LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 77
  • Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 1: Itse Baebele ya Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 1: Itse Baebele ya Gago
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng ke tshwanetse go bala Baebele?
  • Nka simolola jang go bala Baebele?
  • Nka Dira Jang Gore go Bala Baebele go Itumedise?
    Tsogang!—2009
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Bala Baebele Go ka Go Solegela Molemo Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Dikgato di le Supa Tse di Thusang Motho Gore a Solegelwe Molemo ke go Bala Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 77
Mosimane a nagana ka dilo tse a di balang mo Baebeleng

BASHA BA BOTSA JAANA

Baebele e ka Nthusa Jang?​—Karolo 1: Itse Baebele ya Gago

“Ke lekile go bala Baebele mme ke tswafisiwa ke gore e kima!”​—Briana, 15.

A le wena o ikutlwa jalo? Setlhogo seno se tlile go go thusa!

  • Goreng ke tshwanetse go bala Baebele?

  • Nka simolola jang go bala Baebele?

  • Se dithaka tsa gago di se buang

Goreng ke tshwanetse go bala Baebele?

A le wena o mongwe wa batho ba ba sa kgatlhiweng ke go bala Baebele? Gongwe o ikutlwa jalo ka gonne Baebele ke buka e tona e e se nang ditshwantsho. E ka tswa e sa ntshe bodutu jaaka thelebishene le dibidio tse o a tleng o di lebe.

A re re o mo tseleng mme o bona lebokoso le legolo la bogologolo, a ga o kitla o batla go itse gore go na le eng mo teng?

Baebele e tshwana le lebokoso leo. E na le dilo tsa botlhokwa tse di ka go thusang

  • Go dira ditshwetso tse di siameng

  • Go utlwana le batsadi ba gago

  • Go nna le ditsala tse di siameng

  • Go sa tshwenyege thata

A buka eno ya bogologolo e ka re thusa le gompieno? Ee, ka gonne e “tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Seo se raya gore kgakololo ya Baebele e kwa Modimong.

Lebokoso le le tletseng ka dilo tse di tlhwatlhwakgolo

Baebele e tshwana le lebokoso le le nang le dilo tsa botlhokwa thata

Nka simolola jang go bala Baebele?

O ka e bala go tloga kwa tshimologong. Fa o dira jalo o tla kgona go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bala Baebele. A re bone di le pedi fela:

  • O ka bala dibuka tsotlhe tse 66 tsa Baebele, go tloga ka Genesise go fitlha ka Tshenolo.

  • O ka e bala go ya ka tatelano ya ditiragalo tse go buiwang ka tsone.

Kakantsho: Karolo 4 ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo e tlhalosa ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu go ya ka tatelano ya tsone.

Tsela e nngwe ya go simolola go bala Baebele ke ka go tlhopha kgaolo ya Baebele e e tsamaisanang le bothata jo o nang le jone. Ka sekai:

  • Fa o batla ditsala tse o ka di tshepang, bala ka Jonathane le Dafide. (1 Samuele kgaolo 18-20) Go tswa foo, dirisa porojeke e e reng “Tsela ya go Bona Ditsala Tsa Boammaaruri” gore o bone gore o ka ithuta eng mo go Jonathane le Dafide.

  • Fa o batla go ithuta gore o se ka wa raelesega ka bonako, bala ka se Josefa a ileng a se dira fa a raelwa. (Genesise kgaolo 39) Go tswa foo, dirisa porojeke e e reng “Kafa o ka Emelanang le Thaelo ka Gone . . . Josefa​—Karolo 1” le ya “O ne A Latofadiwa ka Maaka! Josefa​—Karolo 2” go bona gore o ka ithuta eng mo go ene.

  • Fa o batla go itse gore thapelo e ka go thusa jang, bala ka se se ileng sa diragalela Nehemia. (Nehemia kgaolo 2) Go tswa foo, dirisa porojeke e e reng “Modimo O ne A Araba Thapelo ya Gagwe” go bona gore o ka ithuta eng mo go Nehemia.

Kakantsho: Fa o bala Baebele, dula mo go se nang modumo gone gore o se ka wa iteega tsebe.

Tsela ya boraro ya go bala Baebele ke go tlhopha buka nngwe ya Baebele, ka sekai buka ya pesalema, o bo o e bala, go tswa foo, o bo o bona gore o ka e dirisa jang. Fa o sena go e bala, ipotse dipotso tseno:

  • Goreng Jehofa a tsentse buka eno mo Baebeleng?

  • E nthuta eng ka botho jwa ga Jehofa le tsela e a dirang dilo ka yone?

  • Nka dirisa jang tshedimosetso eno mo botshelong jwa me?

Kakantsho: Dirisa Baebele ya Study Edition go bona dibidio, dimmapa le dintlha tse dingwe tse di ka go thusang gore o tlhaloganye Baebele sentle.

Se dithaka tsa gago di se buang

Chloe

“Ke tlhopha dibuka tsa Baebele tse di nkgatlhang. Seo se dira gore ke kgone go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Ka sekai, ke rata buka ya Diane. Dilo tse ke di ithutang mo go yone di nthusa fela thata.”​—Chloe.

Stefan

“Ke leka go bala kgaolo e le nngwe kgotsa tse pedi pele ke robala. Bakwadi ba dibuka tsa Pesalema ba ne ba na le maikutlo a a tshwanang le a rona. Ke batla gore pele ke robala, ke tlatse tlhaloganyo ya me ka dilo tse di monate, ka jalo, go bala pesalema go dira gore ke dumele mo go Jehofa gore ke Modimo yo o itseng go gomotsa batho ba gagwe.”​—Stefan.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela