LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 1/8 ts. 14-16
  • Mama le Papa Ga Ba Itse go Bala—Nka Ba Tlotla ka Tsela Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mama le Papa Ga Ba Itse go Bala—Nka Ba Tlotla ka Tsela Efe?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo Ba Tshwanelwa go Tlotlwa
  • Thutego Eo Batsadi ba Nang le Yone
  • Ga Ba Itse go Bala mme Ba Na le Katlego
  • Thusa Batsadi ba Gago!
  • A Ngwanake o Tshwanetse go Tsena Sekolo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Basha—Lo Ama Dipelo Tsa Batsadi ba Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 1/8 ts. 14-16

Basha Ba Botsa Jaana . . .

Mama le Papa Ga Ba Itse go Bala—Nka Ba Tlotla ka Tsela Efe?

THOMAS EDISON o itsege lefatshe ka bophara jaaka moribolodi wa tshekedi ya lebone la motlakase. Henry Ford le ene o tumile lefatshe ka bophara ka ntlha ya go bo e le ene a simolotseng mekgwa ya go bereka ya go tlhagisa dikuno tse dintsi mo madirelong. A mme o ne o itse gore Henry Ford gammogo le Thomas Edison ba ne ba sa tsena sekolo go le kalo?

Moaposetoloi Petere le Johane e ne e le makotwana a phuthego ya pele ya Bokeresete. Ba ne ba bua boammaaruri ka bopelokgale le ka maatla. Lefa go ntse jalo, go ne go bolelwa fa “ba sa rutèga, e le batho hèla” fa go tliwa mo go tsa thuto ya lefatshe.—Ditihō 4:13.

Ee, go ralala hisitori go ile ga nna le banna le basadi bao ba ileng ba fitlhelela dilo tse dikgolo go sa kgathalesege go bo ba ne ba sa tsena sekolo go le kalo. Mme ga go na motho ope yo o tsayang sentle yo a neng a ka seka a ba tlotla ka ntlha ya seo. Ka phepafalo, he, ga se go tsena sekolo fela go go dirang gore motho a nne wa botlhokwa le gore a nne le seriti.

Seno ga se bolele gore go tsena sekolo ga go botlhokwa kana gore go sa itse go bala, eleng go sa kgone go bala le go kwala, ga se bothata. Mo mafatsheng a le mantsi, motho yo o senang dipoloma ya sekolo sa sekontari o bona mmereko ka bothata jo bogolo. Motho yo o sa kgoneng go bala ga a kake a bapala letlotlo la kitso leo le oletsweng mo dibukeng le mo dimakasineng. Motho yo o sa kgoneng go kwala a ka nna a itsenya matlho a batho fa a kopiwa gore a saene leina la gagwe kana gore a tlatse foromo nngwe.

Lefa go ntse jalo, go tweng fa batsadi ba motho ba sa itse go bala? Mo Afrika le mo dikarolong tse dingwe tsa mafatshe a a santseng a tlhabologa, ga se selo se se sa tlwaelegang gore basha ba ba rutegileng ba nne le batsadi ba ba sa kgoneng go bala kana go kwala. Tota le eleng mo mafatsheng a a tlhabologileng, basha bangwe ba na le melemo ya thutego eo batsadi ba bone ba neng ba sena yone. Lefa go ntse jalo, fa e le gore go ntse jalo ka wena, o ikutlwa jang ka batsadi ba gago? A go bo ba sa rutega go go tlhabisa ditlhong? Kana, se se maswe le go feta, a ka dinako tse dingwe o akanya gore ga ba itse sepe le gore ga ba a tshwanelwa go tlotlwa?

Lebaka la Go Bo Ba Tshwanelwa go Tlotlwa

Fa e le gore maikutlo a a ntseng jalo a a sa siamang a go tshwenya nako le nako, o ka nna wa thusega fa o akanya ka ntlha ya gore Modimo o batla gore o tlotle batsadi ba gago. Baefesia 6:2, 3 e laela jaana: “Tlotla rrago le mmago—e e leñ eōna taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,—Gore go tlè go nnè molemō mo go wèna, le gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” Bukantswe nngwe e tlhalosa go bontsha tlotlo jaaka ‘go tshwara ka tlotlo.’ Tlhokomela, gape, gore ditebelelo tsa gago tsa botshelo mo isagweng di ikaegile ka gore o tlotle batsadi ba gago. Fa o sa ba tlotle seo se felela ka gore o seka wa tlotla Modimo.

