LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 48
  • A Motho o Kgona go Tlogela go Nna Mosupi wa ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Motho o Kgona go Tlogela go Nna Mosupi wa ga Jehofa?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa motho a sa tlhole a rera kgotsa a tla dipokanong tsa lona, a lo tsaya gore motho yoo o tlogetse go nna Mosupi wa ga Jehofa?
  • Go Tla Sala Bodumedi bo le Bongwe Fela
    Tsogang!—1996
  • Phuthego e Rulagantswe Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Utlwang ba ba lo Eteletseng Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 48
Monna a tswa mo Holong ya Bogosi

A Motho o Kgona go Tlogela go Nna Mosupi wa ga Jehofa?

Ee. Go na le ditsela tse pedi tse motho a ka tlogelang go nna Mosupi ka tsone:

  • Ka go kwala kgotsa go itsise phuthego. Motho a ka kwala lekwalo kgotsa a bolelela phuthego gore ga a tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.

  • Ka ditiro. Motho a ka dira sengwe se se bontshang gore ga a tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. (1 Petere 5:9) Ka sekai, a ka nna leloko la kereke e nngwe a bo a tlhalosa gore ga a ikaelela go tlogela kereke eo.—1 Johane 2:19.

Fa motho a sa tlhole a rera kgotsa a tla dipokanong tsa lona, a lo tsaya gore motho yoo o tlogetse go nna Mosupi wa ga Jehofa?

Nnyaa, ga re dire jalo. Fa motho a koafetse mo tumelong, seo ga se reye gore ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. Gantsi batho ba ba sa tleng dipokanong tsa rona ga se gore ba tlogetse go nna Basupi, ba a bo ba kgobegile marapo. Go na le gore re itlhokomolose batho ba ba ntseng jalo, re leka go ba gomotsa le go ba ema nokeng. (1 Bathesalonika 5:14; Jude 22) Fa e le gore ba batla go thusiwa, bagolwane ba ipha nako ya go ba thusa.—Bagalatia 6:1; 1 Petere 5:1-3.

Mme gone bagolwane ga ba na tshwanelo ya go pateletsa motho gore a tswelele e le Mosupi wa ga Jehofa. Mongwe le mongwe o itlhophela gore o batla go nna leloko la bodumedi bofe. (Joshua 24:15) Re dumela gore motho o tshwanetse go direla Modimo ka gonne a mo rata.—Pesalema 110:3; Mathaio 22:37.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela