LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 2/8 ts. 21-23
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Seno Se Diragala mo Mmeleng wa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa Seno Se Diragala mo Mmeleng wa Me?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna mo Kgweding—A Ke Phutso Kana Ke Tshegofatso?
  • “Kgakgamatso Eo E Diragalang Kgwedi le Kgwedi”
  • Go Bona Thuso
  • Go Tswa Peo Bosigo Fa O Robetse
  • Go Lwantshana le go Tsogelwa ka Katlego
  • Go Direga Eng ka Mmele wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • ‘Go Diragalang ka Nna?’
    Tsogang!—2004
  • Go A Reng ka Mmele wa Me?
    Tsogang!—1990
  • Go Tlhaloganya go Khutla ga Modikologo wa go Bona Kgwedi Botoka
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 2/8 ts. 21-23

Ke Ka Ntlhayang Fa Seno Se Diragala mo Mmeleng wa Me?

BOKOLWANE kana boroba—eno e ka nna nako e e monatenate mo botshelong jwa gago. O fetoga ka iketlo go nna mogolo go tswa mo bongwaneng!

Lefa go ntse jalo, gongwe batsadi ba gago ga baa ka ba tlotla le wena esale gale malebana le gore ke eng se o ka se lebelelang. Le eleng fa ba ile ba tlotla ka seno le wena, fa bokolwane kana boroba bo tsena o ka nna wa fitlhela bo na le dilo tse dintsi go feta kafa o neng o lebeletse ka gone. O ka nna wa tswa o diragalelwa ke dilo tseo di go dirang gore o ipotse gore a go na le sengwe se se leng phoso ka mo go masisi ka wena. Lefa go ntse jalo, go ka diragala thata gore se se farologaneng le seo e bo e le sone boammaaruri!

Go Nna mo Kgweding—A Ke Phutso Kana Ke Tshegofatso?

Morago ga dingwaga di ka nna pedi boroba bo sena go itelekela, morweetsana o diragalelwa ke sengwe sa botlhokwa—eleng go simologa ga go nna mo kgweding. Lefa go ntse jalo, fa tiragalo eno ya botlhokwa e sa ipaakanyediwa ka mo go lekaneng e ka nna e e boifisang, e e tshosang.a “Ke boifa eletota,” go ne ga kwala jalo mosetsana mongwe yo o bidiwang Paula. “Mo dikgweding di ka nna tharo tse di fetileng, ke ne ka simolola go tswa madi ka matsatsi a se makae ka kgwedi. A seno se bolela gore ke na le kankere? . . . Ke utlwa botlhoko tota fa ke akanya ka go tswa madi gono mo eleng gore ke a lela le go roroma.”

Buka e e reng Adolescents and Youth e bega gore basetsana bangwe ebile ba ikutlwa ba tlhabiwa ke ditlhong le go ikutlwa ba le molato fa go nna mo kgweding ga bone go simologa. Ga go gakgamatse, he, go bo basetsana ba le bantsi ba sa rothise mmutla madi ka tiragalo eno. Morweetsana mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go bolelela mmè. O ne a ise a ko a bo a tsamaye a bue le nna ka yone mme ke ne ke boifa lebekebeke.”

Mme go na le gore go nna mo kgweding e nne selo se se ka go tlhabisang ditlhong, ke bosupi jwa gore nonofo ya gago ya tsalo e a gola. Mmele wa gago jaanong o kgona go ka ithwala le go ima ngwana. Aitsane ruri, e tla bo e le dingwaga tsa pele ga o ka siamela go nna motsadi. Mme jaanong ke fa o eme, o le fela fa serepoding sa go nna mosadi. A seno ke sengwe seo se tshwanetseng sa go tlhabisa ditlhong kana seo se tshwanetseng sa go tsenya matlho a batho? Le eseng!

Mo godimo ga moo, seno ke sengwe seo se diragalelang basadi botlhe ka kakaretso. Bibela e bitsa go nna mo kgweding e re ke “mokgwa oa basadi.” (Genesise 31:35) Mme go farologana le kgopolo ya ba bangwe, ga se phutso.b Lefa go ntse jalo, gongwe go tla go thusa gore o leleke poifo ya gago fa o ka utlwisisa botoka gore ke ka ntlhayang fa go nna mo kgweding go diragala le gore go diragala ka tsela efe.

“Kgakgamatso Eo E Diragalang Kgwedi le Kgwedi”

Lefoko la Seesemane le le bolelang “go nna mo kgweding” le tswa mo lefokong la Selatina leo le bolelang “kgwedi le kgwedi.” Gangwe ka kgwedi mmele wa gago o nna le kgono ya go ka ima ngwana. Sa ntlha, fa selekanyo sa dihoromone tsa mmele wa gago se oketsega, seo se romela molaetsa kwa popelong ya gago. Yone e bo e ipaakanyetsa go amogela lee leo le setseng se kopane le peo ya monna le go le godisa; karolo ya yone e e kafa gare e simolola go tlala madi le dikotla tsa mmele. Go bapa le yone go na le dirwe dingwe di le pedi tse di tshwanang le thamane tseo di bidiwang di-ovary, tseo nngwe le nngwe ya tsone e nang le maenyana a mannye a le diketekete. Lee lengwe le lengwe le ka kgona go ntsha ngwana, le tlhoka fela go ka kopana le peo ya monna. Gangwe ka kgwedi, lee le a butswa le bo le tswa go di-ovary.

“Menwananyana” e e bori jaanong e tsaya lee leno e bo e le gopela mo go lengwe la malana a a bidiwang ka Fallopius. Leenyana le lennyane leno jaanong le simolola loeto lwa matsatsi a le mane go isa go a le marataro mo lelaneng leno le ya kwa popelong. Fa mosadi a sa nne moimana mo nakong eno, leenyana le lennyane leno le a senyega. Karolo e e kafa gare e e tletseng ka madi ya popelo le yone e a senyega. Popelo e simolola go ikhuna e bo e ntsha karolo eno ka bori e e ntsha ka lela le lengwe le le tswang mo go yone go ya kwa ntle.

Mo matsatsing a le mabedi go ya go a le supa (go farologana go ya ka bommè) go nna mo kgweding go a simologa. Mme morago ga moo tiragalo eno e bo e ipoeletsa, dikgwedi ka go latelana ga tsone, go fitlhelela ka nako eo a sa tlholeng a ka belega ka yone.c Mokwadi mongwe o ile a e tlhalosa ka tshwanelo a re ke “kgakgamatso ya kgwedi le kgwedi”! Ke tiragalo e e bontshang kwantle ga pelaelo gore go na le Mmopi yo o Matsetseleko. Ebile gape ke lebaka le lengwe la go ka khana jaana, jaaka fa mopesalema a ile a dira: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ”!—Pesalema 139:14.

Go Bona Thuso

Lefa go ntse jalo, go nna mo kgweding go dira gore go nne le dilo di le mmalwa tseo o tshwenyegang ka tsone. Ka sekai, basetsana ba le bantsi ba tshwenyega ka gore, ‘Go tweng fa go simologa ka nako eo ke leng kwa sekolong ka yone?’ Gone tota, seno se ka tlatsa diaparo tsa gago leswe sa bo sa baka gore o tlhabiwe ke ditlhong go sekae. Lefa go ntse jalo, morutisi mongwe wa tsa bonna le bosadi ebong Lynda Madaras o re tlhomamisetsa gore “basetsana ba le bantsi ga ba tswe madi a a lekaneng di santse di tloga fela ao a ka bonalang mo diaparong tsa bone.” Lefa go ntse jalo, o tla tshwanelwa ke gore o ipaakanyetse seo ka tshwanelo.

Dibuka di le mmalwa di neela kgakololo e e molemo ya tsa kalafi. Mme ke ka ntlhayang fa gape o sa bue le mama wa gago ka dilo tseno tse di go tshwenyang? Kwantle ga pelaelo o tshwanetse a bo a na le dikakanyo di le dintsi tse di mosola go ka dirisiwa. “Mama o ne a tshwana le tsala mo go nna,” go bolela jalo mohumagatsana mongwe. “Re ne re tlotla thata nae, mme o ne a atisa go araba dipotso tsa me.”

Gone tota, bommè bangwe ba tshwaragana le phage ka mangana fa ba bua ka dilo tse di masisi tseno. Mme fa o buisana le ene ka maitseo mme o mo itsise gore seno se botlhokwa ruri mo go wena, seo se ka nna sa mo dira gore a kgone go bua le fa a ne a sa batle. Fa o sa atlege ka go dira jalo, ke ka ntlhayang fa o sa bolelele mosadi mongwe wa Mokeresete yo o godileng yoo o ikutlwang o le kwa gae fa o na le ene?

Lemororo basadi ba le bantsi ba kgona go ka dira ditiro tsa bone tse di tlwaelegileng ka nako eo ba leng mo kgweding ka yone, buka ya Changing Bodies, Changing Lives e re gakolola gore basadi bangwe ba opiwa ke “tlhogo, ba nna le ditlhabi tsa mekokotlo, mathata a letlalo, go tsogelwa ke maikutlo, go hutsafala thata, go tshwarwa ke dikerempe, go feroga sebete, le go sa ntshe metsi mo mmeleng.” Dipilise tse di tlwaelegileng fela tsa aspirin gantsi di fodisa malwetsi ano. (Ngaka ya gago e ka nna ya bolela fa e le gore go tlhokafala kalafi e e maatla go feta foo.) Mme fa go kgonagala, o ka tila tlalelo e e sa tlhokafaleng ya ka nako eo ka go rulaganyetsa dilo dingwe tseo o ka di dirang ka nako ya fa o le mo kgweding.

Go Tswa Peo Bosigo Fa O Robetse

Basimane ba babotlana le bone ba na le mathata a le mmalwa ao ba tshwanetseng ba berekana le one fa dirwe tsa bone tsa tsalo di ntse di gola. Ka sekai, dirwe tsa gago tsa go tlhakanela dikobo di simolola go ntsha seeledi se se bidiwang semini. Semini eno e na le dipeonyana tse dinnyane di le dimilionemilione, tseo nngwe le nngwe ya tsone e kgonang go ka dira gore lee la mosadi le ungwe mme le tsale ngwana fa e ntshiwa ka nako eo lo kopanetseng dikobo ka yone.

Ereka o sa nyala, dipeo tseno di nna di ikgolela fela. Dingwe tsa tsone mmele o nna o di gopa ka bonya. Mme nako le nako, bontlhabongwe jwa yone bo tla tshologa bosigo ka nako ya fa o robetse. Seno gantsi se bidiwa go lora o dira bokopano jwa bonna le bosadi le mongwe. Lefa go ntse jalo, leina le le botoka la seno ke go ntsha peo bosigo fa o robetse, ereka gantsi peo eno e itswela ka boyone fela, o ka tswa o lora o dira dikamano tsa bonna le bosadi le mongwe kana o sa lore jalo.

Fa mosimane a simolola go diragalelwa ke go ntsha peo gono ga o robetse bosigo e ka nna selo se se tsenyang tsebetsebe. “Ke ne ka simolola go ntsha peo ka nako ya fa ke robetse bosigo fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna lesome le bobedi le halofo,” go ne ga gakologelwa jalo mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome. “Ke ne ke sa itse gore go diragalang. . . . Ke ne ka tsoga mme bolao jwa me bo ne bo kolobile go sekae. Ke ne ka akanya gore ke ne ke rotetse bolao jwa me kana gore go ne go diragetse sengwe.” Lefa go ntse jalo, tlhomamisega gore go ntsha peo mo go ntseng jalo ke selo sa tlholego. Le eleng Bibela e bua ka gone. (Lefitiko 15:16, 17) Ke sesupo sa gore dirwe tsa gago tsa tsalo di a bereka le gore o setse o lebile kwa bonneng.

Gone tota, o ka nna wa boifa fa o akanya gore mama wa gago a ka nna a bona dikobo tseo tse di kolobileng. Mme go ka diragala thata gore seno se seka sa mmoifisa kana sa mo gakgamatsa. Lefa go ntse jalo, go ka nna mosola gore o buisane le rrago kana le mogolo yo mongwe yo o godileng malebana le seno. Seno se ka nna sa dira gore dilo dipe tse di go tlhobaeletsang ruri di go tlogele. O ka nna wa bo wa dira sengwe seo se ka go thusang gore o boloke kgang eno gore e seka ya anama.

Go Lwantshana le go Tsogelwa ka Katlego

Fa dirwe tsa tsalo di ntse di gola, basimane mmogo le basetsana gantsi dirwe tsa bone tsa go tlhakanela dikobo di tsogelwa tsogelwa fela go sa twe sepe. Fa seno se diragalela mosimane, serwe sa bonna, kana pipi, e tlala madi, seno se baka gore e eme kana e gagamale. “Mme,” go gakolola jalo The New Teenage Body Book, “gantsi e ema fela e se ka ntlha ya mabaka ape a a amanang le go tlhakanela dikobo—mme ka dinako tse dingwe go lebega e ema fela go sena lebaka lepe gotlhelele! E ka nna ya ema e emisiwa ke go roroma ga bese, diaparo tse di gagametseng, go sitwa, go boifa, le dilo tse dingwe di ka nna tsa dira gore e eme.” Barweetsana le bone ba iphitlhela ba tsogelwa e se ka lebaka lepe le le bonalang.

Go tsogelwa ga dirwe tsa bonna le bosadi e ka nna selo se se sa jeseng monate, se se tlhabisang ditlhong. Mme ke karolo ya go gola mme go ka nna ga diragala kgapetsa. Basha bangwe ba tshwaratshwara dirwe tsa bone kana ba tshameka ka tsone gore keletso eno ya go tlhakanela dikobo e ke e ba tlogele. Seno se phoso ebile se ka, morago ga lobaka, baka mathata a mangwe.d Se se botoka ke gore o dige moya fela le go ntsha mogopolo wa gago mo kgannyeng eo. Go tsogelwa goo go tla akofa go feta. Fa o ntse o gola mme le selekanyo sa dihoromone tsa gago se ya kwa tlase, o tla lemoga gore go tsogelwa moo go itiragalelang fela ga go tlhole go diragala kgapetsa.

Nako ya bokolwane kana boroba ga e nnele ruri. Gongwe ka letsatsi lengwe o ka nna wa kgona go tshega le eleng go tshega fa o akanya ka dingwe tsa dilo tseo di go tlaletsang ga jaanong. Fa e le ga jaanong, ikgomotse ka ntlha ya gore o tshwana le batho ba bangwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo patlisisong nngwe, 20 lekgolong ya bomme bao ba neng ba botsolodiwa ba ne ba sa bolelela barwadiabone sepe malebana le go nna mo kgweding. 10 lekgolong e nngwe e ne e ile ya ba amela tshedimosetso e le nnyane fela e e sa reng sepe se se kalo.

b Ke boammaaruri gore Molao wa ga Moshe o ne o bolela gore mosadi yo o mo kgweding o ne a “itshekologile.” (Lefitiko 15:19-33) Mme seno e ne e le go ya ka kgopolo ya bodumedi fela. Go ya kafa go bonalang ka gone, melao eno e ne e thusa go ruta gore go tlotlwe go itsheka ga madi. (Lefitiko 17:10-12) Mo godimo ga moo, melao eno e ne e thusa go gakolola morafe wa Bajuda gore setho se tsaletswe mo boleong mme se tlhoka morekolodi.

c Go ka nna ga tsaya dikgwedi kana dingwaga pele ga tiragalo eno e nna le mokgwa wa go diragala ka metlha ka nako e e rileng.

d Bona ditlhogo tse di leng malebana le go ikgobolola tseo di tlhagang mo ditokololong tsa Awake! tsa September 8, 1987, November 8, 1987, le March 8, 1988.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batsadi ba ka go thusa gore o tlwaele diphetogo tsa nako ya bokolwane kana boroba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela