LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp25 no. 1 ts. 9
  • Mabaka A go Bo Dintwa di sa Fele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mabaka A go Bo Dintwa di sa Fele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOLEO
  • DIPUSO TSA BATHO
  • SATANE LE MADIMONA
  • Kafa Dintwa di Tla Felang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
  • Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Boleo Jwa Ntlha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dintwa di re Ama Rotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2025
wp25 no. 1 ts. 9

Mabaka A go Bo Dintwa di sa Fele

Baebele e tlhalosa gore dintwa di bakiwa ke eng le gore ke eng fa di sa fele.

BOLEO

Modimo o ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:27) Seno se raya gore ba ne ba tla kgona go bontsha dinonofo tse Modimo a nang le tsone, tse di akaretsang kagiso le lorato. (1 Bakorintha 14:33; 1 Johane 4:8) Le fa go ntse jalo, Adame le Efa ba ne ba leofela Modimo ka go sa mo ikobele. Ka jalo, ba fetiseditse boleo le loso mo go rona. (Baroma 5:12) Boleo joo, bo dira gore re akanye dilo tse di sa siamang e bile re dire dilo tse di sa siamang.​—Genesise 6:5; Mareko 7:21, 22.

DIPUSO TSA BATHO

Modimo ga a a re bopela gore re ipuse. Baebele e a re: “Tota e bile motho ga a kgone go kaela botshelo jwa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ka ntlha ya seo, dipuso tsa batho ga di ka ke tsa kgona go fedisa dintwa gotlhelele.

SATANE LE MADIMONA

Baebele e a re “lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.” (1 Johane 5:19) Satane Diabolo ke mmolai yo o setlhogo. (Johane 8:44) Ene le madimona a gagwe ba tlhotlheletsa batho gore ba simolole dintwa le gore ba rate thubakanyo.​—Tshenolo 12:9, 12.

Batho ga ba ka ke ba kgona go fedisa dilo tse di bakang dintwa mme Modimo ene a ka kgona.

Bodumedi le Dintwa

Gantsi madumedi ga a na bothata le gore go lowe e bile a rotloetsa gore go nne le dintwa. Madumedi ao ke a maaka, a Baebele e a bitsang e re ke “Babelona yo Mogolo.” (Tshenolo 18:2) Modimo a re Babelona yo Mogolo o na le molato wa “batho botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Fa o batla go utlwa mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Babelona yo Mogolo ke Eng?” mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela