Di-Dinosaur tssa Dibopego Tse Di Farologaneng le Tse Di Fetafetanang ka Bogolo
MO MEFUTENG yotlhe ya ditshedi tseo di sa tlholeng di le gone ga jaanong, di-dinosaur ke tsone tseo di ileng tsa jesa batho kgakge gongwe go gaisa tsotlhe tse dingwe. Di-dinosaur gantsi go akanngwa gore di ne di boitshega ebile di boifisa. Fa leina leno la tsone le ne le dirwa lekgetlo la ntlha go tswa mo mafokong a Segerika ao a bolelang “mokgantitswane o o maswe thata,” go ne go akanngwa gore di ne di le dikgolo ka tsela e e boifisang ka ntlha ya gore masaledi a di-dinosaur tseo di neng di itsege ka nako eo a ne a boitshega.
Mefuta mengwe ya di-dinosaur e ne e boitshega ebile di lebega di boifisa, go ne go ka diragala gore boima jwa tsone bo ne bo feta jwa tlou e kgolo ya Afrika makgetlo a le lesome. Lefa go ntse jalo, go ralala makgolo a dingwaga, borrasaense bao ba ithutang masaledi a dilo tsa bogologolo ba ile ba epolola marapo a di-dinosaur di le dintsi tse dipotlana. Tse dingwe di lekana le tonki ka bogolo, mme tse dingwe di lekana fela le kokwana ka bogolo! A re keng re tlhatlhobeng dingwe tsa digagabi tseno tse di kgatlhisang thata tsa bogologolo tala.
Digagabi Tse Di Kgonang go Fofa
Mofuta mongwe wa segagabi se se kgatlhisang thata sa bogologolo tala e ne e le pterosaur (“mokgantitswane o o kgonang go fofa”), seo se kopanyeletsang pterodactyl (“monwana o o kgonang go fofa”). Mme tseno e ne e se di-dinosaur, ebile e ne e se dinonyane. E ne e le digagabi tse di kgonang go fofa mme di bewa mo setlhopheng se le sengwe fela le digagabi tse dingwe tse di ntseng jaaka di-dinosaur le dikwena. Dingwe tsa tsone diphuka tsa tsone di ne di le dimitara di le 8 fa di tšharolotswe. Nngwe ya tsone e e ileng ya bonwa kwa Texas ka 1975 e bontsha gore dingwe tsa tsone di ne di na le diphuka tse di dimitara di le 15 ka bogolo fa di tšharolotswe. Tseno gongwe e ne e le tsone diphologolo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tseo di kileng tsa nna gone tse di fofang.
Lemororo di-pterosaur di ne di na le meno, logata, setlhana, le dinao tsa morago tsa segagabi, di ne di sa tshwane le digagabi tsa di-dinosaur ka gope. Mme lemororo di ne di tshwana le nonyane ka diphuka tse di gwaletseng tsa go fofa mo moyeng, di ne di farologane thata le dinonyane. Jaaka dinonyane, di-pterosaur di ne di na le marapo a a letsatsa le malokololo a sekae a a kgonang go temeka mo diphukeng le mo magwejaneng. Lefa go ntse jalo, diphuka tsa nonyane di dirisa mafofa mo boemong jwa go dirisa letha jaaka go ne go ntse ka di-pterosaur. Mme monwana wa bonè wa leoto la pele la di-pterosaur e ne e le one o tshegeditseng letha la lephuka. Mo nonyaneng monwana wa bobedi ke one wa konokono o o tshegetsang lephuka.
Di-Ornithischian
Di-ornithischian (“dinoka tsa nonyane”) e ne e le nngwe ya ditlhopha tse pedi ka kakaretso tsa di-dinosaur tseo di bonwang ka tsela eo dinoka tsa tsone di lebegang ka yone. Tseo di leng mo setlhopheng seno dinoka tsa tsone di ne di tshwana le tsa nonyane mme, legale, di le dikgolo fela thata. Tse dingwe di ne di le dipotlana ka kakaretso, tse dingwe di ne di boitshega. Iguanodon e ne e fitlha go dimitara di le 9 ka botelele. Matlhotlho a mefuta e e farologaneng ya di-hadrosaur a bontsha molomo o o tshwanang le wa pidipidi mo letlhaeng la kwa godimo le la kwa tlase, o o nang le meno a le mantsi. Di-hadrosaur go bonala di ne di le maoto mabedi, di tsamaya kana di taboga ka maoto a mabedi. Dingwe tsa tsone di ne di fitlha go dimitara di le 10 ka botelele.
Di-stegosaur e ne e le setlhopha sa di-ornithischian tseo di neng di na le marapo a magolo a eketeng dikgopo ao a neng a rulagane go fologa le mokokotlo wa tsone. Di ne di tsamaya ka maoto a tsone oomane mme di ne di ka nna botelele jwa dimitara di le 6, le bogodimo jwa dimitara di le 2,4 go ya go fitlha mo dinokeng. Bosheng fela jaana, go ilwe ga akanngwa gore marapo ano a eketeng dikgopo a mo mokokotlong a ne a sa thuse go di sireletsa fela mme gape e ne e le karolo ya tsela eo di tsidifatsang mebele ya tsone ka yone. Maoto a kwa morago a ne a le makima ebile a tshwana le a tlou, fa maoto a pele one a ne a le mabotlana ka bogolo a dira gore tlhogonyana ya yone e nnyane e thulamele kwa tlase. Mogatla wa yone o ne o na le marapo a a motsu a matelele, ao a neng a sheshemologile kwa ntlheng ya one.
Setlhopha sa bofelo sa di-ornithischian—eleng seo se anameng go ralala lefatshe—e ne e le sa di-ceratopsian, kana di-dinosaur tse di nang le dinaka. Di ne di tloga go dimitara di le 1,8 ka botelele go isa go di le 8. Go tshwana fela le tshukudu ya Afrika, “dikoloi tseno tsa ntwa” tse di tlhometseng ka dibetsa di ne di na le karolo nngwe eo e neng e tswa mo logateng e bo e bopa seo eketeng o kare ke thebe e e sireletsang thamo. Tse di nang le dinaka di le tharo, eleng di-triceratop, di ne di le dintsi go di-dinosaur. Dinaka di le pedi tseo di leng fa godimo ga matlho di ne di gola go fitlha go dimitara di le 0,9 ka botelele. Masaledi a le mantsi a bogologolo a di-triceratop a ile a epololwa kwa mokgatsheng wa Red Deer River kwa Alberta.
Di-Saurischian—Di-Dinosaur Tse Di Boitshegang
Setlhopha se sengwe se se tlwaelegileng sa di-dinosaur se itsege jaaka di-saurischian (“tsa dinoka tsa mokgantitswane”), tseo di nang le dinoka tse di lebegang jaaka tsa mekgantitswane, lemororo, gape, di le dikgolo go feta tsa yone. Di tshwanela kgopolo e e tlwaelegileng e e malebana le di-dinosaur: di a boitshega ebile di a boifisa. Mo go tseno go ne go na le apatosaurus (tseo pele di neng di bidiwa brontosaurus), eleng dinosaur e e jang dimela eo e neng e tsamaya ka maoto a yone a le mane. E ne e fitlha go dimitara di le 21 ka botelele, mme e na le boima jo go belaelwang gore e ne e le jwa ditone di le 30. Di-dinosaur tseno di ile tsa epololwa kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa.
Diplodocus tseo le tsone di neng di boitshega ka bogolo di ne di tshwana le noga, di na le thamo e telele le mogatla o motelele mme fela di na le maoto. Ke dinosaur e telele go gaisa tsotlhe tseo di itsegeng, e nama dimitara di le 27 ka botelele, lemororo boima jwa yone bo le kwa tlase ga jwa apatosaurus go sekae. Diplodocus eo e ileng ya epololwa kwa Amerika Bokone, e ne e na le dinko mo godimo ga tlhogo ya yone, tseo di neng di e kgonisa gore e kgone go nwetsa mo e ka nnang tlhogo ya yone yotlhe.
Jaanong go bo go latela brachiosaurus. Eo letlhotlho la yone le ileng la epololwa kwa Tanzania leo le neng le fitlha go dimitara di le 21 ka botelele. Go akanngwa gore dingwe tsa tsone di ne di na le boima jwa ditone di le 85. Di ne di le botelele jwa dimitara di le 12 fa di eme ka maoto, di na le mmele o o neng o sekametse kwa tlase go isa kwa mogatleng, go tshwana le wa thutlwa.
Ka 1985 go ile ga epololwa diphologolo dingwe tse di nang le marapo a mokokotlo tse di nang le bogolo jo bo sa tlwaelegang kwa New Mexico, U.S.A. Motlhokomedi wa New Mexico Museum of Natural History o ne a di bitsa a re ke seismosaurus. Phologolo eno go ne go belaelwa gore e ne e le dimitara di ka nna 30 ka botelele mme e ne e diga dikale ka ditone gongwe di le lekgolo!
Tyrannosaurus rex eo e lebegang ekete e galefile (“kgosi ya modipa ya mekgantitswane”) e ne e le bogodimo jwa dimitara di le 3 go fitlha fa dinokeng. Fa e eme ka dinao, e ne e ka fitlha go dimitara di le 6 ka botelele. E ne e ka nna dimitara di le 12 ka botelele. Tlhogo ya yone e ne e fitlha go dimitara di le 1,2 ka botelele, mme molomo wa yone o mogolo o ne o tletse ka meno a disentimitara di le 15 a a tshwanang le setopo. Maoto a morago a yone a ne a tshwana le a tlou, fa maoto a pele one a ne a le mannyane thata. Mogatla wa yone o o boitshegang o o tshwanang le wa mokgantitswane e ne e le one o bopang karolo e e kwa morago. Mo boemong jwa gore e ne e tsamaya e tlhamaletse, jaanong go akanngwa gore di-tyrannosaur di ne di tsamaya mebele ya tsone e rapaletse, di dira gore mebele ya tsone e seka ya wela kwa pele kana kwa morago ka mogatla wa tsone o motelele.
Go Fetoga ga Boemo
Lebaka la gore di-dinosaur di ne di le gone ka bontsi go ralala lefatshe, mo tikologong ya lefatshe la bogologolo eo e sa bolong go nyelela, le mo pepeneneng go ya ka pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo. Mme dibopiwa tseno tse di gakgamatsang, mmogo le mefuta e mengwe ya diphologolo le dimela tse di senang palo, ga di tlhole di le gone. Malebana le gore tota dilo tseno di diragetse leng, rrasaense yo o ithutang masaledi a dilo tsa bogologolo ebong D. A. Russell o bolela jaana: “Ka maswabi, mekgwa e e dirisiwang ga jaanong ya go bona gore ditiragalo tseo tse di sa bolong go diragala di na le nako e e kana kang ga di boammaaruri go le kalo.”
Ke eng seo se diragetseng ka di-dinosaur? Go tlhaga ga tsone ga ka ponyo ya leitlho le go nyelela ga tsone goo go bonalang go diragetse ka ponyo ya leitlho go bolelang? A di-dinosaur di dira gore go belaelwe mengwe ya melao-metheo ya konokono ya thuto-tlhagelelo ya ga Darwin? Re tla sekaseka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.
[Kerafa mo go tsebe 8, 9]
(For fully formatted text, see publication)
dimitara di le 9
dimitara di le 6
dimitara di le 3