DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA
Diane 17:17—“Tsala e Rata Motho ka Metlha Yotlhe”
“Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.”—Diane 17:17, Baebele e e Boitshepo.
Se Diane 17:17 e se Kayang
Ditsala tsa boammaaruri di a ikanyega. Di tshwana le bana ba motho ba ba atamalaneng thata e bile di amega ka ditsala tsa tsone, segolobogolo fa ditsala tseo di na le mathata.
“Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe.” Seno gape se ka kaya gore “ka metlha ditsala di bontshana lorato.” Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano e leng “lorato” le kaya se se fetang tsela e motho a ikutlwang ka yone ka yo mongwe. Ke lorato lwa go sa fufege le motho a lo bontshang yo mongwe ka ditiro. (1 Bakorintha 13:4-7) Ditsala tse di ratanang ka tsela eno di tswelela di ikanyega fa botsala jwa bone bo lekiwa, gongwe ka ntlha ya go bo ba sa dumalane ka sengwe kgotsa ba na le mathata, e bile ba ikemiseditse go itshwarelana. (Diane 10:12) Ga ba fufegelane fa yo mongwe a diragalelwa ke dilo tse dintle, go na le moo ba itumela le ditsala tsa bone.—Baroma 12:15.
“Tsala ya boammaaruri . . . ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.” Seane seno se ikaegile ka kgang ya gore bana ba motho gantsi ba atamalane. Ka jalo, fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa tsala ya rona e e nang le mathata, re a bo re dira se morwarramotho a neng a ka se dira. Mo godimo ga moo, botsala jo bo kopanyang ditsala tseno, ga bo koafadiwe ke diteko. Go na le moo, botsala jwa bone bo a nonofa ka gonne tsela e ba ratanang le e ba tlotlanang ka yone e a gola fa ba lebana le mathata.
Se go Buiwang ka Sone mo go Diane 17:17
Buka ya Diane e na le dikgakololo le dikakantsho tse di botlhale tse di kwadilweng ka tsela e e kgatlhang e e dirang gore mmadi a akanye. Dikgaolo tse dintsi tsa buka eno di kwadilwe ke Kgosi Solomone. Mokgwa wa gagwe wa go kwala o tshwana le o o neng o dirisiwa mo mabokong a Sehebera, wa go dirisa dikgopolo tse di tshwanang go gatelela tse dingwe kgotsa tse di farologanang le tse dingwe, go na le go dirisa mafoko a gantsi a dirisiwang mo lebokong a a nang le modumo o o tshwanang. Ka sekai, Diane 17:17 e tshwana le leboko le karolo ya lone ya bobedi e gatelelang se karolo ya ntlha e se buileng. Diane 18:24 e ntsha dikgopolo tse pedi tse di sa tshwaneng. E a re: “Go na le balekane ba ba ikemiseditseng go direlana bosula, mme go na le tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno.”
Fa Solomone a ne a kwala Diane 17:17, a ka tswa a ne a akantse ka botsala jwa ga rraagwe e bong Dafide le Jonathane, morwa wa ga Kgosi Saulo. (1 Samuele 13:16; 18:1; 19:1-3; 20:30-34, 41, 42; 23:16-18) Le fa gone Jonathane le Dafide ba ne ba sa amane ka losika, ba ne ba atamalane go gaisa bana ba motho. Jonathane o ile a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse Dafide.a
Dithanolo Tse Dingwe Tsa Diane 17:17
“Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.”—Tswana (Central).
“Tsala e tla nna e le tsala ka metlha, ke morwarramotho yo o tsaletsweng motlha wa pitlagano.”—The Moffatt Translation of the Bible.
“Tsala e lorato ka dinako tsotlhe, mme e nna morwarre ka dinako tsa mathata.”—The Bible in Basic English.
Leba bidio eno e khutshwane gore o bone se se mo bukeng ya Diane.
a Bona setlhogo se se reng “E ne E le Ditsala Tsa Nnete.”