Tota gone, o tshwanela go leboga batsadi ba gago go bo ba fetiseditse botshelo mo go wena. Ba dira bojotlhe jwa bone, gore ba go tlamele ka dijo, ka diaparo, le ka bonno—eo eleng tiro e e boima mo mafatsheng a le mantsi a a santseng a tlhabologa—mme kwantle ga pelaelo ba tla tswela pele ba dira jalo ka dingwagangwaga tse di tlang. Ga go na tlhotlhwa epe eo go neng go ka diragala gore e lekane boleng jwa nako ya batsadi ba gago, go go tlhokomela ga bone ka go go pepetletsa, le go go kaela ka lorato. A ba tshwanetse ba nyadiwa fela ka ntlha ya gore go na le melemo e e rileng ya thutego e ba senang yone? Ke batsadi ba gago, go sa kgathalesege gore a ba itse go bala kana ga ba itse go bala.

Gakologelwa, gape, gore ke batsadi ba gago bao ba go thusitseng ka madi gore o nne le thutego lefa e ka nna efe fela eo o ka tswang o na le yone, gantsi ba dira seo ka go intsha setlhabelo mo go seng kana ka sepe. A seo ga se a tshwanela go go tlhotlheletsa gore o bontshe kanaanelo?

Thutego Eo Batsadi ba Nang le Yone

Tota, gongwe batsadi ba gago ba rutegile go go feta. Thuto ya kwa sekolong e naya motho motheo o o atlhameng oo a ka agang mo go one mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Mme lefa go ntse jalo ga e go rute sotlhe seo o tshwanelang go se itse mo botshelong.

Seane se se tumileng sa kwa Ghana se a re: “Motsadi e kile ya bo e le ngwana, mme ngwana le ka motlha ga a ise a ke a tsamaye a nne motsadi.” Batsadi ba gago ba na le sengwe seo o se kakeng wa se bona mo bukeng: eleng boitemogelo mo botshelong. A o setse o kile wa bereka, wa duelela dikoloto, wa tlhokomela bana ba ba nnyane, kana wa tlhokomela legae? Batsadi ba gago ba setse ba na le boitemogelo jo bo seng kana ka sepe jo ba bo boneng go ralala dingwaga mo dilong tseno.

Bibela gape e bolela mo go Bahebera 5:14 gore kgono ya motho ya go akanya e ‘tlwaediwa go lemoga molemo le bosula,’ eseng fela ka go bala le go ithuta, mme ka go “diha”! Batsadi ba gago ka gone ba ka kgona go go kaela kafa o ka itsholang ka gone, go go ruta ditekanyetso tsa boitshwaro. Seno se ntse jalo segolo-bogolo fa e le gore batsadi ba gago ba boifa Modimo.

Se se kgatlhisang, tshiamelo e batsadi ba gago ba go fetang ka yone ya boitemogelo ga e ngotlege le eleng fa o gola mo go lekaneng go ka tlhokomela lelapa ka namana! Diane 23:22 e bolela jaana: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse.” Kgakololo eno e ne e sa lebisiwa go bana, mme e ne e lebisitswe go bagolo bao ba nang le batsadi ba ba tsofetseng. Ee, le eleng fa motho e setse e le mogolo, ke botlhale gore motho a reetse batsadi ba gagwe, a tlotle botlhale jo ba ileng ba bo bapala ka ntlha ya boitemogelo. Batsadi ba ka nna ba tswa ba sa itse go bala, mme seo ga se bolele gore kgakololo ya bone ga e botlhokwa.

Ga Ba Itse go Bala mme Ba Na le Katlego

Maitemogelo a mmatota a mo botshelong a basha bao ba godisitsweng ke batsadi bao ba sa itseng go bala a bontsha sentle kafa se se boletsweng fa godimo se leng boammaaruri ka gone. Kwabena, e leng mosha wa kwa Ghana, o bolela jaana ka mmaagwe yo o sa itseng go bala: “E ne e le motho yo o tsepameng fa a otlhaya. Ke mo rata le go feta, ka ntlha ya go bo ke anaanela ditekanyetso tsa boitsholo tseo a di nthutileng tseo di ntsholegelang molemo. Bokgaitsadiake ba bagolwane ke basadi ba ba nang le katlego, mme seno e le segolo-bogolo ka ntlha ya ga mmè.”

Reginald, kafa letlhakoreng le lengwe, o godisitswe ke rragwemogolo yo le ene a neng a sa itse go bala. Reginald o gakologelwa jaana: “Dikaelo tsa gagwe e ne e le tsa mogolo ebile di tlhomame, eleng tsone tse di ileng tsa dira gore ke kgone go sikara maikarabelo a a masisi ke sa le mmotlana thata mo botshelong.”

Kwasi ke mosha yo mongwe wa kwa Ghana yo mmaagwe a sa itseng le kwa kgoro ya sekolo e shebetseng teng. A seno se ne sa dira gore morwawe a mo tlhaetse matlho mo go botlhoko? Nnyaa. Kwasi o gakologelwa jaana: “Mmè o ile a nkgatlha ka metlha ka ntlha ya kgono ya gagwe e e sa tlwaelegang ya tlhaloganyo e a nang le yone. O ne a rekisa, mme mo dingwageng tsa me tsa pele tsa kwa sekolong sa sekontari, nako le nako fa a ne a batla gore go tlhakanngwe dipalo dingwe, ke ne ke tshwanelwa ke gore ke dirise pene le pampiri. Ene o ne a dirisa dipalo tsa tlhogo. Gantsi ke ene yo o neng a bona karabo pele!”

Thusa Batsadi ba Gago!

Ke boammaaruri, go rutega go go fa melemo e e rileng. Mme leno ga se lebaka la gore o tshware batsadi ba gago ka go ba tlhaetsa matlho. Jaaka mosha, Jesu Keresete o ne a na le molemo o le mongwe o a neng a feta batsadi ba gagwe ka one. O ne a itekanetse. Lefa go ntse jalo, pego ya Bibela e bontsha gore “a nna a ba utlwa.”—Luke 2:51.

Ka ntlha ya seno, a o kile wa akanya kafa o ka dirisang ka gone dikgono tse o nang le tsone go ka thusa batsadi ba gago? Ka sekai, ba ka nna ba anaanela fa o ba balela makwalo a bone, lekwalo-dikgang, Bibela, le dikgatiso tseo di theilweng mo Bibeleng. Kana ba ka nna ba solegelwa molemo ke fa o ba kwalela makwalo kana o ba tlaletsa diforomo.

Gakologelwa, fa Jehofa Modimo a thusa batho ba gagwe, ‘o naya botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe.’ (Yakobe 1:5) Ka mafoko a mangwe, le ka motlha ga a ke a re dira gore re ikutlwe gore re tlhoka thuso ya gagwe ka go bo re le dieleele. Ka gone dirisana le batsadi ba gago ka tsela ya boingotlo, ya bopelontle, mme go tla diragala thata gore ba dumele gore o ba thuse.

Ereka dikgono tsa go bala le go kwala di le mosola thata jaana mo phuthegong ya Bokeresete, o ka nna wa bo wa kgothatsa batsadi ba gago ka boingotlo gore ba swele dithulaganyo tse di farologaneng tsa go ithuta go bala molemo tseo di ka tswang di le gone. Se se kgatlhisang, mo mafatsheng a le mantsi koo go sa itse go bala go anameng gone, Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa gantsi e dirisiwa jaaka lefelo le legolo le go ithutelwang kwa go lone. Gongwe fa o ka ba kgothatsa ka bopelonomi seo e ka nna sone sotlhe seo se tlhokafalang go ka ba tlhotlheletsa gore ba swele thulaganyo ya go rutwa e e neelwang koo molemo.

Mo mafatsheng a mangwe a Afrika, bana ba leta go fitlhelela batsadi ba bone ba swa pele ba bo ba ba bontsha “tlotlo ya bofelo” ka go reka lekase le le turang thata gore ba fitlhwe ka lone. Abo go botoka jang ne go bontsha batsadi ba gago tlotlo e e boteng jaanong ba santse ba tshela! Le ka motlha ope o seka wa tlhabisiwa ditlhong ke go bo ba ile ba seka ba nna le ditshono tse di rileng fa ba ne ba santse ba le basha. Ba na le dinonofo tseo di gaisang go sa tsena sekolo ga bone kgakala. Ba bontshe tlotlo ka metlha, ka mafoko le ka ditiro. Nna “o iketleeleditse go utlwa,” le eleng fa o sa dumalane le bone. (Yakobe 3:17, NW) Anaanela botsalano, lorato, le botlhale tseo batsadi ba gago ba nang le tsone, eleng dinonofo tse di bolelang go le gontsi go feta go kgona go bala le go kwala.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Batsadi e ka nna metswedi e e humileng ya kgakololo le eleng fa ba sa kgone go bala

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela