tlhatswiwa. Fa lepero le ne le bonala mo dilong tse di dirilweng ka letlalo, dilo tseo di ne di bewa koo malatsi a a rileng go fitlha lepero leo le fela. Fa botala jo bo bosetlhana kgotsa bohibitswana bo ne bo anama, seo e ne e le lepero le le kotsi mme dilwana tseo di ne di tshwanetse go fisiwa. (Lef 13:47-59) Fa lobota lwa ntlo lo ne lo leswafetse lo na le dikhuti tse di botala jo bo bosetlhana kgotsa tse di khibitswana, moperesiti o ne a sa letlelele ope go tsena mo ntlong eo ka lobaka lo lo rileng. Go ka tswa go ne go tlhokega gore maje a a neng a na le lepero a ntshiwe, ntlo yotlhe e bo e gotlhiwa ka fa teng, go tswa foo, go bo go latlhiwa seretse sa letsopa le maje ao kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng. Fa lepero le ne le boa gape mo ntlong, ntlo eo e ne e tsewa e itshekologile e bo e thubiwa mme dilo tsa ntlo eo di ne di latlhelwa kwa lefelong le le itshekologileng. Fa moperesiti a ne a ka fitlhela ntlo e sa tlhole e na le lepero, o ne a dira dithulaganyo tsa go itshekisa ntlo eo. (Lef 14:33-57) Bangwe ba re lepero le le neng le bonala mo diaparong kgotsa mo matlong ke mofuta mongwe wa mouta kgotsa sengwe se se kubileng. Mme gone, ga go itsiwe gore seno se boammaaruri go le kanakang.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Lefitiko 12:2) “Bua le bomorwa Iseraele, o re, ‘Fa go direga gore mosadi a ithwale peo a ba a tshola ngwana wa mosimane, a a itshekologe malatsi a le supa; o tla itshekologa jaaka mo malatsing a boitshekologo fa a bona kgwedi.

(Lefitiko 12:5) “‘Jaanong fa a ka tshola ngwana wa mosetsana, foo a itshekologe malatsi a le lesome le bonè, jaaka mo nakong ya gagwe ya go bona kgwedi. A nne malatsi a mangwe gape a le masome a marataro le borataro mo mading a go itshekisa.

w04 5/15 23 ¶2

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko

12:2, 5—Ke ka ntlha yang fa go tshola ngwana go ne go dira gore mosadi a “itshekologe”? Dirwe tsa tsalo di ne di diretswe go fetisa botshelo jo bo itekanetseng jwa motho. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, botshelo jo bo sa itekanelang le boleo bo ne jwa fetisediwa mo ngwaneng. Dinako tsa go ‘itshekologa’ tse di neng di amana le go tshola ngwana, le dilo tse dingwe, tse di tshwanang le go bona kgwedi le go tswa peo, di ne di dira gore Baiseraele ba gakologelwe boemo jono jwa go sa itekanelang jo re bo ruileng. (Lefitiko 15:16-24; Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Melao e e neng e amana le go intlafatsa e ne e tla thusa Baiseraele go lemoga gore ba ne ba tlhoka setlhabelo sa thekololo go bipa boleo jwa batho le go busetsa batho mo boitekanelong. Ka jalo Molao o ne wa nna “mogogi [wa bone] . . . yo o isang kwa go Keresete.”—Bagalatia 3:24.

(Lefitiko 12:3) Mme mo letsatsing la borobedi nama ya letlalo la gagwe la bonna e tla rupisiwa.

wp18.1 7

A E Feletswe Ke Nako Kgotsa E Mo Nakong?

• Nako ya go ntshiwa ga letlalo la bonna.

Molao wa Modimo o ne o re ngwana wa mosimane o tshwanetse go ntshiwa letlalo la bonna fa a na le malatsi a le robedi. (Lefitiko 12:3) Go dumelwa gore ntho e kgona go fola sentle fa ngwana a na le beke a tshotswe. Ka dinako tsa fa Baebele e kwalwa, fa go ne go ise go nne le mekgwa ya kalafi e e tokafaditsweng, go ne go sireletsegile gore batho ba eme beke pele ba ntsha letlalo la bonna.

Mmalo wa Baebele

(Lefitiko 13:9-28) “Fa go direga gore sebetso sa lepero se tswe motho, o tshwanetse gore a tlisiwe kwa moperesiting. 10 Mme moperesiti a lebe; mme fa go na le boswata jo bosweu mo letlalong mme bo fetotse moriri go nna mosweu le nama e e sa omelelang e e tshelang e le mo boswateng, 11 ke lepero le le nnelang ruri mo letlalong la nama ya gagwe; mme moperesiti a mmolele e le yo o itshekologileng. A se ka a mo tlhaolela kwa thoko, gonne o itshekologile. 12 Jaanong fa kwantle ga pelaelo lepero le tswa mo letlalong, mme lepero leno le bipa letlalo lotlhe la yo o nang le sebetso go tswa mo tlhogong go ya kwa lonaong mo ponong yotlhe ya matlho a moperesiti; 13 moperesiti a lebile mme a fitlhela lepero le bipile nama yotlhe ya gagwe, foo a a bolele sebetso e le se se itshekileng. Sotlhe fela se fetogile go nna sesweu. O itshekile. 14 Mme mo letsatsing le nama e e tshelang e bonalang mo go lone, o tla itshekologa. 15 Mme moperesiti a lebe nama e e tshelang, mme a mmolele e le yo o itshekologileng. Nama e e tshelang e itshekologile. Ke lepero. 16 Kgotsa fa go direga gore nama e e tshelang e boe mme e bo e fetoga e nna tshweu, foo a a tle mo moperesiting. 17 Mme moperesiti a mo lebe, mme fa sebetso se fetogile se le sesweu, foo moperesiti a bolele sebetso e le se se itshekileng. O itshekile. 18 “Fa e le nama yone, fa go direga gore tlhagala e tswe mo letlalong la yone mme e bo e fola, 19 mme mo boemong jwa tlhagala go dule boswata jo bosweu kgotsa lesophi le le bosweu jo bohibitswana, foo a a ipontshe moperesiti. 20 Mme moperesiti a lebe, mme fa ponalo ya lone e le kwa tengnyana ga letlalo mme moriri wa lone o fetogile o le mosweu, foo moperesiti a mmolele e le yo o itshekologileng. Ke sebetso sa lepero. Le dule mo tlhagaleng. 21 Mme fa moperesiti a le leba, mme bona, go se na moriri o mosweu mo go lone mme le se boteng go feta letlalo e bile le le bofitlha, foo moperesiti a mo tlhaolele kwa thoko malatsi a le supa. 22 Mme fa kwantle ga pelaelo le anama mo letlalong, foo a moperesiti a mmolele e le yo o itshekologileng. Ke sebetso. 23 Mme fa go ka tswa lesophi mo boemong jwa lone, ga le a anama, ke go ruruga ga tlhagala; mme moperesiti a mmolele e le yo o itshekileng. 24 “Kgotsa fa go direga gore go nne le lobadi mo letlalong la nama e le la molelo, mme nama e e sa omelelang ya lobadi e bo e nna lesophi le le bosweu jo bohibitswana kgotsa le lesweu, 25 foo moperesiti a le lebe; mme fa moriri o fetogile go nna mosweu mo lesophing mme ponalo ya lone e le boteng go feta letlalo, ke lepero. Le dule mo lobading, mme moperesiti a mmolele e le yo o itshekologileng. Ke sebetso sa lepero. 26 Mme fa moperesiti a le leba, mme bona, go se na moriri o mosweu mo lesophing e bile le se kwa tengnyana ga letlalo mme le le bofitlha, foo moperesiti a mo tlhaolele kwa thoko malatsi a le supa. 27 Mme moperesiti a mo lebe mo letsatsing la bosupa. Fa kwantle ga pelaelo le anama mo letlalong, foo moperesiti a mmolele e le yo o itshekologileng. Ke sebetso sa lepero. 28 Mme fa lesophi le tswa mo boemong jwa lone, ga le a anama mo letlalong mme le looto, ke go swatoga ga lobadi; mme moperesiti a mmolele e le yo o itshekileng, ka gonne ke go ruruga ga lobadi.

DECEMBER 21-27

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 14-15

“Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Phepa”

(Lefitiko 15:13-15) “‘Mme fa go direga gore yo o nang le keleketlo a itsheke mo keleketlong ya gagwe, o tshwanetse gore a ipalele malatsi a le supa a go itshekisiwa ga gagwe, mme a tlhatswe diaparo tsa gagwe a ba a tlhape nama ya gagwe mo metsing a a phepa; mme a itsheke. 14 Mme mo letsatsing la borobedi a itseele maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye, mme a tle fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo a ba a a naya moperesiti. 15 Mme moperesiti a a ise, le lengwe e le tshupelo ya boleo mme le lengwe e le tshupelo e e fisiwang; mme moperesiti a mo direle tetlanyo fa pele ga ga Jehofa ka ga keleketlo ya gagwe.

it-1-E 263

Go Tlhapa

Moetlo ono wa Baiseraele wa go tlhapa, o ne o tshwanetse go dirwa ka ntlha ya mabaka mangwe. Batho ba ba neng ba fodile mme ba sa tlhole ba tshwerwe ke bolwetse jwa lepero, ba ne ba itshekologile mme ba ne ba tshwanetse go tlhapa. Motho ope fela yo o kileng a tshwara dilo tse di neng di tshwerwe ke mongwe yo o nang le “keleketlo” (kgotsa yo o elelang sengwe mo serweng sa gagwe sa tsalo) le ene o ne a itshekologile mme a tshwanetse go tlhapa. Monna yo o neng a tswa peo mo go ene, mosadi yo o neng a fetsa go tswa mo kgweding kgotsa yo o neng a tshologa madi a mantsi thata, kgotsa ope fela yo o neng a sa tswa go tlhakanela dikobo, o ne a itshekologile mme a tshwanetse go tlhapa. (Lef 14:8, 9; 15:4-27) Mongwe le mongwe yo o neng a na le setopo mo mogopeng kgotsa mo tenteng, kgotsa yo o ileng a se tshwara, o ne a “itshekologile” mme a tshwanetse go itshekisiwa ka go tshelwa metsi. Fa motho a ne a sa batle go latela thulaganyo eo, o ne a tshwanetse go ‘kgaolwa mo gare ga phuthego, ka gonne a leswafaditse lefelo le le boitshepo la ga Jehofa.’ (Dip 19:20) Ka jalo, go ne go tshwanela gore go tlhapa go dirisiwe ka tsela ya tshwantshetso e le go bontsha gore motho o phepa fa pele ga ga Jehofa. (Pes 26:6; 73:13; Isa 1:16; Esek 16:9) Fa motho a tlhapa ka metsi a tshwantshetso e leng lefoko le le boammaaruri la ga Jehofa, o kgona go nna phepa kgotsa go itsheka gape.—Bae 5:26.

(Lefitiko 15:28-30) “‘Le fa go ntse jalo, fa a itshekile mo keleketlong ya gagwe, le ene a ipalele malatsi a le supa, mme morago ga moo o tla itsheka. 29 Mme mo letsatsing la borobedi a itseele maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye, mme a a tlise mo moperesiting kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo. 30 Mme moperesiti a dire le lengwe tshupelo ya boleo mme le lengwe tshupelo e e fisiwang; mme moperesiti a mo direle tetlanyo fa pele ga ga Jehofa ka ga keleketlo ya gagwe e e itshekologileng.

it-2-E 372 ¶2

Fa Mosadi A le Mo Kgweding

Mosadi yo o neng a le mo kgweding kgotsa a elela madi lobaka lo loleele, o ne a itshekologile kgotsa a se phepa. Dilo tse a neng a nna mo go tsone, le tsone di ne di se phepa. Tota le batho ba ba neng ba tshwara dilo tseo, le bone ba ne ba itshekologile. Fa kelelo eo ya madi e sena go fela, o ne a tla nna phepa morago ga malatsi a le supa. Mo letsatsing la borobedi, mosadi yoo o ne a tshwanetse go isa maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi kwa moperesiting, mme moperesiti yoo o ne a tla a ntshetsa Jehofa. Leeba kgotsa lephoi le lengwe le ne le tla ntshiwa e le tshupelo ya boleo mme le lengwe le ne le tla ntshiwa e le tshupelo e e fisiwang.—Lef 15:19-30.

(Lefitiko 15:31) “‘Mme o boloke bomorwa Iseraele ba lomologile mo boitshekologong jwa bone, gore ba se ka ba swa mo boitshekologong jwa go leswafatsa ga bone motlaagana wa me, o o mo gare ga bone.

it-1-E 1133

Lefelo le le Boitshepo

2. E ne e le mogope wa bokopanelo mme moragonyana ya nna tempele. Sengwe le sengwe se se neng se le mo motlaaganeng kgotsa mo tempeleng go akaretsa le lolwapa lwa motlaagana le lolwapa lwa tempele, e ne e le lefelo le le boitshepo. (Ek 38:24; 2Dit 29:5; Dit 21:28) Dilo tsa botlhokwa tse di neng di le mo lolwapeng, e ne e le sebeso sa ditlhabelo le mogotšwana wa kgotlho (sekotlele sa kopore). Dilo tseno di ne di le boitshepo. Batho ba ba neng ba itshekile, ke bone fela ba ba neng ba kgona go tsena mo lolwapeng lwa motlaagana kgotsa tempele; mme batho ba ba neng ba se phepa kgotsa ba itshekologile, ba ne ba sa letlelelwa go tsena. Ka sekai, mosadi yo o neng a itshekologile, o ne a sa tshwanela go tshwara sepe se se boitshepo kgotsa go tsena mo lefelong le le boitshepo. (Lef 12:2-4) Tota le fa motho a ne a na le lobaka lo loleele a itshekologile, o ne a ka se ka a letlelelwa go tsena mo lolwapeng lwa motlaagana ka gonne o tla bo a o leswafatsa. (Lef 15:31) Motho yo o neng a fodile mme a sa tlhole a tshwerwe ke lepero, o ne a sa tshwanela go tsena mo lolwapeng lwa motlaagana. Mme tshupelo e a neng a e ntsha gore a itshekisiwe, o ne a e baya kwa ntle kwa kgorong ya lolwapa lwa motlaagana. (Lef 14:11) Fa motho yo o itshekologileng a ne a ka ja setlhabelo sa kabalano kwa motlaaganeng kgotsa kwa tempeleng, o ne a tshwanetse go bolawa.—Lef 7:20, 21.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Lefitiko 14:14) “Mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya molato, mme moperesiti a a beye mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja.

(Lefitiko 14:17) Mo leokwaneng le lengwe lotlhe le le mo legofing la gagwe moperesiti o tla baya lengwe la lone mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo godimo ga madi a tshupelo ya molato.

(Lefitiko 14:25) Mme a tlhabe phelefu e potlana ya tshupelo ya molato, mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya molato mme a a beye mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja.

(Lefitiko 14:28) Mme moperesiti a beye lengwe la leokwane le le mo legofing la gagwe mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo lefelong la madi a tshupelo ya molato.

it-1-E 665 ¶5

Tsebe

Fa go ne go tlhomiwa baperesiti kwa Iseraele, Modimo o ne a laela Moshe gore a tseye madi mangwe a phelefu mme a a tshase mo tsebeng ya moja ya ga Arone le bomorwawe. Gape Moshe o ne a tshwanetse go a tshasa Arone le bomorwawe mo seatleng sa moja le mo lonaong lwa moja. Seno se ne se bontsha gore se ba neng ba se reetsa, tiro e ba neng ba e dira le tsela e ba neng ba itshwara ka yone e ne e tshwanetse go dumalana le thato ya ga Jehofa. (Lef 8:22-24) Ka tsela e e tshwanang, Molao wa ga Moshe o ne o re moperesiti o tshwanetse go tshasa molepero ka madi mangwe a phelefu e e neng e tla ntshiwa e le tshupelo ya molato mme a mo tshase mo tsebeng ya moja. Gape, o ne a tshwanetse go tshasa molepero yoo yo o itshekisiwang, ka leokwane le lennye mo tsebeng ya gagwe ya moja. (Lef 14:14, 17, 25, 28) Seno se tshwana le fa lekgoba kgotsa motlhanka a ne a batla go tswelela a direla mong wa gagwe botshelo jotlhe. Lekgoba kgotsa motlhanka yoo, o ne a tshwanetse go atamediwa fa setswalong mme mong wa gagwe a bo a mo phunya tsebe ka thoko. Letshwao leno le le bonalang thata mo tsebeng, le ne le bontsha gore motlhanka yoo o batla go tswelela a ikobela mong wa gagwe.—Ek 21:5, 6.

(Lefitiko 14:43-45) “Le fa go ntse jalo, fa sebetso se boa mme se tswa ntlo morago ga maje a sena go somolwa le morago ga go fala ntlo le go e dila, 44 foo moperesiti a tsene mme a lebe; mme fa sebetso se aname mo ntlong, ke lepero le le kotsi mo ntlong. E itshekologile. 45 Mme a dire gore ntlo e rutlwe mmogo le maje a yone le dikota tsa yone le seretse sotlhe sa letsopa sa ntlo mme e isiwe kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng.

g 1/06 14, lebokoso

Mouta—O ka Go Tswela Mosola e Bile o ka Nna Kotsi!

A GO NE GO NA LE MOUTA MO METLHENG YA BAEBELE?

Baebele e bua ka “sebetso sa lepero mo ntlong,” e raya mo kagong ka boyone. (Lefitiko 14:34-48) Go ile ga nna ga akantshiwa gore selo seno, se gape se bidiwang “lepero le le kotsi,” e ne e le sebopego sengwe sa mouta, mme ntlha eno ga e tlhomamisiwe. Lefa e ka tswa e ne e le eng, Molao wa Modimo o ne wa laela beng ba matlo ao go tlosa matlapa a a nang le lepero, ba gotlhe ntlo yotlhe kafa gare, ba bo ba latlhe lefa e le eng se ba dumelang gore se ka nna sa tshwaetsa ntlo ‘kwa lefelong le le itshekologileng.’ Fa sebetso seno se ne se ka boa gape, ntlo yotlhe e ne e tshwanetse go tsewa e le e e itshekologileng, e thubiwe. Melao ya ga Jehofa e e neng e tlhalosa dilo jaaka fa di tshwanetse go dirwa e ne e bontsha tsela e a ratang batho ba gagwe thata ka yone le tsela e a neng a batla go ba sireletsa mo malwetseng ka yone.

Mmalo wa Baebele

(Lefitiko 14:1-18) Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re: 2 “Ono e tla nna molao wa molepero mo letsatsing la go tlhomamisa go itsheka ga gagwe, fa a tshwanetse go tlisiwa kwa moperesiting. 3 Mme moperesiti a tswele kwa ntle ga bothibelelo, mme moperesiti a lebe; fa sebetso sa lepero se fodile mo moleperong, 4 foo moperesiti a ntshe taolo; mme, gore a iitshekise, a a itseele dinonyane tse pedi tse di tshelang tse di itshekileng le logong lwa mosedara le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le mosiama. 5 Mme moperesiti a ntshe taolo, mme nonyane e le nngwe e bolaelwe mo sejaneng sa letsopa mo godimo ga metsi a a phepa. 6 Fa e le nonyane e e tshelang yone, a e tseye le logong lwa mosedara le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le mosiama, mme a di ine tsone le nonyane e e tshelang mo mading a nonyane e e neng ya bolaelwa mo godimo ga metsi a a phepa. 7 Morago ga moo a a kgatšhe ga supa mo go yo o iitshekisang lepero mme a mmolele e le yo o itshekileng, mme a romele nonyane e e tshelang kwa nageng e e bulegileng. 8 “Mme yo o iitshekisang a tlhatswe diaparo tsa gagwe a ba a beola moriri otlhe wa gagwe a tlhape mo metsing a itsheke, morago ga moo a ka nna a tsena mo bothibelelong. Mme a nne kwa ntle ga mogope wa gagwe malatsi a le supa. 9 Mme go tla diragala mo letsatsing la bosupa gore a beole moriri otlhe wa gagwe mo tlhogong le mo seledung le dintshi tsa gagwe. Ee, a beole moriri otlhe wa gagwe, mme a tlhatswe diaparo tsa gagwe a ba a tlhapise nama ya gagwe mo metsing; mme a itsheke. 10 “Mme mo letsatsing la borobedi a tseye diphelefu tse pedi tse dipotlana tse di itekanetseng sentle le kwanyana e le nngwe e namagadi e e itekanetseng sentle, e e mo ngwageng wa yone wa ntlha, le tharosomeng ya ifa ya bupi jo bo boleta e le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka tse di kolobeditsweng ka leokwane le selekanyo se le sengwe sa loge sa leokwane; 11 mme moperesiti yo o mmolelang e le yo o itshekileng a ise motho yo o iitshekisang, le dilo, fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo. 12 Mme moperesiti a tseye phelefu e le nngwe e potlana mme a e ise e le tshupelo ya molato mmogo le selekanyo sa loge sa leokwane mme a di fokisetse kwa le kwa jaaka tshupelo e e fokwang fa pele ga ga Jehofa. 13 Mme a tlhabele phelefu e potlana mo lefelong le tshupelo ya boleo le tshupelo e e fisiwang di tlhabelwang mo go lone ka metlha, mo lefelong le le boitshepo, ka gonne, jaaka tshupelo ya boleo, tshupelo ya molato ke ya moperesiti. Ke selo se se boitshepotshepo. 14 “Mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya molato, mme moperesiti a a beye mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja. 15 Mme moperesiti a tseye sengwe sa selekanyo sa loge sa leokwane mme a se tshele mo legofing la moperesiti la molema. 16 Mme moperesiti a ine monwana wa gagwe wa moja mo leokwaneng le le mo legofing la gagwe la molema mme a kgatšhe lengwe la leokwane ka monwana wa gagwe ga supa fa pele ga ga Jehofa. 17 Mo leokwaneng le lengwe lotlhe le le mo legofing la gagwe moperesiti o tla baya lengwe la lone mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo godimo ga madi a tshupelo ya molato. 18 Mme mo go salang ga leokwane le le mo legofing la moperesiti o tla go tshela mo tlhogong ya yo o iitshekisang, mme moperesiti o tla mo direla tetlanyo fa pele ga ga Jehofa.

DECEMBER 28–JANUARY 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 16-17

“Re ka Ithuta Eng mo Letsatsing la Tetlanyo?”

(Lefitiko 16:12) “Mme a tseye setsholamolelo se tletse magala a a tukang a molelo go tswa mo sebesong fa pele ga ga Jehofa, le magofi a diatla tsa gagwe tsoopedi a tletse maswalo a a boleta a a nkgisitsweng monate, mme a di tlise mo teng ga sesiro.

w19.11 21 ¶4

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

Bala Lefitiko 16:12, 13. Akanya ka se se neng se direga ka Letsatsi la Tetlanyo. Moperesiti yo mogolo o tsena mo motlaaganeng. Mo letsatsing leo, o tshwanetse go tsena kwa Boitshepo Jwa Maitshepo gararo mme leno ke lekgetlo la ntlha. Fa a tsena mo lekgetlong leno, o tsena a tshwere maswalo a a nkgisitsweng monate le selo se se tsholang molelo sa gauta se na le magala a a tukang. O ema go se kae fa pele ga lesire le le kgaoganyang Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo. Go tswa foo, o tsena mo Boitshepo Jwa Maitshepo a bo a ema fa pele ga letlole la kgolagano mme o dira jalo ka tlotlo e e boteng. Go ntse jaaka e kete o eme fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, o tshela maswalo mo magaleng a a tukang go bo go nna le monko o o monate. Moragonyana o boa gape a tsena kwa Boitshepo Jwa Maitshepo ka madi a diphologolo tse di ntshitsweng ditlhabelo. Moperesiti o ne a fisa maswalo pele a isa madi a ditlhabelo.

(Leviticus 16:13) Gape a beye maswalo mo molelong fa pele ga ga Jehofa, mme leru la maswalo le bipe sekhurumelo sa Letlole, se se leng mo godimo ga Tshupo, gore a se ka a swa.

w19.11 21 ¶5

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

Moperesiti yo mogolo o ne a fisa maswalo ka Letsatsi la Tetlanyo. Re ithuta eng mo go seno? Baebele ya re dithapelo tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang di tshwana le maswalo. (Pes. 141:2; Tshen. 5:8) Gopola gore fa moperesiti yo mogolo a ne a isa maswalo fa pele ga ga Jehofa, o ne a dira jalo ka tlotlo e e boteng. Ka tsela e e tshwanang, fa re rapela, re bua le Jehofa ka tlotlo. Re leboga go bo Jehofa a re letla gore re atamalane le ene fela jaaka ngwana a atamalana le rraagwe. (Jak. 4:8) O re tsaya jaaka ditsala tsa gagwe. (Pes. 25:14) Re rata Jehofa, ka jalo, ga re batle go dira sepe se a sa se rateng.

(Lefitiko 16:14, 15) “Mme a tseye mangwe a madi a poo a a kgatšhe ka monwana fa pele ga sekhurumelo kafa botlhaba, mme o tla kgatšha mangwe a madi ka monwana ga supa fa pele ga sekhurumelo. 15 “Mme a tlhabe podi ya tshupelo ya boleo, e e leng ya batho, mme a tlise madi a yone mo teng ga sesiro mme a dire ka madi a yone fela jaaka a ne a dira ka madi a poo; mme a a kgatšhe go ela kwa sekhurumelong le fa pele ga sekhurumelo.

w19.11 21 ¶6

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

Moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go fisa maswalo pele a ntsha ditlhabelo. O ne a direla gore fa a ntsha ditlhabelo, Jehofa a di amogele. Re ithuta eng mo go seno? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshwanetse go dira sengwe sa botlhokwa pele a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. O ne a tshwanetse go ikobela Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. Fa a ne a ka dira jalo, Jehofa o ne a tla amogela setlhabelo sa gagwe. Seo se ne se le botlhokwa thata go feta go bolokwa ga batho. Fa Jesu a ne a ka ikobela Jehofa botshelo jotlhe, seo se ne se tla re thusa go bona gore go tshela ka melao ya ga Jehofa go re solegela molemo. Gape o ne a tla bontsha gore tsela e Jehofa a busang ka yone e siame le gore melao ya gagwe ga e re gatelele.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Lefitiko 16:10) Mme podi e bola bo e wetseng gore e nne ya Asasele e emisiwe e tshela fa pele ga ga Jehofa gore e direlwe tetlanyo, gore e tle e tsamaisediwe Asasele e ye kwa nageng.

w09 8/15 6 ¶17

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo E re E Newang ke Modimo

Akanya gape ka tsela e dilo di neng di tshwanetse go dirwa ka yone jaaka go ne go kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe mabapi le podi ya Asasele. Gangwe fela ka ngwaga, ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo ‘o ne a baya diatla tsa gagwe tsoopedi mo tlhogong ya podi e e tshelang a ba a bolela ditlolo tsotlhe tsa bomorwa Iseraele mo go yone, mme o ne a di baya mo tlhogong ya podi mme podi e ne e sikara ditlolo tsotlhe tsa bone e di isa kwa lefatsheng le le sekaka.’ (Lefi. 16:7-10, 21, 22) Isaia o ne a bolelela pele go tla ga ga Mesia, yo o neng a tla nna le seabe se se ntseng jalo, yo o neng a tla tshola “malwetse,” “ditlhabi,” le “boleo jwa batho ba le bantsi,” ka go dira jalo a bula tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Bala Isaia 53:4-6, 12

(Lefitiko 17:10, 11) “‘Fa e le motho ope wa ntlo ya Iseraele kgotsa moagi mongwe wa moeng yo o agileng e le moeng mo gare ga lona yo o jang madi a mofuta ope, ruri sefatlhego sa me se tla galefela moya ope o o jang madi, mme ruri ke tla o kgaola mo bathong ba ga one. 11 Gonne moya wa nama o mo mading, mme nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo, ka gonne madi ke one a dirang tetlanyo ka moya o o mo go one.

w14 11/15 10 ¶10

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo

Bala Lefitiko 17:10. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba ja “madi a mofuta ope.” Mokeresete le ene o tshwanetse go ithiba mo mading—a phologolo kgotsa a motho. (Dit. 15:28, 29) Re tshosiwa ke go itse gore ‘sefatlhego sa Modimo se ka re galefela’ a bo a re tlosa mo phuthegong ya gagwe. Re a mo rata e bile re batla go mo ikobela. Le fa re lebane le boemo jo bo ka tsenyang botshelo jwa rona mo kotsing, re iketleeleditse go se ineele fa batho ba ba sa itseng Jehofa e bile ba sa re sepe ka go mo ikobela ba re kopa le go re laela gore re tlole melao ya gagwe. Ee, re a itse gore re tla kgobiwa ka gonne re ithiba mo mading mme re tlhopha go ikobela Modimo. (Jude 17, 18) Re tshwanetse go leba kgang eno jang ka tsela e e tla re nonotshang gore re “dire tshwetso e e nonofileng fela thata” gore re se ka ra ja madi kgotsa ra dumela go tshelwa madi?—Dute. 12:23.

Mmalo wa Baebele

(Lefitiko 16:1-17) Mme Jehofa a bua le Moshe morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi ka ntlha ya go atamela ga bone fa pele ga ga Jehofa mo ba neng ba swa. 2 Mme Jehofa a raya Moshe a re: “Bua le Arone morwarrago, gore a se ka a tsena mo teng ga lefelo le le boitshepo ka dinako tsotlhe mo teng ga sesiro, fa pele ga sekhurumelo se se mo godimo ga Letlole, gore a se ka a swa; ka gonne ke tla bonala fa godimo ga sekhurumelo ke le mo lerung. 3 “Arone a tsene mo teng ga lefelo le le boitshepo ka dilo tse di latelang: ka powana ya tshupelo ya boleo le phelefu ya tshupelo e e fisiwang. 4 A apare seaparo se se telele se se boitshepo sa leloba, marokgwe a kafa teng a leloba a nne mo nameng ya gagwe, mme a ikgatlhe ka moitlamo wa lotheka wa leloba a ba a ikhapa ka sethathelela tlhogo sa leloba. Ke diaparo tse di boitshepo. Mme a tlhape nama ya gagwe mo metsing a ba a di apara. 5 “Mme a tseye dipotsane tse ditonanyana tse pedi mo phuthegong ya bomorwa Iseraele tsa tshupelo ya boleo le phelefu e le nngwe ya tshupelo e e fisiwang. 6 “Mme Arone a ise poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe, mme a direle ene le ntlo ya gagwe tetlanyo. 7 “Mme a tseye dipodi tse pedi a di emise fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo. 8 Mme Arone a gasetse dipodi tse pedi bola, bola jo bongwe e le jwa ga Jehofa mme bola jo bongwe e le jwa Asasele. 9 Mme Arone a ise podi e bola bo e wetseng gore e nne ya ga Jehofa, mme a e dire tshupelo ya boleo. 10 Mme podi e bola bo e wetseng gore e nne ya Asasele e emisiwe e tshela fa pele ga ga Jehofa gore e direlwe tetlanyo, gore e tle e tsamaisediwe Asasele e ye kwa nageng. 11 “Mme Arone a ise poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe, mme a direle ene le ntlo ya gagwe tetlanyo; mme a tlhabe poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe. 12 “Mme a tseye setsholamolelo se tletse magala a a tukang a molelo go tswa mo sebesong fa pele ga ga Jehofa, le magofi a diatla tsa gagwe tsoopedi a tletse maswalo a a boleta a a nkgisitsweng monate, mme a di tlise mo teng ga sesiro. 13 Gape a beye maswalo mo molelong fa pele ga ga Jehofa, mme leru la maswalo le bipe sekhurumelo sa Letlole, se se leng mo godimo ga Tshupo, gore a se ka a swa. 14 “Mme a tseye mangwe a madi a poo a a kgatšhe ka monwana fa pele ga sekhurumelo kafa botlhaba, mme o tla kgatšha mangwe a madi ka monwana ga supa fa pele ga sekhurumelo. 15 “Mme a tlhabe podi ya tshupelo ya boleo, e e leng ya batho, mme a tlise madi a yone mo teng ga sesiro mme a dire ka madi a yone fela jaaka a ne a dira ka madi a poo; mme a a kgatšhe go ela kwa sekhurumelong le fa pele ga sekhurumelo. 16 “Mme a direle lefelo le le boitshepo tetlanyo kaga boitshekologo jwa bomorwa Iseraele le kaga go tlhanoga ga bone mo maleong otlhe a bone; mme eo ke tsela e a tshwanetseng go direla mogope wa bokopanelo ka yone, o o agileng le bone mo gare ga boitshekologo jwa bone. 17 “Mme go se ka ga nna le motho ope yo mongwe mo mogopeng wa bokopanelo go simolola ka nako ya fa a tsena go ya go dira tetlanyo mo lefelong le le boitshepo go fitlha a tswa; mme a itirele tetlanyo a bo a direle le ntlo ya gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela