Ba rera kwa mmarakeng wa Jakarta
INDONESIA
Tiro e a Oketsega
Baeteledipele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tlalelwa fa ba utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba neilwe kgololesego ya go obamela. Baruti ba feta 700 le baeteledipele ba dikereke di le supa tsa Porotesetanta ba ne ba tshwara pokano kwa Jakarta ka maikaelelo a go pateletsa puso gore e thibele Basupi gape. Mme puso e ne ya gana e tiisitse.
Fa dikgang tsa gore thibelo e tlositswe di ntse di anama mo nageng, batho ba le bantsi ba ba kgatlhegelang boammaaruri ba ne ba kwalela ofisi ya lekala ba kopa dikgatiso kgotsa go rutwa Baebele. Ka 2003, batho ba feta 42 000 ba ile ba nna gone kwa Segopotsong—palo eno e ne e feta palo ya baboledi ba Indonesia e menagane gabedi. Batho ba ka nna 10 000 ba ne ba ya kopanong kwa Jakarta, go akaretsa le modiredipuso wa maemo a a kwa godimo wa Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi. Modiredipuso yoo o ne a gakgamaletse go bona basha le bagolo ba tsamaisana le sebui ka go phetlha ditemana mo Dibaebeleng tsa bone. O ne a tlhomamisetsa bakaulengwe gore o ikemiseditse go tlhamalatsa dilo tse di seng boammaaruri tse di builweng ka Basupi ba ga Jehofa.
Gape go tlosiwa ga thibelo go ne ga bulela barongwa kgoro ya go boela kwa Indonesia. Barongwa ba ntlha go boela Indonesia e ne e le Josef le Herawati Neuhardta (go tswa Solomon Islands), Esa le Wilhelmina Tarhonen (go tswa Taiwan), Rainer le Felomena Teichmann (go tswa Taiwan) le Bill le Nena Perrie (go tswa Japane). Ba ne ba latelwa ke barongwa ba ba sa tswang go thapisiwa kwa Gileade, ba ba neng ba abetswe go ya Sumatra Bokone, Kalimantan, Sulawesi Bokone le mafelo a mangwe.
“Ruri ke itumeletse go thusa baithuti go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta le jwa go bua.”—Julianus Benig
Ka 2005, ofisi ya lekala e ne ya tshwara ditlelase tse pedi tsa dikolo tse disha tsa puso ya Modimo. Mongwe wa batlhatlheledi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi (se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi), e bong Julianus Benig, o ne a re: “Ruri ke itumeletse go thusa baithuti go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta le jwa go bua gore ba kgone go dirisiwa ke phuthego ya Modimo le go feta.” Gompieno baalogi ba le bantsi ba sekolo seno ke babulatsela ba ba kgethegileng kgotsa ke balebedi ba potologo. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba neng ba le mo tlelaseng ya ntlha ya Sekolo sa Balebedi ba ba Etangb ba ne ba kile ba thapisiwa fa tiro e thibetswe. Sekolo se sesha se ne sa ba thusa go dira dikabelo tsa bone fa thibelo e sena go tlosiwa. Ponco Pracoyo, yo o neng a le mo tlelaseng ya ntlha, o ne a re: “Sekolo seno se nthusitse go nna kutlwelobotlhoko le go feta le go sikara maikarabelo a me a go nna molebedi wa potologo. Se ne se lapolosa e bile se kgothatsa!”
Go Thiba Phatlha e e Dutlang
Mo dingwageng tse 25 tsa fa tiro e thibetswe, diphuthego di le dintsi kwa Indonesia di ne di kopanela mo malapeng. Bontsi jwa diphuthego di ne di se na madi a go aga Diholo Tsa Bogosi, gape go le thata go bona tetla ya go aga mafelo a kobamelo. E re ka diphuthego di ne di gola ka lobelo lo lo kwa godimo, ofisi ya lekala e ne ya tlhoma Ofisi ya Kago ya Diholo Tsa Bogosi (e gone jaanong e bidiwang Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga) go thiba phatlha eno ya diholo tse di tlhokegang.
Setlhaketlhake sa Nias se se kwa Sumatra Bokone ke lengwe la mafelo a ntlha a go agilweng holo mo go one. Haogo’aro Gea, yo o nang le lobaka lo loleele e le leloko la Phuthego ya Gunungsitoli, o ne a re: “E rile re utlwa gore re tlile go agelwa Holo ya Bogosi, re ne ra phophoma ka boitumelo. Ofisi ya lekala e ne ya romela baithaopi ba le supa go tla go okamela porojeke eo ya go aga. Holo e ne ya wediwa ka 2001.” Faonasökhi Laoli, leloko la komiti ya dikago ya lefelo leo, o ne a re: “Batho ba ne ba nyatsa Basupi ba ga Jehofa ka go bo re ne re kopanela mo malapeng. Mme e rile fela fa re fetsa go aga Holo ya Bogosi, palogare ya batho ba ba neng ba tla dipokanong e ne ya oketsega go tswa go 20 go ya go 40. Palo eo e ne e ya oketsega ka diperesente di le 500 mo dikgweding di le 12. Ga go na lefelo la kobamelo le lentle jaaka la rona mo tikologong e bile baagi ba motse ba tlotla Basupi ba ga Jehofa.”
Holo ya Bogosi kwa Bandung
Ka 2006, kwa Bandung, Java Bophirima, bakaulengwe ba ne ba simolola go batla setsha sa go aga Holo ya Bogosi ya ntlha mo toropong eo. Singap Panjaitan, mogolwane yo o direlang mo komiting ya dikago, a re: “Go re tsere dikgwedi di le 12 go bona setsha se se maleba gore re age holo. Le fa go ntse jalo, pele puso e ka re naya tetla ya go aga, re ne re tlhoka batho ba le 60 ba e seng Basupi gore ba dumalane le gore re ka dira jalo. Baagelani ba le 76 ba ne ba dumalana le gore re age holo, go akaretsa le mosadi mongwe yo o nang le tlhotlheletso e ntsi mo bathong yo pele a neng a ganetsa Basupi. Fa holo e sena go agiwa, re ne ra laletsa baagelani le Ratoropo ya Bandung go tla go e bona. Ratoropo o ne a re: ‘Lefelo leno la kobamelo le tlhomela dikereke tse dingwe sekao sa bophepa.’” Holo eo ya matlhatlaganyane a mabedi e ne ya neelwa ka 2010.
Go tloga ka 2001, go agilwe Diholo Tsa Bogosi di feta 100 kwa Indonesia mme go sa ntse go tlhokega tse dingwe tse dintsi.
a Kgang ya botshelo jwa ga Herawati Neuhardt e mo Tsogang! ya February 2011.
b Gone jaanong se bidiwa Sekolo sa Balebedi ba Potologo le Basadi ba Bone.